Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Go ile ga diragala eng ka nako ya tiragalo e e kwadilweng mo go Ekesodo 4:24-26, mme ke botshelo jwa ga mang jo bo neng bo le mo kotsing?

Moshe o ne a le mo tseleng a ya Egepeto le mosadi wa gagwe e bong Siphora, le barwa ba gagwe Gereshome le Eliasare, fa go ne go direga se se latelang: “Go ne ga diragala mo tseleng kwa lefelong la bonno gore Jehofa a kopane le ene mme a nna a batla tsela ya go mmolaya. Labofelo Siphora a tsaya legweka mme a kgaola letlalo la bonna la ga morwawe mme a dira gore le ame dinao tsa gagwe a bo a re: ‘Ke ka gonne o monyadi wa madi mo go nna.’ Ka gone a mo lesa a tsamaya. Ka nako eo Siphora a re: ‘Monyadi wa madi,’ ka ntlha ya go rupa.” (Ekesodo 4:20, 24-26) Le mororo ditemana tseno di sa tlhaloganyesege sentle e bile go sa kgonege gore go tlhomamisiwe gore di kaya eng, Dikwalo di re naya lesedinyana ka ditemana tseno.

Pego eno ga e tlhalose sentle gore ke botshelo jwa ga mang jo bo neng bo le mo kotsing. Le fa go ntse jalo, go a utlwala gore re ka swetsa ka gore e ne e se botshelo jwa ga Moshe, ka gonne o ne a sa tswa go amogela taelo e e tswang kwa Modimong ya gore a etelele Baiseraele pele go tswa kwa Egepeto. (Ekesodo 3:10) Ga go bonale go ka direga gore fa Moshe a sa ntse a le mo tseleng go ya go diragatsa tiro eo, moengele wa Modimo a bo a tshosetsa gore o tla mmolaya. Ka jalo, go bonala e ne e le botshelo jwa mongwe wa barwa ba gagwe jo bo neng bo le mo kotsing. Molao o Aborahame a neng a o neetswe pelenyana ga moo malebana le go rupa o bolela jaana: “Motho wa monna yo o sa rupisiwang yo nama ya letlalo la gagwe la bonna e se kitlang e rupisiwa, moya oo a o kgaolwe mo bathong ba one. O tlodile kgolagano ya me.” (Genesise 17:14) Go bonala Moshe a ile a itlhokomolosa go rupisa morwawe, mme ka ntlha ya seo moengele wa ga Jehofa o ne a tshosetsa go bolaya mosimane.

Ke dinao tsa ga mang tse di neng tsa amiwa fa Siphora a ne a kgaola letlalo la bonna lwa morwawe fa a ne a leka go baakanya dilo? E ne e le moengele wa ga Jehofa yo o neng a na le maatla a go bolaya morwa yo o sa rupisiwang. Ka jalo, go a utlwala gore Siphora o ne a tla dira gore letlalo la bonna le ame dinao tsa moengele, e le bosupi jwa gore o dirile se se batlegang mo kgolaganong.

Mafoko a ga Siphora a a reng “o monyadi wa madi mo go nna” ga a tlwaelega. A supa eng ka ene? Ka go diragatsa se se batlegang mo kgolaganong malebana le go rupisiwa, Siphora o ne a dumela go tsena mo kgolaganong ya go nna le kamano le Jehofa. Molao wa kgolagano o o neng wa dirwa le Baiseraele moragonyana o bontsha gore mo kgolaganong eno ya go nna le kamano le ene, Jehofa a ka tsewa e le monna mme motho yo mongwe e le mosadi wa gagwe. (Jeremia 31:32) Ka jalo, fa a ne a bitsa Jehofa (ka moemedi wa gagwe wa moengele) a re ke “monyadi wa madi,” go bonala Siphora ka boene a ne a amogela dilo tse di batlegang mo kgolaganong. Go ne go ntse jaaka e kete o amogela boemo jwa go nna mosadi mo kgolaganong ya go rupisiwa mme Jehofa Modimo ene e le monna wa gagwe. Le fa go ntse jalo, ka go bo a ile a tsaya kgato go supa gore o tla dira se Modimo a se batlang, botshelo jwa morwawe bo ne bo sa tlhole mo le mo kotsing.