Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Modimo ga a Nne mo Ditempeleng Tse di Dirilweng ka Diatla’

‘Modimo ga a Nne mo Ditempeleng Tse di Dirilweng ka Diatla’

‘Modimo ga a Nne mo Ditempeleng Tse di Dirilweng ka Diatla’

GA GO na pelaelo gore moaposetoloi Paulo o ne a itse ditempele tsa kwa Athena, ka gonne di ne di le mo metseng e mentsi e a neng a e etela fa a ne a le mo maetong a gagwe a borongwa. Go ya ka The Encyclopædia Britannica, Athena o ne a sa tuma fela jaaka modimo wa sesadi wa ntwa le botlhale mme gape e ne e le modimo wa “tiro ya diatla le dilo tse dingwe di neng di dirwa ka kakaretso fa go le kagiso.”

Tempele e e neng e itsege thata ya modimo yo o bidiwang Athena e ne e le Parthenon e e agilweng kwa Athena, motse o o reeletsweng ka modimo oo wa sesadi. E re ka mo metlheng ya bogologolo go ne go tsewa gore Parthenon ke yone tempele e kgolo go di gaisa tsotlhe, sefikantswe sa modimo yo o bidiwang Athena sa dimetara di le 12 se se dirilweng ka gouta le lonaka lwa tlou se ne sa tsenngwa mo go yone. Fa Paulo a ne a etetse Athena, tempele eno ya mmabole o mosweu e ne e setse e feditse dingwaga di le 500 e itsege mo motseng.

Paulo o ne a rerela setlhopha sa Baathena ka ‘Modimo yo o sa nneng mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla’ a le fa ba neng ba kgona go bona Parthenon gone. (Ditiro 17:23, 24) Gongwe bogolo jwa ditempele tsa Athena kgotsa bontle jwa medingwana ya tsone, ke tsone tse di neng di dira gore bangwe ba bareetsi ba ga Paulo ba di rate thata go na le gore ba rate Modimo o o sa bonaleng o ba sa o itseng. Le fa go ntse jalo, jaaka Paulo a ne a tlhalosa, ga re a tshwanela go akanya gore Mmopi wa batho “o tshwana le gouta kgotsa selefera kgotsa leje, gore o tshwana le selo se se betlilweng [ke] . . .motho.”—Ditiro 17:29.

Medimo le medimo ya sesadi e e tshwanang le Athena—e kgalalelo ya yone e neng e ikaegile ka ditempele le difikantswe—e ne ya nna gone mme ga e tlhole e le teng. Sefikantswe sa ga Athena se ne sa nyelela kwa Parthenon mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E., mme go setse matlotla fela a ditempele tsa gagwe di le mmalwa. Ke bomang ba gompieno ba lebeletseng go bona botlhale le kaelo mo go Athena?

Jehofa, “Modimo yo o sa khutleng” yo go se nang motho ope yo o kileng a mmona, o farologane thata le Athena. (Baroma 16:26; 1 Johane 4:12) Barwa ba ga Kora ba ne ba kwala jaana: “Modimo yono ke Modimo wa rona ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae. O tla re kaela.” (Pesalema. 48:14) Tsela e re ka bonang kaelo ya ga Jehofa Modimo ka yone ke ka go ithuta Lefoko la gagwe e leng Baebele, le go dirisa kgakololo ya yone mo matshelong a rona.