Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batlhanka ba Modimo ba Tshwana le Ditlhare ka Ditsela Dife?

Batlhanka ba Modimo ba Tshwana le Ditlhare ka Ditsela Dife?

Batlhanka ba Modimo ba Tshwana le Ditlhare ka Ditsela Dife?

FA MOPESALEMA a ne a bua ka motho yo o ratang melaometheo ya Baebele le go e dirisa mo botshelong jwa gagwe, o ne a re: “Mme ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo lwa sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” (Pesalema 1:1-3) Ke ka ntlha yang fa papiso eno e tshwanela?

Ditlhare di kgona go tshela nako e telele. Ka sekai, ga twe dingwe tsa ditlhare tsa motlhware tse di kwa kgaolong ya Mediterranean di na le dingwaga di ka nna sekete go ya go dikete tse pedi. Go ntse jalo le ka ditlhare tse di fitlhelwang kwa Afrika bogare tsa mowana tse le tsone di kgonang go tshela dingwaga tse dintsi, mme go dumelwa gore setlhare sa bristlecone sa kwa California se na le dingwaga di ka nna 4 600. Mo sekgweng, gantsi ditlhare tse di godileng sentle di solegela tikologo ya tsone molemo. Ka sekai, ditlhare tse ditelele di sireletsa matlhogela ka moriti wa tsone mme matlhare a a wang mo ditlhareng tseno a nontsha mmu.

Gantsi ditlhare tse ditelele thata mo lefatsheng di gola mmogo mo sekgweng, mme di kgona go tshegetsana. E re ka medi ya tsone e ka tswa e logagane, ditlhare di le mmalwa di ka kgona go emelana le sefefo botoka di le mmogo go na le fa setlhare se ikemetse se le sosi mo sekgweng. Gantsi, medi ya tsone e di thusa go bona metsi le menontsha e e lekaneng go tswa mo mmung. Ka dinako tse dingwe, medi ya tsone e e tseneletseng kwa teng mo mmung e ka nna meleele go feta setlhare ka bosone kgotsa medi ya sone e e anametseng kgakala e ka nna meleele go feta dikala tsa sone.

Moaposetoloi Paulo o ka tswa a ne a akantse ka setlhare fa a ne a tlhalosa gore Bakeresete ba tshwanetse go ‘tswelela ba tsamaya ba le seoposengwe le Keresete, ba namile medi e bile ba agiwa mo go ene gape ba tsepamisitswe mo tumelong.’ (Bakolosa 2:6, 7) Ee, Bakeresete ba ka kgona go ema ba nitame fela fa ba ka nna ba namile medi mo go Keresete.—1 Petere 2:21.

Batlhanka ba Modimo ba ka tshwantshiwa jang gape le ditlhare? Jaaka setlhare se se mo sekgweng se tshegediwa ke ditlhare tse di gaufi le sone, botlhe ba ba nnang ba le gaufi le phuthego ya Bokeresete le bone ba tla engwa nokeng ke badumedi ka bone. (Bagalatia 6:2) Bakeresete ba ba ikanyegang, ba ba godileng, ba ba nang le medi e e namileng ya semoya, ba thusa badumedi ba ba sa tswang go kopanela gore ba nne ba nitame mo tumelong, le fa ba lebane le dikganetso tse di tshwanang le sefefo. (Baroma 1:11, 12) Bakeresete ba ba sa tswang go kopanela ba ka kgona go nonofa fa ba sireletsegile mo “moriting” wa batlhanka ba Modimo ba ba nang le maitemogelo thata go feta bone. (Baroma 15:1) Mme botlhe ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete ya lefatshe lotlhe ba ka solegelwa molemo ke dijo tse di nonotshang tsa semoya tse re di fiwang ke “ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo,” e leng masalela a a tloditsweng.—Isaia 61:3.

A bo go itumedisa jang ne go bo batlhanka botlhe ba Modimo ba na le tebelelo ya go bona go diragadiwa ga tsholofetso e e mo go Isaia 65:22 e e bolelang jaana: “Jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

Godo-Foto