Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gomotsa ba ba Bogang

Go Gomotsa ba ba Bogang

Go Gomotsa ba ba Bogang

MO NAKONG e e fetileng, e ne e re fa banna le basadi ba ba ikanyegang ba boga, ba ne ba rapela Modimo ka tlhoafalo gore a ba kaele. Le fa go ntse jalo, ba ne ba dira maiteko mangwe go fokotsa go boga ga bone, jaaka go dirisa botlhale gore ba tile bagateledi ba bone. Ka sekai, Dafide o ne a kgona go itshokela mathata a gagwe ka go ikaega ka Jehofa le go dira maiteko. Go tweng ka rona gompieno?

Fa o boga, gantsi o tla dira sengwe gore o rarabolole bothata jwa gago. Ka sekai, fa o latlhegetswe ke tiro, a ga o tseye matsapa a go batla tiro e nngwe gore o itlamele le ba lelapa la gago? (1 Timotheo 5:8) Kgotsa fa o lwala, a ga o ye kwa ngakeng gore e go thuse? Go a kgatlha go bona gore Jesu, yo o neng a na le maatla a a a filweng ke Modimo a go fodisa mefuta yotlhe ya malwetse, o ne a dumela gore ‘batho ba ba bobolang ba tlhoka ngaka.’ (Mathaio 9:12) Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha mathata a gago a ka nnang a fedisiwa; o ka nna wa tshwanelwa ke go a itshokela ka lobaka lo lo rileng.

Ke eng o sa rapele Jehofa Modimo ka kgang eo? Ka sekai, fa o batla tiro, go ikaega ka Modimo ka thapelo go tla re thusa go tila thaelo epe ya go amogela tiro e e thulanang le melaometheo ya Baebele. Mme gape re tla tila go dira gore re ‘faposiwe mo tumelong’ ke bogagapa kgotsa go rata madi. (1 Timotheo 6:10) Fa re dira ditshwetso tse di botlhokwa malebana le tiro kgotsa lelapa kgotsa dilo tse di amanang le botsogo jwa rona, re ka latela kgakololo eno ya ga Dafide: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”—Pesalema 55:22.

Go rapela go tswa pelong go tla re thusa gape gore re se ka ra tshwenyega thata mo mogopolong le gore re se ka ra fekeediwa ke go boga ga rona. Moaposetoloi Paulo yo e neng e le Mokeresete wa boammaaruri o ne a kwala jaana: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” Dithapelo tse di rapelwang ka tlhoafalo di ka re gomotsa jang? “Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Kagiso ya Modimo ‘e gaisa kakanyo yotlhe.’ Ka jalo, e ka dira gore re ritibale le fa re tshwenyegile thata mo maikutlong. E tla ‘disa dipelo tsa rona le maatla a mogopolo wa rona,’ mme seno se tla re thusa gore re se ka ra dira dilo ka mafega le ka go tlhoka botlhale, e leng se se ka nnang sa oketsa go boga ga rona.

Thapelo e ka re thusa thata gore re kgone go lebana le mathata a rona. Fa moaposetoloi Paulo a ne a le kwa kgolegelong kwa Roma, o ne a kopa Bakeresete ka ene ka boikokobetso gore ba mo rapelele. Ke eng fa Paulo a ne a kopa seno? O ne a ba kwalela jaana: “Ke lo rotloetsa segolobogolo gore lo dire seno, gore ke tle ke busediwe ka bonako kwa go lona.” (Bahebera 13:19) Ka mafoko a mangwe, Paulo o ne a itse gore fa Jehofa a utlwa dithapelo tse di sa kgaotseng tsa badumedi ka ene go ka nna ga thusa malebana le gore o tla gololwa leng.Filemone 22.

A thapelo e tla re thusa ka tsela epe gore re kgone go lebana le tsela e re bogang ka yone? E ka nna ya re thusa. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore Jehofa Modimo a ka nna a se ka a araba dithapelo tsa rona ka tsela e rona re ka batlang a di araba ka yone. Paulo o ile a rapela ka makgetlho a le mmalwa malebana le ‘mmutlwa o o mo nameng ya gagwe,’ o o ka tswang e ne e le bolwetse bongwe. Le fa go ntse jalo, go na le gore Modimo a fedise go boga ga gagwe, o ne a raya Paulo a re: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.”—2 Bakorintha 12:7-9.

Ka jalo, go boga ga rona go ka nna ga se ka ga fela ka bonako. Le fa go ntse jalo, re ka nna le sebaka sa go bontsha gore re ikaegile ka Rraarona yo o kwa legodimong. (Jakobe 1:2-4) Tlhomamisega gore le fa Jehofa Modimo a sa fedise go boga, o tla “dira tsela ya go tswa gore [re] kgone go e itshokela.” (1 Bakorintha 10:13) Go botlhokwa go ela tlhoko gore Jehofa o bidiwa “Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Modimo a ka re naya se re se tlhokang gore re itshoke e bile re na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.

Lefoko la Modimo e leng Baebele, le solofetsa gore Jehofa “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:3, 4) A ke go ijesa dijo tsa ditoro go dumela gore go tla nna le lefatshe le le se nang pogo? Go ka nna ga lebega jalo fa o tlwaetse go tshelela mo mathateng. Le fa go ntse jalo, Modimo o re solofeditse gore ga go kitla go tlhola go nna le poifo le masetlapelo mme maikaelelo a gagwe a tla diragadiwa.—Isaia 55:10, 11.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Go tswa mo tlalelong go ya kgololesegong