Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Bopelonomi jo bo Lorato Jwa ga Jehofa le Tlhokomelo ya Gagwe

Go Bona Bopelonomi jo bo Lorato Jwa ga Jehofa le Tlhokomelo ya Gagwe

Kgang ya Botshelo

Go Bona Bopelonomi jo bo Lorato Jwa ga Jehofa le Tlhokomelo ya Gagwe

JAAKA GO BOLETSE FAY KING

Batsadi ba me e ne e le batho ba ba pelonomi mme jaaka batho ba bangwe ba bantsi, ba ne ba sa rate bodumedi. Mmè o ne a tle a re: “Go tshwanetse ga bo go na le Modimo, ka gonne fa go ne go sa nna jalo, ke mang yo o ka tswang a dirile dithunya le ditlhare?” Mme o ne a felela foo.

RRE o ne a tlhokafala ka 1939 fa ke ne ke le dingwaga di le 11, mme ke ne ke nna le mmè kwa Stockport, ka kwa borwa jwa Manchester, kwa Engelane. Ke ne ke sa bolo go batla go itse mo go oketsegileng ka Mmopi mme ke ne ke tlotla Baebele, le fa ke ne ke sa itse sepe ka yone. Ka jalo ke ne ka swetsa ka gore ke etele Kereke ya Engelane go ya go bona gore ba tla nthuta eng.

Dithero tsa bone di ne di sa nthuse ka sepe, mme fa go ne go balwa Diefangele, mafoko a ga Jesu a ne a ntlhomamisetsa ka tsela nngwe gore Baebele e tshwanetse ya bo e le boammaaruri. Fa ke akanya ka gone, go a gakgamatsa go bo ke ile ka se ka ka ipalela Baebele ka bonna. Tota le moragonyana, fa tsala nngwe ya lelapa la gaetsho e ne e nnaya “Tesetamente e Ntšha” ka thanolo ya bosheng, ke ne ka se ka ka ipha nako ya go e bala.

Go runya ga ntwa ya Korea ka 1950 go ne ga dira gore ke akanye. A ntwa eno e ne e tla anama jaaka go ne go ntse ka Ntwa ya Lefatshe II? Fa e ne e ka anama, ke ne ke tla diragatsa jang taelo ya ga Jesu ya gore ke rate baba ba me? Mme le fa go ntse jalo, a ke ne ke tla nna fela ke phuthile mabogo batho ba tlhasela naga ya gaetsho mme ke sa dire sepe go ba emisa? Fa ke ne nka dira jalo, tota ke ne ke tla bo ke itlhokomolosa boikarabelo jwa me. Le fa ke ne ke tlhakane tlhogo jalo, ke ne ke tlhomamisegile gore ke tla bona dikarabo tsa dipotso tsa me tsotlhe mo Baebeleng, le fa ke ne ke sa itse gore ke tla di bona jang le gone kae.

Go Batla Boammaaruri Kwa Australia

Ka 1954, nna le mmè re ne ra swetsa ka gore re fudugele kwa Australia, kwa nkgonne Jean a neng a nna gone. Dingwaga di se kae moragonyana, Jean o ne a mpolelela gore o ne a kopile Basupi ba ga Jehofa gore ba nketele ka gonne o ne a itse gore ke kgatlhegela Baebele le gore ke ne ke tsena kereke. O ne a batla go itse gore ke akanya eng ka bone. O ne a bolela jaana a tlhalosa kafa ene a ikutlwang ka teng: “Ga ke itse gore a ditlhaloso tsa bone di siame kgotsa jang, mme gone ba na le sengwe se ba ka se tlhalosang botoka go gaisa dikereke tse dingwe.”

Banyalani ba ba neng ba nketela e bong Bill le Linda Schneider, ba ne ba le botsalano tota. Ba ne ba le mo dingwageng tsa bone tsa bo60 mme ba ne ba setse ba na le dingwaga di le dintsi e le Basupi. Ba kile ba bereka mo seteisheneng sa radio se go neng go bereke Basupi ba ga Jehofa mo go sone kwa Adelaide, mme fa tiro ya go rera e ne e thibelwa kwa Australia ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ba ne ba ikwadisetsa go nna bareri ba nako e e tletseng. Le fa gone Bill le Linda ba ne ba nthusa thata, ke ne ke sa ntse ke tlhatlhoba madumedi a mangwe.

Mongwe wa badirimmogo le nna o ne a nkisa kwa kokoanong nngwe ya moefangedi mongwe yo o bidiwang Billy Graham, mme morago ga moo bangwe ba rona ba ne ba kopana le moruti mongwe yo o neng a re letla go botsa dipotso. Ke ne ka botsa potso eno e e neng e sa ntse e ntshwenya: “O ka nna jang Mokeresete yo o ratang baba ba gagwe fa kafa letlhakoreng le lengwe o ya go ba bolaya kwa ntweng?” Setlhopha sotlhe se ne sa tsosa modumo o mogolo se batla go itse—go bonala potso eo e ne e ba tshwenya botlhe! Kgabagare moruti o ne a re: “Ga ke itse karabo. Ke sa ntse ke akanya ka gone.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, ke ne ke ntse ke ithuta Baebele le Bill le Linda mme ka September 1958, ke ne ka kolobediwa. Ke ne ka swetsa ka gore ke latele sekao sa batho ba ba neng ba nthuta, ka jalo ke ne ka ikwadisa go nna mmulatsela wa ka metlha, e leng moreri wa nako e e tletseng, ka August wa ngwaga o o latelang. Dikgwedi di le robedi morago ga moo, ke ne ka lalediwa go nna mongwe wa babulatsela ba ba kgethegileng. A bo ke ne ka itumela jang ne fa ke utlwa gore nkgonne, e bong Jean o ne a gatetse pele ka go ithuta e bile a kolobeditswe!

Ke ne Ka Bulegelwa ke Sebaka sa go Tsena mo Tirelong

Ke ne ke kopanela mo go nngwe ya diphuthego tsa kwa Sydney mme ke tshwara dithuto di le mmalwa tsa Baebele. Ka letsatsi lengwe ke ne ka kopana le moruti mongwe wa Kereke ya Engelane yo o tlogetseng tiro mme ka mmotsa gore kereke ya reng ka bokhutlo jwa lefatshe. Le fa a ne a mpolelela gore o ne a nnile moruti ka dingwaga di le 50, karabo eno ya gagwe e ne ya nkgakgamatsa: “Ke tla tshwanelwa ke go ipha nako go dira patlisiso ka gonne ga ke itse Baebele sentle jaaka Basupi ba ga Jehofa ba e itse.”

Ka bonako morago ga foo, go ne ga kopiwa baithaopi ba ba tla yang go direla kwa Pakistan. Ke ne ka ikwadisa, ke sa lemoge gore ga go romelwe basadi ba ba sa nyalwang koo, go romelwa fela banna ba ba sa nyalang le banyalani. Go bonala lekwalo la me le ile la romelwa kwa ntlokgolo ya rona ya Brooklyn ka gonne go ise go ye kae, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le nkitsise gore fa ke rata, nka nna ka ya go direla kwa Bombay (e gone jaanong e bidiwang Mumbai), kwa India. E ne e le ka 1962. Ke ne ka ya mme ka nna kwa Bombay dikgwedi di le 18 pele ke fudugela kwa Allahabad.

Go ise go ye kae, ke ne ka ikemisetsa go ithuta Se-Hindi. Puo eno ya Se-India ke puo e e tlhomameng mo mokgweng o e kwalwang ka one le tsela e mafoko a teng a bidiwang ka yone, ka jalo ga go thata go le kalo go e ithuta. Le fa go ntse jalo, gantsi go ne go kgoba marapo fa beng ba matlo ba ne ba nkopa gore ke bue Seesemane go na le gore ke leke go bua puo ya bone! Mme naga e ntšha eno e ne e na le dilo tse dintsi tse di kgatlhang le tse di gwetlhang mme ke ne ke itumelela go kopanela le Basupi kwa Australia.

Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, ke ne ke a tle ke akanye ka lenyalo, mme fa ke setse ke kolobeditswe, ke ne ke sa kgone go akanya thata ka gone ka gonne ke ne ke tshwaregile thata ka go direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke ne ke simolotse gape go ikutlwa ke tlhoka molekane mo botshelong. Mme gone, ke ne ke sa batle go tlogela kabelo ya me ya kwa nageng e sele, ka jalo, ke ne ka rapela Jehofa ka gone mme ka lebala.

Masego a ke Neng Ke sa A Lebelela

Edwin Skinner o ne a okametse tiro kwa lekaleng la India ka nako eo. E ne e le moalogi wa tlelase ya borobedi ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ka 1946 ene le bakaulengwe ba bangwe ba bantsi ba ba ikanyegang, go akaretsa le Harold King le Stanley Jones, ba ba neng ba abetswe go ya go direla kwa China. * Ka 1958, Harold le Stanley ba ne tswalelwa mo kgolegelong mongwe le mongwe a le esi, ka ntlha ya tiro ya bone ya go rera kwa Shanghai. Fa Harold a gololwa ka 1963, Edwin o ne a mo kwalela. Harold o ne a araba lekwalo leo fa a sena go boela kwa Hong Kong morago ga maeto a gagwe a kwa United States le Boritane mme a mmolelela gore o batla go nyala. O ne a bolelela Edwin gore o ne a ntse a rapela ka kgang eno fa a ne a le kwa kgolegelong mme a botsa Edwin gore a ga a itse Mosupi mongwe yo e ka nnang mosadi wa gagwe.

Kwa India, bontsi jwa manyalo a teng ke a motho a batlelwang molekane mo go one mme Edwin o ne a tlhola a kopiwa go batlela batho balekane mme gantsi o ne a sa batle go dira jalo. Ka jalo, o ne a fetisetsa lekwalo la ga Harold kwa go Ruth McKay, yo monna wa gagwe e bong Homer, e neng e le molebedi yo o etang. Kgabagare, Ruth o ne a nkwalela mme a mpolelela gore morongwa mongwe yo o ntseng a le mo boammaaruring ka dingwaga di le dintsi o ne a batla mosadi, mme o ne a mpotsa gore a nka rata go mo kwalela. Ga a ka a mpolelela gore mokaulengwe yono ke mang kgotsa go mpha lesedinyana lepe fela ka ene.

Ga go na ope yo o neng a itse gore nkile ka rapelela go nna le molekane fa e se Jehofa fela, mme la ntlha ke ne ke sa dumalane le kgopolo eno ya go batlelwa molekane. Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke nnela go akanya ka gone, ke ne ka swetsa gore ga se gantsi Jehofa a arabang dithapelo tsa rona ka tsela e rona re akanyang gore o tla dira ka yone. Ka jalo, ke ne ka araba lekwalo la ga Ruth mme ka mmolelela gore fa fela ke sa patelesege go nyalana le mokaulengwe yoo, a ka nna a mo kopa gore a nkwalele. Lekwalo la bobedi le le neng le tswa kwa go Harold King le ne la tla kwa go nna ka tlhamalalo.

Ditshwantsho tsa ga Harold le dikgang tse di amanang le ene di ne di kile tsa tlhaga mo makwalodikgannyeng le mo dimakasineng tse di farologaneng fa a sena go gololwa kwa kgolegelong kwa China. Ka nako eno, o ne a itsege thata go ralala lefatshe mme nna ke ne ke kgatlhwa ke go dira ga gagwe ka boikanyegi lobaka lo loleele mo ditirong tsa puso ya Modimo. Re ne ra kwalelana ka dikgwedi di le tlhano mme morago ga foo, ke ne ka ya Hong Kong. Re ne ra nyalana ka October 5, 1965.

Ka bobedi jwa rona re ne re batla go nyala le go tswelela pele ka tirelo ya nako e e tletseng, mme fa re ntse re gola, mongwe le mongwe wa rona o ne a na le maikutlo a a boteng a go batla go nna le molekane. Lorato lwa me mo go Harold lo ne lwa gola, mme fa ke ntse ke bona tsela e e bonolo le e e supang go akanyetsa e a neng a dirisana le batho ba bangwe ka yone le kafa a neng a rarabolola mathata a a neng a tlhaga mo tirelong ya rona ka teng, ke ne ka simolola go mo tlotla thata. Re nnile le dingwaga tse 27 tse di itumedisang mo lenyalong la rona mme ra amogela masego a le mantsi a a tswang kwa go Jehofa.

Ba-China ke batho ba ba dirang ka natla mme ke ba rata thata. Se-Canton, ke puo e e buiwang kwa Hong Kong e e nang le digalo tse dintsi go gaisa Se-Mandarin, ka gone ga go motlhofo go e ithuta. Nna le Harold re ne ra simolola botshelo jwa rona jwa lenyalo kwa legaeng la barongwa kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa mme morago ga foo ra nna le dikabelo mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga eo. Ee, re ne re itumetse thata, mme ka 1976, ke ne ka simolola go lwala thata.

Go Itshokela Bolwetse

Ke ne ke ntse ke dutla madi ka dikgwedi di le mmalwa, mme madi a me a ne a fokotsegile thata. Ke ne ke tlhoka go ariwa, mme dingaka kwa bookelong di ne tsa mpolelela gore ba ka se ka tsa nkara kwantle ga madi ka gonne fa ba ka dira jalo, ke ne ke tla swa ka gonne madi a me a sa elele sentle mo mmeleng. Ka letsatsi lengwe fa dingaka di ne di bua ka bothata jwa me, baoki ba ne ba leka go dira gore ke fetole mogopolo wa me, ba re ga go tlhokege gore ke swe. Go ne go na le dikaro di le 12 tse go neng go rulagantswe gore di dirwe ka letsatsi leo, di le 10 tsa tsone e ne le tsa go senya mpa, mme ke ne ke lemogile gore go ne go sa buiwe sepe ka basadi ba ba imileng ba ba batlang go bolaya masea a bone.

Kgabagare, Harold o ne a kwala lekwalo le le neng le tlhalosa gore e tla bo e se molato wa bookelo fa nka swa, mme dingaka di ne tsa dumela go dira karo e ke neng ke e tlhoka. Ke ne ka isiwa kwa phaposing e go ariwang mo go yone mme ka baakanyetswa go tlhabiwa lomao lo lo idibatsang. Le fa go ntse jalo, mo motsotsong wa bofelo, ngaka ya melemo e e idibatsang e ne ya gana go ntlhaba lomao, mme ka tshwanelwa ke go ntshiwa mo bookelong.

Morago ga foo re ne ra ya go kopa thuso kwa ngakeng e e iperekang ya malwetse a basadi. E re ka a ne a lemoga gore boemo jwa me bo maswe thata, o ne a ithaopa go nkara ka tlhwatlhwa e e kwa tlase—fa fela re ne re se kitla re bolelela ope gore o re duedisitse bokae. Karo ya gagwe e ne ya atlega—a sa dirise madi gotlhelele. Nna le Harold re ne ra bona bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa le tsela e a re tlhokomelang ka yone segolobogolo ka nako eno.

Ka 1992, Harold o ne a lwalela la go swa. Re ne ra fudugela kwa ofising ya lekala mme ka bobedi jwa rona re ne ra fiwa tlhokomelo e e lorato. Monna wa me yo o rategang o ne a fetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 1993 a le dingwaga di le 81.

Go Boela Kwa Engelane

Ke ne ke itumelela go nna leloko la lelapa la Bethele kwa Hong Kong, mme go ne go se motlhofo go emelana le mogote le moya wa teng o o bongola. Go ne ga tla lekwalo le ke neng ke sa le lebelela le tswa kwa ntlokgolo ya Brooklyn, le botsa gore a nka rata go fudugela kwa lekaleng le le nang le lefelo le le botoka la kalafi ka ntlha ya botsogo jwa me. Ka jalo, ka ngwaga wa 2000, ke ne ka boela kwa Engelane mme ka nna le lelapa la Bethele la kwa Lontone. A bo seno e ne e le thulaganyo e e molemo jang ne! Ke ne ka amogelwa ka lorato mme ke itumelela ditiro tse di farologaneng tse ke di dirang fano, tse di jaaka go thusa go tlhokomela laeborari ya lelapa la Bethele e e nang le dibuka di le 2 000.

Gape ke kopanela le phuthego ya Se-China e e kopanelang kwa Lontone, mme le fa go ntse jalo, dilo di fetogile. Gompieno, ga go na batho ba le bantsi ba ba tswang kwa Hong Kong ba ba tlang mono, mme go na le moo, ke ba ba tswang kwa China. Ba bua Se-Mandarin, mme seo se dira gore ke nne le bothata jo bongwe mo tirong ya go rera. Go na le dipego tse di tswang mo nageng yotlhe tsa dithuto tse dintsi tsa Baebele tse di kgatlhang tse di tshwarwang le baithuti ba ba setseng ba alogile kwa kholetšheng ba ba tswang kwa China. Ba dira ka natla mme ba anaanela boammaaruri jwa Baebele jo ba bo ithutang. Go monate go ba thusa.

Fa ke le nosi mo phaposing ya me, gantsi ke akanya ka botshelo jwa me jo bo itumedisang le go nna ke anaanela bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa. Bo bonala mo dilong tsotlhe tse di amanang le maikaelelo a gagwe mme tsela e a tlhokomelang mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe ka yone e bonala sentle thata. Ke na le lebaka la go mo leboga ka ntlha ya tsela e a ntlhokomelang ka yone.—1 Petere 5:6, 7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Dikgang tsa botshelo tsa barongwa ba babedi bano di tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 1963, tsebe 437-42 le wa December 15, 1965, tsebe 756-67 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Go direla kwa India

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Harold King ka 1963 le ka nako ya fa a ne a direla kwa China ka bo1950

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ka letsatsi la rona la lenyalo kwa Hong Kong, ka October 5, 1965

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Re na le maloko mangwe a lelapa la Bethele la kwa Hong Kong, ba ga Liangs fa gare le ba ga Gannaway kafa mojeng