Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa go Rata Dilo Tsa Semoya go Amang Botsogo Jwa Gago ka Teng

Kafa go Rata Dilo Tsa Semoya go Amang Botsogo Jwa Gago ka Teng

Kafa go Rata Dilo Tsa Semoya go Amang Botsogo Jwa Gago ka Teng

GONGWE o dirisa nako e ntsi o tlhokometse botsogo jwa gago jwa mo mmeleng. Letsatsi le letsatsi o ka tswa o robala diura di ka nna robedi, o dirisa diura di le mmalwa o apeile le go ja, le diura di le robedi kgotsa go feta o bereka gore o kgone go duelela lefelo le o robalang mo go lone le dijo tse o di jang. Fa o lwala o ka tswa o dirisa nako le madi go ya go bona ngaka kgotsa go itirela molemo. O phepafatsa legae la gago, o a tlhapa, e bile gongwe o ikatisa mmele ka metlha, fela gore o nne le botsogo jo bo molemo.

Le fa go ntse jalo, go nna le botsogo jo bo molemo ga se fela go itlhokomela ka dilo tse o di tlhokang mo mmeleng. Go na le sengwe se sele se se ka thusang thata gore o nne le botsogo jo bo molemo. Dipatlisiso tsa kalafi di bontshitse gore botsogo jwa gago jwa mo mmeleng bo amana thata le botsogo jwa gago jwa semoya—go nna le bomoya kgotsa go sa nne le jone.

Di Amana ka Tlhamalalo

Porofesa Hedley G. Peach wa University of Melbourne kwa Australia a re: “Ditlhogo tse babatlisisi ba di ikwaletseng tse di buang ka kgang eno di ile tsa bontsha gore go rata dilo tsa semoya go amana le botsogo jo bo molemo.” Fa The Medical Journal of Australia (MJA) e akgela ka seo ya re: “Go rata bodumedi go amanngwa gape le . . . go nna le kgatelelo e e kwa tlase ya madi, kholeseterole . . . e e kwa tlase le go se tshabelelwe ke kankere ya mala.”

Ka tsela e e tshwanang, kwa United States, patlisiso nngwe e e dirilweng ka 2002 mo bathong ba le 6 545 ke University of California (UC), kwa Berkeley, e ne ya bontsha gore “batho ba ba yang kerekeng gangwe ka beke ba ne ba tshela lobaka lo loleejana fa ba bapisiwa le ba ba sa yeng ka metlha kgotsa ba ba sa yeng gotlhelele.” Doug Oman, mosimolodi wa patlisiso eo, gape e le motlhatlheledi kwa UC Berkeley’s School of Public Health, o ne a re: “Re bone pharologano eno le fa re sena go akanyetsa dilo tse di jaaka tsela e motho a dirisanang le batho ka yone le maitsholo a a amang botsogo, a a jaaka go goga le go itshidila mmele.”

Fa MJA e umaka melemo e mengwe ya go leba dilo ka tsela ya semoya, ya re: “Dipatlisiso tsa kwa Australia di bontshitse gore batho ba ba ratang bodumedi ba na le manyalo a a ritibetseng, ga ba nwe bojalwa thata e bile ga ba dirise diokobatsi thata, ba na le dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba ba ipolayang e bile ga ba akanye thata ka go ipolaya, ga ba tlhobaele thata e bile ga ba a tshwenyega thata mo maikutlong, mme bontsi jwa bone ga ba pelotshetlha.” Gape BMJ (e pele e neng e bidiwa The British Medical Journal) e bega jaana: “Go lebega batho ba ba ipolelang gore ke badumedi ba sa hutsafale lobaka lo loleele e bile maikutlo a khutsafalo a nyelela gotlhelele mo go bone morago ga loso lwa motho yo o gaufi le bone, go na le batho ba e seng badumedi.”

Batho ba dumela dilo tse di farologaneng malebana le gore bomoya jwa mmatota ke eng. Le fa go ntse jalo, boemo jwa gago jwa semoya bo ama botsogo jwa gago jwa mo mmeleng le jwa tlhaloganyo. Re bona bosupi jwa seno mo go se Jesu Keresete a neng a se bua dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. O ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) E re ka botsogo jwa gago le boitumelo di angwa ke boemo jwa gago jwa semoya, go a utlwala go botsa jaana: ‘Nka bona kae kaelo e e ka ikanngwang ya semoya? Go nna motho wa semoya go akaretsa eng?’