Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke maemo afe a a neng a dira gore Juda a tlhakanele dikobo le mosadi yo a neng a akanya gore ke seaka, jaaka go kwadilwe mo go Genesise 38:15, 16?

Le fa gone Juda a ile a tlhakanela dikobo le mosadi yo a neng a akanya gore ke seaka, boammaaruri ke gore mosadi yono e ne e se seaka. Go ya ka Genesise kgaolo 38, go ne ga direga seno.

Pele morwa wa leitibolo wa ga Juda a ka nna le bana ba basimane le mosadi wa gagwe, e bong Tamare, o ne a bolawa ka ntlha ya go bo a ne “a le bosula mo matlhong a ga Jehofa.” (Genesise 38:7) Ka nako eo, go nyala seyantlo e ne e le tlwaelo. Tlwaelo eno e ne e batla gore fa monna a swa a se na moruaboswa, morwarraagwe o ne a tshwanetse go nyala motlholagadi wa gagwe gore a nne le moruaboswa. Mme gone, morwa wa bobedi wa ga Juda, e bong Onane, o ne a gana go rwala maikarabelo a gagwe. Ka jalo o ne a swa ka ntlha ya katlholo ya Modimo. Morago ga moo, Juda o ne a laela ngwetsi ya gagwe Tamare gore a boele kwa ntlong ya ga rraagwe go fitlha morwa wa boraro wa ga Juda e bong Shela a godile sentle gore a ka mo nyala. Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di feta, Juda ga a ka a neela Shela gore a nyale Tamare. Ka jalo, fa Juda a sena go swelwa ke mosadi wa gagwe, Tamare o ne a loga leano gore a nne le moruaboswa ka Juda, Moiseraele yo e neng e le matsalaagwe. O ne a dira seno ka go itira seaka sa tempele a bo a nna fa thoko ga tsela e a neng a itse gore Juda o ne a tla feta ka yone.

E re ka Juda a ne a sa kgone go lemoga gore ke Tamare, o ne a tlhakanela dikobo le ene. Tamare o ne a amogela ka botlhale dilwana tse Juda a neng a mo di naya e le tuelo ya go tlhakanela dikobo le ene, mme o ne a di dirisa moragonyana go supa gore ke ene a mo imisitseng. Fa boammaaruri bo senoga, Juda ga a ka a mo pega molato mme o ne a bua jaana ka boikokobetso: “O siame thata go mpheta, ka lebaka la gore ga ke a ka ka mo naya Shela morwaake.” Mme ka tshwanelo, “a se ka a tlhola a tlhakanela dikobo le ene.”—Genesise 38:26.

Juda ga a dira sentle ka gore a se ka a naya Shela gore a nyale Tamare jaaka a ne a solofeditse. Gape o ne a tlhakanela dikobo le mosadi yo a neng a akanya gore ke seaka sa tempele. Seno se ne se le kgatlhanong le maikaelelo a Modimo a e neng e le gore monna a tlhakanele dikobo fela mo thulaganyong ya lenyalo. (Genesise 2:24) Mme gone, boammaaruri ke gore Juda ga a ka a tlhakanela dikobo le seaka. Go na le moo, ka go sa itse o ne a tsaya maemo a morwawe e bong Shela mme a nyala seyantlo, ka go dira jalo a nna rraagwe bana kafa molaong.

Fa e le ka Tamare, boitshwaro jwa gagwe e ne e se jo bo sa siamang. Bomorwawe ba mawelana ba ne ba sa tsewe e le barwa ba kgokafalo. Fa Boase wa kwa Bethelehema a ne a nyala Ruthe wa Moaba seyantlo, banna ba bagolo ba kwa Bethelehema ba ne ba bua sentle ka morwa wa ga Tamare, e bong Perese, ba raya Boase ba re: “E kete ntlo ya gago e e tla tswang mo baneng ba Jehofa a tla ba go nayang ka lekgarebe leno, e ka nna jaaka ntlo ya ga Perese, yo Tamare a neng a mo tsholela Juda.” (Ruthe 4:12) Perese le ene o tlhaga mo lenaaneng la bagologolwane ba ga Jesu Keresete.—Mathaio 1:1-3; Luke 3:23-33.