Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o re Tlamela ka Dilo Tsa Letsatsi le Letsatsi Tse re di Tlhokang

Jehofa o re Tlamela ka Dilo Tsa Letsatsi le Letsatsi Tse re di Tlhokang

Jehofa o re Tlamela ka Dilo Tsa Letsatsi le Letsatsi Tse re di Tlhokang

“Tlogelang go akgega ka tlhobaelo; gonne . . . Rraalona o a itse gore lo tlhoka dilo tseno.”—LUKE 12:29, 30.

1. Jehofa o tlamela diphologolo jang?

A O KILE wa bona thaga kana nonyane nngwe fela e selasela dijo mo go se go bonalang e le mmu fela o o se nang sepe? O ka tswa o ile wa ipotsa gore e ka bona eng sa go ja mo mmung oo. Mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ne a bontsha gore re ka ithuta sengwe go tswa mo tseleng e Jehofa a tlamelang dinonyane ka yone. O ne a re: “Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo, ka gonne ga di jale peo le gone ga di robe le gone ga di phuthele mo matlong a polokelo; le fa go ntse jalo Rraalona wa selegodimo o a di fepa. A ga lo botlhokwa go feta tsone?” (Mathaio 6:26) Jehofa o tlamela dibopiwa tsa gagwe ka dijo ka ditsela tse di gakgamatsang.—Pesalema 104:14, 21; 147:9.

2, 3. Re ka ithuta dithuto dife tsa semoya mo kgannyeng ya gore Jesu o ne a re ruta go rapelela senkgwe sa rona sa letsatsi le letsatsi?

2 Mme gone, ke eng fa Jesu a ile a akaretsa kopo eno mo thapelong ya gagwe ya sekao: “Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi”? (Mathaio 6:11) Re ka ithuta dithuto tse di botlhokwa thata tsa semoya mo kopong eno e e sa reng sepe. Sa ntlha, e re gopotsa gore Jehofa ke Motlamedi yo Mogolo. (Pesalema 145:15, 16) Batho ba ka lema le go jala mme ke Modimo fela yo o ka dirang gore dilo di tlhoge ka tsela ya semoya le ya mmatota. (1 Bakorintha 3:7) Dilo tse re di jang le tse re di nwang ke mpho e e tswang kwa Modimong. (Ditiro 14:17) Fa re mo kopa gore a re tlamele ka dilo tsa letsatsi le letsatsi tse re di tlhokang, seo se mmontsha gore re anaanela dilo tseno. Ke boammaaruri gore, kopo e e ntseng jalo ga se gore e re rola boikarabelo jwa go bereka fa re tshwanelwa ke go dira jalo.—Baefeso 4:28; 2 Bathesalonika 3:10.

3 Sa bobedi, go kopa “senkgwe sa rona sa letsatsi” go bontsha gore ga re a tshwanela go tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka isagwe. Jesu o ne a tlhalosa seno go ya pele ka go re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa. Jalo, lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.” (Mathaio 6:31-34) Go rapelela ‘senkgwe sa letsatsi’ go re kgothaletsa go tshela botshelo jo bo sa raraanang jwa ‘boineelo jwa bomodimo mmogo le go kgotsofala.’—1 Timotheo 6:6-8, Mokwalo o o kwa tlase mo NW.

Dijo Tsa Semoya Letsatsi le Letsatsi

4. Ke ditiragalo dife mo botshelong jwa ga Jesu le jwa Baiseraele tse di neng di gatelela botlhokwa jwa go ikotla ka dijo tsa semoya?

4 Go rapelela ga rona senkgwe sa letsatsi le letsatsi go tshwanetse ga re gakolola le gore re tlhoka dijo tsa semoya letsatsi le letsatsi. Le mororo Jesu a ne a bolailwe ke tlala morago ga go fetsa lobaka lo loleele a itima dijo, o ne a gana go ineelela thaelo ya ga Satane ya gore a fetole maje senkgwe, ka go re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.’” (Mathaio 4:4) Jesu fano o ne a nopola mafoko a ga moporofeti Moshe, yo o neng a raya Baiseraele a re: “[Jehofa] o ne a go kokobetsa a ba a dira gore o tshwarwe ke tlala mme a go fepa ka mana, a o neng o sa a itse le fa e le borrago ba neng ba sa a itse; go dira gore o itse gore motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi mme o tshela ka lefoko lengwe le lengwe la molomo wa ga Jehofa.” (Duteronome 8:3) Tsela e Jehofa a neng a tlamela Baiseraele ka mana ka yone e ne e sa ba fepe fela ka dijo tsa nama mme gape e ne e ba ruta dithuto tsa semoya. Nngwe ya dithuto tseo ke gore, mongwe le mongwe wa bone o ne a tshwanelwa ke go “itshelela selekanyo sa gagwe sa letsatsi leo.” Fa ba ne ba ka sela selekanyo se sentsi thata, dijo tse di setseng di ne di simolola go nkga le go nyeuma diboko. (Ekesodo 16:4, 20) Le fa go ntse jalo, go ne go sa nne jalo mo letsatsing la borataro le mo go lone ba neng ba tshwanelwa ke go itshelela selekanyo sa letsatsi se se gabedi se se neng se tla ba lekana go fitlha ka Sabata. (Ekesodo 16:5, 23, 24) Ka gone, mana a ne a gatelela mo mogopolong wa bone gore ba ne ba tshwanetse go nna kutlo le gore botshelo jwa bone bo ne bo sa ikaega fela ka senkgwe go na le moo bo ne bo ikaegile le ka go reetsa “lefoko lengwe le lengwe la molomo wa ga Jehofa.”

5. Jehofa o re tlamela jang ka dijo tsa semoya letsatsi le letsatsi?

5 Le rona re tshwanetse go ikotla letsatsi le letsatsi ka dijo tsa semoya tse re di abelwang ke Jehofa ka Morwawe. Gore re abelwe dijo tseno, Jesu o tlhomile “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go tlamela ba ntlo ya tumelo ka “dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:45) Ga se fela gore setlhopha seo se se ikanyegang se re tlamela ka letlepu la dijo tsa semoya ka dikgatiso tsa Baebele mme gape se re kgothaletsa go bala Baebele letsatsi le letsatsi. (Joshua 1:8; Pesalema 1:1-3) Jaaka Jesu, le rona re ka nonotshiwa semoyeng ke go leka ka natla go ithuta ka thato ya ga Jehofa letsatsi le letsatsi le go e dira.—Johane 4:34.

Go Itshwarelwa Maleo

6. Ke melato efe e re tshwanetseng go kopa gore re e itshwarelwe, mme Jehofa o iketleeleditse go e phimola fela fa re dira eng?

6 Kopo e e latelang mo thapelong ya sekao ke e e reng: “Re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.” (Mathaio 6:12) Fano Jesu o ne a sa bue ka melato e e amanang le go kolota motho madi. O ne a bua ka go itshwarelwa maleo. Mo pegong ya ga Luke ya thapelo ya sekao, kopo eno e balega jaana: “Re itshwarele maleo a rona, gonne le rona ka borona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona.” (Luke 11:4) Ka gone, fa re leofa, go nna jaaka e kete re nna le molato wa sekoloto mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, Modimo wa rona yo o lorato o iketleeleditse go ‘phimola,’ kana go tlosa sekoloto seo fa re ikwatlhaya ka pelo yotlhe, re ‘sokologa,’ le go mo kopa gore a re itshwarele mo motheong wa setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete.—Ditiro 3:19; 10:43; 1 Timotheo 2:5, 6.

7. Ke eng fa re tshwanetse go kopa gore re itshwarelwe maleo letsatsi le letsatsi?

7 Kafa letlhakoreng le lengwe, re a leofa fa re palelwa ke go tshela go ya ka melaometheo ya ga Jehofa e e siameng. Ka ntlha ya boleo jo re tsholwang re na le jone, rotlhe re leofa ka puo, ka ditiro, le ka mogopolo kana ga re dire dilo tse re tshwanetseng go di dira. (Moreri 7:20; Baroma 3:23; Jakobe 3:2; 4:17) Ka gone, e ka ne re lemogile gore re leofile mo letsatsing lengwe kana nnyaa, re tshwanetse go akaretsa kopo ya gore re itshwarelwe maleo mo dithapelong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi.—Pesalema 19:12; 40:12.

8. Go rapelela ga rona gore re itshwarelwe maleo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira eng, mme seo se tla re solegela molemo jang?

8 Fa motho a rapelela gore a itshwarelwe boleo, o tshwanetse gore a itshekatsheke ka boikanyegi, a ikwatlhaye le go ipolela boleo jwa gagwe, a dira jalo a dumela gore madi a a tsholotsweng a ga Keresete a ka kgona go mo golola. (1 Johane 1:7-9) Fa re kopa maitshwarelo, re tshwanetse ra bontsha gore re tlhoafetse ka se re se rapelelang ka go dira “ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao.” (Ditiro 26:20) Fa re dira jalo ke gone re ka solofelang gore Jehofa o tla re itshwarela maleo. (Pesalema 86:5; 103:8-14) Seno se felela ka gore re nne le thetebalo ya maikutlo, “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe,” e e tla ‘disang dipelo tsa rona le maatla a rona a mogopolo ka Keresete Jesu.’ (Bafilipi 4:7) Le fa go ntse jalo, thapelo ya sekao ya ga Jesu e re ruta go le gontsi ka se re tshwanetseng go se dira gore re itshwarelwe maleo.

Re Tshwanetse go Itshwarela Gore re Itshwarelwe

9, 10. (a) Ke mafoko afe a Jesu a neng a oketsa ka one mo thapelong ya sekao, mme seno se ne se gatelela eng? (b) Jesu o ne a gatelela jang gape botlhokwa jwa go itshwarela ba bangwe?

9 Sengwe se se kgatlhang ke gore, kopo e e reng re “itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona” ke yone fela e Jesu a ileng a tlhalosa sengwe ka yone mo mafokong otlhe a thapelo ya sekao. Fa a sena go wetsa thapelo eno, o ne a oketsa ka go re: “Fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraalona wa selegodimo le ene o tla lo itshwarela; mme fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, le Rraalona ga a na go itshwarela ditlolo tsa lona.” (Mathaio 6:14, 15) Ka gone, Jesu o ile a tlhalosa ka tlhamalalo gore Jehofa a ka re itshwarela fa fela e le gore le rona re iketleeleditse go itshwarela batho ba bangwe.—Mareko 11:25.

10 Nako nngwe Jesu o ile a dira setshwantsho se se bontshang botlhokwa jwa go itshwarela batho ba bangwe fa re batla gore le rona Jehofa a re itshwarele. O ne a bua ka kgosi nngwe e ka bopelotshweu e neng ya phimola molato o mogolo o motlhanka wa yone a neng a o e kolota. Moragonyana kgosi eno e ne ya otlhaya monna yono ka kotlhao e kgolo fa a sena go gana go phimola molato o o neng o le monnye thata wa motlhanka ka ene. Jesu o ne a konela setshwantsho sa gagwe ka go re: “Rre wa selegodimo o tla dirisana le lona ka mokgwa o o tshwanang fa lo sa itshwarele mongwe le mongwe morwarraagwe go tswa mo dipelong tsa lona.” (Mathaio 18:23-35) Thuto e re ithutang yone mo setshwantshong seno e bonala sentle: Molato wa boleo o Jehofa a o itshwaretseng mongwe le mongwe wa rona o mogolo thata go feta molato ope fela o motho ope a ka re direlang one. Mo godimo ga moo, Jehofa o re itshwarela letsatsi le letsatsi. Ka gone, re tshwanetse go itshwarela batho ba bangwe diphoso tse ba a tleng ba re direle tsone ka nako nngwe.

11. Ke kgakololo efe e re e newang ke moaposetoloi Paulo e re tla e sekegelang tsebe fa re batla gore Jehofa a re itshwarele, mme seo se tla nna le matswela afe?

11 Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.” (Baefeso 4:32) Go itshwarelana go dira gore Bakeresete ba nne le kagiso. Paulo o ne a tswelela a kgothatsa jaana: “Jaaka ba ba tlhophilweng ba Modimo, ba ba boitshepo le ba ba ratwang, aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:12-14) Seno sotlhe se a akarediwa mo mafokong ano a thapelo e Jesu a neng a re ruta go e rapela: “Re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.”

Go Sirelediwa fa re Lekwa

12, 13. (a) Kopo e e tlang pele ga ya bofelo mo thapelong ya sekao e ka se ka ya bo e kaya eng? (b) Moraedi yo mogolo ke mang, mme re a bo re kaya eng fa re rapelela gore re se ka ra tsenngwa mo thaelong?

12 Kopo e e latelang mo thapelong ya sekao ya ga Jesu ke: “O se ka wa re tsenya mo thaelong.” (Mathaio 6:13) A Jesu o ne a kaya gore re kope Jehofa gore a se ka a re raela? Go ka se ka ga nna jalo ka gonne morutwa Jakobe o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Mo godimo ga moo, mopesalema o ile a re: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pesalema 130:3) Jehofa ga a nne a letetse go bona diphoso tsa rona, e bile ga a leke go re raela. Ka jalo, mafoko ano a thapelo ya sekao a kaya eng?

13 Motho yo o lekang go re raela, yo o lekang go re diga ka maano a a boferefere, le e leng go re kometsa ke Satane Diabolo. (Baefeso 6:11) Ke Moraedi yo mogolo. (1 Bathesalonika 3:5) Fa re rapelela gore re se ka ra tsenngwa mo thaelong, re a bo re kopa Jehofa gore a se ka a letla gore re we fa re lekwa. Re mo kopa gore a re thuse gore re se ka ra “tsiediwa ke Satane,” gore re se ka ra ineelela dithaelo. (2 Bakorintha 2:11) Re rapelela gore re nne re le “mo lefelong la sephiri la Mogodimodimo,” moo re bonang tshireletso ya semoya teng e e solofediwang batho ba ba tsayang bolaodi jwa ga Jehofa tsia mo go sengwe le sengwe se ba se dirang.—Pesalema 91:1-3.

14. Moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa jang gore Jehofa ga a kitla a re latlha fa re senka thuso mo go ene fa re lekwa?

14 Re ka tlhomamisega gore Jehofa a ka se ka a re latlha le ka motlha fa e le gore seo ke se re se eletsang ka pelo yotlhe mme re se umaka mo dithapelong tsa rona le go se bontsha ka ditiro. Moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa jaana: “Ga go thaelo epe e e lo wetseng fa e se e e tlwaelegileng mo bathong. Mme Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.”—1 Bakorintha 10:13.

“Re Golole Mo go Yo o Boikepo”

15. Ke eng fa go le botlhokwa go feta le fa e le leng pele go rapelela gore re gololwe mo go yo o boikepo?

15 Go ya ka mekwalo e e ikanyegang go gaisa yotlhe ya Dikwalo Tsa Segerika Tsa Bokeresete, Jesu o konela thapelo ya gagwe ya sekao ka mafoko ano: “Re golole mo go yo o boikepo.” * (Mathaio 6:13) Go botlhokwa le e leng go feta gore re sirelediwe mo go Diabolo mo nakong eno ya bofelo. Satane le badimona ba gagwe ba lwa le masalela a batlodiwa le ditsala tsa bone tsa “boidiidi jo bogolo,” “ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 7:9; 12:9, 17) Moaposetoloi Petere o ile a gakolola Bakeresete jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe. Mme ganetsanang le ene, lo nonofile mo tumelong.” (1 Petere 5:8, 9) Satane o batla go emisa tiro ya rona ya go rera, mme ka go dirisa baemedi ba gagwe ba batho mono lefatsheng—ba bodumedi, ba tsa kgwebo, kana ba dipolotiki—o leka go re tshosetsa. Le fa go ntse jalo, fa re ema re nitame, Jehofa o tla re golola. Morutwa Jakobe o ile a kwala jaana: “Ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”—Jakobe 4:7.

16. Jehofa o dirisa dilo dife go thusa batlhanka ba gagwe ba ba lebaneng le diteko?

16 Jehofa o ne a letla gore Morwawe a lekwe. Mme morago ga gore Jesu a ganetse Diabolo ka go dirisa Lefoko la Modimo go itshireletsa, Jehofa o ne a romela baengele go mo nonotsha. (Mathaio 4:1-11) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o dirisa baengele ba gagwe go re thusa fa re rapela re na le tumelo le fa re mo dira botshabelo jwa rona. (Pesalema 34:7; 91:9-11) Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe.”—2 Petere 2:9.

Re Tla Tloga re Gololwa ka Botlalo

17. Mo thapelong ya sekao, Jesu o ne a dira jang gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone di tlang pele?

17 Mo thapelong ya sekao, Jesu o dira gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone di tlang pele. Selo sa konokono se re amegileng ka sone e tshwanetse go nna go itshepisiwa ga leina le legolo le le boitshepo la ga Jehofa. E re ka Bogosi Jwa ga Mesia e le jone jo a tla bo dirisang go dira seno, re rapelela Bogosi jono gore bo tle go senya magosi otlhe a batho kana dipuso le go tlhomamisa gore thato ya Modimo e diragala ka botlalo mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Tsholofelo ya rona ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise e ikaegile ka go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tsewa tsia ga bolaodi jwa gagwe jo bo siameng mo lobopong lotlhe. Fa re sena go rapelela dilo tseno tsotlhe tse di botlhokwa, re ka nna ra rapelela dilo tse re di tlhokang tsa letsatsi le letsatsi, go itshwarelwa maleo, le go gololwa mo dithaelong le mo maanong a yo o boikepo, Satane Diabolo.

18, 19. Thapelo ya ga Jesu ya sekao e re thusa jang go nna re ntshitse matlho dinameng le gore tumelo ya rona e nne e ‘nitame go ya bokhutlong’?

18 Go gololwa ga rona ka botlalo mo go yo o boikepo le mo tsamaisong ya gagwe ya dilo e e sa siamang go atamela ka bofefo. Satane o itse sentle gore o saletswe fela ke “lobaka lo lokhutshwane lwa nako” lwa gore a bontshe ‘kgalefo ya gagwe e kgolo,’ segolobogolo mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. (Tshenolo 12:12, 17) Mo sesupong se se dikarolo dintsi sa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo tse di kgatlhang, mme dingwe tsa tsone di tla tloga di direga. (Mathaio 24:3, 29-31) Fa re ntse re bona dilo tseno di direga, tsholofelo ya rona ya go bona kgololo e tla nonofa le e leng go feta. Jesu o ile a re: “Fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.”—Luke 21:25-28.

19 Thapelo ya sekao e Jesu a neng a e ruta barutwa ba gagwe e re neela kaelo e e ikanyegang malebana le gore re tshwanetse go akaretsa eng mo dithapelong tsa rona fa bokhutlo bo ntse bo atamela. E kete re ka tswelela re na le tsholofelo ya gore Jehofa o tla nna a re tlamela ka dilo tsa letsatsi le letsatsi tse re di tlhokang, tsa semoya le tsa nama, go fitlha fela kwa bokhutlong. Go rapela ga rona re ntshitse matlho dinameng go tla re thusa go nna re “ngangatlela tshepo e re neng re na le yone kwa tshimologong ka nitamo go ya bokhutlong.”—Bahebera 3:14; 1 Petere 4:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Dibaebele dingwe tsa bogologolo tse di jaaka Baebele e e Boitshepo, di konela Thapelo ya Morena ka mafoko ano a go tweng ke mafoko a pako: “Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.” The Jerome Biblical Commentary ya re: “Mafoko ano a pako . . . ga a yo mo [mekwalong] e le mentsi [ya bogologolo e e ikanyegang go gaisa yotlhe.]”

Poeletso

• Re a bo re kaya eng fa re kopa ‘senkgwe sa letsatsi’?

• Tlhalosa bokao jwa mafoko a a reng “re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona.”

• Re a bo re kaya eng fa re kopa Jehofa gore a se ka a re tsenya mo thaelong?

• Ke eng fa re tshwanetse go rapelela gore Jehofa a re “golole mo go yo o boikepo”?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Re tshwanetse go itshwarela batho ba bangwe gore le rona re itshwarelwe

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

Lydekker