Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nayang Modimo Kgalalelo, e Seng Batho

Nayang Modimo Kgalalelo, e Seng Batho

Nayang Modimo Kgalalelo, e Seng Batho

MO DIKGWEDING tsa bosheng jaana, batho ba ba ratang tshiamo mo lefatsheng lotlhe ba ne ba ithuta gore ba ka galaletsa Modimo jang fa ba ne ba kokoane kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Nayang Modimo Kgalalelo” tsa Basupi ba ga Jehofa. A re boeletseng thulaganyo eno e e rutang e e neng e tshwerwe kwa go tsone.

Batlakopanong ba le bantsi ba ne ba nna teng mo thulaganyong e e theilweng mo Baebeleng e e tsayang malatsi a le mararo mme ba bangwe ba ba neng ba kgona go nna teng kwa dikopanong tse di kgethegileng tsa malatsi a le manè tsa ditšhabatšhaba, ba ne ba kgona go reetsa dipuisano tse di fetang 30 tse di theilweng mo Dikwalong, go akaretsa dipuo tse di neng di oketsa kanaanelo ya bone ya dilo tsa semoya, maitemogelo a a neng a nonotsha tumelo ya bone, dipontsho tse di neng di bontsha kafa melaometheo ya Baebele e ka dirisiwang ka gone le terama ya motlha wa Baebele e e neng e bontsha dikgwetlho tse Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba lebana le tsone. Fa e le gore o ne o le teng mo go nngwe ya dikopano tseno, ke eng o sa boeletse dintlha tse o di kwadileng fa o ntse o bala setlhogo seno? Re solofela gore setlhogo seno se tla go gopotsa ka dilo tse di molemo tse o neng wa di ipelela mo moletlong ono o mogolo wa semoya e bile se tla go ruta.

Setlhogo sa Letsatsi la Ntlha: “O a Tshwanela, Jehofa, . . . go Amogela Kgalalelo”

Morago ga pina le thapelo e e simololang, sebui sa ntlha se ne sa amogela botlhe ba ba tlileng kopanong ka puo e e neng e bua thata ka lebaka la go bo re tlile kopanong e e neng e na le setlhogo se se reng: “Re Kokoane go Tla go Galaletsa Modimo.” Sebui se ne sa gatelela setlhogo se kopano yotlhe e tla bong e theilwe mo go sone ka go nopola Tshenolo 4:11. O ne a se ka a senya nako go tlhalosa gore go naya Modimo kgalalelo go kaya eng. O ne a dirisa buka ya Dipesalema go gatelela gore go galaletsa Modimo go akaretsa “kobamelo, “go ntsha ditebogo” le go “baka.”—Pesalema 95:6; 100:4, 5; 111:1, 2.

Puo e e latelang e ne e na le setlhogo se se reng “Go Sego ba ba Galaletsang Modimo.” Sebui se ne sa tlhalosa ntlha e e kgatlhang. E re ka go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le thataro mo dinageng di le 234 mo lefatsheng lotlhe, re ka re letsatsi ga le ke le phirima mo bathong ba ba galaletsang Jehofa. (Tshenolo 7:15) Karolo e bareetsi ba neng ba e itumelela e bile ba e rata thata mo puong eno e ne e le fa go botsolodiwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng ya mofuta mongwe.

Puo e e latelang e ne e re “Popo e Bolela Kgalalelo ya Modimo.” Le fa magodimo a mmatota a sa kgone go bua, a tlotlomatsa bogolo jwa Modimo mme a re thusa gore re anaanele thata tsela e a re tlhokomelang ka lorato ka yone. Seno se ile sa tlhalosiwa ka botlalo.—Isaia 40:26.

Boikanyego jwa Bakeresete ba boammaaruri bo gwetlhiwa ke go bogisiwa, go ganediwa, tlhotlheletso ya lefatshe, le tshekamelo ya go dira boleo. Ka jalo, bareetsi ba ne ba tlhoka go reetsa ka kelotlhoko puo e e reng “Tsamaya mo Tseleng ya Bothokgami.” Puo eno e ne ya tlotla ka temana nngwe le nngwe ya Pesalema 26 mme ga botsolodiwa Mosupi mongwe yo o sa ntseng a tsena sekolo yo o neng a ema a nitame kgatlhanong le boitsholo jo bo sa siamang le yo mongwe yo o neng a senya nako e ntsi mo boitlosobodutung jo bo belaetsang mme a kgonne go tsaya dikgato tsa go fenya bothata joo.

Puo ya setlhogo e e reng “Re Tlhotlhelediwa ke Diponatshegelo Tse di Galalelang Tsa Boporofeti!” e ne ya konela thulaganyo ya mo mosong. Sebui se ne sa umaka dikai tsa ga moporofeti Daniele, moaposetoloi Johane le moaposetoloi Petere ba tumelo ya bone e neng ya nonotshiwa ke diponatshegelo tse di galalelang tsa boporofeti tse di neng di bua ka go tlhomiwa ga Bogosi Jwa Modimo Jwa ga Mesia le tsela e bo neng bo tla busa ka yone. Fa sebui se ne se bua le bape fela ba ba ka tswang ba lebetse bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo, se ne sa re: “Re solofela gore batho ba ba ntseng jalo ba tla boa ba tlhoma mogopolo mo kgannyeng ya gore Keresete o teng tota ka kgalalelo ya Bogosi mme seo se tla ba thusa gore ba boe ba nonofe semoyeng.”

Thulaganyo ya thapama e ne ya simolola ka puo e e nang le setlhogo se se reng “Kgalalelo ya ga Jehofa e Senoletswe ba ba Ikokobeditseng.” Sebui se ne sa bontsha kafa Jehofa a tlhomang sekao sa boikokobetso ka teng, le fa e le Motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong. (Pesalema 18:35) Jehofa o rata ba ba ikokobeditseng tota, mme o gana ba ba bonalang ba ikokobeditse fela fa ba na le bankana ba bone kgotsa batho ba ba kwa godimo ga bone mme ba bo ba tshwara batho ba ba okametseng ka tsela e e makgwakgwa.—Pesalema 138:6.

Morago ga moo, go ne ga buiwa ka boporofeti jwa Baebele mo dipuong tsa neeletsano tse di neng di gatelela dikarolo tse di farologaneng tsa setlhogo seno se segolo: “Boporofeti Jwa ga Amose—Molaetsa wa Jone mo Motlheng wa Rona.” Fa sebui sa ntlha se bua ka sekao sa ga Amose, se ne sa re gakolola ka boikarabelo jo re nang le jone jwa go tlhagisa batho ka katlholo ya ga Jehofa e e tlang. Setlhogo sa puo ya gagwe se ne se re “Bua Lefoko la Modimo ka Bopelokgale.” Sebui sa bobedi se ne sa botsa potso e e reng: “A Jehofa o tla tsamaya a fedisa boikepo le go boga mo lefatsheng leno?” Setlhogo sa puo ya gagwe se se reng “Katlholo ya Modimo Kgatlhanong le Baikepi,” se ne sa bontsha gore katlholo ya Modimo ka metlha e a tshwanela, gore ga go na ope yo o ka e falolang, le gore ga e tlele mongwe le mongwe fela e sa tlhaole. Sebui sa bofelo sa dipuo tsa neeletsano se ne sa bua ka setlhogo se se reng “Jehofa o Tlhatlhoba Pelo.” Batho ba ba batlang go itumedisa Jehofa ba tla tsaya tsia mafoko a a mo go Amose 5:15 a a reng: “Tlhoang se se bosula, mme lo rate se se molemo.”

Bojalwa, jo bo jaaka beine e e itumedisang pelo, bo ka nna jwa dirisiwa ka tsela e e sa siamang. Mo puong ya gagwe e e reng “Tshaba Serai sa go Dirisa Bojalwa ka Tsela E e Sa Tshwanelang,” sebui se ne sa bontsha kafa go dirisa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang go ka nnang kotsi ka teng mo mmeleng le mo semoyeng, tota le fa motho a sa tagwe. O ne a bua ka molaometheo ono o o ka re kaelang: E re ka selekanyo se motho a kgonang go nwa bojalwa ka sone se farologana go ya ka motho, selekanyo le fa e le sefe se se ka senyang “bokgoni [jwa gago] jwa go akanya” se sentsi thata mo go wena.—Diane 3:21, 22.

E re ka re tshela mo dinakong tsa mathata, setlhogo se se latelang se se reng “Jehofa, ‘Kago ya Rona ya Phemelo mo Metlheng ya Matshwenyego,’” e ne e le se se gomotsang tota. Dilo tse di jaaka go rapela, moya o o boitshepo le Bakeresete ka rona, di ka re thusa go itshoka.

Puo ya bofelo mo letsatsing leo e e neng e na le setlhogo se se reng “‘Lefatshe le le Molemo’—Ponelopele ya Paradaise,” e ne ya konela ka sengwe se se itumedisang se rotlhe re neng re sa se lebelela—kgatiso e ntšha e e nang le dimmapa tse dintsi tsa Baebele! E na le setlhogo se se reng Bona Lefatshe le le Molemo.

Setlhogo sa Letsatsi la Bobedi: “Bolelang Kgalalelo ya Gagwe mo Ditšhabeng”

Fa go sena go sekasekiwa temana ya letsatsi, go ne ga neelwa karolo ya bobedi ya dipuo tsa neeletsano tsa kopano, tse di neng di na le setlhogo se se reng “Bonatsang Kgalalelo ya ga Jehofa Jaaka Diipone.” Puo ya ntlha e ne e bua ka setlhogo se se reng “Ka go Anamisa Dikgang Tse di Molemo Gongwe le Gongwe” mme ga dirwa le dipontsho tsa dilo tse di diragetseng mo tirelong ya tshimo. Mo puong ya bobedi go ne ga nna le pontsho ya loeto lwa go boela fa sebui se ne se tlotla ka setlhogo se se reng “Ka go Sirolola ba ba Foufetseng.” Karolo ya bofelo ya dipuo tseno tsa neeletsano e e neng e na le setlhogo se se reng “Ka go Dira Jalo ka Botlalo mo Bodireding Jwa Rona,” e ne ya nna e e kgatlhisang ka ntlha ya dipotsolotso tsa maitemogelo a tshimo.

Karolo e e latelang ya thulaganyo e ne e na le setlhogo se se reng “Ba Tlhoilwe Kwantle ga Lebaka.” E ne e na le dipotsolotso tse di kgothatsang tsa batho ba ba ikanyegang ba ka ntlha ya maatla a ba a filweng ke Modimo ba ileng ba kgona go nna ba ikanyega le fa ba ganediwa.

Karolo ya kopano e gantsi go lebeletsweng pele thata go e utlwa ke puo ya kolobetso e morago ga yone bayakolobetsong botlhe ba ba tshwanelegang ba nwediwang mo metsing. Go kolobediwa mo metsing go supa gore motho o ineetse ka botlalo mo go Jehofa. Ka jalo, setlhogo se se reng: “Go Tshelela Boineelo Jwa Rona go Galaletsa Modimo” se ne se tshwanela sentle.

Thulaganyo ya thapama e ne ya simolola ka puo e e neng e re rotloetsa gore re itlhatlhobe, e e neng e na le setlhogo se se reng “Nna le Pono ya ga Keresete ka go Nna yo Mogolo.” Sebui se ne sa tlhalosa ntlha eno e e kgatlhang: Motho a ka nna mogolo fa a etsa boikokobetso jwa ga Keresete. Ka jalo, Mokeresete ga a tshwanela go batla boikarabelo e le fela gore a nne le maemo mangwe. O tshwanetse go ipotsa gore ‘A ke iketleeleditse go dira ditiro tse di ka thusang ba bangwe tse di se kitlang di tlhokomelwa ka bonako?’

A o tle o ikutlwe o lapile? Rotlhe re a tle re ikutlwe jalo. Mongwe le mongwe o ne a anaanela puo e e reng “Ba Lapile Mme ga ba Ineele.” Basupi bangwe ba ba nang le nako e telele ba le mo boammaaruring ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bontsha gore Jehofa a ka dira gore re “thatafadiwe . . .ka moya wa gagwe.”—Baefeso 3:16.

Bopelotshweu ke nonofo e re sa belegweng re na le yone mme re tshwanetse go ithuta go nna le yone. Go ne ga gatelelwa ntlha eno e e botlhokwa mo puong e e reng “Abang ka Bopelontle, lo Iketleeletse go Abelana.” Go ne ga bodiwa potso eno e e dirang gore motho a akanye: “A re iketleeleditse go dirisa metsotso e se kae mo letsatsing re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng, ba ba lwalang, ba ba tshwenyegileng mo maikutlong le ba ba jewang ke bodutu?”

Setlhogo se se reng “Ikele Tlhoko mo ‘Lentsweng la Batswakwa’” se ne sa dira gore bareetsi ba reetse ka kelotlhoko. Puo eno e ne e tshwantsha balatedi ba ga Jesu le dinku tse di reetsang fela lentswe la gagwe jaaka “modisa yo o molemo” e bile e le ba ba sa reetseng “lentswe la batswakwa” la baemedi ba bantsi ba ba tlhotlhelediwang ke Diabolo.—Johane 10:5, 14, 27.

Khwaere e tshwanetse go opela mmogo gore pina ya yone e tle e utlwale sentle. Gore baobamedi ba boammaaruri mo lefatsheng lotlhe ba kgone go galaletsa Modimo, ba tshwanetse go utlwana. Ka jalo, puo e e reng “Galaletsang Modimo ‘Ka Molomo o le Mongwe’” e ne ya re ruta thuto e e molemo ya kafa re ka buang “puo [e le nngwe] e e itshekileng” le go direla Jehofa “[re le] seoposengwe” ka teng.—Sefania 3:9.

Batsadi, segolobogolo ba ba nang le bana ba bannye, ba ne ba itumelela thata puo ya bofelo ya letsatsi leo e e neng e re “Bana ba Rona—Boswa Jwa Rona jo bo Tlhwatlhwakgolo.” Go ne ga gololwa kgatiso e ntšha ya ditsebe di le 256, e le selo se se itumedisang se bareetsi ba neng ba sa se lebelela. Buka e e reng Ithute mo Morutising yo Mogolo ke buka e e tla thusang batsadi go ipha nako e e tla ba solegelang molemo ya go tlotla ka dilo tsa semoya le bana ba bone, ba e leng mpho e ba e filweng ke Modimo.

Setlhogo sa Letsatsi la Boraro: “Dirang Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo”

Kgakololo ya temana ya letsatsi e ne ya simolola letsatsi la bofelo la kopano ka dintlha tsa semoya. Karolo ya ntlha ya thulaganyo ya letsatsi leno e ne ya bua thata ka thulaganyo ya lelapa. Puo ya ntlha e e reng “Batsadi, Agang Malapa a Lona,” e ne ya goga kgatlhego ya bareetsi. Fa sebui se sena go sekaseka maikarabelo a batsadi a go tlamela malapa a bone ka dilo tsa senama, se ne sa bontsha gore boikarabelo jwa batsadi jo bo botlhokwa ke go tlhokomela bana ba bone semoyeng.

Sebui se se latelang se ne sa bua le bana mme sa bua ka setlhogo se se reng “Kafa Basha ba Galaletsang Jehofa ka Gone.” O ne a re basha ba tshwana le “marothodi a monyo” ka gonne ba bantsi e bile tlhoafalo ya bone ya bosha e a lapolosa. Bagolo ba itumelela go bereka le bone mo tirelong ya ga Jehofa. (Pesalema 110:3) Puo eno e ne e na le dipotsolotso tse di itumedisang tsa basha ba ba tlhomang sekao.

Diterama tsa motlha wa Baebele gantsi ke karolo e e kgatlhang thata ya dikopano tsa kgaolo, mme e ne e le teng le mo kopanong eno. Terama ya “Go Rera ka Bopelokgale Le fa Re Ganediwa” e ne e le kaga balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga. E ne e sa kgatlhe fela, mme se se botlhokwa le go feta, e ne e ruta. Puo e e neng e latela morago ga terama e e nang le setlhogo se se reng “Bolela Dikgang Tse di Molemo ‘O sa Kgaotse,’” e ne e gatelela dintlhakgolo tsa terama.

Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba lebeletse pele go utlwa puo e e tlhomologileng mo thulaganyong ya Sontaga, puo ya phatlalatsa, e e neng e na le setlhogo se se reng “Ke Bomang ba ba Galaletsang Modimo Gompieno?” Sebui se ne sa neela bosupi jwa kafa ba tsa saense le bodumedi ka kakaretso ba sa galaletseng Modimo ka teng. Ke batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe fela, ba ba rerang le go ruta ka ga Jehofa, ba tota ba galaletsang leina la gagwe gompieno.

Morago ga puo ya phatlalatsa go ne ga latela tshobokanyo ya thuto ya Tora ya Tebelo ya beke eo. Mme morago ga foo, ga latela puo ya bofelo e e reng “‘Nnang lo Ungwe Maungo a Mantsi’ Gore lo Galaletse Jehofa.” Sebui se ne sa bala maitlamo a le lesome a bareetsi ba neng ba tshwanetse go a amogela. Maitlamo ano a ne a tlhalosa ditsela tse di farologaneng tse Jehofa Mmopi a ka galalediwang ka tsone. Botlhe ba ba neng ba le teng mo dikopanong tseno mo lefatsheng lotlhe, ba ne ba arabela gongwe fela ba re “Ee.”

Kopano e ne ya konela ka setlhogo se se reng “Nayang Modimo Kgalalelo” se mongwe le mongwe yo o neng a le teng a neng a tlhomile mogopolo mo go sone. Mme e kete ka thuso ya moya wa ga Jehofa le ka phuthego ya gagwe e e bonalang, re ka leka ka dinako tsotlhe go naya Modimo kgalalelo e seng batho.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba

Dikopano tsa ditšhabatšhaba tsa malatsi a le manè di ne di tshwaretswe kwa Afrika, Asia, Australia, Yuropa, Amerika Bokone le Amerika Borwa. Go ne go laleditswe Basupi ba ba tlhophilweng go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe go tla dikopanong tseno. Ka tsela eno, baeng le batho ba ba ba amogetseng ba ne ba kgona go ‘kgothatsana.’ (Baroma 1:12) Ba ne ba tsosolosa botsala jwa bogologolo ba bo ba itirela ditsala tse dingwe gape tse disha. Sengwe se se kgethegileng mo dikopanong tseno tsa ditšhabatšhaba e ne e le puo e e neng e le mo thulaganyong e e neng e na le setlhogo se se reng “Dipego go Tswa Kwa Dinageng di Sele.”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Dikgatiso Tse Disha Tse di Galaletsang Modimo

Go ne ga gololwa dikgatiso tse pedi tse disha kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Nayang Modimo Kgalalelo.” Atlelase ya ditsebe tse 36 ya mafelo a Baebele ya Bona Lefatshe le le Molemo e na le khabara e e thata le dimmapa le ditshwantsho tsa mafelo a motlha wa Baebele. Tsebe nngwe le nngwe e na le ditshwantsho tsa mebala le dimmapa tsa mebusomegolo ya Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika le Roma. Go na le dimmapa tse di farologaneng tsa mafelo a Jesu a neng a dira bodiredi jwa gagwe mo go one le a Bokeresete bo ileng jwa anamela mo go one.

Ithute mo Morutising yo Mogolo ke buka ya ditsebe di le 256 e e nang le ditshwantsho di ka nna 230. Batsadi ba ka nna le dinako tse di itumedisang tse ba ka sekasekang buka eno le bana ba bone ka go leba fela ditshwantsho go bo go arabiwa dipotso tse di dirang gore bana ba akanye tse di mo bukeng eno. Kgatiso e ntšha eno e diretswe go lwantsha ditsela tse Satane a tlhaselang bana ka tsone le tse a ikaeletseng go senya boitsholo jwa bone ka tsone.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Barongwa ba ne ba anela maitemogelo a a nonotshang tumelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Kolobetso e ne e le karolo e e botlhokwa ya dikopano tsa “Nayang Modimo Kgalalelo”

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Diterama tsa Baebele di itumelelwa ke basha le bagolo