Tumalano ya Kagiso ya Kwa Westphalia—E Lere Diphetogo Kwa Yuropa
Tumalano ya Kagiso ya Kwa Westphalia—E Lere Diphetogo Kwa Yuropa
“RURI ga go a tlwaelega gore go bo go phuthegile baeteledipele ba Puso ba Yuropa ba le bantsi jaana jaaka fa ba phuthegile gompieno.” Roman Herzog yo o kileng ya bo e le poresidente ya Federal Republic of Germany, o ne a bolela jalo ka October 1998. Fa a ne a bua seno, batho ba a neng a bua le bone e ne e le dikgosi tse nnè, dikgosigadi tse nnè, dikgosana tse pedi, molaodimogolo a le mongwe le boporesidente ba le mmalwa. Kokoano eno e e neng e rulagantswe ke Lekgotla la Yuropa, e ne e le e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo hisitoring ya dingwaga di le 50 tsa puso ya segompieno ya Jeremane. E ne e le kokoano ya eng?
Ka October 1998 go ne go ketekiwa segopotso sa dingwaga di le 350 tsa Tumalano ya Kagiso ya Westphalia. Gantsi fa go saeniwa ditumalano tsa kagiso, go dirwa ditshwetso tse di botlhokwa tse di amang hisitori thata mme Tumalano ya Kagiso ya Westphalia yone e ne e le botlhokwa thata. Go saeniwa ga tumalano eno ka 1648 go ne ga khutlisa Ntwa ya Dingwaga di le Masomeamararo mme Yuropa ya segompieno ya simolola go nna kontinente ya dinaga tse di ipusang.
Go Reketlisiwa ga Tsamaiso ya Bogologolo
Ka nako ya Metlha ya Bogare, mekgatlho e e neng e na le taolo e kgolo kwa Yuropa e ne e le Kereke ya Katoliki le Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma. Mmusomogolo ono o ne o na le diporofense di le dintsintsi tse di sa lekaneng ka bogolo mme o ne o akaretsa karolo e gone jaanong e leng Austria, Repaboliki ya Czech, karolo e e kwa botlhaba jwa Fora, Jeremane, Switzerland, le Low Countries, le dikarolo dingwe tsa Italy. E re ka diporofense tsa Jeremane e le tsone di bopang karolo e kgolo ya mmusomogolo ono, o ne wa itsege e le Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma wa Setšhaba sa Jeremane. Porofense nngwe le nngwe e ne e busiwa ke kgosana ya yone. Mmusimogolo ka boene e ne e le leloko la kereke ya Roma Katoliki e bile e le leloko la lelapa la segosi la booraHabsburg ba kwa Austria. Ka jalo, Yuropa e ne ya laolwa ka botlalo ke Roma Katoliki e re ka mopapa le mmusimogolo ba ne ba tseneletse mo pusong.
Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la bo16 le la bo17 la dingwaga, tsamaiso eno ya bogologolo e ne ya reketlisiwa. Go ralala Yuropa batho ba le bantsi ba ne ba ngongorega ka mekgwa e e maswe ya Kereke ya Roma Katoliki. Batho ba ba neng ba lwela diphetogo tsa bodumedi ba ba jaaka Martin Luther le John Calvin ba ne ba bolela gore kereke e tshwanetse go boela mo melaong ya Baebele. Batho ba le bantsi ba ne ba dumalana le Luther le Calvin mme seno se ne sa dira gore go tlhomiwe bodumedi jo bo lwelang diphetogo le bodumedi jwa Porotesetanta. Mokgatlho ono o o Lwelang Diphetogo o ne wa kgaoganya mmusomogolo gore o nne le madumedi a le mararo—bodumedi jwa Katoliki, jwa Balutere le jwa Ba-Calvin.
Bakatoliki ba ne ba sa tshepe Baporotesetanta mme Baporotesetanta bone ba ne ba nyatsa baganetsi ba bone ba Bakatoliki. Dikgotlhang tseno di ne tsa dira gore go tlhomiwe Kgolagano ya Porotesetanta le Lekgotla la Bakatoliki mo tshimologong ya lekgolo la bo17 la dingwaga. Dikgosana dingwe tsa mmusomogolo di ne tsa nna maloko a Kgolagano ya Porotesetanta mme ba bangwe ba nna maloko a Lekgotla la Bakatoliki. Yuropa—mme segolobogolo mmusomogolo ka boone—e ne e le mo boemong jwa go se tshepe ope jo bo neng bo tlhoka gore go nne le kgotlhang go se kae fela gore go runye ntwa. Fa kgabagare kgotlhang eo e nna gone, go ne ga simolola ntwa e e neng ya lowa ka dingwaga tse 30 tse di latelang.
Kgotlhang e e Kotsi e Tsosa Ntwa mo Yuropa
Babusi ba Baporotesetanta ba ne ba leka go tlhotlheletsa lelapa la segosi la booraHabsburg ba e neng e le Bakatoliki gore ba letle batho go nna le kgololesego e kgolwane ya kobamelo. Ga ba a ka ba ba naya kgololesego eo ka bopelotshweu, mme ka 1617-18, dikereke tse pedi tsa Balutere kwa Bohemia (Repaboliki ya Czech) di ne tsa tswalwa ka dikgoka. Seno se ne sa kgopisa baeteledipele ba Baporotesetanta ba ba neng ba itlhaganelela kwa ntlong ya segosi kwa Prague, ba tshwara baemedi ba bararo ba Bakatoliki mme ba ba digela kwa tlase go tswa kwa fensetereng e e kwa godimo. Tiragalo eno e ne ya nna yone kgotlhang e e neng ya dira gore go runye ntwa kwa Yuropa.
Le fa ba ne ba iphaka gore ke balatedi ba Kgosana ya Kagiso e bong Jesu Keresete, maloko a madumedi a a ganetsanang ano a ne jaanong a tsogologelane a lwantshana. Mo Ntweng ya Thaba e Tshweu [Battle of White Mountain], Lekgotla la Bakatoliki le ne la fenya Kgolagano ya Baporotesetanta ka tsela e e setlhogo, mme Kgolagano eno ya phutlhama. Baeteledipele ba Baporotesetanta ba ne ba bolaelwa kwa marekisetsong a Prague. Mo Bohemia yotlhe, dithoto tsa Baporotesetanta ba ba neng ba sa batle go itatola tumelo ya bone di ne di gapiwa mme tsa abelwa Bakatoliki. Buka ya 1648—Krieg und Frieden in Europa (1648—Ntwa le Kagiso Kwa Yuropa) e tlhalosa go gapiwa ga dithoto tseno tsa bone e le “phetogo e kgolo e e iseng e ke e nne gone ya go nna le dithoto kwa Yuropa bogare.”
Ntwa e e simolotseng e le ya bodumedi kwa Bohemia e ne ya feleletsa e le ntwa e mo go yone dinaga di lwelang go nna le taolo ya bopolotiki. Mo dingwageng tse di latelang tse 30, Denmark, Fora, Netherlands, Spain, le Sweden le tsone di ne tsa ya ntweng. Babusi ba Bakatoliki le ba Baporotesetanta, ba gantsi ba neng ba tlhotlhelediwa ke bogagapa le ke go rata maemo, ba ne ba lwela go nna le taolo ya bopolotiki le dikhumo. Ntwa eno ya Dingwaga di le Masomeamararo e ne e kgaogantswe ka dintwa tse di farologaneng, nngwe le nngwe ya tsone e bidiwa ka leina la dinaga tse dikgolo tse di neng di lwa le mmusimogolo. Dibuka di le mmalwa di bua ka dintwa tse nnè: Ntwa ya Bohemia le ya Palatine, Ntwa ya Danish-Lower Saxony, Ntwa ya Sweden le Ntwa ya Bafora le Ba-Sweden. Bontsi jwa dintwa tseno di ne di lwelwa mo dinageng tsa mmusomogolo.
Dibetsa tsa nako eo e ne e le ditlhobolo tse dinnye le ditlhobolo tse dikgolo, dikoloi tsa ntwa le dikanono, tse bontsi jwa tsone di neng di tswa kwa Sweden. Bakatoliki le Baporotesetanta ba ne ba tshwaregile ba lwantshana. Masole a ne a ya ntweng ka moono o o reng “Maria yo o Boitshepo” kgotsa “Modimo o na le rona.” Fa masole a ntse a raletse diporofense tsa Jeremane a ne a tsamaya a gapa dithoto e bile a tshwara baagi le masole a a neng a lwantshana le one jaaka diphologolo. Ntwa e ne ya felela ka bosetlhogo. A bo seno se farologane jang ne le boporofeti jono jwa Baebele: “[Ga ba kitla ba] tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa.”—Mika 4:3.
Kokomana ya Bajeremane e ne ya golela mo ntweng fela mme baagi ba ba neng ba lapisitswe ke ntwa eno ba ne ba batla kagiso. Go bonala go ne go ka nna le kagiso fa fela babusi ba ne ba sa lwe ka dilo tsa bopolotiki. Ntwa e e simologileng e le ya bodumedi e ne ya fetoga go nna ya bopolotiki. Se se gakgamatsang ke gore, monna yo o neng a rotloetsa gore go dirwe diphetogo e ne e le motho wa maemo a a kwa godimo mo Kerekeng ya Katoliki.
Mokadinale Richelieu o Dirisa Taolo ya Gagwe
Sereto se se kafa molaong sa ga Armand-Jean du Plessis e ne e le Mokadinale de Richelieu. Mme gape e ne e le tonakgolo ya kwa Fora go tloga ka 1624 go fitlha ka 1642. Richelieu o ne a ikemiseditse go dira Fora puso e kgolo kwa Yuropa. Ka ntlha ya seo, o ne a leka go fedisa taolo ya Bakatoliki ka ene, ba e neng e le ba lelapa la segosi la booraHabsburg. O ne a dira seno jang? Ka go tlamela masole a Baporotesetanta a diporofense tsa Jeremane ka madi, e leng Denmark, Netherlands le Sweden, e leng masole otlhe a a neng a lwa le ba lelapa la segosi la booraHabsburg.
Ka 1635, Richelieu o ne a romela masole a Fora go ya ntweng e le lekgetlho la ntlha. Buka ya vivat pax—Es lebe der Friede! (A Kagiso e Nnele Ruri!) e tlhalosa gore fa e ya kwa bokhutlong, “Ntwa ya Dingwaga di le Masomeamararo e ne e sa tlhole e le ntwa fa gare ga makoko a bodumedi. . . . E ne ya nna ntwa e mo go yone go lwelwang maemo a bopolotiki mo Yuropa.” Ntwa e e simolotseng e le fa gare ga Bakatoliki le Baporotesetanta e ne ya felela e le ntwa e Bakatoliki le Baporotesetanta ba lwantshang Bakatoliki ba bangwe mo go yone. Lekgotla la Bakatoliki, le le neng la koafadiwa mo tshimologong ya bo1630, le ne la fedisiwa gotlhelele ka 1635.
Kokoano ya Kagiso Kwa Westphalia
Yuropa e ne e tletse ka kgapo, polao, petelelo le bolwetse. Ka bonya, kgang ya go batla kagiso e ne ya tseelwa kwa godimo thata fa go lemogiwa gore ga go na ope yo o neng a tla fenya ntwa eno. Buka ya vivat pax—Es lebe der Friede! e bolela gore “go ya kwa bofelong jwa bo1630, kgabagare dikgosana tse di neng di busa di ne tsa lemoga gore maatla a sesole a ka se tlhole a ba thusa go fitlhelela mokgele wa bone.” Mme fa e le gore mongwe le mongwe o ne a batla kagiso, e ne e tla fitlhelelwa jang?
Mmusimogolo Ferdinand III wa Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma, Kgosi Louis XIII wa kwa Fora le Kgosigadi Christina wa Sweden ba ne ba dumalana gore go tshwarwe kokoano ya dinaga tsotlhe tse di nang le seabe mo ntweng gore di tlotle ka dilo tse di ka dirwang gore go nne le kagiso. Go ne ga tlhophiwa mafelo a mabedi a dipuisano di ka tshwarelwang mo go one—e leng toropo ya Osnabrück le ya Münster tse di mo porofenseng ya Jeremane kwa Westphalia. Go ne ga tlhophiwa tsone ka gonne di ne di le mo gare ga metsemegolo ya Sweden le Fora. Go simologa ka 1643, baemedi ba ka nna 150—ba bangwe ba bone ba neng ba na le ditlhopha tse dikgolo tsa bagakolodi—ba ne ba gorogela mo ditoropong tseno tse pedi, baemedi ba Bakatoliki ba kokoanela kwa Münster, baemedi ba Baporotesetanta bone ba kokoanela kwa Osnabrück.
Sa ntlha, go ne ga tlhomiwa melao e e neng e tla latelwa gore go elwe tlhoko dilo tse di jaaka direto, maemo a baemedi, thulaganyo e go neng go tla nniwa ka yone le dilo tse dingwe. Morago ga moo, dipuisano di ne tsa simolola, batsereganyi ba fetisa dikakantsho tsa baemedi ba bangwe go ya kwa baemeding ba bangwe. Morago ga mo e batlang e nna dingwaga di le tlhano—fa ntwa e ne e sa ntse e tsweletse—go ne ga dumalanwa ka melao e e neng e tla latelwa gore go nne le kagiso. Tumalano ya Westphalia e ne e na le makwalo a a fetang le le lengwe. Tumalano e nngwe e ne ya saeniwa ke Mmusimogolo Ferdinand III le naga ya Sweden mme e nngwe yone e ne ya saeniwa ke mmusimogolo le naga ya Fora.
Fa dikgang tsa tumalano eno di anama, go ne ga simolola go ketekiwa moletlo wa boitumelo. Tiragalo e e simolotseng e le kgotlhang e e ileng ya dira gore go runye ntwa e ne ya felela ka moletlo o mo go one go neng ga thuntshediwa ditlhase tse di mebalabala kwa loaping. Ditlhase tsa mebalabala di ne di thuntshiwa mo ditoropong tse di farologaneng. Go ne ga lediwa ditshipi tsa Kereke, ga thuntshiwa dikanono, ga opelwa mo mebileng go bontsha gore tumalano eno e amogetswe. A jaanong Yuropa e ne e ka lebelela go nna le kagiso e e tla nnelang ruri?
A Kagiso e e Nnetseng Ruri e Tla Nna Teng?
Tumalano ya Westphalia e ne ya amogela molaomotheo wa gore dinaga di ipuse. Seno se ne se raya gore dinaga tsotlhe tse di saenileng tumalano eno di tla tlotla ditshwanelo tsa dinaga tse dingwe tsotlhe tse di e saenileng le gore di se ka tsa itshunya nko mo dikgannyeng tsa dinaga tse dingwe. Ka nako eo, Yuropa ya segompieno e ne ya simolola go nna kontinente e mo go yone dinaga di ipusang. Gare ga dinaga tseo, tse dingwe di ile tsa solegelwa molemo go gaisa tse dingwe mo tumalanong eno.
Fora e ne ya dirwa mmusomogolo mme Netherlands le Switzerland di ne tsa bona boipuso. Mo diporofenseng tsa Jeremane, tse bontsi jwa tsone di neng di sentswe ke ntwa, tumalano eno e ne ya nna le mathata a yone. Go ne ga felela ka gore dinaga tse dingwe e nne tsone tse di dirang tshwetso malebana le isagwe ya Jeremane. The New Encyclopædia Britannica e bega jaana: “Dilo tse di neng di bapalwa ke dikgosana tsa Jeremane le tse di neng di latlhegelwa ke tsone di ne di ikaegile ka gore ke eng se se neng se tla solegela dipuso tse dikgolo tseno molemo: Fora, Sweden, le Austria.” Go na le gore diporofense tsa Jeremane di kopanngwe gore e nne setšhaba se le sengwe, di ne tsa kgaoganngwa jaaka mo nakong e e fetileng. Mo godimo ga moo, dinaga dingwe di ne tsa fiwa babusi ba sele gore ba di buse, jaaka go ile ga dirwa ka dikarolo dingwe tsa dinoka tse dikgolo tsa Jeremane—Noka ya Rhine, ya Elbe le ya Oder.
Madumedi a Bakatoliki, Balutere le Ba-Calvin otlhe a ne a tsewa ka go lekalekana. Seno ga se a ka sa itumedisa mongwe le mongwe. Mopapa Innocent X o ne a le kgatlhanong thata le tumalano eno mme a tlhalosa gore ga e na mosola. Le fa go ntse jalo, melelwane ya bodumedi e e neng e tlhomilwe e ne ya nna e sa fetoge ka makgolo a le mararo a dingwaga. Le mororo batho ba ne ba ise ba bone kgololesego ya bodumedi, e ne e ntse e atamela ka bonya.
Tumalano eno e ne ya fedisa Ntwa ya Dingwaga di le Masomeamararo le dikgotlhang tsa yone tse dintsintsi. Ntwa eno e ne ya nna ntwa ya bofelo e kgolo ya bodumedi kwa Yuropa. Dintwa ga di a ka tsa fela mme di ne di sa tlhole di bakiwa ke dikgang tsa bodumedi mme di ne di bakwa ke dipolotiki kgotsa kgwebo. Seno ga se reye gore bodumedi bo ne bo sa tlhole bo tlhotlheletsa dikgotlhang kwa Yuropa. Ka Ntwa ya Lefatshe I le II, masole a kwa Jeremane a ne a tsentse mabanta a a kwadilweng mafoko ano a a tlwaelegileng: “Modimo O na Le Rona.” Ka nako ya dintwa tseno tse di matlhomahibidu, Bakatoliki le Baporotesetanta ba ne ba boa gape ba lwa mmogo kgatlhanong le Bakatoliki le Baporotesetanta ba bangwe mo letlhakoreng le lengwe.
Ga go na pelaelo gore Tumalano ya Westphalia ga ya ka ya lere kagiso e e nnelang ruri. Le fa go ntse jalo, batho ba ba kutlo ba tla tloga ba bona kagiso e e ntseng jalo. Jehofa Modimo o tla tlisetsa batho kagiso e e nnelang ruri ka Bogosi jwa ga Mesia yo e leng Morwawe e bong Jesu Keresete. Mo pusong eo, bodumedi bo le bongwe jwa boammaaruri e tla nna jone jo bo dirang gore go nne le kutlwano e seng dikgaogano. Ga go na ope yo o tla nnang le lebaka lepe la go ya ntweng, e ka tswa e le ka ntlha ya mabaka a bodumedi kgotsa a mangwe. A bo go tla itumedisa jang ne fa Bogosi bo busa mo lefatsheng le ‘kagiso e se kitla e fela’ mo go lone!—Isaia 9:6, 7.
[Mafoko a a mo go tsebe 21]
Ntwa e e simolotseng e le ya Bakatoliki le Baporotesetanta e ne ya felela e le ntwa ya Bakatoliki le Baporotesetanta ba lwa kgatlhanong le Bakatoliki ba bangwe
[Mafoko a a mo go tsebe 22]
Masole a ne a ya ntweng ka moono o o reng “Maria yo o Boitshepo” kgotsa “Modimo o na le rona”
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Mokadinale Richelieu
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Setshwantsho sa lekgolo la bo16 la dingwaga se se bontshang kafa Luther, Calvin le mopapa ba ngangisanang ka teng
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]
From the book Spamers Illustrierte Weltgeschichte VI
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Religious leaders struggling: From the book Wider die Pfaffenherrschaft; map: The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck