Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dikereke di ka Namolwa?

A Dikereke di ka Namolwa?

A Dikereke di ka Namolwa?

MORUTI mongwe wa kwa Uganda, e bong Stephen Tirwomwe a re: “Batho ba kwa Boritane ba sa ntse ba dumela mo Modimong mme ga ba batle go itlama ka go nna Bakeresete.” Dingwaga di ka nna 20 tse di fetileng, o ne a falola fa batho ba kereke ya gagwe ba ne ba tshwarwa setlhogo kwa Uganda. Gompieno o rera mo ditlelapeng tsa banna kwa Leeds, kwa Engelane, metsotso e ka nna lesome pele ga bareetsi ba gagwe ba simolola go tshameka bingo.

Kwa moseja wa lewatle la Atlantic, Mokgatlho wa Borongwa wa Anglican o o sa tswang go tlhomiwa kwa Amerika le one o na le bothata jo bo tshwanang fa go tliwa mo dilong tsa bodumedi. Aterese ya Internet ya mokgatlho oo wa borongwa ya re: “Jaanong mo lefatsheng lotlhe, United States ke yone e nang le batho ba bantsi ba ba buang Seesemane ba ba sa tseneng kereke e bile ba sa kgatlhegele dilo tsa semoya. Re simolola go tlhoka barongwa.” E re ka mokgatlho ono o mosha wa borongwa o ne o palelwa ke go dira gore go nne le diphetogo mo kerekeng, o ne wa tlogela go latela tsela e dilo di tlwaetseng go dirwa ka yone mme wa ikopanya le baeteledipele ba dinaga tsa Asia le tsa Afrika go simolola “letsholo la go romela barongwa kwa United States.”

Le fa go ntse jalo, a barongwa ba kwa Afrika, Asia le Latin America ba rerela batho mo dinageng tse di ipolelang gore ke tsa Bokeresete tsa Yuropa le tsa Amerika Bokone?

Tota ke Mang yo o Namolwang?

Ka dingwaga tse di fetang makgolo a manè, barongwa ba le bantsi ba ba tlhoafetseng ba Yuropa ba ile ba nna ba ya kwa dinageng tse di neng di ntse di oketsega tse di neng di dirilwe dikolone kwa Afrika, Asia, Pacific le Amerika Borwa. Maikaelelo a bone e ne e le go isa bodumedi jwa bone kwa bathong ba dinaga tseo ba go tweng ke baheitane. Fa nako e ntse e tsamaya, barongwa kwa dikoloneng tsa Amerika tse go tweng di theilwe mo melaometheong ya Bokeresete ba ne ba kopana mme kgabagare ba ile ba nna le mekgatlho e mentsi ya borongwa mo lefatsheng lotlhe go feta barongwa ba Yuropa. Jaanong dilo di fetogile.

Mothei le motsamaisi wa Setheo sa Dipatlisiso ka Bokeresete Kwa Dinageng Tse e Seng Tsa Bophirima, e bong Andrew Walls, a re: “Boremelelo jwa [se go tweng ke Bokeresete] bo fetogile.” Ka 1900, diperesente di le 80 tsa batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete e ne e le Bayuropa kana batho ba Amerika Bokone. Mme gompieno, diperesente di le 60 tsa batho botlhe ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba nna mo Afrika, kwa Asia le kwa Latin America. Pego nngwe ya dikgang ya bosheng ya re: “Dikereke tsa Katoliki kwa Yuropa di ikantse baruti ba ba tswang kwa Philippines le kwa India,” mme “jaanong moruti a le mongwe fela mo go ba le barataro ba ba direlang kwa dikerekeng tsa Katoliki kwa Amerika o tswa kwa dinageng di sele.” Bareri ba Baafrika kwa Netherlands, ba bontsi jwa bone ba tswang kwa Ghana, ba itsaya e le “kereke ya borongwa mo kontinenteng e e sa rateng bodumedi.” Mme bareri ba ba tswang kwa Brazil jaanong ba tshwara matsholo a magolo a bodumedi mo dikarolong tse di farologaneng tsa Boritane. Mokwadi mongwe a re: “Dilo di fetogile, jaanong barongwa ba tsewa kwa dinageng tse pele go neng go isiwa barongwa kwa go tsone.”

Kgotlhang e e Larileng Kwa Pele

Barongwa ba ka tswa ba tlhokega mo dikontinenteng tsa Yuropa le tsa Amerika Bokone tse kwa go tsone go nang le batho ba ba ntseng ba oketsega ba ba sa kgatlhegeleng bodumedi. Makasine mongwe wa dikgang wa re: “Kwa Scotland ke Bakeresete ba ba kwa tlase ga diperesente di le 10 ba ba yang kerekeng ka metlha.” Mme ba ba yang kerekeng kwa Fora le kwa Jeremane ba mmalwa go feta foo. Pego e nngwe ya dikgang ya re, fa go dirwa patlisiso, ke “diperesente di ka nna 40 tsa batho ba kwa Amerika le diperesente di le 20 tsa batho ba kwa Canada ba ba bolelang gore ba ya kerekeng ka metlha.” Mme kwa Philippines ga twe ke diperesente di ka tshwara 70, mme dipalo tseo di tshwana le tsa dinaga tse dingwe tse di tlhabologang.

Sa botlhokwa le go feta, go lebega batho ba ba tsenang kereke mo dinageng tsa Hemisefere e e kwa Borwa ba sa ntse ba latela tsela ya bogologolo ya go dira dilo go feta ba dinaga tsa Hemisefere ya Bokone. Ka sekai, fa Bakatoliki kwa United States le kwa Yuropa ba botsolodiwa, ka metlha ba bolela kafa ba sa ikanyeng tsamaiso ya baruti ka teng e bile ba buelela gore batho ba e seng baruti ba nne le seabe se segolwane mo kerekeng, le gore basadi ba nne le ditshwanelo tse di lekanang le tsa banna. Kafa letlhakoreng le lengwe, palo e kgolo ya Bakatoliki mo Hemisefereng ya Borwa ba amogela tsela e kereke e ntseng e dira dilo ka yone mo dikgannyeng tseno. E re ka go setse go na le batho ba bantsi mo dinageng tsa hemisefere ya borwa go feta ya bokone ba ba emang kereke nokeng, go setse go theilwe motheo wa kgotlhang e e larileng kwa pele. Mokanoki wa hisitori le bodumedi, Philip Jenkins, o bolelela pele jaana: “Go ka direga gore mo dingwageng tse 10 kgotsa tse 20 tse di tlang Bakeresete ba hemisefere e nngwe ba bo ba sa tseye gore ba hemisefere e nngwe ke Bakeresete ba boammaaruri.”

Ka ntlha ya mekgwa eno, Walls a re kgang ya konokono ke “kafa Bakeresete ba kwa Afrika, Asia, Latin America, Amerika Bokone le ba Yuropa ba ka tshelang mmogo ka teng mo kerekeng e le nngwe fela, ba na le tumelo e le nngwe fela.” Wena o akanyang? A dikereke di ka tswelela pele di le teng mo lefatsheng le le sa utlwaneng? Ke eng se se ka thusang Bakeresete ba boammaaruri gore ba nne seoposengwe? Setlhogo se se latelang se tla ntsha dikarabo tse di tswang mo Dikwalong, mmogo le bosupi jo bo tlhamaletseng jwa gore setšhaba se se utlwanang sa Bakeresete se a atlega mo lefatsheng lotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Kago eno e pele e neng e le kereke jaanong ke resetšhurente e go tshamekiwang mmino mo go yone

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Nancy Palmieri