Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘O Tlotlometse go Gaisa Dithaba’

‘O Tlotlometse go Gaisa Dithaba’

Bontle Jwa Popo ya ga Jehofa

‘O Tlotlometse go Gaisa Dithaba’

GO BONA letsatsi le tlhaba go tswa mo godimo ga Thaba ya Fuji ke tiragalo e e sa lebalesegeng. Go bonala bohibidu jo bontle jwa letsatsi fa le tlhaba, le bonesa kapoko e tshweu le seretse sa lekgwamolelo se se omileng go nna lefika la mmala o mosetlha. Fa letsatsi le ntse le tlhaba go ya pele, ka bonako fela moriti wa thaba o o bonalang sentle o anama sekgala sa dikilometara go kgabaganya dithota le mekgatšha.

Fela jaaka Thaba ya Fuji—e go kileng ga bo go dirisiwa ditlhaka dingwe tse di rileng tse di emelang leina la yone le le rayang “ga go na e e tshwanang le yone”—dithaba tse dingwe tse dikgolo le tsone di nna di re kgatlha. Tota e bile, re tshwarisiwa kgakge ke bogolo jwa tsone! Bogolo jwa dithaba bo gakgamatsa thata jaana mo e leng gore batho ba le bantsi ba ne ba dumela gore medimo e nna kwa ditlhoeng tsa tsone tse di kwa godimodimo, tse gantsi di apesitsweng ke mouwane le maru.

Modimo yo e leng ene fela yo ruri a bakwang ke ditlhoa tsa dithaba, ke Mmopi wa tsone yo mogolo e bong Jehofa. Ke ene fela “Mmopi wa dithaba.” (Amose 4:13) Dithaba di tsaya mo e ka nnang kwatara ya lefatshe, mme fa Modimo a ne a bopa polanete ya rona, o ne a dira gore go nne le maatla a kgabagare a neng a tla dira gore go nne le ditlhoa tse dintle tsa tsone le mekoloko ya tsone. (Pesalema 95:4) Ka sekai, go dumelwa gore dithaba tsa Himalaya le Andes di ne tsa nna teng ka ntlha ya kgoberego e kgolo e e ileng ya direga mo teng ga lefatshe le ka ntlha ya go suta ga dikarolo dingwe tsa boalo jwa lefatshe.

Rona batho ga re tlhaloganye sentle gore go tlile jang le gore ke ka ntlha yang fa go na le dithaba. Ee, ga re kgone go araba dipotso tseno tse di neng tsa bodiwa Jobe yo o siameng: “O ne o le kae fa [nna Jehofa] ke thaya lefatshe? . . . Metheo ya lone e e khuti e nweditswe mo go eng?”—Jobe 38:4-6.

Le fa go ntse jalo, re a itse gore botshelo jwa rona bo ikaegile ka dithaba. Dithaba ga di bolo go bidiwa metswedi ya tlholego ya metsi, ka gonne metsi otlhe a a elelang mo dinokeng a tswa kwa dithabeng mme halofo ya batho ba ba mo lefatsheng ba ikaegile ka dithaba go bona metsi. (Pesalema 104:13) Go ya ka makasine wa New Scientist, “mefuta e merataro mo go e le 20 ya dimela tsa botlhokwa tse di dirang dijo mo lefatsheng e tswa kwa dithabeng.” Kafa tlase ga maemo a a siameng a tikologo mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng ke Modimo, “go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16; 2 Petere 3:13.

Fa go buiwa ka dithaba, batho ba le bantsi ba akanya ka Dithaba Tsa Alps tsa kwa Yuropa. Dithaba tseno, go akaretsa le Thaba ya Civetta, tse di tshwantshitsweng fano, ke bosupi jo bogolo jwa gore go na le Mmopi. (Pesalema 98:8) Di baka Jehofa, ene yo o “[tlhomamisang] dithaba ka thata ka maatla a gagwe.”—Pesalema 65:6. *

Ruri dithaba tseno tsa Alps di dintle, mmogo le dithota tsa teng tse di apesitsweng ke dikgapetla tsa aese le mekgokolosa e e nang le kapoko, mekgatšha le matsha. Kgosi Dafide o ne a bitsa Jehofa a re ke “Ene Yo o dirang gore dithaba di tlhoge bojang jo botala.”—Pesalema 147:8.

Dithota tseno—tse di jaaka tse di kwa Guilin, kwa China—di ka nna tsa lebega di se dintle thata jaaka Dithaba tsa Alps, mme di dintle ka tsela ya tsone fela. Mokoloko wa dithaba tseno tsa leje la kalaka tse di iphaphathileng le Noka ya Li, di kgatlha baeti ka bontle jwa tsone. Go leba metsi a a phepa a ntse a elela mo dithoteng tseno tse di nang le mouwane go ka nna ga dira gore motho a akanye ka mafoko ano a ga mopesalema: “Ene [Jehofa] o romela metswedi mo mekgatšheng e e phothoselang; e nna e tsamaya fa gare ga dithaba.”—Pesalema 104:10.

Go a tshwanela go bo re kgatlhiwa ke dithaba ka gonne re dumela gore ke karolo e kgolo ya dilo tse Modimo a di neileng batho gore ba di itumelele. Le fa dithaba di ka tswa di gakgamatsa jang, di ka se gaise bogolo jwa ga Jehofa. Ruri o “tlotlometse go gaisa dithaba.”—Pesalema 76:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Bona 2004 Calendar of Jehovah’s Witnesses, March/April.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Diperesente di le lesome tsa baagi ba lefatshe di nna kwa dikgaolong tse di dithaba. Mme seo ga se sekgoreletsi se segolo mo bathong ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Badiredi bano ba Bakeresete ba tshwaregile thata mo dikgaolong tse dintsi tse di dithaba. Mme “a bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo, yo o itsiseng kagiso phatlalatsa, yo o tlisang dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka, yo o itsiseng poloko phatlalatsa.”—Isaia 52:7.

Mopesalema o ne a opela jaana: “Dithaba tse di kwa godimo ke tsa dipodi tsa kwa thabeng.” (Pesalema 104:18) Dipodi tsa dithaba, tse di jaaka podi e e bidiwang ibex e e nang le dinaka ya kwa Nubia, ke nngwe ya diphologolo tse di nnang kwa dithabeng tse di kgonang go itsetsepela thata mo go tsone. Di tsamaya mo mekatakong e mesesane thata e go lebegang go ka se kgonege go tsamaya mo go yone. Podi eno ya naga e e bidiwang ibex e na le bokgoni jwa go nna mo mafelong a motho a ka se kgoneng go fitlha mo go one. Se se dirang gore e kgone go dira jalo ke ka ntlha ya tsela e ditlhakwana tsa yone di ntseng ka yone. Lepharo le le fa gare ga ditlhakwana tsa yone le kgona go bulega fa podi e ntse e tsamaya, mme seno se thusa phologolo eno gore e kgone go itsetsepela fa e eme kgotsa fa e tsamaya mo mekatakong e mesesane ya maje. Ee ruri, podi eno ya naga ke sebopiwa se sentle!

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Thaba ya Fuji, kwa Honshu, kwa Japane