Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Bonang ka Teng Dilo Tse o di Tlhokang Semoyeng

Kafa o ka Bonang ka Teng Dilo Tse o di Tlhokang Semoyeng

Kafa o ka Bonang ka Teng Dilo Tse o di Tlhokang Semoyeng

“MO DINGWAGENG tse di lesome tse di fetileng, dibuka di feta 300 tse di buang ka seabe sa bomoya kwa tirong—go simolola ka Jesus CEO go ya go The Tao of Leadership—di ile tsa tlala mo marekisetsong a dibuka,” go bolela jalo U.S.News & World Report. Koketsego eno e bontsha fela gore mo dinageng tse dintsi tse di humileng, batho ba bantsi ba tlhoka kaelo ya semoya mo botshelong. Lokwalodikgang lwa kgwebo lwa Training & Development lo bolela jaana fa lo akgela ka seno: “Ka nako e botegeniki bo laolang dikarolo tse dintsi tsa botshelo jwa rona, re leka go dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao, go nne le se re se tshelelang le gore re kgotsofalele matshelo a rona.”

Mme gone o ka bona kae kaelo e e kgotsofatsang ya semoya? Mo nakong e e fetileng, batho ba ne ba leba kwa madumeding a a leng teng go ba thusa go bona “bokao” jwa botshelo le gore ‘go nne le se ba se tshelelang.’ Gompieno, batho ba bantsi ba furaletse madumedi a a leng teng. Training & Development ya re patlisiso ya bomanejara ba le 90 ba maemo a a kwa godimo e ile ya bontsha gore “batho ba bona pharologano sentle fa gare ga bodumedi le bomoya.” Batho ba ba botsoloditsweng mo patlisisong eo ba ne ba tsaya gore bodumedi ga bo “amogele batho botlhe e bile bo kgaoganya batho,” fa bomoya jone bo ne bo tsewa bo “amogela batho gongwe le gongwe e bile bo amogela batho botlhe.”

Basha ba bantsi mo dinageng tse e seng tsa bodumedi, tse di tshwanang le Australia, New Zealand, United Kingdom, le tsa Yuropa le bone ba bona pharologano fa gare ga bodumedi le bomoya. Porofesa Ruth Webber, fa a kwala mo bukeng ya Youth Studies Australia, a re: “Basha ba bantsi ba dumela mo Modimong, kgotsa mo maatleng mangwe a a fetang a a tlwaelegileng, mme ga ba bone kafa kereke e leng botlhokwa ka teng kgotsa kafa e ba thusang ka teng go dirisa bomoya jwa bone.”

Bodumedi Jwa Boammaaruri bo Thusa Motho go Nna le Bomoya

Go a utlwala gore batho ba lebe bodumedi jalo ka tsela ya go belaela. Mekgatlho e mentsi ya bodumedi e tsene ka tlhogo mo dikgannyeng tsa bopolotiki e bile e a itimokanya fa go tliwa mo go tsa boitshwaro gape e na le seabe mo go bolayeng batho ba ba se nang molato mo dintweng tse dintsintsi tsa bodumedi. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba dirile phoso ya gore fa ba furalela mekgatlho ya bodumedi e e kgotletsweng ke boitimokanyo le tsietso, ba furalele le Baebele, e ba akanyang gore e letlelela mekgwa e e ntseng jalo.

Mme tota, Baebele e kgala boitimokanyo le tlolomolao. Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe a re: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi! ka gonne lo tshwana le diphupu tse di tshasitsweng kalaka, tse kafa ntle eleruri di bonalang di le dintle mme mo teng di tletse marapo a batho ba ba suleng le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe. Ka tsela eo le lona, eleruri ka fa ntle, lo bonala lo siame mo bathong, mme mo teng lo tletse boitimokanyo le go tlhoka molao.”—Mathaio 23:27, 28.

Mo godimo ga moo, Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba se ka ba tsaya letlhakore mo dikgannyeng tsa bopolotiki. Go na le gore e rotloetse badumedi gore ba bolaane, e ba laela gore ba tshwanetse gore ba bo ba ikemiseditse go swela ba bangwe. (Johane 15:12, 13; 18:36; 1 Johane 3:10-12) Go na le gore bodumedi jwa boammaaruri jo bo theilweng mo Baebeleng bo bo bo sa “amogele batho botlhe e bile bo kgaoganya batho,” bo “amogela batho gongwe le gongwe e bile bo amogela batho botlhe.” Moaposetoloi Petere o ne a re: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

Baebele—Kaelo e e ka Ikanngwang ya Botsogo Jwa Semoya

Baebele e re bolelela gore batho ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. (Genesise 1:26, 27) Le fa seno se sa reye gore batho ba na le mmele o o tshwanang le wa Modimo, se raya gore batho ba na le bokgoni jwa go nna le botho jo bo tshwanang le jwa Modimo, go akaretsa le bokgoni jwa go tlhaloganya dilo tsa semoya, kgotsa bomoya.

E re ka go ntse jalo, go a utlwala go dumela gore gape Modimo o ka re naya tsela ya go kgotsofatsa dilo tse re di tlhokang semoyeng mmogo le kaelo e e tshwanetseng e re ka e dirisang go farologanya se se ka re solegelang molemo le se se ka nnang kotsi mo go rona semoyeng. Fela jaaka Modimo a bopile mebele ya rona e na le thulaganyo e e molemo thata ya go re sireletsa mo malwetseng, e e lwantshang malwetse e bile e re thusa go nna re itekanetse sentle, gape o re neile segakolodi se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng le go tila ditiro tse di kotsi mo mmeleng le mo semoyeng. (Baroma 2:14, 15) Jaaka re itse, gore thulaganyo ya mmele e e re sireletsang mo malwetseng e kgone go bereka sentle, e tshwanetse go fepiwa ka tshwanelo. Ka tsela e e tshwanang, fa re batla gore digakolodi tsa rona di bereke re tshwanetse go di fepa ka dijo tse di molemo tsa semoya.

Fa Jesu a ne a bua ka dijo tsa semoya tse di tla dirang gore re nne re itekanetse semoyeng, o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Mafoko a ga Jehofa a kwadilwe mo Lefokong la gagwe, Baebele, mme a “tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.” (2 Timotheo 3:16) Ka jalo, go ikaegile ka rona gore re dire maiteko a go ja dijo tseo tsa semoya. Selekanyo se re ithutang Baebele ka sone re bo re leka go dirisa melaometheo ya yone mo botshelong jwa rona, ke sone selekanyo se re tla solegelwang molemo ka sone semoyeng le mo mmeleng.—Isaia 48:17, 18.

A go Na le Mosola?

Boammaaruri ke gore go tokafatsa botsogo jwa rona jwa semoya ka go ithuta Baebele go tsaya nako; mme go lebega nako e ntse e nna thata go bonwa. Mme fa o dira maiteko o tla solegelwa molemo! Utlwa gore batho bangwe ba ba tshwaregileng ka ditiro tsa bone ba tlhalosa kafa go ipha nako ya go tlhokomela botsogo jwa bone jwa semoya go leng botlhokwa ka teng mo go bone.

Marina, yo e leng ngaka, a re: “Ke ne ke ise nke ke akanye ka bomoya jwa me go fitlha ke simolola go bereka kwa sepatela ke bo ke tlhomolwa pelo ke kafa batho ba bangwe ba bogang ka teng. Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dumela gore go na le sengwe se ke se tlhokang semoyeng gore ke tle ke nne le kgotsofalo le kagiso ya mogopolo, ka gonne lobelo lwa botshelo le maikarabelo a go thusa batho ba ba tshwenyegileng di ka fekeetsa motho yo o dirang tiro e ke e dirang.

“Jaanong ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Thuto eno e nthusa gore ke tlhatlhobe dilo tse ke di dirang le maitlhomo a me ka tsela e e siameng gape e nthapisa gore ke akanye ka tsela e e molemo, gore ke tle ke nne tekatekano mo botshelong. Tiro ya me ya boitshediso e nkgotsofatsa fela thata. Mme thuto ya me ya Baebele ke yone e tokafaditseng maikutlo a me, e nthusa go laola maikutlo a a sa siamang, go fokotsa go ngomoga pelo le gore ke nne pelotelele e bile ke utlwele batho botlhoko. Go dirisa melaometheo ya Baebele gape go solegetse lenyalo la me molemo. Sa botlhokwa le go feta, ke itse Jehofa mme ka selekanyo se se rileng ke itumelela go nna le moya wa gagwe, mme seo se dirile gore botshelo jwa me bo nne le bokao.”

Nicholas, yo e leng motlhami wa dipolane, a re: “Pele ga ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke sa kgatlhegele dilo tsa semoya. Boikaelelo jwa me fela mo botshelong e ne e le gore ke atlege mo tirong e ke e tlhophileng. Thuto ya me ya Baebele e nthutile gore go na le dilo tse dintsi mo botshelong le gore go dira thato ya ga Jehofa go tlisa boitumelo jwa mmatota le jo bo nnelang ruri.

“Tiro ya me ya boitshediso e nkgotsofatsa ka selekanyo se se rileng, mme ke Baebele e e nthutileng botlhokwa jwa go sa tshele botshelo jo bo raraaneng ka go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya. Ka go dira jalo, nna le mosadi wa me re ile ra tila go ngomoga pelo mo go bakwang ke go rata dikhumo. Gape re nnile le ditsala tse dintsi tsa boammaaruri ka go tsalana le batho ba ba lebang dilo ka tsela ya semoya jaaka rona.”

Vincent, yo e leng agente, a re: “Tiro e e molemo ya boitshediso e ka go kgotsofatsa ka selekanyo se se rileng. Le fa go ntse jalo, ke lemogile gore ga se yone fela e e tlhokegang gore motho a itumele a bo a kgotsofale. Pele ga ke itse se Baebele e se rutang ka kgang eno, ke gakologelwa nako nngwe ke akanya thata ka tsela e botshelo bo se nang bokao ka yone—o a tsholwa, o a gola, o a nyala, o a bereka gore o bone dilo tse di tlhokegang gore o godise bana, o bo o ba thapisa gore le bone ba dire fela jalo, mme kgabagare o a tsofala o bo o swa.

“Ke ne ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa me ka boikaelelo jwa botshelo fela fa ke sena go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Thuto ya me ya Baebele e nthusitse gore ke itse Jehofa jaaka motho le go ithuta go mo rata thata. Seno se nthusa gore ke lebe dilo ka tshwanelo ka tsela ya semoya fa ke ntse ke leka go tshela tumalanong le se ke itseng e le boikaelelo jwa gagwe. Jaanong, nna le mosadi wa me re kgotsofadiwa ke go itse gore ga go na tsela e e molemo go gaisa e re tshelang ka yone.”

Le wena o ka bona boikaelelo le bokao jwa botshelo ka go ithuta Baebele. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go thusa. Jaaka Marina, Nicholas le Vincent, le wena o ka bona kgotsofalo e e nnang teng fa o ithuta ka se Jehofa a se ikaeletseng ka batho ka kakaretso le ka wena. Ga o na go itumelela fela go bona dilo tse o di tlhokang semoyeng mme gape o tla nna le tsholofelo ya go itumelela botshelo ka bosakhutleng o itekanetse ka botlalo—tsholofelo e “ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng” e leng bone fela ba ka nnang le yone.—Mathaio 5:3.

Tsela e nngwe ya gore re tokafatse bomoya jwa rona ke ka thapelo. Jesu o ne a ipha nako ya go ruta barutwa ba gagwe go rapela, a ba ruta se se itsegeng e le Thapelo ya Morena. Thapelo eo e na le bokao bofe mo go wena gompieno? E ka go solegela molemo jang? O tla bona dikarabo mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Marina

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Nicholas

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Vincent