Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa O na Le Bopelonomi jo Bogolo Jwa Lorato

Jehofa O na Le Bopelonomi jo Bogolo Jwa Lorato

Jehofa O na Le Bopelonomi jo Bogolo Jwa Lorato

“Jehofa o . . . na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato.”—PESALEMA 145:8.

1. Lorato lwa Modimo lo logolo go le kana kang?

“MODIMO ke lorato.” (1 Johane 4:8) Mafoko ao a a amang pelo a bontsha gore tsela e Jehofa a busang ka yone e ikaegile ka lorato. Ebu, tota le batho ba ba sa mo ikobeleng ba solegelwa molemo ke letsatsi le pula tse a re tlamelang ka tsone ka lorato! (Mathaio 5:44, 45) Ka ntlha ya lorato lo Modimo a ratang batho ka lone, tota le baba ba gagwe ba ka ikwatlhaya, ba sokologa, mme ba bona botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Jehofa o tla nyeletsa baikepi ba ba ganang go ikwatlhaya e le gore batho ba ba mo ratang ba ka itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo.—Pesalema 37:9-11, 29; 2 Petere 3:13.

2. Ke karolo efe e e kgethegileng ya lorato e Jehofa a e bontshang batho ba ba ineetseng mo go ene?

2 Jehofa o bontsha baobamedi ba gagwe ba boammaaruri lorato ka tsela e e molemo le e e nnelang ruri. Lorato lo lo ntseng jalo lo tlhalosiwa ka lefoko la Sehebera le le ranolwang e le “bopelonomi jwa lorato,” kana “lorato lo lo ikanyegang.” Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo o ne a anaanela bopelonomi jwa lorato jwa Modimo fela thata. Ka ntlha ya se se neng sa mo diragalela ka namana le ka ntlha ya go tlhatlhanya ka tsela e Modimo a ileng a dirisana le batho ba bangwe ka yone, Dafide o ne a ka bua jaana a tlhatswegile pelo: “Jehofa o . . . na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato [kana “lorato lo lo ikanyegang”].”—Pesalema 145:8.

Go Lemoga Batho ba Modimo ba ba Ikanyegang

3, 4. (a) Pesalema 145 e re thusa jang go lemoga batho ba ba ikanyegang ba ga Jehofa? (b) Batho ba Modimo ba ba ikanyegang ba mo “baka” ka tsela efe?

3 Mmaagwe moporofeti Samuele e bong Hana o ile a bua jaana ka Jehofa Modimo: “O disa dinao tsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang.” (1 Samuele 2:9) “Batho ba gagwe ba ba ikanyegang” ke bomang? Kgosi Dafide o a araba. Fa a sena go tlotlomatsa dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa, o ile a re: “Batho ba gago ba ba ikanyegang ba tla go baka.” (Pesalema 145:10) Batho ba baka Jehofa segolobogolo ka go mo tlotlomatsa kana go bua molemo ka ene.

4 Batho ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba lemogiwa ka go dirisa melomo ya bone go bua molemo ka ene. Fa ba le mo dikokoanong tsa maitiso le kwa dipokanong tsa Bokeresete ke eng se ba buang thata ka sone? Ee, ba bua thata ka Bogosi jwa ga Jehofa! Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba dumalana le mafoko ano a ga Dafide, yo o ileng a opela jaana: “Ba tla bua ka kgalalelo ya bogosi jwa [ga Jehofa], e bile ba tla bua ka thata ya [gagwe].”—Pesalema 145:11.

5. Re itse jang gore Jehofa o reetsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang fa ba bua molemo ka ene?

5 A Jehofa o reetsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang fa ba mmaka? Ee, o reetsa se ba se buang ka ene. Malaki o ile a kwala jaana mo boporofeting jo bo amanang le kobamelo ya boammaaruri mo motlheng wa rona: “Ka nako eo ba ba boifang Jehofa ba ne ba buisana mmogo, mongwe le mongwe le molekane wa gagwe, mme Jehofa a nna a tlhwaya tsebe a ba a reetsa. Mme buka ya kgakologelo ya simolola go kwalwa fa pele ga gagwe e kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang ka leina la gagwe.” (Malaki 3:16) Go itumedisa Jehofa thata fa batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba bua molemo ka ene, mme ga a ba lebale.

6. Ke tiro efe e e re thusang go lemoga batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang?

6 Batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang gape ba ka lemogiwa ka bopelokgale jwa bone le go rata ga bone go simolola motlotlo le batho ba e seng baobamedi ba Modimo wa boammaaruri. Ee ruri, batho ba Modimo ba ba ikanyegang “ba itsise barwa batho ditiro tsa gagwe tsa maatla le kgalalelo ya bontlentle jwa bogosi jwa gagwe.” (Pesalema 145:12) A o dirisa ka botlalo ditshono tse di tlhagang tsa go bua le batho ba o sa ba itseng ka bolaodi jwa ga Jehofa? Go farologana le dipuso tsa batho tse di tla tlogang di nyelela, bogosi jwa gagwe bone bo ntse ka bosakhutleng. (1 Timotheo 1:17) Go botlhokwa thata gore batho ba ithute ka bogosi jwa ga Jehofa le go bontsha gore ba ema bogosi jono nokeng jo bo tla busang ka bosakhutleng. Dafide o ile a opela jaana: “Bogosi jwa gago ke bogosi ka bosakhutleng, mme taolo ya gago e mo dikokomaneng tsotlhe ka go latelana ga tsone.”—Pesalema 145:13.

7, 8. Go diragetse eng ka 1914, mme ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore jaanong Modimo o a busa ka Bogosi jwa Morwawe?

7 Fa e sa le ka 1914, go ile ga nna le mabaka a mangwe gape a go bua ka bogosi jwa ga Jehofa. Ka ngwaga oo, Modimo o ile a tlhoma Bogosi jwa ga Mesia kwa legodimong, jo Kgosi ya jone e leng Jesu Keresete, Morwa Dafide. Ka gone, Jehofa o ile a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore bogosi jwa ga Dafide bo tla tlhomamisiwa ka bosakhutleng.—2 Samuele 7:12, 13; Luke 1:32, 33.

8 Bosupi jwa gore gone jaanong Jehofa o a busa a dirisa Bogosi jwa Morwawe, Jesu Keresete, bo bonwa ka go diragadiwa go go ntseng go tswelela pele ga sesupo sa go nna gone ga ga Jesu. Karolo e e di gaisang tsotlhe ya sesupo seo ke tiro e Jesu a neng a bolelela pele gore e ne e tla dirwa ke batho botlhe ba Modimo ba ba ikanyegang, fa a ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:3-14) Ka ntlha ya go bo batho ba ba ikanyegang ba Modimo ba diragatsa boporofeti jono ka tlhoafalo, gone jaanong banna, basadi le bana ba ba fetang dimilione di le thataro ba nna le seabe mo tirong eno e kgolo le e e se kitlang e tlhola e boelediwa. Go ise go ye kae baganetsi botlhe ba Bogosi jwa ga Jehofa ba tla fedisiwa.—Tshenolo 11:15, 18.

Go Solegelwa Molemo ke Bolaodi Jwa ga Jehofa

9, 10. Jehofa o farologana jang le babusi ba batho?

9 Fa e le gore re Bakeresete ba ba ineetseng, kamano ya rona le Morena Molaodimogolo Jehofa e re leretse melemo e le mentsi. (Pesalema 71:5; 116:12) Ka sekai, re itumelela go amogelwa ke Modimo e bile re na le botsala jo bo molemo le ene ka gonne re mmoifa e bile re dira se se siameng. (Ditiro 10:34, 35; Jakobe 4:8) Go farologana le seo, gantsi babusi ba batho bone ba itsalanya fela le batho ba maemo, ba ba jaaka baeteledipele ba masole, borakgwebo ba ba humileng, kana megaka ya metshameko le ya ditheo tsa boitlosobodutu. Go ya ka lekwalodikgang la mono Afrika la Sowetan, molaodi mongwe yo o tumileng wa puso o ile a bua mafoko ano ka mafelo a batho ba ba humanegileng thata mo nageng ya gaabo: “Ke tlhaloganya gore ke eng fa bontsi jwa rona re sa batle go etela mafelo a a ntseng jalo. Re dira jalo ka gonne re batla go itebatsa gore go na le mafelo a a ntseng jalo. Go tshwenya digakolodi tsa rona mme re tlhabisiwa ditlhong ke [dikoloi] tse di manobonobo tse re nang le tsone.”

10 Ke boammaaruri gore, babusi bangwe ba batla go thusa babusiwa ba bone go tswa pelong. Le fa go ntse jalo, tota le babusi ba ba molemo go gaisa botlhe ga ba na kamano e e atamalaneng le babusiwa ba bone. Ee ruri, re ka nna ra botsa jaana: A go na le molaodi ope yo o amegang thata jaana ka babusiwa botlhe ba gagwe mo a itlhaganelelang go thusa mongwe le mongwe wa bone fa a le mo mathateng? Ee, o teng. Dafide o ile a kwala jaana: “Jehofa o tshegetsa botlhe ba ba wang, e bile o tsholetsa botlhe ba ba inameng.”—Pesalema 145:14.

11. Ke diteko dife tse di tlhagelang batho ba Modimo ba ba ikanyegang, mme ke thuso efe e ba nang le yone?

11 Diteko di le dintsi le mathata di tlhagela batho ba ga Jehofa Modimo ba ba ikanyegang ka ntlha ya bosaitekanelang jwa bone, le ka gonne ba tshela mo lefatsheng le le namaletseng kafa tlase ga taolo ya ga Satane, “yo o boikepo.” (1 Johane 5:19; Pesalema 34:19) Bakeresete ba a bogisiwa. Bangwe ba a boga ka ntlha ya malwetse a a masisi kana ka ntlha ya go swelwa. Ka dinako tse dingwe, diphoso tsa batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang di ka dira gore ba kgobege marapo. Le fa go ntse jalo, ka metlha Jehofa o iketleeleditse go gomotsa le go nonotsha mongwe le mongwe wa bone go sa kgathalesege gore ba welwa ke diteko dife. Kgosi Jesu Keresete le ene o kgatlhegela babusiwa ba gagwe ba ba ikanyegang fela jalo.—Pesalema 72:12-14.

Dijo Tse di Kgotsofatsang ka Paka ya Tsone

12, 13. Jehofa o tlhokomela “setshedi sengwe le sengwe” ka dilo tse se di tlhokang ka tsela e e molemo go le kana kang?

12 Ka ntlha ya bopelonomi jo bogolo jwa lorato jo Jehofa a nang le jone, o tlamela batlhanka ba gagwe ka dilo tsotlhe tse ba di tlhokang. Seno se akaretsa go ba tlamela ka dijo tse di ba otlang. Kgosi Dafide o ile a kwala jaana: “Matlho a botlhe a leba kwa go wena [Jehofa] ka tsholofelo, e bile o ba naya dijo tsa bone ka paka ya tsone. O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.” (Pesalema 145:15, 16) Tota le ka nako ya masetlapelo, Jehofa a ka laola dilo gore batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba kgone go bona ‘senkgwe sa letsatsi.’—Luke 11:3; 12:29, 30.

13 Dafide o ile a re “setshedi sengwe le sengwe” se a kgotsofadiwa. Seo se akaretsa le diphologolo. Fa e ne e se ka dimela tse dintsintsi tsa naga le tsa lewatle, ditshedi tsa metsi, dinonyane le diphologolo tsa naga di ne di se kitla di nna le okosejene le dijo. (Pesalema 104:14) Le fa go ntse jalo, Jehofa o di tlamela ka dilo tsotlhe tse di di tlhokang.

14, 15. Gompieno batho ba tlamelwa jang ka dijo tsa semoya?

14 Go farologana le diphologolo, batho bone ba na le dilo tsa semoya tse ba di tlhokang. (Mathaio 5:3) A bo Jehofa a tlhokomela batho ba gagwe ba ba ikanyegang ka tsela e e molemo jang ne ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang! Pele ga Jesu a swa, o ne a solofetsa gore “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ne a tla tlamela balatedi ba gagwe ka ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’ (Mathaio 24:45) Gompieno setlhopha seo sa motlhanka se dirilwe ka masalela a batlodiwa ba ba 144 000. Jehofa o dirisa bone go tlamela batho ba gagwe ka letlepu la dijo tsa semoya.

15 Ka sekai, bontsi jwa batho ba ga Jehofa jaanong ba solegelwa molemo ke thanolo e ntšha le e e opang kgomo lonaka ya Baebele ka dipuo tsa bone. A bo Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e le mpho e e molemo jang ne! Mo godimo ga moo, dimilionemilione tsa dikgatiso tse di dirisiwang go ithuta Baebele di nna di gatisiwa ka dipuo tse di fetang 300. Dijo tseno tsotlhe tsa semoya di ile tsa solegela baobamedi ba boammaaruri molemo mo lefatsheng lotlhe. Ke mang yo o tshwanelwang ke go tlotlomalediwa seno sotlhe? Ke Jehofa Modimo. Ka bopelonomi jwa gagwe jo bogolo jwa lorato, o ile a thusa setlhopha sa motlhanka gore se kgone go re tlamela ka ‘dijo ka paka ya tsone.’ Ka dithulaganyo tse di ntseng jalo “keletso ya setshedi sengwe le sengwe” mo paradaiseng ya semoya ya gompieno e a kgotsofadiwa. Mme a bo batlhanka ba ga Jehofa ba itumedisiwa thata jang ne ke tsholofelo ya gore ba tla tloga ba bona lefatshe le fetolwa go nna paradaise ya mmatota!—Luke 23:42, 43.

16, 17. (a) Ke dikai dife tse re nang le tsone tsa dijo tsa semoya tse di neng tsa tla ka paka e e tshwanetseng? (b) Pesalema 145 e tlhalosa jang maikutlo a batho ba ba ikanyegang ba Modimo ba nang le one malebana le kgangkgolo e Satane a ileng a e tsosa?

16 Akanya ka sekai se se tlhomologileng se se bontshang kafa re amogelang dijo tsa semoya ka paka e e tshwanetseng ka teng. Ka 1939, go ne ga runya Ntwa ya Lefatshe II kwa Yuropa. Mo go one ngwaga oo, kgatiso ya November 1, ya Tora ya Tebelo e ne e na le setlhogo se se reng “Boitlhaodi.” Ka ntlha ya tshedimosetso e e tlhamaletseng e e neng ya tlhalosiwa moo, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go nna ba itlhaotse ka nako eo ya fa ditšhaba di lwa. Seno se ne sa dira gore dipuso tsa matlhakore oomabedi a a neng a lwa mo ntweng eo ya dingwaga tse thataro di ba galefele. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ne ba tswelela ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le mororo ba ne ba thibetswe le go bogisiwa. Go tloga ka 1939 go ya go 1946, ba ne ba segofadiwa ka koketsego e e gakgamatsang ya diperesente di le 157. Mo godimo ga moo, rekoto ya bone e e molemo ya boikanyegi ka nako eo ya ntwa e sa ntse e thusa batho go lemoga bodumedi jwa boammaaruri.—Isaia 2:2-4.

17 Dijo tsa semoya tse Jehofa a re tlamelang ka tsone ga se fela gore di tla ka nako e e tshwanetseng mme gape di re kgotsofatsa tota. Fa ditšhaba di ne di semeletse mo ntweng ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II, batho ba ga Jehofa ba ne ba thusiwa go tsepamisa matlho a bone mo go sengwe se se botlhokwa go feta poloko ya bone ka namana. Jehofa o ne a ba thusa go tlhaloganya gore kgang ya konokono, e e amang lobopo lotlhe, e amana le tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa. A bo go kgotsofatsa jang ne go itse gore Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa ka go nna a ikanyega o ile a nna le seabe se se rileng mo go tlotlomatseng bolaodi jwa ga Jehofa le go supa fa Diabolo a le maaka! (Diane 27:11) Go farologana le Satane, yo o ileng a senya Jehofa leina le go nyatsa bolaodi jwa gagwe, batho ba ba ikanyegang ba ga Jehofa bone ba tswelela pele ba bolela jaana phatlalatsa: “Jehofa o siame mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe.”—Pesalema 145:17.

18. Ke sekai sefe sa bosheng sa dijo tsa semoya tse di kgotsofatsang le tse di tlang ka nako e e tshwanetseng?

18 Sekai se sengwe sa dijo tsa semoya tse di kgotsofatsang le tse di tlileng ka nako e e tshwanetseng ke buka ya Atamalana le Jehofa, e e neng ya gololwa kwa Dikopanong Tsa Kgaolo tse di makgolokgolo tsa “Baboledi ba ba Tlhagafetseng ba Bogosi” tse di neng di tshwerwe mo lefatsheng lotlhe ka 2002/03. Buka eno e e kwadilweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” mme ya gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa, e gatelela dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa Modimo, go akaretsa le tse di umakilweng mo go Pesalema 145. Ruri buka eno e e molemo e tla nna le seabe se se botlhokwa thata mo go thuseng batho ba Modimo ba ba ikanyegang go atamalana le ene.

Nako ya go Atamalana le Jehofa

19. Ke nako efe e e botlhokwa thata e e atamelang, mme re ka lebana jang le yone?

19 Kgato e e botlhokwa thata ya go rarabololwa ga kgangkgolo e e amang bolaodi jwa ga Jehofa e a atamela. Jaaka fa go boleletswe pele mo go Esekiele kgaolo 38, Satane o tla tloga a wetsa seabe sa gagwe sa go nna “Gogo wa lefatshe la Magogo.” Seno se tla akaretsa go tlhaselwa ga batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Satane o tla bo a leka ka bojotlhe go dira gore batho ba Modimo ba ba ikanyegang ba se ka ba tlhola ba ikanyega. Baobamedi ba ga Jehofa ba tla tshwanelwa ke gore ba kope Jehofa ka tlhoafalo go feta le fa e le leng pele, tota le e leng go lelela kwa go ene gore a ba thuse. A go boifa Modimo ga bone ka tlotlo le go mo rata ga bone e tla bo e le ga lefela? Ga go a nna jalo ka gonne Pesalema 145 ya re: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka. Jehofa o disa botlhe ba ba mo ratang, mme botlhe ba ba boikepo o tla ba nyeletsa.”—Pesalema 145:18-20.

20. Mafoko a Pesalema 145:18-20 a tla tloga a itshupa jang gore a boammaaruri?

20 A bo go tla itumedisa jang go ikutlwa re atamalane le Jehofa le go bona maatla a gagwe a go sireletsa fa a tla bo a nyeletsa baikepi botlhe! Ka nako eo e e botlhokwatlhokwa e gone jaanong e atametseng thata, Jehofa o tla reetsa fela “ba ba mmitsang ka boammaaruri.” Ruri ga a kitla a reetsa baitimokanyi. Lefoko la Modimo le bontsha sentle gore ka metlha go ile ga itshupa go sa thuse sepe gore moikepi a bitse leina la ga Jehofa go setse go le thari.—Diane 1:28, 29; Mika 3:4; Luke 13:24, 25.

21. Batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba bontsha jang gore ba itumelela go dirisa leina la Modimo?

21 Gone jaanong go botlhokwa go feta le fa e le leng pele gore batho ba ba boifang Jehofa ba ‘mmitse ka boammaaruri.’ Batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba itumelela go dirisa leina la gagwe mo dithapelong tsa bone le mo dikakgelong tsa bone kwa dipokanong. Ba dirisa leina la Modimo le fa ba itlotlela fela. Mme gape ba itsise batho leina la ga Jehofa ka bopelokgale mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa.—Baroma 10:10, 13-15.

22. Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re nne re tile mekgwa ya lefatshe le dikeletso tsa lone?

22 Gore re nne re solegelwe molemo ke go nna le kamano e e molemo le Jehofa Modimo, go botlhokwa thata gore re nne re tile dilo tse di ka nnang kotsi semoyeng tse di jaaka, go rata dikhumo, boitlosobodutu jo bo sa siamang, go nna le moya wa go se itshwarele ba bangwe, kana go itlhokomolosa batho ba ba tlhokang. (1 Johane 2:15-17; 3:15-17) Fa re sa baakanye mekgwa e e ntseng jalo, re ka feleletsa re itlwaetsa go dira boleo jo bo masisi mme seo sa dira gore Jehofa a se ka a tlhola a re amogela. (1 Johane 2:1, 2; 3:6) Go molemo go se lebale gore Jehofa o tla nna a re bontsha bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, kana lorato lo lo ikanyegang, fa fela re nna re ikanyega mo go ene.—2 Samuele 22:26.

23. Batho botlhe ba Modimo ba ba ikanyegang ba tlile go nna le isagwe efe e e molemo?

23 Ka gone, a re nneng re tsepamisitse megopolo ya rona mo isagweng e kgolo e batho botlhe ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba tlileng go nna le yone. Ka go dira jalo, re nna le tshono e e molemolemo ya go akarediwa mo bathong ba ba tla godisang Jehofa, ba mo galaletsa le go mmaka “letsatsi lotlhe” le “ka bosaengkae.” (Pesalema 145:1, 2) Ka gone, a re ‘ipolokeng mo loratong lwa Modimo, re solofetse botshelo jo bo sa khutleng.’ (Jude 20, 21) Fa re ntse re solegelwa molemo ke dinonofo tse di molemo tsa Rraarona wa selegodimo, go akaretsa le bopelonomi jwa gagwe jo bogolo jwa lorato jo a bo bontshang batho ba ba mo ratang, e kete ka metlha re ka bua mafoko a a tshwanang le a Dafide a ileng a a bua mo mafokong a bofelo a Pesalema 145: “Molomo wa me o tla bua pako ya ga Jehofa; mme a nama yotlhe e bake leina la gagwe le le boitshepo ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”

O ne O ka Araba Jang?

Pesalema 145 e re thusa jang go lemoga gore batho ba Modimo ba ba ikanyegang ke bomang?

• Jehofa o ‘kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe’ ka tsela efe?

• Ke eng fa re tshwanelwa ke go atamalana le Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Batho ba Modimo ba ba ikanyegang ba itumelela go tlotla ka ditiro tsa gagwe tse dikgolo

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Batlhanka ba ga Jehofa ka bopelokgale ba bua le batho ba ba sa ba itseng, ba ba thusa go itse ka kgalalelo ya bogosi jwa gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o tlamela “sengwe le sengwe se se tshelang” ka dijo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Animals: Parque de la Naturaleza de Cabárceno

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Jehofa o nonotsha le go kaela batho ba gagwe ba ba ikanyegang, ba ba senkang thuso ya gagwe ka thapelo