Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Ikanya Ditsholofetso Tsa ga Mang?

O ka Ikanya Ditsholofetso Tsa ga Mang?

O ka Ikanya Ditsholofetso Tsa ga Mang?

“DITSHOLOFETSO tsa gagwe di ne di le maatla fela jaaka ene a ne a le maatla ka nako eo; mme se a neng a se dira e ne e se sepe, fela jaaka a se sepe gone jaanong.”—King Henry the Eighth ya ga William Shakespeare.

Ditsholofetso tse di maatla tse Shakespeare a buang ka tsone e ne e le tsa mokadinale wa Moesemane e bong Thomas Wolsey, yo o neng a na le maatla a magolo mo go tsa bopolotiki kwa Engelane mo lekgolong la bo16 la dingwaga. Bangwe ba ka nna ba re bontsi jwa ditsholofetso tse ba di utlwang gompieno di tshwanelwa ke tlhaloso ya ga Shakespeare. Gangwe le gape, batho ba solofediwa dilo tse dintsi mme ga di diragadiwe. Ka jalo, go motlhofo go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa batho ba sa tlhole ba ikanya ditsholofetso dipe.

Go Swabisiwa go Atile

Ka sekai, mo ntweng e e maswe e e neng e lowa kwa dinageng tsa Balkan ka bo1990, United Nations Security Council e ne ya bolela gore toropo ya kwa Bosnia ya Srebrenica ke “lefelo le le sireletsegileng.” Go ne go lebega polelo eo e ka ikanngwa ka gonne e ne e tswa mo lekgotleng la ditšhaba tse di farologaneng. Batshabi ba Mamoseleme ba le diketekete kwa Srebrenica ba ne ba akanya jalo. Le fa go ntse jalo, kgabagare tsholofetso ya lefelo le le sireletsegileng la botshabelo ga e a ka ya diragala. (Pesalema 146:3) Ka July 1995, masole a a neng a tlhasela a ne a tsaya marapo mo masoleng a United Nations mme a tlhasela toropo eo. Go ne ga nyelela Mamoseleme a feta 6 000 mme Mamoseleme a ka nna 1 200 a e seng masole a ne a bolawa.

Karolo nngwe le nngwe ya botshelo e tletse ka ditsholofetso tse di sa diragadiwang. Batho ba ikutlwa ba tsiediwa ka “papatso e ntsi ya maaka le e e timetsang” e ba e bonang ka bontsi gompieno. Ba swabisiwa ke “ditsholofetso tse batho ba dipolotiki ba di dirang ba bo ba sa di diragatse.” (The New Encyclopædia Britannica, Bolumo 15, tsebe 37) Baeteledipele ba bodumedi ba ba ikanngwang ba ba solofetsang gore ba tla tlhokomela matsomane a bone, ba a sotla ka tsela e e tsitsibanyang mmele. Le mo ditirong tse di tshwanang le tsa thuto le tsa kalafi—tse di tshwanetseng di ka bo di dirwa ka ntlha ya go utlwela ba bangwe botlhoko le go amega ka bone—bangwe ba ile ba swabisa batho ba ba neng ba ba ikanya mme ba ba tsietsa kgotsa le gone go bolaya batho ba ba neng ba ba tlhokometse. Ga go gakgamatse go bo Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra dumela lefoko lengwe le lengwe!—Diane 14:15.

Ditsholofetso Tse di Diragadiwang

Ee gone, batho ba bantsi ba diragatsa ditsholofetso tsa bone, ka dinako tse dingwe ba dira jalo ka gore bone ba latlhegelwe thata. (Pesalema 15:4) Ba itlama ka se ba se buang, mme ba a se diragatsa. Ba bangwe ka bopeloephepa ba batla go diragatsa ditsholofetso tse ba di dirang ba na le maikaelelo a a molemo tota. Ba iketleeditse e bile ba rata go dira se ba se solofeditseng mme fela ga ba kgone go dira jalo. Ba ka nna ba palelwa ke go diragatsa maikaelelo a bone a a molemo ka ntlha ya maemo mangwe.—Moreri 9:11.

Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, batho ba bantsi ba fitlhela go le thata go dumela ditsholofetso tsa motho ope. Ka jalo, potso ke gore: A go na le ditsholofetso tse re ka di ikanyang? Ee. Re ka ikanya ditsholofetso tse di mo Lefokong la Modimo, Baebele. Ke eng o sa bale se setlhogo se se latelang se se buang ka kgang eno? O ka nna wa swetsa ka gore ruri re ka ikanya ditsholofetso tsa Modimo, jaaka batho ba bantsi ba setse ba sweditse jalo.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

AP Photo/Amel Emric