Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Seemo sa Lefatshe Leno se a Fetoga”

“Seemo sa Lefatshe Leno se a Fetoga”

“Seemo sa Lefatshe Leno se a Fetoga”

“Seno ke a se bua, bakaulengwe, nako e e setseng e khutshwafetse.”—1 BAKORINTHA 7:29.

1, 2. Ke diphetogo dife tse o di boneng di direga mo botshelong jwa gago?

KE DIPHETOGO dife tse o di boneng di direga mo botshelong jwa gago? A o ka kgona go umaka dingwe tsa tsone? Ka sekai, nngwe ya tsone ke kgatelopele e e dirilweng mo go tsa kalafi. Ka thuso ya dipatlisiso tsa yone, palogare ya boleele jwa botshelo jwa batho mo dinageng dingwe e oketsegile go tloga go dingwaga tse di kwa tlase ga tse 50 fa lekgolo la bo20 le ne le simologa go fitlha go dingwaga tse di fetang 70 gompieno! Akanya le ka ditsela tse re ileng ra solegelwa molemo ka tsone ke go dirisa radio, thelebishene, difouno tsa selula, le metšhine ya fax ka tsela e e siameng. Sengwe gape se se ka se kang sa tlhaediwa matlho ke kgatelopele e e dirilweng mo go tsa thuto, tsa dipalangwa le mo go sireletseng ditshwanelo tsa batho, e leng dilo tse tsotlhe fela di tokafaditseng matshelo a dimilionemilione tsa batho.

2 Ke boammaaruri gore, ga se diphetogo tsotlhe tse di nnileng molemo. Ga re ka ke ra itlhokomolosa tsela e e sa itumediseng e re amiwang ka yone ke bokebekwa jo bo ntseng bo oketsega, go phutlhama ga maemo a boitsholo, go oketsega ga tlwaelo ya go se dirise diokobatsi sentle, go oketsega ga ditlhalo, ga ditlhwatlhwa, le ga ditiro tsa borukhutlhi. Mo maemong a le mantsi o tla dumalana le mafoko ano a moaposetoloi Paulo a ileng a a kwala bogologolo tala: “Seemo sa lefatshe leno se a fetoga.”—1 Bakorintha 7:31.

3. Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re “seemo sa lefatshe leno se a fetoga”?

3 Fa Paulo a ne a bua mafoko ano, o ne a tshwantsha lefatshe le serala. Badiragatsi ba ba mo seraleng seo—batho ba ba di gogang kwa pele mo dipolotiking, mo bodumeding le mo go tsa setso—ba a tlhagelela, ba diragatsa diabe tsa bone tse di farologaneng, ba bo ba tswa mo go sone ba sutela ba bangwe. Go ile ga feta makgolokgolo a dingwaga seno se direga. Mo nakong e e fetileng losika lo lo rileng lwa segosi lo ne lo fetsa masomesome a dingwaga—le e leng makgolokgolo a dingwaga e le lone lo busang—mme go ne go tsaya lobaka lo loleele lo sa fetolwe. Ga go a nna jalo gompieno moo dilo di ka fetogang ka ponyo ya leitlho fa go direga gore mmusi mongwe a bolawe! Ee ruri, ga re ke re itse gore go tla tloga go direga eng mo dinakong tseno tse di sa tlhomamang.

4. (a) Ke pono efe e e lekalekaneng e Bakeresete ba tshwanetseng go nna le yone ka ditiragalo tsa lefatshe? (b) Ke dikai dife tse pedi tsa bosupi jo bo tlhatswang pelo tse gone jaanong re tla di sekasekang?

4 Fa e le gore lefatshe ke serala mme baeteledipele ba lone ke badiragatsi, he Bakeresete bone ke babogedi. * Le fa go ntse jalo, e re ka ba se “karolo ya lefatshe,” ga ba tshwenyege thata ka se badiragatsi bano ba se dirang kana tsela e ba itshwarang ka yone. (Johane 17:16) Go na le moo, ba nna ba letile ka tlhoafalo go bona dilo tse ba ka lemogang ka tsone gore ditiragalo tse ba di bonang di tloga di fitlha kwa setlhoeng sa tsone—se se tla felelang ka masetlapelo—ka gonne ba a itse gore tsamaiso eno e tshwanetse go fedisiwa pele ga Jehofa a ka tlisa lefatshe le lesha la tshiamo le le sa bolong go letelwa. * Ka gone, a re sekasekeng dikai tse pedi tsa bosupi jo bo bontshang gore re tshela mo metlheng ya bokhutlo le gore lefatshe le lesha le gaufi. Dikai tseo ke (1) Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele le (2) go senyegela pele ga maemo a lefatshe.—Mathaio 24:21; 2 Petere 3:13.

Kgabagare Masaitseweng a a Senolwa!

5. “Dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” ke eng, mme ke eng fa re di kgatlhegela?

5 Thuto ya tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e akaretsa go ithuta ka tsela e ditiragalo di amanang ka yone le nako e e rileng. Jesu o ne a bua ka nako ya fa baeteledipele ba lefatshe e tla bong e le bone ba busang kwantle ga gore Bogosi Jwa Modimo bo tsenelele mo dilong. Jesu o ne a bitsa motlha oo a re ke “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba.” (Luke 21:24) Fa ‘dinako tseno tse di tlhomilweng’ di fela, Bogosi Jwa Modimo jwa selegodimo e ne e tla nna jone jo bo busang mme Jesu e le Mmusi wa jone yo o tshwanelang. Jesu o ne a tla simolola pele a busa “mo gare ga baba ba [gagwe].” (Pesalema 110:2) Go tswa foo, go ya ka Daniele 2:44, Bogosi bo ne bo tla “thubaganya bo fedisa” magosi otlhe a batho, mme bo ne bo tla ema ka bosakhutleng.

6. “Dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ne tsa simologa leng, di ne tsa tsaya lobaka lo lo kae mme gone di ne tsa khutla leng?

6 “Dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ne di tla fela leng mme Bogosi Jwa Modimo bo simolole go busa? Karabo, e e neng e “kannwe go fitlha mo motlheng wa bokhutlo,” e akaretsa tatelano ya ditiragalo tsa Baebele. (Daniele 12:9) Fa “motlha” oo o ntse o atamela, Jehofa o ne a tsaya dikgato tsa go senolela setlhopha sa baithuti ba Baebele ba ba boikokobetso karabo. Moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa ba thusa go lemoga gore “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ne tsa simologa ka 607 B.C.E. fa Jerusalema e ne e senngwa le gore “dinako” tseo di ne di le boleele jwa dingwaga di le 2 520. Go tswa mo go seno ba ne ba kgona go lemoga ka dipalo gore 1914 e ne e le one ngwaga o “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di neng tsa fela ka one. Gape ba ne ba lemoga gore 1914 e ne e le one ngwaga o bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo neng jwa simologa ka one. Jaaka moithuti wa Baebele, a o ka kgona go dirisa Dikwalo go tlhalosa gore ngwaga wa 1914 o fitlhelelwa jang? *

7. Ke dikwalo dife tse di re thusang go lemoga nako e metlha e supa e e umakilweng mo go Daniele e simologileng ka yone, gore e boleele bo kae le gore e ne ya fela leng?

7 Tshedimosetso nngwe e e amanang le seno e bonwa mo bukeng ya Daniele. E re ka Jehofa a ile a dirisa Kgosi Nebukadenesare wa Babelona go senya Jerusalema fa “dinako tse di tlhomilweng” di ne di simologa ka 607 B.C.E., Modimo o ne a senola ka mmusi yono gore ditšhaba di ne di tla tswelela di busa kwantle ga gore a tsenelele mo dilong go fitlha go fela metlha e le supa ya tshwantshetso. (Esekiele 21:26, 27; Daniele 4:16, 23-25) Metlha eno e supa e boleele bo kae? Go ya ka Tshenolo 11:2, 3 le 12:6, 14, metlha e le meraro le halofo e boleele jwa malatsi a le 1 260. Ka gone, metlha e le supa e tshwanetse ya bo e le boleele joo gabedi, kana malatsi a le 2 520. A go felela foo? Ga go a nna jalo, ka gonne Jehofa o ne a thusa moporofeti Esekiele wa motlha wa ga Daniele go bona tsela ya go tlhalosa dilo tsa tshwantshetso ka go re: “Letsatsi le emela ngwaga, letsatsi le emela ngwaga, ke se ke se go neileng.” (Esekiele 4:6) Ka gone, tota metlha e supa e ne e tla nna boleele jwa dingwaga di le 2 520. Fa re dirisa 607 B.C.E., e le ngwaga o metlha eno e simologileng ka one le gore e ne e le boleele jwa dingwaga tse 2 520, re ka konela ka gore dinako tse di tlhomilweng di ne tsa fela ka ngwaga wa 1914.

‘Motlha wa Bokhutlo’ o Tlhomamisitswe

8. Ke bosupi bofe jo o ka bo dirisang go bontsha gore maemo a lefatshe a ile a senyegela pele fa e sa le ka 1914?

8 Ditiragalo tsa lefatshe tsa go tloga ka 1914 go ya pele di tlhomamisa gore tsela eno e go sa tswang go tlhalosiwa dilo ka yone go ya ka tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e nepile. Jesu ka boene o ile a re “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” bo ne bo tla lemotshega ka dintwa, mauba, le maroborobo a malwetse. (Mathaio 24:3-8; Tshenolo 6:2-8) Go ile ga nna fela jalo fa e sa le ka 1914. Moaposetoloi Paulo o ile a oketsa seo ka go re go ne go tla nna le phetogo e kgolo mo tseleng e batho ba tshwaranang ka yone. Tsela eno e a neng a tlhalosa diphetogo tseno ka yone tse rotlhe re di boneng e ne e nepile.—2 Timotheo 3:1-5.

9. Batho ba ba etseng dilo tlhoko ba a reng ka tsela e lefatshe le ileng la nna ka yone fa e sa le ka 1914?

9 A ruri “seemo sa lefatshe leno” se fetogile thata fa e sa le ka 1914? Mo bukeng ya The Generation of 1914, Porofesa Robert Wohl a re: “Batho ba ba neng ba falola ntwa eno ba ne ba sa belaele gore lefatshe le ile la fetoga gotlhelele ka August 1914.” Fa Dr. Jorge A. Costa e Silva, yo e leng mokaedi wa tsa kalafi wa World Health Organization, a gatisa seno o ne a kwala jaana: “Re tshela mo nakong ya diphetogo tse di diregang ka bofefo jo bogolo, tse di feleletsang di re baketse tlhobaelo le go tshwenyega thata mo maikutlong ka selekanyo se se iseng se ko se direge mo hisitoring yotlhe ya motho.” A le wena o ikutlwa jalo?

10. Baebele e re senolela jang yo o dirileng gore maemo a lefatshe a senyegele pele fa e sa le ka 1914?

10 Ke mang yo o dirang gore maemo a lefatshe a senyegele pele jaana? Tshenolo 12:7-9 e senola yo o dirang seo jaana: “Ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele [Jesu Keresete] le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela [Satane Diabolo], le kgogela le baengele ba yone ba tlhabana mme ya se ka ya fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba bonelwa bonno kwa legodimong. Jalo kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, . . . yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” Ka jalo Satane Diabolo ke ene yo o bakang mathata ano mme go lelekwa ga gagwe kwa legodimong ka 1914 go ile ga bakela ‘lefatshe le lewatle tatlhego ka gonne Diabolo a fologetse kwa go lone, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.’—Tshenolo 12:10, 12.

Kafa Dilo di Tla Felelang ka Teng

11. (a) Satane o dirisa mekgwa efe go tsietsa “lefatshe lotlhe le le nang le banni”? (b) Moaposetoloi Paulo o ile a senola maiteko afe a a kgethegileng a ga Satane?

11 E re ka Satane a itse gore o tloga a nyelediwa, o ile a oketsa maiteko a gagwe a go tsietsa “lefatshe lotlhe le le nang le banni” fa e sale ka 1914. E re ka Satane e le motsietsi yo mogolo, o dirisa baeteledipele ba lefatshe le batho ba maemo go diragatsa maikaelelo a gagwe a sa bontshe gore ke ene a ba dirisang. (2 Timotheo 3:13; 1 Johane 5:19) Mangwe a maikaelelo a gagwe ke go tsietsa batho gore ba akanye gore tsela ya gagwe ya go busa e ka ba leretse kagiso ya boammaaruri. Gantsi maano a gagwe a boferefere a ile a atlega ka gonne batho ba sa ntse ba na le tsholofelo ya gore dilo di tla siama le mororo go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore maemo a senyegela pele. Moaposetoloi Paulo o ile a bolelela pele gore pele fela ga gore tsamaiso eno ya dilo e senngwe, go tla nna le tiragalo nngwe e e senolang sentle maano a a boferefere a ga Satane. O ile a re: “Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana.”—1 Bathesalonika 5:3; Tshenolo 16:13.

12. Ke maiteko afe a a ntseng a dirwa go leka go tlisa kagiso mo motlheng wa rona?

12 Mo dingwageng tsa bosheng jaana gantsi boradipolotiki ba ile ba dirisa mafoko a a reng “kagiso le polokesego” go tlhalosa maano a a farologaneng a dipuso tsa bone. Ba ile ba bo ba kaya fa 1986 e le Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Kagiso, le mororo go ile ga se ka ga nna le kagiso epe ka ngwaga oo. A maiteko a a ntseng jalo a baeteledipele ba lefatshe a diragatsa ka botlalo mafoko a 1 Bathesalonika 5:3, kgotsa a Paulo o ne a bua ka tiragalo nngwe e e kgethegileng e e leng kgolo thata jaana mo e tla lemogiwang ke lefatshe lotlhe?

13. Fa Paulo a ne a bolelela pele kgoeletso ya “Kagiso le polokesego!,” o ne a tshwantsha tshenyego e e neng e tla latela le eng, mme re ka ithuta eng mo go seno?

13 E re ka gantsi dipolelopele tsa Baebele di na le go tlhaloganngwa ka botlalo fela fa di sena go diragadiwa kana fa di simolola go diragadiwa, re tla tshwanelwa ke go leta gore re bone. Le fa go ntse jalo, sengwe se se kgatlhang ke gore Paulo o ile a tshwantsha tshenyego e e tla tlang ka tshoganyetso morago ga kgoeletso ya “Kagiso le polokesego!” le ditlhabi tsa pelegi tsa mosadi yo o moimana. Mo dikgweding di ka nna robonngwe, mmè yo o imileng o nna a utlwa matshwao a a oketsegang a a dirang gore a kgone go utlwa lesea le a le imileng. A ka nna a utlwa go uba ga pelo ya lesea leno kana go le utlwa fa le ntse le tshikinyega mo popelong. Le ka nna la bo la mo ragaraga. Matshwao ano a nna a oketsega go fitlha letsatsi lengwe a utlwa setlhabi se se botlhoko thata se se bontshang gore se a ntseng a se letetse—go tsholwa ga ngwana—se gorogile. Ka gone, tsela epe fela e kgoeletso e e boleletsweng pele ya “Kagiso le polokesego!” e tla diragadiwang ka yone, e tla feleletsa ka tiragalo e e botlhoko e e tla diregang ka tshoganyetso mme gone kgabagare e le e e tla feleletsang ka sengwe se se itumedisang—go fedisiwa ga boikepo le go simologa ga tsamaiso e ntšha ya dilo.

14. Dilo tse di tlileng go direga mo isagweng di tlile go latelana ka tsela efe, mme di tla felela ka eng?

14 Tshenyego e e tlang e tla boifisa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba e lebile fela mme ba sa nne le seabe mo go yone. Sa ntlha, dikgosi tsa lefatshe (karolo ya dipolotiki ya mokgatlho wa ga Satane) di tla tlhasela batshegetsi ba Babelona yo Mogolo (karolo ya bodumedi) mme di tla ba nyeletsa. (Tshenolo 17:1, 15-18) Ka gone, bogosi jwa ga Satane bo tla nna makgaoganyane le dikarolwana tsa jone di tla tlhaselana ka ponyo ya leitlho, mme Satane ga a kitla a kgona go thibela seo gore se se ka sa direga. (Mathaio 12:25, 26) Jehofa o tla dira gore dikgosi tsa lefatshe “di diragatse kakanyo ya gagwe,” ya gore, di nyeletse baba ba gagwe ba bodumedi. Fa bodumedi jwa maaka bo sena go fedisiwa, Jesu Keresete o tla etelela pele matsholo a selegodimo go nyeletsa dikarolo tse di setseng tsa mokgatlho wa ga Satane—tsa kgwebo le tsa sepolotiki. Kwa bofelong, Satane ka boene o tla golegwa. Tiragalo eo e tla felela ka bokhutlo jo bo sa bolong go nna bo letetswe.—Tshenolo 16:14-16; 19:11-21; 20:1-3.

15, 16. Kgakololo ya gore “nako e e setseng e khutshwafetse” e tshwanetse go re ama jang?

15 Dilo tseno tsotlhe di tla direga leng? Ga re itse letsatsi le fa e le nako. (Mathaio 24:36) Le fa go ntse jalo, se re se itseng ke gore “nako e e setseng e khutshwafetse.” (1 Bakorintha 7:29) Ka gone, go botlhokwa thata gore re dirise nako e e setseng sentle. Jang? Jaaka fa moaposetoloi Paulo a tlhalosa, re tshwanetse go ‘ithekela nako e e re siametseng’ ka go tsaya nako ya dilo tse di seng botlhokwa thata mme re e dirisetsa dilo tse e leng tsa botlhokwa thata le go dirisa letsatsi lengwe le lengwe ka botlalo. Ke eng fa re tshwanetse go dira jalo? “Ka gonne malatsi a bosula.” Mme fa re ‘lemoga se e leng thato ya ga Jehofa’ re ka se ka ra senya nakonyana e nnye e e setseng.—Baefeso 5:15-17; 1 Petere 4:1-4.

16 Go itse gore tsamaiso eno yotlhe ya dilo e tlile go nyelediwa go tshwanetse ga ama jang mongwe le mongwe wa rona? Moaposetoloi Petere o ile a kwala mafoko ano gore a re solegele molemo: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo!” (2 Petere 3:11) Ee ruri, re tshwanetse go nna batho ba mofuta oo! Go dumalana le kgakololo e e molemo ya ga Petere, re tshwanetse (1) go ela tlhoko thata boitshwaro jwa rona gore re tlhomamise gore bo boitshepo, le (2) go tlhomamisa gore ditiro tse re di dirang ka tlhoafalo mo tirelong ya rona go Jehofa, ka metlha di bontsha fa re mo rata ka lorato lo logolo.

17. Bakeresete ba tshwanetse go nna ba iketse tlhoko kgatlhanong le dirai dife tsa lefatshe?

17 Go rata Modimo go tla re thusa gore re se ka ra rata lefatshe leno ka ntlha ya dilo tsa lone tse di ngokang. Ka ntlha ya se se tlileng go diragalela tsamaiso eno ya dilo, go kotsi go itetla go gapiwa maikutlo ke tsela ya lefatshe leno ya go rata menate. Le fa gone re tshela mo lefatsheng e bile re bereka mo go lone, re tshwanetse go sekegela tsebe kgakololo e e molemo ya gore re se ka ra dirisa lefatshe ka botlalo. (1 Bakorintha 7:31) Tota e bile, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go ikela tlhoko gore re se ka ra tsiediwa ke maano a a boferefere a lefatshe leno. Lefatshe leno le ka se ka la kgona go rarabolola mathata a lone ka katlego. Le ka se ka la kgona go nna le ikemetse go ya go ile. Ke eng fa re ka tlhomamisega ka seo? Ka gonne Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng la re: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.

Go sa Ntse go Tla Sengwe se se Molemo Tota!

18, 19. Ke diphetogo dife tse o gakaletseng go di bona mo lefatsheng le lesha, mme ke eng fa e se kitla e nna ga lefela go di letela?

18 Jehofa o tla tloga a fedisa Satane le batshegetsi ba gagwe. Morago ga moo, Modimo o tla thusa batho ba ba ikanyegang ba ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo go tlisa diphetogo tse di tla nnelang ruri. Ga go kitla go tlhola go nna le dintwa tse di senyang lefatshe; Modimo o tla “dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Pesalema 46:9) Mo boemong jwa ditlhaelo tsa dijo, “go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa.” (Pesalema 72:16) Go tla bo go sa tlhole go na le dikgolegelo, diteishene tsa mapodise, malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, barekisi ba diokobatsi, ditlhalo, go phutlhama ga dikgwebo le borukhutlhi.—Pesalema 37:29; Isaia 33:24; Tshenolo 21:3-5.

19 Diphupu di tla sala di le lolea, mme dimilionemilione tsa batho ba ba tsositsweng di tla boa di tshela mo lefatsheng. A bo go tla bo go na le boipelo jo bogolo jang ne fa dikokomana tse di farologaneng tsa batho di boa di kopana gape, le baratiwa ba ba sa bolong go kgaogana ba tlamparelana ka lorato le ka boitumelo! Kwa bofelong, mongwe le mongwe yo o tshelang o tla bo a obamela Jehofa. (Tshenolo 5:13) Fa diphetogo tseno di sena go diragadiwa tsotlhe, lefatshe lotlhe le tla fetoga paradaise. O tla ikutlwa jang fa o ntse o sekaseka maemo? Ga go pelaelo gore o tla tlhotlheletsega go bua jaana, ‘Ga ke bolo go letela seno ka lobaka lo loleele, mme gone ga ke a letela lefela!’

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Fa Paulo a ne a bua ka kgang nngwe e sele o ne a bua ka Bakeresete ba ba tloditsweng a re ba “fetogile selo sa go bogelwa ke lefatshe, le ke baengele, le ke batho.”—1 Bakorintha 4:9.

^ ser. 4 Ka sekai, malebana le gore “kgosi ya bokone,” e go buiwang ka yone mo go Daniele 11:40, 44, 45 ke mang, bona buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele, tsebe 280-1.

^ ser. 6 Baebele ka boyone e bontsha gore Jerusalema e ne ya senngwa dingwaga di le 70 pele Bajuda ba boa kwa botshwarong ka 537 B.C.E. (Jeremia 25:11, 12; Daniele 9:1-3) Go bona dintlha ka botlalo malebana le “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba,” bona tsebe 271-3 ya Go Fetolana ka Dikwalo e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

O ne O ka Araba Jang?

• Mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a reng “seemo sa lefatshe leno se a fetoga” a itshupile jang gore a boammaaruri mo motlheng wa rona?

• Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e re thusa jang go bona gore “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di khutlile leng?

• Maemo a lefatshe a a ntseng a fetoga a tlhomamisa jang gore 1914 ke ngwaga o ‘metlha ya bokhutlo’ e simologileng ka one?

• Kgang ya gore “nako e e setseng e khutshwafetse” e tshwanetse go re ama jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Kgabagare masaitseweng a a senolwa!