Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ehude o Roba Jokwe ya Mogateledil

Ehude o Roba Jokwe ya Mogateledil

Ehude o Roba Jokwe ya Mogateledil

ENO ke pego e e boammaaruri e e bontshang bopelokgale le go loga maano ka botlhale. E ne ya diragala mo e ka nnang dingwaga tse 3 000 tse di fetileng. Pego eno ya Dikwalo e simolola ka mafoko ano: “Mme bomorwa Iseraele ba boa gape ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. Foo Jehofa a letla Egelone kgosi ya Moabe gore a nonofe kgatlhanong le Iseraele, ka gonne ba ne ba dirile se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. Mo godimo ga moo, a phutha bomorwa Amona le Amaleke gore ba ba tsogologele. Foo ba ya go kgemetha Iseraele le go thopa motse wa ditlhare tsa mokolane. Mme bomorwa Iseraele ba tswelela ba direla Egelone kgosi ya Moabe dingwaga di le lesome le borobedi.”—Baatlhodi 3:12-14.

Lefatshe la Bamoaba le ne le etse kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane le Lewatle le le Suleng. Mme ba ne ba kgabagantse noka ba nna mo kgaolong ya Jeriko, “motse wa ditlhare tsa mokolane,” ba busa Baiseraele. (Duteronome 34:3) Kgosi ya Moaba, “monna yo mokima thata,” o ne a pateletsa Baiseraele gore ba mo duele sehuba se se boima mo e ka nnang ka dingwaga tse masomeamabedi. (Baatlhodi 3:17) Le fa go ntse jalo, go lopa ga gagwe sehuba go ne ga bulela Baiseraele sebaka sa go tlosa mogateledi yono.

Pego e bolela jaana: “Bomorwa Iseraele ba simolola go ikuela kwa go Jehofa gore a ba thuse. Ka jalo Jehofa a ba tsosetsa mmoloki, Ehude morwa Gera, wa Mobenjamine, e le monna yo o molema. Fa nako e ntse e tsamaya bomorwa Iseraele ba romela sehuba ka seatla sa gagwe kwa go Egelone kgosi ya Moabe.” (Baatlhodi 3:15) Jehofa o tshwanetse a bo a ile a tlhomamisa gore go tlhophiwe Ehude go ya go ntsha sehuba. Ga go bolelwe gore a o ne a kile a dira tiro eo pele. Le fa go ntse jalo, tsela e Ehude a ileng a ipaakanya sentle ka yone go ya go kopana le Egelone, le maano a a ileng a a dirisa, di akantsha gore o ne a tlwaelane le ntlo ya segosi ya ga Egelone e bile a itse gore ke eng se a neng a ka se lebelela koo. Mo go seno sotlhe, go nna ga gagwe molema go ne go na le seabe se segolo mo leanong le a neng a le loga.

A e Ne e Le Monna yo o Segole Kana Motlhabani?

Lefoko “molema” fa le ranolwa jaaka le ntse le raya ‘yo o sa kgoneng go dirisa, a golafetse kana a bofilwe letsogo la moja.’ A seno se raya gore Ehude e ne e le segole, gongwe a golafetse mo letsogong la moja? Akanya ka se Baebele e se buang malebana le “banna ba ba tlhophilweng ba le makgolo a le supa” ba ba molema ba lotso lwa Babenjamine. Baatlhodi 20:16 ya re: “Mongwe le mongwe wa bano e ne e le yo o konopang maje ka motsekedi go ya selekanyong sa boatlhamo jwa moriri e bile a se ke a fosa.” Go ka direga thata gore ba tlhophilwe ka ntlha ya bokgeleke jwa bone mo ntweng. Go ya ka bakanoki bangwe ba Baebele, lefoko “molema” le raya motho “yo o dirisang letsogo la molema mmogo le la moja,” ka mantswe a mangwe, motho yo o kgonang go dirisa matsogo oomabedi.—Baatlhodi 3:15, The Douay Version.

Tota e bile, lotso lwa Babenjamine lo ne lo itsege ka banna ba lone ba molema. Temana ya 1 Ditiragalo 12:1, 2 e bua ka “banna ba ba thata [ba Babenjamine], ba ba thusang mo ntweng, ba tlhometse ka bora, ba dirisa seatla sa moja e bile ba dirisa seatla sa molema ka maje kgotsa ka metswi mo teng ga bora.” Buka nngwe ya ditshupiso ya re bokgoni jono bo ne bo fitlhelelwa “ka go bofa letsogo la moja la bana ba bannye—ka jalo ‘a bofilwe mo letsogong la gagwe la moja’—le go ruta bana go kgona go dirisa letsogo la molema.” Gantsi baba ba Baiseraele ba ne ba tla bo ba thapisitswe go lwa le masole a a dirisang letsogo la moja. Ka jalo, thapiso eo ya mmaba e ne e se kitla e nna mosola fa a kopana le lesole le le molema a sa lebelela.

Go Bolelela Kgosi “Sephiri”

Selo sa ntlha se Ehude a neng a se dira e ne e le go “itirela tšhaka”—tšhaka e e magalemabedi e e khutshwane sentle mo a neng a ka e fitlha kafa tlase ga diaparo tsa gagwe. Gongwe o ne a lebeletse gore ba ne ba tla mo phuruphutsha. Gantsi dibetsa di ne di tsenngwa ka fa letlhakoreng la molema la mmele, moo batho ba ba dirisang letsogo la moja ba neng ba ka di ntsha ka bofefo go di dirisa. Ka gonne Ehude a ne a le molema, o ne a fitlha sebetsa sa gagwe “kafa tlase ga seaparo sa gagwe mo seropeng sa gagwe sa moja,” moo go neng go ka direga gore balebedi ba kgosi ba se ka ba phuruphutsha gone. Ka jalo, o ne “a isetsa Egelone kgosi ya Moabe sehuba” a sa kgorelediwe ke sepe.—Baatlhodi 3:16, 17.

Ga go bolelwe gore go ne ga diragala eng pele kwa lolwapeng lwa ga Egelone. Baebele e bua fela e re: “Ga diragala ya re [Ehude] a feditse go isa sehuba, a akofa a tsamaisa batho, batshodi ba sehuba.” (Baatlhodi 3:18) Ehude o ne a ntsha sehuba, a tsamaya le batshodi ba sehuba go fitlha ba le sekgala se se siameng go tswa mo ntlong ya ga Egelone, mme a boela gape kwa ntlong ya ga Egelone fa a sena go ba tsamaisa. Ka ntlha yang? A o ne a tsamaya le banna bao go itshireletsa, kana a e ne e le ka ntlha ya molao o o neng o beilwe, kana a gongwe banna bao e ne e le batshodi ba sehuba fela? Gape, a o ne a batla gore ba tsamaye gore ba nne ba babalesegile pele a diragatsa leano la gagwe? Go sa kgathalesege gore maikaelelo a ga Ehude e ne e le afe, o ne a boela kwa kgosing ka bopelokgale a le esi.

“[Ehude] a boa fa matikiring a a neng a le kwa Gilegala, mme a re: ‘Kgosi, ke batla go go bolelela sephiri.’” Dikwalo ga di tlhalose gore o ne a kgona jang go boa a tsena mo ntlong a tla fa pele ga Egelone. A seo se ne se sa tshwanela go belaetsa batlhanka? A gongwe ba ne ba akanya gore Moiseraelenyana a le mongwe fela a ka se ntshe morena wa bone kotsi? A ba ne ba akanya gore Ehude o ne a tla a le esi go tla go bua batho ba gagabo maswe mo kgosing? Kgang ke gore, Ehude o ne a batla go bua le kgosi a le esi, mme o ne a dumelwa.—Baatlhodi 3:19.

Pego eno e e tlhotlheleditsweng e tswelela jaana: “Ehude a tla kwa go [Egelone] fa a ne a ntse a le nosi mo ntlwaneng ya gagwe e e tsiditsana e e kwa borulelong. Mme Ehude a tswelela a re: ‘Ke na le lefoko la Modimo le le tlang kwa go wena.’” Ehude o ne a sa bue ka molaetsa o o tswang kwa Modimong. Ehude o ne a akantse ka go dirisa tšhaka ya gagwe. Kgosi e ne ya “ema mo setulong sa gagwe sa bogosi,” gongwe e lebeletse go utlwa molaetsa mongwe o o tswang kwa modimong wa gagwe e bong Kemoshe. Ka bonako fela, Ehude a somola tšhaka ya gagwe mme a e sotlhometsa mo mpeng ya ga Egelone. Go bonala tšhaka eo e ne e se na karolo e e kgaoganyang legare le matshwaro a yone. Ka jalo, “mohinyana wa yone wa nna wa tsena morago ga gore go tsene bogale jwa yone gore mafura a bo a khurumetse bogale jwa yone, . . . mme mantle a simolola go tswa” gongwe mo Egelone a neng a tlhabilwe gone kana a itswela fela mo maleng a gagwe.—Baatlhodi 3:20-22.

Go Tshaba Ntle le Mathata

Kwantle ga go boa a ntsha tšhaka ya gagwe “Ehude a tswa ka phatlha e e tsenyang phefo, a ba a tswala dikgoro tsa ntlwana e e kwa borulelong a bo a di lotlela. Mme ene ka esi a tswa. Mme batlhanka ba [ga Egelone] ba tla ba simolola go leba, mme ba fitlhela dikgoro tsa ntlwana e e kwa borulelong di lotletswe. Ka jalo ba re: ‘O a ithoma mo phaposing e e kwa teng e e tsiditsana.’”—Baatlhodi 3:23, 24.

“Phatlha e e tsenyang phefo” e Ehude a duleng ka yone e ne e le eng? Buka nngwe ya ditshupiso e re “bokao jwa mmatota [jwa lefoko la Sehebera] ga bo itsiwe,” mme “go akanngwa gore le ka raya ‘phasiki.’” A Ehude o ile a lotlela dikgoro go tswa mo teng a bo a tswa go sele? Kana a o ile a lotlela dikgoro go tswa kwa ntle ka selotlolo se a se tsereng mo kgosing e e suleng? A o ile a tswa fela a feta fa pele ga batlhanka e kete ga go a direga sepe? Dikwalo ga di bue sepe ka seno. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore Ehude o ne a dirileng, batlhanka ba ga Egelone ga ba a ka ba belaela sepe fa ba fitlhela dikgoro di lotletswe. Ba ne ba ithaya fela ba re kgosi e ne e ‘ithomile’ fela.

Fa batlhanka ba kgosi ba ntse ba diega, Ehude o ne a tshaba. Morago ga moo o ne a bitsa banna ba gaabo a bo a re: “Ntshalang morago, ka gonne Jehofa o tsentse baba ba lona, Bamoabe, mo seatleng sa lona.” Banna ba ga Ehude ba ne ba thibela Bamoabe ba ba neng ba se na moeteledipele go tshabela kwa nageng ya bone ka go gapa matsibogo a Joredane. Ka jalo, “ka nako eo [Baiseraele] ba kgemetha Moabe, banna ba ka nna dikete di le lesome, mongwe le mongwe yo o nonofileng le mongwe le mongwe yo e leng seganka; mme ga se ka ga falola le fa e le a le mongwe fela. Moabe a fenngwa ka seatla sa Iseraele mo letsatsing leo; mme lefatshe la nna le se na matshwenyego a mangwe dingwaga di le masome a le robedi.”—Baatlhodi 3:25-30.

Se re Ithutang Sone

Se se diragetseng mo motlheng wa ga Ehude se re ruta gore re tla welwa ke matlhotlhapelo fa re dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. Mo letlhakoreng le lengwe, Jehofa o thusa ba ba boelang kwa go ene ka boikwatlhao.

Leano la ga Ehude ga le a ka la atlega ka ntlha ya botlhale jwa gagwe kana ka ntlha ya go bo baba ba gagwe ba ne ba se botlhale. Go direga ga maikaelelo a Modimo ga go a ikaega ka dilo tse batho ba di dirang. Lebaka le legolo le le dirileng gore Ehude a atlege e ne e le ka go bo a ne a engwe nokeng ke Modimo fa a ne a dira dilo go dumalana le thato ya Modimo e e sa kgoneng go senngwa ya go golola batho ba Gagwe. Modimo o ne a tlhophile Ehude, mme “e rile Jehofa a tsosetsa [batho ba gagwe] baatlhodi, Jehofa a nna le moatlhodi yoo.”—Baatlhodi 2:18; 3:15.