Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsholofetso Tse O ka Di Ikanyang

Ditsholofetso Tse O ka Di Ikanyang

Ditsholofetso Tse O ka Di Ikanyang

MOPOROFETI wa Modimo e bong Mika o ne a itse gore gantsi ditsholofetso di ka se ikanngwe. Mo motlheng wa gagwe, le eleng balekane ba motho ba ba gaufi ba ne ba ka se ikanngwe ka metlha gore ba tla diragatsa se ba se buileng. Ka jalo Mika o ne a tlhagisa jaana: “O se ka wa dumela mo molekaneng. O se ka wa ikanya tsala e lo ntshanang seinong le yone. Disa go bulega ga molomo wa gago mo go ene yo o lalang mo sehubeng sa gago.”—Mika 7:5.

A Mika o ne a letla boemo jono jo bo utlwisang botlhoko gore bo dire gore a belaele ditsholofetso tsotlhe? Nnyaa! O ne a bontsha gore o tshepa ka botlalo ditsholofetso tse di dirilweng ke Modimo wa gagwe Jehofa. Mika o ne a kwala jaana: “Fa e le nna, ke tla nna ke lebeletse Jehofa. Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me.”—Mika 7:7.

Ke ka ntlha yang fa Mika a ne a na le tshepo e e kalo? Ke ka gonne o ne a itse gore ka metlha Jehofa o diragatsa se a se buileng. Sengwe le sengwe se Modimo a neng a se ikanetse borremogologolwane ba ga Mika se ne sa direga fela jalo. (Mika 7:20) Go ikanyega ga ga Jehofa mo nakong e e fetileng go ne ga dira gore Mika a nne le lebaka le le utlwalang la go dumela gore Jehofa o ne a tla diragatsa lefoko la gagwe mo nakong e e tlang.

“Ga go Na le Fa le Le Lengwe . . . Le le Sa Diragalang”

Ka sekai, Mika o ne a itse gore Jehofa o ne a golotse Baiseraele kwa bokgobeng kwa Egepeto. (Mika 7:15) Joshua, yo o neng a iponetse kgololo eo, o ne a kgothatsa Baiseraele ba bangwe gore ba ikanye ditsholofetso tsa Modimo. Ka ntlha yang? Joshua o ne a ba gakolola jaana: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.”—Joshua 23:14.

Baiseraele ba ne ba itse sentle gore Jehofa o ne a ba diretse dilo tse di molemo tota. O ne a diragaditse tsholofetso ya gagwe mo go rraabonemogologolwane yo o boifang Modimo, Aborahame, ya gore losika lwa gagwe lo ne lo tla ntsifala jaaka dinaledi e bile ba ne ba tla rua lefatshe la Kanana. Gape Jehofa o ne a bolelela Aborahame gore losika lwa gagwe lo ne lo tla boga ka dingwaga di le 400 mme lo ne lo tla boela kwa Kanana “mo kokomaneng ya bonè.” Seno sotlhe se ne sa direga.—Genesise 15:5-16; Ekesodo 3:6-8.

Baiseraele ba ne ba amogetswe sentle kwa Egepeto mo metlheng ya ga Josefa, morwa Jakobe. Moragonyana Baegepeto ba ne ba ba pateletsa setlhogo go dira tiro ya bokgoba, mme jaaka Modimo a ne a solofeditse, mo lobakeng lwa dikokomana tse nnè tse di neng di tlhomagana, go simolola ka nako ya fa ba tsena kwa Egepeto, losika lono lwa ga Aborahame lo ne lwa gololwa mo bokgobeng jwa Baegepeto. *

Mo dingwageng tse 40 tse di neng tsa latela, Baiseraele ba ne ba bona bosupi jo bongwe gape jwa gore ka metlha Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Fa Baamaleke ba ne ba tlhasela Baiseraele kwantle ga lebaka, Modimo o ne a lwela batho ba gagwe mme a ba sireletsa. O ne a ba naya dilo tsotlhe tsa senama tse ba neng ba di tlhoka fa ba ne ba tsamaya ka dingwaga tse 40 ba raletse naga mme la bofelo a dira gore ba nne mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Fa Joshua a ne a sekaseka tsela e Jehofa a neng a dirisana ka teng le losika lwa ga Aborahame mo nakong e e fetileng, o ne a ka bua jaana a tlhatswegile pelo: “Ga go na tsholofetso epe e e neng ya se ka ya diragadiwa mo tsholofetsong yotlhe e e molemo e Jehofa a neng a e solofeditse ntlo ya Iseraele; e ne ya diragadiwa yotlhe fela.”—Joshua 21:45.

Ithute go Ikanya Ditsholofetso Tsa Modimo

O ka dira jang gore o ikanye ditsholofetso tsa ga Jehofa, jaaka Mika le Joshua? O dira jang gore o simolole go ikanya ba bangwe? O ithuta thata ka bone ka mo o ka kgonang ka teng. Ka sekai, o ka nna wa lemoga kafa ba ikanyegang ka teng ka go ela tlhoko gore ba leka go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa bone ka boikanyegi. Mme fa o ntse o itse batho bao botoka, ka bonya ka bonya o simolola go ba ikanya. O ka dira se se tshwanang malebana le kgang ya go dumela ditsholofetso tsa Modimo.

Tsela e nngwe e o ka dirang seo ka yone ke ka go akanya ka popo le melao e e e laolang. Baitsesaense ba ikanya melao eno, jaaka e e laolang kafa sele e le nngwe e ikgaoganyang ka teng le kafa e ntsifalang ka teng go dira disele di le dibilione tse di dirang mmele wa gago. Mme gone, melao e e laolang dilo le maatla a a mo lobopong lotlhe e tshwanetse ya bo e dirilwe ke Modiramolao yo o ka ikanngwang ka botlalo. Eleruri o ka ikanya ditsholofetso tsa gagwe fela jaaka o ikanya melao e e laolang popo.—Pesalema 139:14-16; Isaia 40:26; Bahebera 3:4.

Ka moporofeti Isaia, yo o neng a tshela ka nako ya ga Mika, Jehofa o ne a dirisa dipaka le modikologo o o gakgamatsang wa metsi go tshwantsha kafa lefoko la gagwe le ikanyegang ka teng. Dipula di ne di na ngwaga le ngwaga. Di ne di kolobetsa lefatshe mme di dira gore batho ba kgone go lema peo le go roba. Jehofa o ne a bua jaana kaga seno: “Fela jaaka pula e e nang e fologa, le kapoko, e tswa kwa magodimong mme e sa boele kwa lefelong leo, mme e kolobetsa lefatshe e dira gore le tlhagise maungo le bo le tlhogise, mme mojadi a newe peo le moji a newe senkgwe, lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:10, 11.

Ditsholofetso Tse di ka Ikanngwang Tsa Paradaise

Go tlhatlhoba popo go ka dira gore o ikanye Mmopi, mme go tlhokega sengwe se se fetang seo gore o ithute ka ditsholofetso tse e leng karolo ya “lefoko . . . le le tswang mo molomong wa [gagwe].” Gore o ithute ka ditsholofetso tseno mme o di ikanye, o tshwanetse go tlhatlhoba mafoko a Dikwalo a a tlhotlheleditsweng ke Modimo ka maikaelelo a gagwe ka lefatshe le tsela e a dirisanang ka yone le batho.—2 Timotheo 3:14-17.

Moporofeti Mika o ne a ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa. Mme wena o na le lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le le fetang le Mika a neng a na le lone. Fa o bala Baebele mme o tlhatlhanya ka yone, le wena o ka nna le tumelo ya gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragadiwa. Ditsholofetso tseno ga di ame fela bana ba ga Aborahame ba tlholego mme di ama batho botlhe. Jehofa o ne a solofetsa tlhogo eno ya lotso e e boifang Modimo jaana: “Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.” (Genesise 22:18) Karolo e kgolo ya “losika” kgotsa bana ba ga Aborahame ke Mesia, Jesu Keresete.—Bagalatia 3:16.

Ka Jesu Keresete, Jehofa o tla tlhomamisa gore batho ba ba kutlo ba bona masego. Mme ke eng se Modimo a solofeditseng gore o tla se dira mo motlheng wa rona? Mika 4:1, 2 e araba ka mafoko ano a boporofeti: “Go tla diragala go ela kwa bokhutlong jwa metlha gore thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tla tlhomamisiwa thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, mme eleruri e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota; mme ditšhaba di tla ologela kwa go yone. Mme ditšhaba di le dintsi di tla ya mme di re: ‘Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.’”

Ba ba ithutang ditsela tsa ga Jehofa ba “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.” Mekgwa epe fela ya go rata ntwa e a nyelela. Go ise go ye kae lefatshe le tla tladiwa ka batho ba ba siameng, mme ga go na ope yo o tla ba boifisang. (Mika 4:3, 4) Ee, Lefoko la Modimo le solofetsa gore mo pusong ya Bogosi ya ga Jesu Keresete, Jehofa o tla fedisa bagateledi botlhe mo lefatsheng.—Isaia 11:6-9; Daniele 2:44; Tshenolo 11:18.

Le batho ba ba bogileng ba bo ba swa ka ntlha ya go bo batho ba tsuologetse Modimo ba tla tsosiwa ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. (Johane 5:28, 29) Satane le madimona a gagwe, batlhotlheletsi ba bosula, ba tla bo ba seyo mme diphelelo tsa boleo jwa ga Adame di tla tlosiwa ka setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. (Mathaio 20:28; Baroma 3:23, 24; 5:12; 6:23; Tshenolo 20:1-3) Boemo jwa batho ba ba kutlo e tla bo e le bofe? Ba tla segofadiwa ka botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise!—Pesalema 37:10, 11; Luke 23:43; Tshenolo 21:3-5.

Eleruri tseno ke ditsholofetso tse di molemo tota! A mme o ka di dumela? Ruri o ka di dumela. Tseno ga se ditsholofetso tsa batho ba ba ka tswang ba na le maikaelelo a a molemo mme ba se na maatla a go di diragatsa. Ke ditsholofetso tsa Modimo Mothatayotlhe, yo o ka se kang a aka le yo o seng “bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe.” (2 Petere 3:9; Bahebera 6:13-18) O ka ikanya ditsholofetso tsotlhe tse di mo Baebeleng ka botlalo, ka gonne Motswedi wa tsone ke “Jehofa Modimo wa boammaaruri.”—Pesalema 31:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Bona Insight on the Scriptures, bolumo 1, tsebe 911-12, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona.”—JOSHUA 23:14.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Jehofa o ne a diragatsa dilo tse a neng a di solofeditse Baiseraele kwa Lewatleng le Lehibidu le kwa nageng

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Jehofa o ne a diragatsa se a neng a se solofeditse Aborahame. Jesu Keresete, yo e leng Losika lwa ga Aborahame, o tla tlisetsa batho masego