Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bokeresete Jwa Boammaaruri bo a Atlega

Bokeresete Jwa Boammaaruri bo a Atlega

Bokeresete Jwa Boammaaruri bo a Atlega

BODIREDI jwa ga Jesu Keresete bo ne jwa nna le tlhotlheletso e kgolo mo bathong mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Molaetsa wa gagwe o ne o nonotsha, o naya lesedi e bile o tlhotlheletsa ka tsela e e neng e gakgamatsa batho. Bontsi jwa batho ba ba neng ba mo reetsa ba ne ba kgatlhwa thata ke dilo tse a neng a di bua.—Mathaio 7:28, 29.

Jesu o ne a le pelokgale go gana go inaakanya le tsamaiso ya baruti le ya bopolotiki tsa motlha wa gagwe mme o ne a dira gore go nne motlhofo gore batho fela ba ba tlwaelegileng ba mo atamele. (Mathaio 11:25-30) O ne a bolela phatlalatsa gore meya e e boikepo e tlhotlheletsa batho mo lefatsheng mme a bontsha maatla a a a filweng ke Modimo go e lwantsha. (Mathaio 4:2-11, 24; Johane 14:30) Jesu ka botswerere o ne a bontsha kafa go boga go neng go amana thata ka teng le boleo, mme ka lorato o ne a bolela gore Bogosi Jwa Modimo ke jone bo ka namolelang batho ruri. (Mareko 2:1-12; Luke 11:2, 17-23) La bofelo, o ne a tlosetsa ruri sesiro sa lefifi se se neng se sa bolo go fitlha botho jwa mmatota jwa ga Rraagwe, ka go dira gore leina la Modimo le itsiwe ke batho botlhe ba ba kgatlhegelang go nna le kamano le Ene.—Johane 17:6, 26.

Ka jalo ga go gakgamatse gore le fa batho ba ne ba bogisiwa ka ntlha ya bodumedi le dipolotiki, barutwa ga ba Jesu ba ne ba anamisa molaetsa wa gagwe o o maatla ka bonako. Mo dingwageng di ka nna 30 fela go ne ga tlhongwa diphuthego tsa Bokeresete tse di tlhagafetseng kwa Afrika, Asia le Yuropa. (Bakolosa 1:23) Kwa Mmusomogolong wa Roma, dithuto tse di sa raraanang tsa ga Jesu tsa boammaaruri di ne tsa naya batho ba ba ikokobeditseng, ba ba dipelo di siameng lesedi.—Baefeso 1:17, 18.

Le fa go ntse jalo, barutwa bano botlhe ba basha ba ba tswang mo maemong a a farologaneng a itsholelo, ba ditso le dipuo tse di farologaneng, le ba madumedi a a farologaneng ba ne ba ka kopana jang mo ‘tumelong e le nngwe’ e tota e leng seoposengwe, jaaka moaposetoloi Paulo a ne a e bitsa? (Baefeso 4:5) Ke eng se se neng se ka dira gore ba nne ba ‘bua ka tumalano’ gore ba se ka ba kgaogana? (1 Bakorintha 1:10) Ka ntlha ya go tlhoka kutlwano mo go masisi mo go leng teng mo gare ga batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete gompieno, go ka nna molemo gore re tlhatlhobe se Jesu a neng a se ruta.

Se se Dirang Gore Bakeresete ba Nne Seoposengwe

Fa Jesu a ne a sekisiwa fa pele ga ga Ponto Pilato, o ne a tlhalosa se kutlwano ya Bokeresete e ikaegileng ka sone. O ne a re: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka boammaaruri. Mongwe le mongwe yo o mo letlhakoreng la boammaaruri o reetsa lentswe la me.” (Johane 18:37) Ka jalo go amogela dithuto tsa ga Jesu mmogo le Lefoko la Modimo lotlhe le le tlhotlheleditsweng, Baebele, go dira gore balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba utlwane.—1 Bakorintha 4:6; 2 Timotheo 3:16, 17.

Ee, barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla nna le dipotso kgotsa go sa utlwane ka dinako dingwe. Ke eng se se neng se tla ba thusa? Jesu o ne a tlhalosa a re: “Fa ene yoo a goroga, moya wa boammaaruri, o tla lo kaela go ya mo boammaaruring jotlhe, gonne ga a na go ipuela fela, mme dilo le fa e le dife tse a di utlwang o tla di bua, mme o tla lo bolelela dilo tse di tlang.” (Johane 16:12, 13) Ka jalo moya o o boitshepo wa Modimo o ne o tla dira gore barutwa ba mmatota ba ga Jesu ba tlhaloganye boammaaruri jaaka Modimo a ne a bo senola ka bonya ka bonya. Gape moya oo o ne o tla dira gore go nne le maungo, a a jaaka lorato, boipelo le kagiso tse di neng di tla dira gore ba utlwane.—Ditiro 15:28; Bagalatia 5:22, 23.

Jesu o ne a sa letle barutwa ba gagwe gore ba nne le dikgaogano le makoko; e bile o ne a sa ba naya tetla ya go tlhalosa sesha dithuto tsa lefoko la Modimo gore di dumalane le setso kgotsa le ditlwaelo tsa bodumedi tsa batho ba ba neng ba kopana le bone. Go na le moo, mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a na le bone, o ne a rapela jaana ka tlhoafalo: “Ke a kopa, e seng kaga bano fela, mme le ka ga ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone; gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le rona, gore lefatshe le dumele gore o nthomile.” (Johane 17:20, 21) Ka jalo, kutlwano ya mmatota, ka moya le ka boammaaruri, e ne e tla nna letshwao le le tlhaolang barutwa ba ga Keresete go tloga kwa tshimologong go tla go fitlha mo motlheng wa rona. (Johane 4:23, 24) Mme dikereke tsa gompieno di kgaogane, ga di utlwane. Seo se bakwa ke eng?

Lebaka La go Bo Dikereke di se Seoposengwe

Se tota se ka tlhalosang lebaka la go bo batho ba ba ipitsang Bakeresete gompieno ba dumela dilo tse di farologaneng thata jaana e bile ba na le ditlwaelo tse di farologaneng thata jaana ke gore ga ba a ngaparela dithuto tsa ga Jesu. Mokwadi mongwe o ne a re: “Fela jaaka mo metlheng ya bogologolo, gompieno batho ba ba sa tswang go nna Bakeresete ba rata go tlhopha dilo tse di ba kgotsofatsang tse di mo Baebeleng—mme ba itlhokomolose sengwe le sengwe se se sa tsamaisaneng le ditlwaelo tsa bone tsa bodumedi.” Ke sone se Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba boleletse pele gore se tla direga.

Ka sekai, fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhotlhelediwa, o ne a kwalela molebedi mmogo le ene, e bong Timotheo a re: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe; mme ba tla faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring, mme bone ba tla faposediwa kwa dipolelong tsa maaka.” A Bakeresete botlhe ba ne ba tla timediwa? Nnyaa. Paulo o ne a tswelela a re: “Mme wena, nna o thantse mo tlhaloganyong mo dilong tsotlhe, boga bosula, dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.” (2 Timotheo 4:3-5; Luke 21:8; Ditiro 20:29, 30; 2 Petere 2:1-3) Timotheo le Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba tshela tumalanong le kgakololo eo e e tlhotlheleditsweng.

Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Ntse ba le Seoposengwe

Jaaka Timotheo, Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba nna ba thantse ka go gana dikakanyo tsa batho mme ba amogela Dikwalo e le tsone fela motheo wa dilo tse ba di dumelang. (Bakolosa 2:8; 1 Johane 4:1) Basupi ba ga Jehofa ba etsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka go dira bodiredi jwa bone mo dinageng tse di fetang 230, ba isetsa batho gongwe le gongwe molaetsa o Jesu a neng a o ruta, e leng dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Sekaseka ditsela tse nnè tsa botlhokwa tse ba etsang Jesu ka tsone ba le seoposengwe le tse ba bontshang ka tsone gore ke Bakeresete ba boammaaruri gongwe le gongwe kwa ba nnang teng.

Se ba se dumelang se theilwe mo Lefokong la Modimo. (Johane 17:17) Moruti wa kereke nngwe kwa Belgium o ne a kwala jaana ka bone: “Sengwe se re ka se ithutang mo go bone [Basupi ba ga Jehofa] ke tsela e ba iketleeleditseng ka yone go reetsa Lefoko la Modimo le bopelokgale jo ba nang le jone go le rera.”

Ba tsaya Bogosi Jwa Modimo e le jone jo bo tla rarabololang mathata a lefatshe. (Luke 8:1) Kwa Barranquilla, kwa Colombia, Mosupi mongwe o ne a bua le Antonio, yo e leng molatedi yo o tlhagafetseng wa mokgatlho mongwe wa bopolotiki. Mosupi yoo ga a ka a tsaya letlhakore e bile ga a ka a buelela kgopolo epe e nngwe ya bopolotiki. Go na le moo, o ne a ithaopela go ithuta Baebele le Antonio le bomonnawe mahala. Go ise go ye kae Antonio o ne a lemoga gore tota Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo batho ba ba humanegileng ba Colombia le ba lefatshe lotlhe ba ka bo ikanyang.

Ba tlotla leina la Modimo. (Mathaio 6:9) Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopana la ntlha le Maria, yo e neng e le Mokatoliki yo o tlhoafetseng yo o nnang kwa Australia, o ne a dumela gore Basupi ba mmontshe leina la Modimo mo Baebeleng. O ne a ikutlwa jang? “Fa ke bona leina la Modimo lekgetlho la ntlha mo Baebeleng ke ne ka lela. Ke ne ka kgatlhwa thata ke go lemoga gore nka itse leina la Modimo le go le dirisa.” Maria o ne a tswelela a ithuta Baebele, mme a itse Jehofa jaaka motho le go kgona go nna le botsalano jo bo nnelang ruri le ene, e le la ntlha mo botshelong jwa gagwe.

Ba kopantswe ke lorato. (Johane 13:34, 35) Dikakgelo tsa bagatisi mo lokwalodikgannyeng lwa The Ladysmith-Chemainus Chronicle, kwa Canada di ne tsa re: “Le fa o ka tswa o le mo bodumeding bofe, kgotsa o se mo go bope gotlhelele, o tshwanetse go akgola Basupi ba ga Jehofa ba le 4 500 ba ba neng ba bereka bosigo le motshegare mo bekeng e e fetileng le halofo ba aga Holo ya Dikopano ya disekweremetara di le 2 300 kwa Cassidy . . . Go bo ba ne ba dira seno ba itumetse, ba se na manganga le dikgogakgogano kgotsa go ipatlela kgalalelo ke letshwao la Bokeresete jwa boammaaruri.”

Ka jalo, sekaseka bosupi. Fa baithutabodumedi ba Labokeresete, barongwa le batho ba ba tsenang kereke ba ntse ba lebane le kgotlhang e e larileng kwa pele mo dikerekeng tsa bone, Bokeresete jwa boammaaruri bo a atlega mo lefatsheng lotlhe. Eleruri Bakeresete ba boammaaruri ba diragatsa bodiredi jwa bone jo ba bo neilweng jwa go rera le go ruta Lefoko la Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Fa o le gareng ga batho ba ba “fegelwang le ba ba sonelang” ka ntlha ya dilo tse di makgapha tse di diregang gone jaanong mme o tshwenngwa ke go tlhoka kutlwano mo go leng teng mo madumeding a Labokeresete, re go laletsa gore o kopanele le Basupi ba ga Jehofa fa ba obamela Modimo yo o esi wa boammaaruri e bong Jehofa, ka tsela ya Bokeresete ya kutlwano.—Esekiele 9:4; Isaia 2:2-4.