Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa re Bontshang ka Teng Gore re Rata Modimo

Kafa re Bontshang ka Teng Gore re Rata Modimo

Kafa re Bontshang ka Teng Gore re Rata Modimo

GORE re tlhagolele go rata Modimo ga se kgang ya gore re ithute fela ka ene. Jaaka batlhanka ba Modimo go dikologa lefatshe ba ka bolela, lorato lwa boammaaruri ka Modimo lo gola fa motho a ntse a ithuta ka botho jwa gagwe, mme lo golela pele fa a ntse a tlwaelana le se Modimo a se ratang, se a sa se rateng, le dilo tse a di batlang mo go rona.

Ka lorato, Jehofa o re neile Lefoko la gagwe e leng Baebele, le mo go lone a re itshenolelang. Mo go lone re ithuta kafa Jehofa a ileng a dira ka teng mo maemong a a farologaneng. Fela jaaka re itumelela go amogela lekwalo go tswa mo go mongwe yo re mo ratang, re a itumela le fa re ithuta ka dilo tse disha tse di senogang ka botho jwa ga Jehofa mo Baebeleng.

Le fa go ntse jalo, jaaka re tlhola re bona mo bodireding jwa rona, ga se gantsi go ithuta ka Modimo go dirang gore batho ba mo rate. Jesu o ne a raya Bajuda bangwe ba ba sa anaaneleng ba mo nakong ya gagwe a re: “Lo hukutsa Dikwalo, ka gonne lo akanya gore ka tsone lo tla nna le botshelo jo bo sa khutleng; . . . mme ke itse sentle gore ga lo na lorato lwa Modimo mo go lona.” (Johane 5:39, 42) Batho bangwe ba fetsa dingwaga di le dintsi ba ithuta ka ditiro tse di lorato tsa ga Jehofa mme gone ba sa mo rate go le kalo. Ka ntlha yang? Ka gonne ga ba akanye ka gore se ba se ithutang se batla gore ba dire eng. Kafa letlhakoreng le lengwe, dimilione tsa batho ba ba dipelo di phepa ba re ithutang Baebele le bone ba lemoga gore tsela e ba ratang Modimo ka yone e tswelela pele e gola. Ka ntlha yang? Ka gonne, fela jaaka le rona re dirile, ba latela sekao sa ga Asafe. Ka tsela efe?

Tlhatlhanya ka Kanaanelo

Asafe o ne a ikemiseditse go godisa lorato lo a ratang Jehofa ka lone mo pelong ya gagwe. O ne a kwala jaana: “Ke tla bontsha go tshwenyega ka pelo ya me, . . .ke tla gakologelwa ditiro tsa ga Jah; gonne ke tla gakologelwa tiro ya gago e e gakgamatsang ya bogologolo. Mme ruri ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago, ke tla akanya ka ditiro tsa gago.” (Pesalema 77:6, 11, 12) Tsela e re ratang Modimo ka yone e tla gola mo pelong ya motho yo o tlhatlhanyang ka ditsela tsa ga Jehofa jaaka mopesalema a ne a dira.

Mo godimo ga moo, go nna re akantse ka maitemogelo a re nnileng le one fa re ntse re direla Jehofa go tla nonotsha kamano ya rona le ene. Moaposetoloi Paulo o ne a re re “badirimmogo” le Modimo, mme kamano e e ka nnang gone fa gare ga badirimmogo ke e e kgethegileng thata. (1 Bakorintha 3:9) Jehofa o anaanela fa re mmontsha ka ditiro le ka mafoko gore re a mo rata e bile o a go itumelela. (Diane 27:11) Ka jalo, fa re kopa Jehofa gore a re thuse mme a bo a re kaela fa re na le bothata bongwe, re itse gore o na le rona, mme tsela e re mo ratang ka yone e a gola.

Batho ba babedi ba nna ditsala tse dikgolo fa ba ntse ba bolelana maikutlo a bone. Ka tsela e e tshwanang, fa re bolelela Jehofa gore ke ka ntlha yang fa re ineetse mo go ene, tsela e re mo ratang ka yone e a nonofa. Re tla iphitlhela re akantse ka mafoko ano a ga Jesu: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mareko 12:30) Ke eng se re ka se dirang go tlhomamisa gore re tla tswelela re rata Jehofa ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka tlhaloganyo yotlhe le ka nonofo yotlhe ya rona?

Go Rata Jehofa ka Pelo Yotlhe ya Rona

Dikwalo di bua ka pelo ya tshwantshetso, e leng motho wa kafa teng—dikeletso tsa rona, mekgwa le maikutlo a rona. Ka jalo, go rata Jehofa ka pelo yotlhe go raya gore re eletsa go itumedisa Modimo go feta ope fela yo mongwe. (Pesalema 86:11) Re bontsha gore re mo rata ka tsela e e ntseng jalo ka go dira gore re nne le botho jo a bo amogelang. Re leka go etsa Modimo ka go ‘tlhoa se se boikepo le go ngaparela se se molemo.’—Baroma 12:9.

Tsela e re ratang Modimo ka yone e ama kafa re ikutlwang ka teng ka sengwe le sengwe. Ka sekai, re ka nna ra fitlhela gore tiro ya rona ke e re e ratang thata kana e re tseela nako e ntsi, mme gone a ke koo re beileng pelo ya rona gone? Nnyaa. E re ka re rata Jehofa ka pelo yotlhe, tota re badiredi ba Modimo. Ka tsela e e tshwanang, re batla go itumedisa batsadi ba rona, balekane ba rona ba lenyalo le bathapi ba rona, mme re bontsha fa re rata Jehofa ka pelo yotlhe ka go dira gore mo dilong tsotlhe re itumedise ene pele. E bile, o tshwanelwa ke go tsaya maemo a ntlha mo pelong ya rona.—Mathaio 6:24; 10:37.

Go Rata Jehofa ka Moya Otlhe wa Rona

Mo Dikwalong, lefoko “moya” tota le raya motho jaaka a feletse le botshelo jo bo mo go ene. Ka jalo, go rata Jehofa ka moya otlhe go raya gore re dirisa matshelo a rona go mmaka le go mmontsha gore re a mo rata.

Ke boammaaruri gore go ka nna le dilo tse dingwe tse re di ratang mo botshelong, tse di jaaka go ithuta go dira tiro nngwe, go nna le kgwebo kana go nna le lelapa. Mme ka nako e e tshwanang, re bontsha gore re rata Jehofa ka moya otlhe ka go dira dilo ka tsela e a batlang ka yone le ka go dira gore dilo tse dingwe di nne mo mannong a tsone mo matshelong a rona, ka go dira jalo re ‘batla pele bogosi le tshiamo ya gagwe.’ (Mathaio 6:33) Gape go obamela ka moya otlhe go raya gore re tlhagafale. Re bontsha Jehofa gore re a mo rata ka go tlhagafalela go rera molaetsa wa Bogosi, go neela dikakgelo tse di agang kwa dipokanong kana ka go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. Mo dilong tsotlhe, re nna re “dira thato ya Modimo ka moya otlhe.”—Baefeso 6:6.

Jesu o ne a bontsha fa a rata Modimo ka moya otlhe ka go iitatola. O ne a dira gore thato ya Modimo e nne yone e tlang pele mme dilo tse a di tlhokang di tle kwa morago. Jesu o ne a re kgothaletsa go etsa sekao sa gagwe. O ne a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Mathaio 16:24, 25) Go iitatola go raya go ineela. Go raya gore re rate Modimo thata jaana mo re dirang gore re nne ba gagwe ka botlalo, fela jaaka motlhanka wa Moiseraele mo dinakong tsa go kwalwa ga Baebele a ne a rata mong wa gagwe thata mo a neng a fetoga motlhanka wa gagwe go ya go ile. (Duteronome 15:16, 17) Go ineela mo go Jehofa ke bosupi jo bo feletseng jwa gore re a mo rata.

Go Rata Jehofa ka Tlhaloganyo Yotlhe ya Rona

Go rata Jehofa ka tlhaloganyo yotlhe ya rona go raya gore re dira bojotlhe jwa rona go tlhaloganya botho jwa gagwe, maikaelelo a gagwe le se a se batlang mo go rona. (Johane 17:3; Ditiro 17:11) Re bontsha gore re rata Jehofa ka go dirisa bokgoni jotlhe jwa rona jwa go akanya go thusa ba bangwe gore le bone ba rate Jehofa le ka go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go ruta. Moaposetoloi Petere o ne a re kgothaletsa jaana: “Tlamang megopolo ya lona lo e tlamela tiro.” (1 Petere 1:13) Gape, re leka go kgatlhegela batho ba bangwe, segolobogolo batlhanka mmogo le rona ba Modimo. Re lemoga maemo a bone e bile re a bona fa go tshwanela go ba akgola kana fa go tlhokega go ba gomotsa.

Re bontsha Jehofa gore re mo rata ka tlhaloganyo yotlhe ya rona ka go ineela mo go ene ka megopolo ya rona. Re leka go leba dilo ka tsela ya gagwe, re akanya ka ene fa re dira ditshwetso, e bile re dumela gore ditsela tsa gagwe ke tse di siameng go feta tsotlhe. (Diane 3:5, 6; Isaia 55:9; Bafilipi 2:3-7) Mme fa re ntse re bontsha gore re rata Modimo, re ka dirisa jang nonofo ya rona?

Go Rata Jehofa ka Nonofo Yotlhe ya Rona

Basha ba le bantsi ba dirisa nonofo ya bone mo phuthegong ya Bokeresete go galaletsa Jehofa. (Diane 20:29; Moreri 12:1) Tsela nngwe e basha ba le bantsi ba Bakeresete ba bontshang ka teng gore ba rata Jehofa ka nonofo yotlhe ke ka go nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela, bodiredi jwa nako e e tletseng. Bommè ba le bantsi ba ya tshimong fa bana ba bone ba ile sekolong. Bagolwane ba ba ikanyegang ba ba dirang maeto a bodisa mo godimo ga go tlhokomela malapa a bone ba bontsha fa ba rata Jehofa ka nonofo yotlhe ya bone. (2 Bakorintha 12:15) Jehofa o naya ba ba solofetseng mo go ene maatla, gore ba kgone go bontsha lorato lwa bone ka go mmaka, ba dirisa nonofo epe fela e ba ka tswang ba na le yone.—Isaia 40:29; Bahebera 6:11, 12.

Lorato lo tla gola fa lo tlhagolelwa sentle. Ka jalo, re tshwanetse go tswelela re ipha nako ya go tlhatlhanya. Re gakologelwa se Jehofa a se re diretseng le lebaka la go bo a tshwanelwa ke gore re ineele mo go ene. E re ka re le ditlogolwana tse di sa itekanelang tsa ga Adame, ga re ka ke le ka motlha ra tshwanelwa ke “dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang,” mme re ka bontsha gore re rata Jehofa ka bojotlhe jwa rona. A re tsweleleng pele go dira jalo!—1 Bakorintha 2:9.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Re bontsha gore re rata Modimo ka ditiro tsa rona