Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ditlhare Tsa ga Jehofa di a Kgotsofadiwa”

“Ditlhare Tsa ga Jehofa di a Kgotsofadiwa”

Bontle Jwa Popo ya ga Jehofa

“Ditlhare Tsa ga Jehofa di a Kgotsofadiwa”

A O KILE wa ema mo sekgweng fa marang a letsatsi a ntse sutlhelela mo gare ga ditlhare tse di telele? A o kgona go utlwa modumo wa matlhare fa phefo e ntse e feta mo go one?—Isaia 7:2.

Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe ka nako e e rileng ya ngwaga, matlhare a ditlhare tse di farologaneng a tsabakela ka mmala o mohibidu, wa namune, o o serolwana le mebala e mengwe. Ee, go ntse jaaka e kete sekgwa se tlhoseditswe ka molelo! A bo tlhaeletso eno e tshwanela jang ne: “Itumeleng lona dithaba, ka go goa ka boipelo, wena sekgwa le lona ditlhare tsotlhe tse di mo go sone!”—Isaia 44:23. *

Mo e ka nnang nngwetharong ya lefatshe lotlhe e tletse ka dikgwa. Sekgwa le ditshedi tse di mo go sone di galaletsa Motlhodi le Mmopi wa tsone e bong Jehofa Modimo ka tsela e e gakgamatsang. Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a opela jaana: “Bakang Jehofa, . . .lona ditlhare tsa maungo le lona lotlhe masedara.”—Pesalema 148:7-9.

Buka ya The Trees Around Us e bolela jaana: “Ditlhare di botlhokwa mo botshelong jwa motho mo dilong tse a di tlhokang le ka ntlha ya bontle jwa tsone jo bo mo kgatlhang.” Dikgwa di sireletsa metsi, di dira gore a nne a le teng le go a phepafatsa. Gape, ditlhare di phepafatsa moya o re o hemang. Go ya ka thulaganyo e e gakgamatsang ya photosynthesis, disele tsa matlhare di fetola khabonetaeokosaete, metsi, diminerale le lesedi la letsatsi go nna menontsha le okesejene.

Sekgwa se bontsha bontle jo bo gakgamatsang jwa popo. Gantsi ditlhare tse dikgolo ke tsone tse di kgatlhang thata mo sekgweng. Mo gare ga tsone, go gola ditlhatsana tse di ratang bongola, methuthuntshwane, mofine wa naga, ditlhatsana tse di sa goleleng kwa godimo le di-herbs. Dimela tseno di ikaegile ka ditlhare tseno, di golela mo meriting ya tsone le go monya bongola jo bo mo sekgweng.

Mo dikgweng dingwe tse go nang le ditlhare tse di tlhotlhoregang mo go tsone, matlhare a a ka nnang dimilione di le 25 a wela mo heketareng e le nngwe ya sekgwa mo karolong ya bofelo ya ngwaga. Go diragala eng ka one? Kgabagare, ditshenekegi, mouta, diboko le ditshedi tse dingwe di fetola matlhare ano go nna menontsha e e leng karolo e e botlhokwa ya mmu o o nonneng. Ee, ga go na sepe se se senyegang fa ditshedinyana tse di berekang tseno di ntse di baakanya mmu gore dijalo tse disha di gole.

Kafa tlase ga matlhare ano, mmu wa sekgwa o nyeula ka ditshedinyana tse dintsi. Go ya ka buka e e reng The Forest “ditshedinyana tse di ka nnang 1 350 . . . di ka fitlhelwa mo lefelong la disentimetara di le 30 le boteng jwa disentimetara di le 2,5 mme seno ga se akaretse dibilione tsa ditshedinyana tse dingwe tse di fitlhelwang mo mmung mongwe le mongwe o o ka tlalang seatla.” Mo godimo ga moo, sekgwa se tletse ka digagabi, dinonyane, ditshenekegi le diphologolo tse di amusang. Ke mang yo o tshwanetseng go bakwa ka ntlha ya bontle jono le dilo tseno tse di farologaneng? Mmopi wa tsone o bolela sentle jaana: “Phologolo nngwe le nngwe ya naga ya sekgwa ke ya me, dibatana tse di mo godimo ga dithaba tse di sekete.”—Pesalema 50:10.

Diphologolo dingwe di bopilwe di na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go kgona go iphitlhela mariga a a tsididi thata le go nna nako e telele di se na dijo. Le fa go ntse jalo, ga se diphologolo tsotlhe tse di iphitlhelang mariga. Tota le gare ga mpa ya mariga, o ka nna wa bona motlhape wa dikgama o tlolatlola mo sekgweng. Kgama ga e iphitlhele mariga e bile ga e ipeele dijo, go na le moo, e tsamaya e ntse e fula, e ja dikalana le dithunya tse di nana, jaaka fa o ka bona mo setshwantshong seno se se tswang kwa Jeremane.

Go buiwa thata ka botshelo jwa dimela mo Dikwalong. Go ya ka pego nngwe, Baebele e umaka dimela tse di farologaneng tse di ka nnang 130 go akaretsa le mefuta e ka nna 30 ya ditlhare. Fa moithutadimela mongwe e bong Michael Zohary a ne a akgela ka botlhokwa jwa tshedimosetso eno, o ne a re: “Tota le mo dibukeng tse di tlwaelegileng fela, motho ga o fitlhele tshedimosetso ya maemo a a kwa godimo jaana e e malebana le dimela tse di farologaneng jaaka e e fitlhelwang mo Baebeleng.”

Ditlhare le dikgwa ke dimpho tse dintle thata tse di tswang go Mmopi yo o lorato. Fa e le gore o kile wa tsamayatsamaya mo sekgweng, ga go na pelaelo gore o tla dumalana le mafoko ano a mopesalema: “Ditlhare tsa ga Jehofa di a kgotsofadiwa, masedara a Lebanona ao a a jadileng, kwa dinonyane di dirang dintlhaga gone.”—Pesalema 104:16, 17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona 2004 Calendar of Jehovah’s Witnesses, January/February.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Sengwe sa ditlhare tse dintle thata tsa maungo kwa Botlhabagare ke setlhare sa thamane. Mo tshimologong ya ngwaga—pele ga bontsi jwa ditlhare tse dingwe—se tsoga mo borokong. Sehebera sa bogologolo se ne se bitsa setlhare sa thamane se re ke yo o tsogang mo borokong, se bua ka go thunya ga sone pele ga tse dingwe. Go bonala setlhare seno se tsoga mo borokong fa se tlhagisa malomo a sone a a pinki kana a masweu.—Moreri 12:5.

Mo gare ga mefuta e le 9 000 ya dinonyane tse di itsiweng, mo e ka nnang e le 5 000 ya yone e tsewa e le ya dinonyane tse di opelang. Molodi wa tsone o utlwala mo sekgweng se se sisibetseng. (Pesalema 104:12) Ka sekai, pina ya thaga e na le melodi e e farologaneng e e monate. Botweretwere, jaaka e e tshwantshitsweng fano, ke dinonyane tse dinnye tse di opelang tse di nang le mebala e mentle e e tswakaneng ya bosetlha, boserolwana, le botala jo bo tseneletseng.—Pesalema 148:1, 10.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Sekgwa sa kwa Normandy, kwa Fora