Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sejo sa Morena sa Maitseboa—Se Tshwanetse go Ketekwa Jang?

Sejo sa Morena sa Maitseboa—Se Tshwanetse go Ketekwa Jang?

Sejo sa Morena sa Maitseboa—Se Tshwanetse go Ketekwa Jang?

FA MOAPOSETOLOI wa Mokeresete e bong Paulo a tlhalosa mokete wa Sejo sa Morena sa Maitseboa, o ne a kwala jaana: “Ke ne ka amogela mo Moreneng se gape ke neng ka se fetisetsa kwa go lona, gore Morena Jesu mo bosigong jo a neng a tlile go neelwa ka jone o ne a tsaya senkgwe mme, fa a sena go leboga, a se ngathoganya a ba a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’ A dira ka tsela e e tshwanang le ka senwelo le sone, fa a sena go ja dijo tsa maitseboa, a re: ‘Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me. Nnang lo dire seno, ka gale fa lo se nwa, e le go nkgopola.’ Gonne ka gale fa lo ja senkgwe seno e bile lo nwa senwelo seno, lo nna lo bolela loso lwa Morena, go fitlha a goroga.”—1 Bakorintha 11:23-26.

Jaaka Paulo a bua, Jesu o ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa “mo bosigong jo [Jesu] a neng a tlile go neelwa ka jone” ke Judase Isekariota a neelwa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba neng ba pateletsa Baroma go bapola Keresete. Sejo seo se jelwe ka Labone maitseboa ka March 31, 33 C.E. Jesu o swetse mo koteng ya tlhokofatso ka Labotlhano motshegare, ka April 1. E re ka go ya ka khalendara ya Sejuda letsatsi le ne le simolola maitseboa le bo le fela mo maitseboeng a letsatsi le le latelang, Sejo sa Morena sa Maitseboa le loso lwa ga Jesu Keresete di diragetse ka letsatsi le lengwe fela—Nisane 14, 33 C.E.

Ba ba jang senkgwe le go nwa beine ba ne ba tshwanetse go ‘nna ba dira seno’ go gopola Jesu. Go ya ka thanolo e nngwe, Jesu o ne a re: “Dirang seno e le segopotso sa me.” (1 Bakorintha 11:24, The Jerusalem Bible) Sejo sa Morena sa Maitseboa gape se bidiwa Segopotso sa loso lwa ga Keresete.

Ke Eng fa Loso Lwa ga Jesu lo Tshwanetse go Gopolwa?

Karabo ya potso eo e ka bonwa ka go tlhaloganya se loso loo lo amanang le sone. Jesu o sule e le motshegetsi yo mogolo wa bolaodi jwa ga Jehofa. Ka jalo o ne a supa Satane e le moaki ka go latofatsa batho a re ba direla Modimo fela ka mabaka a bopelotshetlha. (Jobe 2:1-5; Diane 27:11) Gape Jesu ka loso lwa gagwe e le motho yo o itekanetseng, o ne a ‘ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.’ (Mathaio 20:28) Fa Adame a ne a leofela Modimo, o ne a latlhegelwa ke botshelo jo bo itekanetseng le dilo tsotlhe tse di neng di tla direga mo go jone. Mme “Modimo o ratile lefatshe [le e leng batho] mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Eleruri “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.”—Baroma 6:23.

Ka jalo, loso lwa ga Jesu Keresete lo amana le ditsela tse pedi tse dikgolo tse go bontshitsweng lorato ka tsone—lorato lo logolo lo Jehofa a lo bontshitseng batho ka go ntsha Morwawe le lorato lwa bopelotshweu lo Jesu a lo bontshitseng batho ka go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo ka go rata. Segopotso sa loso lwa ga Jesu se dira gore ditsela tseno tse pedi tse dikgolo tse go bontshitsweng lorato ka tsone di bonale sentle. E re ka re bontshiwa lorato lono, a ga re a tshwanela go lebogela seo? Tsela e nngwe ya go dira seno ke ka go nna teng kwa moketeng wa Sejo sa Morena sa Maitseboa.

Se se Kaiwang ke Senkgwe le Beine

Fa Jesu a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa, o ne a dirisa senkgwe le senwelo sa beine e khibidu e le ditshwantshetso. Jesu o ne a tsaya senkgwe, mme, “fa a sena go leboga, a se ngathoganya a ba a re: ‘[Senkgwe] seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona.’” (1 Bakorintha 11:24) Senkgwe seo se ne se tshwanetse go ngathoganngwa gore se abiwe le go jewa ka gonne e ne e le senkgwe se se robegang motlhofo se se dirilweng ka bopi le metsi se sa tsenngwa sebediso. Mo Dikwalong, sebediso se tshwantshetsa boleo. (Mathaio 16:11, 12; 1 Bakorintha 5:6, 7) Jesu o ne a se na boleo. Ka jalo, mmele wa gagwe o o itekanetseng e ne e le setlhabelo sa thekololo se se tshwanelang batho. (1 Johane 2:1, 2) A bo go tshwanela jang ne gore senkgwe se se dirisiwang go emela mmele wa ga Keresete wa nama o o se nang boleo se bo se sa bedisiwa!

Gape Jesu o ne a lebogela senwelo sa beine e khibidu e e sa tswakanngwang le sepe mme a re: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me.” (1 Bakorintha 11:25) Beine e khibidu e e mo senwelong e emela madi a ga Jesu. Fela jaaka madi a dipodi le dipoo tse di neng di ntshiwa setlhabelo a ne a tlhomamisa kgolagano ya Molao gareng ga Modimo le setšhaba sa Iseraele ka 1513 B.C.E., madi a ga Jesu a a tshologileng fa a swa le one a tlhomamisa kgolagano e ntšha.

Ke Bomang ba ba Tshwanetseng go Ja?

Gore re bone gore ke bomang ba ba tshwanetseng go ja ditshwantshetso tsa Segopotso, re tshwanetse go tlhaloganya gore kgolagano e ntšha ke eng le gore ke bomang ba ba leng mo go yone. Baebele ya re: “‘Bona! Metlha e etla,’ go bua Jehofa, ‘ke tla dira kgolagano e ntšha le ntlo ya Iseraele le ntlo ya Juda . . . Ke tla tsenya molao wa me mo go bone, e bile ke tla o kwala mo dipelong tsa bone. Ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna batho ba me. . . . ke tla itshwarela tlolo ya bone, le boleo jwa bone ga nkitla ke tlhola ke bo gakologelwa.’”—Jeremia 31:31-34.

Kgolagano e ntšha e dira gore batho bangwe ba kgone go nna le kamano e e kgethegileng le Jehofa Modimo. Ka kgolagano eno, setlhopha sengwe sa batho e nna batho ba gagwe mme ene o nna Modimo wa bone. Molao wa ga Jehofa o kwadilwe mo go bone, mo dipelong tsa bone, mme le ba e seng Bajuda ba ba rupileng ba ka tsena mo kgolaganong e ntšha le Modimo. (Baroma 2:29) Mokwadi wa Baebele e bong Luke o kwala ka maikaelelo a Modimo a go ‘lebisa tlhokomelo ya Gagwe kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe mo go tsone.’ (Ditiro 15:14) Go ya ka 1 Petere 2:10, ba ‘kile ba bo ba se setšhaba, mme jaanong ke setšhaba sa Modimo.’ Dikwalo di ba bitsa di re ke “Iseraele wa Modimo,” ke gore, Iseraele wa semoya. (Bagalatia 6:16; 2 Bakorintha 1:21) Ka jalo, kgolagano e ntšha ke kgolagano fa gare ga ga Jehofa Modimo le Iseraele wa semoya.

Mo bosigong jwa ga Jesu jwa bofelo a na le barutwa ba gagwe o ne a dira kgolagano e nngwe le bone. O ne a ba raya a re: “Ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi.” (Luke 22:29) Eno ke kgolagano ya Bogosi. Palo ya batho ba ba sa itekanelang ba ba tsenang mo kgolaganong ya Bogosi ke 144 000. Fa ba sena go tsosediwa kwa legodimong, ba tla busa le Keresete e le dikgosi le baperesiti. (Tshenolo 5:9, 10; 14:1-4) Ka jalo, ba ba mo kgolaganong e ntšha le Jehofa Modimo gape ba mo kgolaganong ya Bogosi le Jesu Keresete. Ke bone fela ba ba tshwanelwang ke go ja ditshwantshetso tsa Sejo sa Morena sa Maitseboa.

Ba ba tshwanelwang ke go ja ditshwantshetso tsa Segopotso ba itse jang gore ba mo kamanong e e tlhomologileng le Modimo e bile ke baruaboswa mmogo le Keresete? Paulo o a tlhalosa: “Moya [o o boitshepo] ka boone o supela moya wa rona [boikutlo jwa rona jwa mogopolo] gore re bana ba Modimo. Jaanong, fa re le bana, gape re baruaboswa: baruaboswa eleruri ba Modimo, mme re baruaboswammogo le Keresete, fa fela re boga mmogo le ene gore gape re galalediwe mmogo le ene.”—Baroma 8:16, 17.

Modimo o tlotsa baruaboswa mmogo le Keresete ka moya wa gagwe o o boitshepo kgotsa maatla a gagwe a a dirang. Seno se ba tlhomamisetsa gore ke baruaboswa ba Bogosi. Se dira gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba nne le tsholofelo ya go ya legodimong. Ba tsaya mafoko otlhe a Baebele e a buang ka botshelo jwa kwa legodimong a ama bone. Gape ba iketleeleditse go tlogela dilo tsotlhe tsa mo lefatsheng, go akaretsa botshelo mo lefatsheng le dikamano tsotlhe tse ba neng ba na le tsone le batho. Le fa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba lemoga gore botshelo mo lefatsheng la Paradaise bo tlile go nna monate, eno ga se tsholofelo e ba nang le yone. (Luke 23:43) Ba na le tsholofelo e e sa fetogeng ya go tshela kwa legodimong mme ka jalo ba tshwanelega go ja ditshwantshetso tsa Segopotso, e seng ka ntlha ya ditumelo tsa maaka mme ka ntlha ya tsela e moya wa Modimo o dirang ka teng mo go bone.

A re re motho ga a tlhomamisege ka botlalo gore o mo kgolaganong e ntšha le mo kgolaganong ya Bogosi. Mme go tweng fa gape a sa supelwe ke moya wa Modimo gore ke moruaboswa mmogo le Keresete? Fa go ntse jalo, go tla bo go le phoso gore a je ditshwantshetso tsa Segopotso. Modimo o ne a ka se ka a itumela fa motho ka boomo a itshwara jaaka mongwe yo o bileditsweng go nna kgosi le moperesiti kwa legodimong, fa tota a itse gore ga a bidiwa.—Baroma 9:16; Tshenolo 22:5.

Se Tshwanetse go Ketekwa ga Kae?

A loso lwa ga Jesu lo tshwanetse go gopolwa beke le beke kgotsa letsatsi le letsatsi? Keresete o tlhomile Sejo sa Morena sa Maitseboa mme o ne a bolawa a se na molato ka

Letsatsi la Tlolaganyo. Tlolaganyo e e neng e tshwarwa gangwe fela ka ngwaga, ka Nisane 14, e ne e le segopotso sa go gololwa ga Baiseraele kwa bokgobeng jwa Egepeto. (Ekesodo 12:6, 14; Lefitiko 23:5) Ka jalo loso lwa ga “Keresete tlolaganyo ya rona” lo tshwanetse go gopolwa gangwe fela ngwaga le ngwaga, e seng beke le beke kgotsa letsatsi le letsatsi. (1 Bakorintha 5:7) Fa Bakeresete ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa, ba latela tsela e Jesu a neng a dira dilo ka yone fa a ne a se tlhoma.

Ka jalo, ke eng se se kaiwang ke mafoko a ga Paulo a a reng: “Ka gale fa lo ja senkgwe seno e bile lo nwa senwelo seno, lo nna lo bolela loso lwa Morena, go fitlha a goroga”? (1 Bakorintha 11:26) Mo temaneng eno Paulo o dirisitse lefoko le le rayang “nako le nako fa.” Ka jalo, o ne a re nako le nako fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba a ja ditshwantshetso, ba ne ba tla bo ba bolela tumelo ya bone mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo.

Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tla gopola loso lwa ga Keresete “go fitlha a goroga.” Mokete ono o ne o tla tswelela go fitlha Jesu a goroga a tla go tsaya balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng a ba isa legodimong ka go ba tsosetsa botshelong jwa semoya ka nako ya ‘go nna gone’ ga gagwe. (1 Bathesalonika 4:14-17) Seno se dumalana le mafoko a Keresete a neng a a raya baaposetoloi ba ba 11 ba ba ikanyegang: “Fa ke tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo, ke tla gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo nne gone.”—Johane 14:3.

Se Kaya Eng mo go Wena?

A go a tlhokega go ja ditshwantshetso tsa Segopotso gore o solegelwe molemo ke setlhabelo sa ga Jesu mme o bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng? Nnyaa. Ga go na sepe mo Baebeleng se se bontshang gore fa batho ba ba boifang Modimo ba ba tshwanang le Noa, Aborahame, Sara, Isake, Rebeka, Josefa, Moshe le Dafide ba se na go tsosiwa mo lefatsheng ba tla ja ditshwantshetso tseno. Mme bone mmogo le ba bangwe botlhe ba ba ratang go tshelela ruri mo lefatsheng ba tla tshwanelwa ke go bontsha tumelo mo Modimong le mo go Keresete le mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu se Jehofa a se rulagantseng. (Johane 3:36; 14:1) Gore o bone botshelo jo bo sa khutleng, le wena o tshwanetse go bontsha tumelo e e ntseng jalo. Go nna teng ga gago kwa moketeng wa ngwaga le ngwaga wa loso lwa ga Keresete go tla go gakolola ka setlhabelo seo se segolo mme go tshwanetse ga oketsa tsela e o se anaanelang ka yone.

Moaposetoloi Johane o ne a gatelela botlhokwa jwa setlhabelo sa ga Jesu fa a ne a re: “Ke lo kwalela dilo tseno [batlodiwa mmogo le nna] gore lo se ka lwa leofa. Mme le fa go ntse jalo, fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami. Mme ene ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona, le fa go ntse jalo e seng sa a rona fela mme le sa a lefatshe lotlhe.” (1 Johane 2:1, 2) Go a tshwanela gore batlodiwa ba ka re setlhabelo sa ga Jesu ke sa thuanyo sa maleo a bone. Mme gape ke setlhabelo sa maleo a batho ba lefatshe lotlhe, ka se dira gore batho ba ba kutlo ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng!

A o tla nna teng ka April 4, 2004, go gopola loso lwa ga Jesu? Mokete oo o tla tshwarwa mo lefatsheng lotlhe ke Basupi ba ga Jehofa mo mafelong a ba kopanelang mo go one. Fa o nna teng, o tla solegelwa molemo ke go reetsa puo ya botlhokwa thata ya Baebele. O tla gakololwa kafa Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re diretseng dilo tse dikgolo ka teng. Gape go tla go solegela molemo semoyeng go kopanela le batho ba ba tseelang Modimo le Keresete kwa godimo le setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Tiragalo eo e tla nonotsha keletso ya gago ya go amogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo, jo bo isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. O se ka wa letla sepe go go ema kwa pele. O nne teng mo moketeng ono o o itumedisang o o tlotlang le go itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Loso lwa ga Jesu lo amana le ditsela tse pedi tse dikgolo tse go bontshitsweng lorato ka tsone

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Senkgwe se se sa bedisiwang le beine ke ditshwantshetso tse di tshwanelang tsa mmele wa ga Jesu o o se nang boleo le madi a gagwe a a tsholotsweng