Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nngwe ya Ditiro Tse Dikgolo Tsa Boenjeniri”

“Nngwe ya Ditiro Tse Dikgolo Tsa Boenjeniri”

“Nngwe ya Ditiro Tse Dikgolo Tsa Boenjeniri”

FA TEMPELE ya ga Jehofa e ne e agiwa kwa Jerusalema ka nako ya puso ya ga Kgosi Solomone dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng, go ne ga agiwa mogopo o montle wa kopore mme wa bewa ka fa ntle ga kgoro ya tempele. O ne o le bokete jo bo fetang ditone di le 30 mme o kgona go rwala dilitara di le 40 000 tsa metsi. Mogopo ono o mogolo o ne o bidiwa lewatle le le thetsweng. (1 Dikgosi 7:23-26) Albert Zuidhof, yo e kileng ya nna mookamedi wa tsa botegeniki wa National Research Council ya kwa Canada, o akgela jaana mo makasineng wa Biblical Archeologist: “Ga go pelaelo gore eno e ne e le nngwe ya ditiro tse dikgolo thata tsa boenjeniri e e kileng ya dirwa mo setšhabeng sa Bahebera.”

Lewatle leno le ne le agilwe jang? Baebele ya re: “Kgosi e ne ya di thela [dilwana tsa kopore] mo seboping sa letsopa mo Kgaolong ya Joredane.” (1 Dikgosi 7:45, 46) Zuidhof a re: “Tiro eno ya go thela e tshwanetse ya bo e ne e tshwana le e e sa ntseng e dirisiwa go dira ditleloko tse dikgolo tsa boronse.” O tlhalosa jaana: “Seno se ne se akaretsa foromo ya beisene e e dirilweng ka bonota e e thetsweng mo seboping se se omileng sentle. . . . Fa seno se sena go dirwa, banna ba ba thelang ba ne ba tshwanetse go aga foromo ya kwa ntle mo godimo ga foromo e e dirilweng ka bonota ba bo ba e tlogela gore e ome. Dikgato tsa bofelo e ne e le go gakolosa bonota ba bo ba thela kopore e e gakologileng mo teng.”

Ka ntlha ya bogolo le boima jwa lewatle le le thetsweng, go le aga go ne go tlhoka botswerere jo bo bogolo. Karolo e e ka fa teng le e ka fa ntle ya foromo e ne e tshwanetse go kgona go emelana le bokete jwa ditone tse di ka nnang 30 tsa kopore e e gakolositsweng, mme kopore e ne e tshwanetse go thelwa kwantle ga go kgaotsa go thibela gore e se ka ya phanyega. Go ka direga gore seno se ne se tlhoka gore go nne le maubelo a a gokagantsweng go thela kopore e e gakolositsweng mo foromong. A bo e ne e le namane e tona ya tiro jang ne!

Mo thapelong ya ga Kgosi Solomone ya fa a ne a neela tempele, o ne a tlotla Jehofa Modimo ka ntlha ya tiro e kgolo eno ya mo tempeleng, a re: “O ne wa dira tsholofetso ka molomo wa gago, mme o e diragaditse ka seatla sa gago.”—1 Dikgosi 8:24.