Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bodumedi Bo na Le Tlhotlheletso e e Molemo Kana e e Bosula?

A Bodumedi Bo na Le Tlhotlheletso e e Molemo Kana e e Bosula?

A Bodumedi Bo na Le Tlhotlheletso e e Molemo Kana e e Bosula?

“KE LEBOGELA se Bokeresete bo ntiretseng sone, mme ke dumela gore lefatshe le re tshetseng mo go lone mo dingwageng tse 2 000 tse di fetileng le lone le tshwanetse go leboga.”—Ketapele, Two Thousand Years—The First Millennium: The Birth of Christianity to the Crusades.

Mafoko ao a a buelelang se go tweng ke Bokeresete a builwe ke mokwadi wa Moesemane le mogasi wa thelebishene e bong Melvyn Bragg. Mafoko a gagwe a tlhalosa maikutlo a batho ba ba dimilione ba ba mo lefatsheng ba le bone ba ikutlwang ba tshwanetse go leboga bodumedi bongwe le go ikanyega mo go jone. Ba tlhomamisegile gore bodumedi bo nnile le tlhotlheletso e e molemo mo matshelong a bone. Ka sekai, mokwadi mongwe a re Iselamo “e dirile gore go nne le tlhabologo e ntsi tota . . . [e e] solegetseng lefatshe lotlhe molemo.”

A Bodumedi bo Dira Molemo Kana Bosula?

Le fa go ntse jalo, se Bragg a neng a se bua morago ga moo se tsosa potso e e masisi ya gore a ruri bodumedi ka kakaretso bo ntse bo na le tlhotlheletso e e molemo. O oketsa ka go re: “Bokeresete bo tshwanetse go ntlhalosetsa sengwe.” Ke eng se a batlang go se tlhalosediwa? A re: “Gore ke eng gape fa karolo e ntsi ya ‘hisitori’ya jone e ile ya tlala ka go se itshokelane, boikepo, bosetlhogo le go gana ka boomo go nna le kitso.”

Batho ba bantsi ba ka bolela gore go ralala hisitori go ile ga nna le go se itshokelane, boikepo, bosetlhogo le botlhokakitso jwa ka boomo mo madumeding a mantsi a lefatshe. Ba re bodumedi bo itira e kete bo solegela batho molemo—bo itira e kete bo molemo e bile bo boitshepo, mme tota bo tletse boitimokanyo le maaka. (Mathaio 23:27, 28) A Rationalist Encyclopædia ya re: “Selo se gantsi se buiwang thata mo dibukeng tsa rona ke gore bodumedi bo botlhokwa thata mo tlhabologong.” E tswelela ka gore: “Mme polelo eo e latofadiwa fela thata ke dilo tse tota di diregileng mo hisitoring.”

Fa o bala lekwalodikgang lengwe le lengwe fela gompieno, o tla bala ka dikai tse dintsintsi tsa baeteledipele ba bodumedi ba ba rerang ka lorato, kagiso le kutlwelobotlhoko mme ba tlhotlheletsa letlhoo e bile ba dirisa leina la Modimo go dira gore go nne e kete dintwa tsa bone tse di setlhogo di siame. Ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi ba na le maikutlo a gore gantsi bodumedi bo tlisa tshenyo mo botshelong!

A go Ka Nna Botoka fa Bodumedi bo Seyo?

Bangwe ba sweditse jaaka mofilosofi wa Moesemane Bertrand Russell gore go ne go ka nna molemo fa kgabagare “tumelo nngwe le nngwe [e ne] e ka fela.” Go ya ka bone, go fedisa bodumedi ke yone fela tharabololo e e ka nnelang ruri ya mathata otlhe a batho. Le fa go ntse jalo, ba ka nna ba itlhokomolosa gore batho ba ba sa rateng bodumedi ba ka tlhotlheletsa letlhoo le go se itshokelane fela jaaka ba ba bo emang nokeng. Mokwadi wa tsa bodumedi Karen Armstrong o re gakolola jaana: “Tiragalo ya go Gailwa ga Batho ke Banasi e bontsha gore kgopolo e e seng ya bodumedi e [ka] nna kotsi fela jaaka ntwa epe ya botlhabanelatumelo.”—The Battle for God—Fundamentalism in Judaism, Christianity and Islam.

Ka jalo a ruri bodumedi bo na le tlhotlheletso e e molemo, kgotsa tota ke jone bo bakang mathata a batho? A tharabololo ya mathata ao ke go fedisa bodumedi jotlhe? Sekaseka se Baebele e se buang ka seno mo setlhogong se se latelang. Karabo ya teng e ka nna ya go gakgamatsa.