Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Na le Pelo e e Feletseng?

A o Na le Pelo e e Feletseng?

A o Na le Pelo e e Feletseng?

KGOSI Dafide o ne a rotloetsa morwawe yo e neng e le motlhatlhami wa gagwe e bong Solomone gore a direle Jehofa “ka pelo e e feletseng.” (1 Ditirafalo 28:9) Mafoko ao a botlhokwa fela jalo mo go ba ba batlang go direla Modimo gompieno. Gore re tlhaloganye botlhokwa jwa one sentle, re tshwanetse go tlhaloganya gore bakwadi ba Baebele ba ne ba kaya eng fa ba ne ba bua ka pelo ya motho.

Pelo e dirisiwa thata mo Dikwalong, mme e umakiwa ka tsela nngwe makgetlho a ka nna sekete. Bakwadi ba Baebele ba ile ba dirisa lefoko la Sehebera la (lev, le·vavʹ) le la Segerika la (kar·diʹa) ba le dirisetsa “pelo” fa ba bua ka pelo ya mmatota le ya tshwantshetso. Ke mo makgetlhong a se kae fela a mo go one go buiwang ka pelo ya mmatota, e tiro ya yone e kgolo e leng go pompa madi go otla disele tsa mmele. (2 Dikgosi 9:24) Mo makgetlhong a mantsi a lefoko “pelo” le tlhagang ka one mo Dikwalong, le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso.

Pelo ya Tshwantshetso

Pelo ya tshwantshetso e go buiwang ka yone mo Baebeleng ga se motswedi wa lorato le tlhotlheletso fela, e bile ga e amane fela le botlhale. Buka ya The Metaphorical Use of the Names of Parts of the Body in Hebrew and in Akkadian e tlhalosa jaana: “Mo Basemiteng . . . sengwe le sengwe se batho ba neng ba se dira, se se amanang le maikutlo le botlhale le dikeletso tsa bone, se ne se amanngwa le pelo.” Buka eno e bolela gape gore pelo ke “sengwe le sengwe se motho a leng sone kafa teng, se e seng nama e e leng motho ka boene.”

Mo Modimong yo o tlhatlhobang dipelo, se se botlhokwa ga se kafa motho a lebegang ka teng mme ke se tota motho a leng sone kafa teng. (Diane 17:3; 24:12) Ka jalo, Dikwalo di re gakolola jaana: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago [motho yo o feletseng yo o kafa teng], gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Mme basadi ba Bakeresete ba kgothalediwa gore ba tlhokomele thata, e seng kafa ba ikgabisang ka teng ka fa ntle, mme “motho wa sephiri wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.”—1 Petere 3:3, 4.

Mo makgetlhong a le mmalwa a lefoko “pelo” le tlhagang ka one mo Baebeleng, go bonala le bua thata ka bokgoni jwa go akanya, mme e seng ka kgopolo ya gore bokgoni joo jwa go akanya bo dira bo le bosi kwantle ga motho wa kafa teng. Moshe o ne a rotloetsa Baiseraele jaana: “O gakologelwe mo pelong ya gago [kgotsa o ikgopotse] gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.” Mme moragonyana o ne a ba raya a re: “Jehofa ga a lo naya pelo [kgotsa tlhaloganyo] gore lo itse.”—Duteronome 4:39; 29:4.

Pelo le Tlhotlheletso

Maatla a a tlhotlheletsang tsela e re itshwarang ka yone ke karolo e nngwe e e botlhokwa ya motho wa kafa teng, yo o tshwantshediwang ke “pelo.” Ka jalo, ba ba neng ba ntsha meneelo ya go aga motlaagana, ba ne “ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa.” (Ekesodo 35:21) Bahebera 4:12 e tlhalosa gore lefoko la Modimo la tsholofetso, le tshwana le tšhaka, e bile le kgona go “lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” Jesu le ene o ne a bontsha gore mo pelong go tswa maatla a a tlhotlheletsang tsela e re itshwarang ka yone, e ka tswa e le e e siameng kgotsa e e sa siamang.—Mathaio 15:19.

Malebana le go leka go nna le maitlhomo a a siameng, Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra dira gore kamano ya rona le batho ba bangwe e tlhotlhelediwe ke go batla go bapala sengwe ka bopelotshetlha, kgotsa go rata madi le go eletsa dikhumo, e nne gone go laolang tsela e re tshelang ka yone. (1 Timotheo 6:9, 10; Jude 16) Go na le moo, e re kgothaletsa gore re leke go dira gore fa re direla Modimo e nne ka go bo re mo rata tota, mme lorato la go intsha setlhabelo e nne lone le le re kaelang fa re dirisana le badumedi ka rona. (Johane 15:12, 13; 1 Johane 5:⁠3) Baebele le yone e re kgothaletsa gore re tlwaele go rata ba bangwe jaaka re ithata.—Luke 10:27-37.

Gore pelo ya rona ya tshwantshetso e ntse jang, go tla bonala ka boikutlo jo re nang le jone, gore a re a ikgogomosa kgotsa re a ikokobetsa. (Diane 16:5) Maikutlo a rona le one ke karolo ya motho yoo wa kafa teng. A akaretsa lorato, boipelo, botlhoko, khutsafalo le letlhoo.—Lefitiko 19:17; Duteronome 6:5; 28:47; Baroma 9:2.

Ikele Tlhoko Gore O se Ka wa Nna le Pelo e e Boferefere

Le fa Adame a ne a itekanetse, o ne a letla pelo ya gagwe go raelwa; o ne a gana boammaaruri mme a furalela Modimo. (Bona Jakobe 1:14, 15.) Ka jalo, batho botlhe, bana ba ga Adame yo o leofileng, ba ne ba ithwalelwa mo boleong mme ba tsholwa ba na le boleo. (Pesalema 51:5) Morago ga Morwalela, Modimo o ne a bolela jaana malebana le batho botlhe ba ba leofileng: “Tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.”—Genesise 8:21.

Modimo o ne a raya setšhaba sa Juda se se neng se tsuologa a re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Seno ke tlhagiso e e masisi ya gore ba ba batlang go itumedisa Modimo ba tshwanetse go ela tlhoko e seng fela se batho ba tla se bonang mme le gore tota bone ka bobone ke batho ba ba ntseng jang. Motho a ka tswa a feditse dingwaga di le dintsi e le Mokeresete, a itse Baebele sentle, e bile a ikutlwa gore a ka kgona go lebana ka katlego le seemo lefa e le sefe se a ka lebanang le sone. Mme gone, le fa a itse sentle gore sengwe se se rileng ga se a siama le gore molao wa Modimo o se kgala ka tlhamalalo, megopolo le dikeletso tse a ntseng a di bolokile mo pelong ya gagwe mo sephiring di ka nna tsa mo raela go dira boleo.

Ka ntlha ya seno, Mokeresete, le fa a ka tswa a itse boammaaruri mme a akanya gore o godile semoyeng, o tshwanetse go gakologelwa gore boferefere bo ka nna teng mo pelong ya gagwe mme ka ntlha ya seo, o tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore a se ka a itsenya mo thaelong.—1 Bakorintha 10:8-12.

Go Dira ka “Pelo e e Feletseng”

Pelo ya mmatota e tshwanetse ya bo e feletse gore e kgone go dira sentle mme go ka direga gore pelo ya tshwantshetso e kgaogane. Dafide o ne a rapela jaana: “Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago,” a akantsha gore pelo ya motho e ka nna ya kgaogana malebana le se e se ratang le se e se boifang. (Pesalema 86:​11) Motho yo o ntseng jalo a ka nna a bo a le “pelopedi”—a obamela Modimo ka tsela e e mololo fela. (Pesalema 119:113; Tshenolo 3:16) Gape, motho a ka nna a bo a le “pelopedi” (totatota a na le dipelo tse pedi), a leka go direla beng ba babedi, kgotsa ka boferefere a bue sengwe se se rileng a ntse a akanya ka se sele.—1 Ditiragalo 12:33; Pesalema 12:2, mokwalo o o kwa tlase mo go Reference Bible.

Motho yo o batlang go itumedisa Modimo ga a tshwanela go nna pelopedi, go na le moo, o tshwanetse go mo direla ka pelo e e feletseng. (1 Ditiragalo 28:9) Go tlhokega gore motho a dire maiteko a magolo ka gonne pelo e gagamalela se e se batlang e bile e rata bosula. (Jeremia 17:9, 10) Dilo tse di ka re thusang gore re nne le pelo e e feletseng ke: go rapela go tswa pelong, go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha, go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo le go itsalanya le ba bangwe ba dipelo tsa bone di feletseng mo go Jehofa.—Esera 7:10; Pesalema 119:145; bapisa 2 Dikgosi 10:15, 16; Jeremia 20:9.