Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Dira Tiro ya Moefangele”

“Dira Tiro ya Moefangele”

“Dira Tiro ya Moefangele”

“Nna o thantse mo tlhaloganyong mo dilong tsotlhe, . . . dira tiro ya moefangele.”—2 TIMOTHEO 4:5.

1. Ke taelo efe e Jesu a ileng a e naya balatedi ba gagwe?

LEINA la ga Jehofa le maikaelelo a gagwe a bolelwa mo lefatsheng lotlhe. Seno ke ka gonne batho ba Modimo ba ba ineetseng mo go ene ba ile ba tsaya tsia taelo eno e Jesu Keresete a ileng a e naya balatedi ba gagwe: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.

2. Timotheo yo e neng e le molebedi o ile a newa kgakololo efe, mme ke tsela efe e nngwe e balebedi ba Bakeresete ba ka diragatsang bodiredi jwa bone ka yone?

2 Barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsaya taelo eo tsia. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ile a rotloetsa molebedi ka ene wa Mokeresete e bong Timotheo jaana: “Dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.” (2 Timotheo 4:5) Gompieno, tsela nngwe e molebedi a diragatsang boikarabelo jwa gagwe ka yone mo bodireding ke ka go nna mmoledi yo o tlhagafetseng wa Bogosi, a nna le seabe ka metlha mo bodireding jwa tshimo. Ka sekai, molebedi wa Thuto ya Buka ya Phuthego o na le tshiamelo e e itumedisang ya go etelela ba bangwe pele mo bodireding le go ba thapisa. Paulo o ile a diragatsa boikarabelo jwa gagwe ka namana jwa go bolela dikgang tse di molemo le go thusa ba bangwe mo bodireding ka go ba thapisa.—Ditiro 20:20; 1 Bakorintha 9:16, 17.

Bareri ba ba Tlhagafetseng ba Nako e e Fetileng

3, 4. Ke ditiragalo dife tse di neng tsa diragalela Filipo mo tirong ya go rera?

3 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itsege e le bareri ba ba tlhagafetseng. Akanya ka Filipo wa moefangele. E ne e le mongwe wa “banna ba le supa . . . ba ba tlhomamisitsweng, ba ba tletseng moya le botlhale” ba ba neng ba tlhophelwa go dira tiro ya go abela batlholagadi ba Bakeresete ba ba buang Segerika le ba ba buang Sehebera dijo letsatsi le letsatsi kwa Jerusalema kwantle ga go tlhaola ope. (Ditiro 6:1-6) Morago ga gore kabelo eo e e kgethegileng e fele le fa pogiso e sena go dira gore botlhe ba aname kwantle ga baaposetoloi fela, Filipo o ne a ya kwa Samarea. Fa a le koo o ne a bolela dikgang tse di molemo mme a nonotshiwa ke moya o o boitshepo go leleka badimona le go alafa batho ba ba tlhotsang le ba ba golafetseng. Basamarea ba le bantsi ba ne ba amogela molaetsa wa Bogosi mme ba kolobediwa. Fa baaposetoloi kwa Jerusalema ba utlwalela seno ba ne ba romela moaposetoloi Petere le Johane kwa Samarea gore badumedi ba basha ba ba sa tswang go kolobediwa ba amogele moya o o boitshepo.—Ditiro 8:4-17.

4 Go tswa foo moya wa Modimo o ne wa kaela Filipo gore a ye go kopana le moopafadiwa mongwe yo o neng a le mo tseleng e e yang kwa Gasa. Fa Filipo a sena go mo tlhalosetsa boporofeti jwa Isaia sentle, ‘monna yono yo o nang le taolo kafa tlase ga Kandase kgosigadi ya Baethiopia’ o ne a dumela mo go Jesu Keresete mme a kolobediwa. (Ditiro 8:26-38) Morago ga foo Filipo o ne a ya kwa Ashedoda mme go tswa koo a ya kwa Kaesarea, “a bolela dikgang tse di molemo mo metseng yotlhe.” (Ditiro 8:39, 40) A sekao se se molemo ruri mo tirong ya go rera!

5. Bomorwadia Filipo ba banè ba ne ba itsege thata ka eng?

5 Filipo o ne a sa ntse a tlhagafetse mo bodireding kwa Kaesarea dingwaga di ka nna 20 moragonyana. Ka nako ya fa Paulo le Luke ba ne ba nna mo ntlong ya gagwe, “o ne a na le bana ba le banè ba basetsana, makgarebane, a a neng a porofeta.” (Ditiro 21:8-10) Go bonala ba ne ba thapisitswe sentle semoyeng, ba tlhagafetse mo bodireding e bile ba na le tshiamelo ya go bua ka tsela ya go porofeta. Tlhagafalo e gompieno batsadi ba e bontshang mo bodireding e ka ama bana ba bone ka tsela e e molemo, e ka ba tlhotlheletsa go dira gore tiro ya go rera ka tlhagafalo e nne tiro ya bone ya botshelo jotlhe.

Bareri ba ba Tlhagafetseng Gompieno

6. Ke katlego efe e bareri ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ileng ba nna le yone?

6 Jesu Keresete o ile a bua jaana mo boporofeting jwa gagwe jo bogolo jo bo buang ka motlha wa rona le nako ya bokhutlo: “Mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.” (Mareko 13:10) Bokhutlo bo ne bo tla tla morago ga gore dikgang tse di molemo di rerwe “mo lefatsheng lotlhe.” (Mathaio 24:14) Fa Paulo le bareri ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ntse ba rera dikgang tse di molemo, batho ba le bantsi ba ne ba nna badumedi, le diphuthego di ne tsa tlhongwa mo mafelong ka go latelana mo Mmusomogolong otlhe wa Roma. Bagolwane ba ba neng ba tlhomiwa go direla mo diphuthegong tseno ba ne ba kopanela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone mo tirong ya go rera mme ba atolosetsa tiro ya go rera kwa mafelong a a kwa kgakala. Lefoko la ga Jehofa le ne la tswelela le gola mo malatsing ao, fela jaaka le gola le gompieno ka go bo dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro ya go rera. (Ditiro 19:20) A o mongwe wa batho bao ba ba bakang Jehofa ka boitumelo?

7. Baboledi ba Bogosi ba dira eng gompieno?

7 Baboledi ba le bantsi ba Bogosi gompieno ba dirisa ka botlalo ditshono tse ba nnang le tsone go oketsa seabe sa bone mo tirong ya go rera. Diketekete tsa bone di ile tsa tsenela tiro ya borongwa mme dikete di le makgolokgolo tsa bone di nna le seabe mo tirong ya go rera ka nako e e tletseng e le babulatsela ba ka metlha le ba ba thusang. Mme a bo banna, basadi le bana ba e leng baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi ba dira tiro e e molemo jang ne! Ee ruri, batho botlhe ba ga Jehofa ba itumelela masego a gagwe a magolo fa ba ntse ba mo direla ba le seoposengwe mo tirong ya go nna bareri ba Bakeresete.—Sefania 3:9.

8. Ke tiro efe ya go tshwaya e gone jaanong e dirwang, mme e dirwa ke bomang?

8 Modimo o abetse balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu boikarabelo jwa go bolela dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Mo tirong eno ya go rera ba engwe nokeng ke palo e e ntseng e oketsega ya “dinku tse dingwe” tsa ga Keresete. (Johane 10:16) Ka tsela ya boporofeti, tiro eno e e namolang matshelo e tshwantshiwa le go baya letshwao mo diphatleng tsa batho ba ba fegelwang le go sonelwa ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di makgapha tse di diregang gone jaanong. Go ise go ye kae baikepi ba tla nyelediwa. Mme gone, a bo e le tshiamelo e e molemo jang ne go itsise baagi ba lefatshe lotlhe dithuto tse di namolang matshelo!—Esekiele 9:4-6, 11.

9. Batho ba basha ba ka thusiwa jang mo bodireding?

9 Fa e le gore re setse re na le lobaka re nna le seabe mo tirong eno ya go rera, go ka direga gore re kgone go dira sengwe go thusa ba basha mo phuthegong. Ka dinako dingwe re ka ba kopa gore ba tsamaye le rona mo bodireding. Bagolwane ba kgothalediwa go dira sotlhe se ba ka se kgonang go aga badumedi ka bone semoyeng. Maiteko a a molemo a a dirwang ke balebedi ba ba boikokobetso a ka dira go ka tlala seatla go thusa ba bangwe go nna bareri ba ba tlhagafetseng le ba ba nang le matswela.—2 Petere 1:5-8.

Go Neela Bosupi ka Ntlo le Ntlo

10. Keresete le balatedi ba gagwe ba pele ba ne ba tlhoma sekao sefe mo bodireding?

10 Jesu Keresete o ne a tlhomela balatedi ba gagwe sekao se se molemo mo tirong ya go rera. Lefoko la Modimo le bolela jaana kaga bodiredi jwa ga Keresete le baaposetoloi ba gagwe: “A simolola go eta go tswa motseng go ya motseng le go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo. Mme ba ba lesome le bobedi ba ne ba na le ene.” (Luke 8:1) Go tweng ka baaposetoloi ka bobone? Fa ba sena go tshololelwa moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E., “letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.”—Ditiro 5:42.

11. Go ya ka Ditiro 20:20, 21, ke eng se moaposetoloi Paulo a ileng a se dira mo bodireding jwa gagwe?

11 Moaposetoloi Paulo o ne a ka raya bagolwane ka ene ba Bakeresete ba Efeso jaana ka ntlha ya tsela e a neng a tlhagafaletse go rera ka yone: “Ke ne ke sa ithibe go lo bolelela sepe sa dilo tse di neng di na le poelo le fa e le go lo ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” Fa Paulo a ne a ‘ruta ka ntlo le ntlo,’ a o ne a etela baobamedi ka ene ba ga Jehofa kwa matlong a bone, a ba etela ka maeto a bodisa? Ga go a nna jalo ka gonne o tswelela a tlhalosa jaana: “Ke ne ka naya bosupi ka botlalo mo Bajudeng le mo Bagerikeng kaga boikwatlhao mo Modimong le tumelo mo Moreneng wa rona Jesu.” (Ditiro 20:20, 21) Gantsi batho ba ba neng ba setse ba ineetse mo go Jehofa ba ne ba ka se tlhoke go rutwa kaga “boikwatlhao mo Modimong le tumelo mo Moreneng wa rona Jesu.” Paulo o ne a thapisa bagolwane ba Bakeresete ba Efeso mo bodireding jwa ntlo le ntlo fa a ntse a ruta batho ba e seng badumedi kaga boikwatlhao le tumelo. Fa Paulo a dira seno, o ne a etsa sekao sa ga Jesu.

12, 13. Go dumalana le Bafilipi 1:7, batho ba ga Jehofa ba ile ba dira eng malebana le tshwanelo ya bone ya go rera?

12 Bodiredi jwa ntlo le ntlo e ka nna tiro e e gwetlhang. Ka sekai, batho bangwe ba a kgopisega fa re ba etela kwa magaeng a bone ka molaetsa wa Baebele. Ga se gore re rata go kgopisa batho. Le fa go ntse jalo, bodiredi jwa ntlo le ntlo ke bodiredi jo bo tshegediwang ke Dikwalo mme lorato lo re ratang Modimo le moagelani ka lone lo re tlhotlheletsa go neela bosupi ka tsela eno. (Mareko 12:28-31) Go ‘sireletsa le go tlhomamisa semolao’ tshwanelo ya rona ya go rera ka ntlo le ntlo, re ile ra isa dikgetsi tsa rona kwa dikgotlatshekelong, go akaretsa le Kgotlatshekelokgolo ya United States. (Bafilipi 1:7) Mo maemong a le mantsi kgotlatshekelo eo e ile ya atlhola dilo ka tsela e e re emang nokeng. Sekai sengwe sa dikatlholo tseo ke se se latelang:

13 “Go anamisiwa ga dipampitshana tsa bodumedi ke mokgwa o o sa bolong go nna o dirisiwa ke barongwa mo tirong ya go rera—o sale o simologa ka nako e le nngwe le go tlhamiwa ga metšhine ya go gatisa. O ile wa nna sedirisiwa se se maatla mo madumeding a le mantsi go ralala dingwaga. Mokgwa ono wa go rera o a dirisiwa le gompieno, o dirisiwa thata ke madumedi a a farologaneng a baanamisi ba one ba dibuka ba anamisetsang Efangele kwa diketeketeng tsa magae le go gapela badumedi ba basha mo tumelong ya bone ka go ba etela mo magaeng a bone. . . . Mofuta ono wa tiro ya bodumedi o tsewa o le botlhokwa thata mo Phetogong ya Ntlha [ya Molaotheo wa United States] fela jaaka kobamelo ya mo dikerekeng le go rera go tswa mo aletareng.”—Murdock v. Pennsylvania, 1943.

Ke Eng fa re Tswelela re Rera?

14. Bodiredi jwa rona bo ka nna le matswela afe a a molemo?

14 Go na le mabaka a le mantsi a go bo re rera ka ntlo le ntlo. Nako le nako fa re etela mong wa ntlo, re leka go jala peo ya boammaaruri jwa Dikwalo. Fa re dira maeto a go boela re a bo re leka go e nosetsa. Mme seno se ka ama mong wa ntlo ka tsela e e molemo, ka gonne Paulo o ile a kwala jaana: “Ke ne ka jala, Apolose a nosetsa, mme Modimo o ne a nna a godisa.” (1 Bakorintha 3:6) Ka gone, a re tsweleleng re ‘jala le go nosetsa,’ ka tsholofelo ya gore Jehofa ‘o tla godisa.’

15, 16. Ke eng fa re etela batho gangwe le gape kwa magaeng a bone?

15 Re dira tiro ya go rera ka gonne matshelo a batho a mo kotsing. Ka tiro ya go rera re ka ipoloka ra ba ra boloka le ba ba re reetsang. (1 Timotheo 4:16) Fa o ne o itse gore botshelo jwa mongwe bo mo kotsing, a o ne o ka dira maiteko a go mo thusa ka go itsemeletsa? Legoka! Re nna re boela kwa magaeng a batho e re ka go dira jalo go ka nna ga dira gore ba bolokwe. Maemo a batho a a fetoga. Motho yo o ka tswang a tshwaregile mo a sa kgoneng go reetsa molaetsa wa Baebele ka lekgetlo lengwe a ka nna a rata go o reetsa mo lekgetlong le lengwe. Re ka nna ra kopana le mongwe o sele mo lelapeng le re neng re le etetse mo nakong e e fetileng mme seo sa dira gore re kgone go tlotla le ene ka Dikwalo.

16 Ga se fela gore maemo a beng ba matlo a a fetoga mme go ka fetoga le maikutlo a bone. Ka sekai, khutsafalo ya go latlhegelwa ke moratiwa ka loso e ka tlhotlheletsa motho gore a reetse molaetsa wa Bogosi. Re solofela go gomotsa motho yoo, re mo thusa go tshwenyega ka dilo tse a di tlhokang semoyeng le go mmontsha gore a ka di bona jang.—Mathaio 5:3, 4.

17. Lebaka le legolo go gaisa otlhe la go bo re rera ke lefe?

17 Lebaka le legolo go gaisa otlhe la go bo re neela batho bosupi ka ntlo le ntlo kana re dira mefuta e mengwe ya bodiredi jwa Bokeresete ke ka gonne re batla go itsise batho leina la ga Jehofa. (Ekesodo 9:16; Pesalema 83:18) A bo go itumedisa jang fa tiro ya rona ya go rera e thusa batho ba ba ratang boammaaruri le tshiamo go nna baobamedi ba ga Jehofa! Mopesalema o ile a opela jaana: “Lona makau le lona makgarebane, lona bannabagolo mmogo le basimane. A ba bake leina la ga Jehofa, gonne leina la gagwe le le losi le kwa bogodimong jo bo sa fitlhelesegeng. Seriti sa gagwe se kwa godimo ga lefatshe le legodimo.”—Pesalema 148:12, 13.

Go Rera go re Solegela Molemo

18. Tiro ya go rera e re solegela molemo jang?

18 Go dira tiro ya go rera go re solegela molemo rona ka borona ka ditsela tse di farologaneng. Go rera dikgang tse di molemo ka ntlo le ntlo go re thusa go nna boikokobetso, segolobogolo fa batho ba sa re amogele. Gore re nne bareri ba ba nang le matswela re tshwanetse go tshwana le Paulo, yo o neng a ‘nna dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore a ke a boloke bangwe.’ (1 Bakorintha 9:19-23) Maitemogelo a re nnang le one mo bodireding a re thusa go nna kelotlhoko gore re se ka ra kgopisa batho. Fa re ikaega ka Jehofa le go tlhopha mafoko a a siameng fa re bua le batho, re ka kgona go dirisa kgakololo eno ya ga Paulo: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—Bakolosa 4:6.

19. Moya o o boitshepo o re thusa jang mo tirong ya go rera?

19 Gape tiro ya go rera e re tlhotlheletsa go ikaega ka moya o o boitshepo wa Modimo. (Sekarea 4:6) Fa re dira jalo, maungo a one—“lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo”—a tla bonala mo bodireding jwa rona. (Bagalatia 5:22, 23) A tla ama tsela e re dirisanang le batho ba bangwe ka yone, ka gonne go ikobela kaelo ya moya go re thusa go dirisana le bone ka lorato, ka boipelo le ka kagiso, re le pelotelele le pelonomi, le go ba bontsha molemo, tumelo, bonolo le boikgapo fa re ntse re bolela dikgang tse di molemo.

20, 21. Mengwe ya melemo ya go nna re tshwaregile mo tirong ya go rera ke efe?

20 Molemo o mongwe o tiro ya rona ya go rera e re thusang ka one ke gore e dira gore re nne batho ba ba kutlwelobotlhoko. Fa batho ba re bolelela mathata a bone—malwetse, go tlhoka tiro, mathata a lelapa—ga re itire bagakolodi ba bone, go na le moo re tlotla le bone ka dikwalo tse di ka ba kgothatsang le tse di ka ba gomotsang. Re amega ka batho ba ba foufaditsweng semoyeng mme ba bonala ba rata tshiamo. (2 Bakorintha 4:4) A bo go itumedisa jang ne go thusa batho ba ba nang “le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng,” re ba thusa ka tsela ya semoya!—Ditiro 13:48.

21 Go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera go re thusa go nna re tlhomile mogopolo mo dilong tsa semoya. (Luke 11:34) Ruri seo se re solegela molemo ka gonne fa re sa dire jalo re ka nna ra iphitlhela re gapilwe ke moya wa go rata dikhumo o o anameng thata jaana gompieno. Moaposetoloi Johane o kgothatsa Bakeresete jaana: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:15-17) Go nna re tshwaregile mo tirong ya go rera re na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena go re thusa gore re se ka ra rata lefatshe.—1 Bakorintha 15:58.

Ipolokele Matlotlo Kwa Legodimong

22, 23. (a) Bareri ba Bakeresete ba ipolokela matlotlo afe? (b) Setlhogo se se latelang se tla re thusa jang?

22 Tiro ya go rera ka Bogosi ka tlhagafalo e re leretse melemo e e nnelang ruri. Jesu o ile a bontsha seno fa a ne a re: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, mo motoutwane le ruse di jang gone, le mo magodu a thubang gone a ba a utswa. Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong, kwa motoutwane le fa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa. Gonne kwa letlotlo la gago le leng gone, le pelo ya gago e tla nna gone koo.”—Mathaio 6:19-21.

23 E kete re ka tswelela pele re ipolokela matlotlo kwa legodimong, ka re itse gore ga go tshiamelo epe e nngwe e e fetang ya go nna baemedi ba Morena Molaodimogolo Jehofa ka go nna Basupi ba gagwe. (Isaia 43:10-12) Fa re ntse re diragatsa boikarabelo jwa rona jwa go nna badiredi ba Modimo, go ka direga gore re ikutlwe jaaka mosadi mongwe wa Mokeresete yo o nang le dingwaga tse 90 yo o ileng a bua mafoko ano malebana le dingwaga tse dintsi tse a di feditseng mo tirelong ya Modimo: “Ke leboga Jehofa go bo a nnile pelotelele le nna mo dingwageng tseno tsotlhe tse ke ntseng ke mo direla ka tsone, mme ke rapela ka tlhoafalo gore a tswelele pele e le Rre wa me yo o lorato ka bosakhutleng.” Fa le rona re anaanela kamano e re nang le yone le Modimo, ruri re tla lwela go dira tiro ya go rera ka botlalo. Setlhogo se se latelang se tla re thusa go bona kafa re ka wetsang bodiredi jwa rona ka botlalo ka teng.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re tshwanetse go dira tiro ya go rera?

• O ka reng ka tiro ya bareri ba nako e e fetileng le ba gone jaanong?

• Ke eng fa re neela bosupi ka ntlo le ntlo?

• O solegelwa molemo jang ke go dira tiro ya go rera?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Le gompieno go na le batho ba ba dirang tiro ya go rera ka boipelo fela jaaka Filipo le bomorwadie

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

O solegelwa molemo jang ka bowena fa o buisana le batho ba bangwe ka dikgang tse di molemo?