Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

666—Ga se Malepa Fela

666—Ga se Malepa Fela

666—Ga se Malepa Fela

“Go se nne le ope yo o ka kgonang go reka kgotsa go rekisa fa e se motho yo o nang le letshwao, leina la sebatana sa naga kgotsa palo ya leina la sone. Fano ke gone fa botlhale bo tsenang gone: A yo o botlhale a bale palo ya sebatana sa naga, gonne ke palo ya motho; mme palo ya sone ke makgolo a marataro le masome a marataro le borataro.”—Tshenolo 13:17, 18.

GA SE dikgang di le dintsi tsa Baebele tse di ileng tsa kgatlha batho le go ba ama thata jaaka boporofeti jo bo malebana le letshwao kgotsa leina le le akabatsang la “sebatana sa naga”—palo ya 666. Mo thelebisheneng le mo Internet mmogo le mo dibaesekopong, mo dibukeng le mo dimakasineng, go ntse go fopholediwa thata ka kgang ya letshwao la sebatana.

Bangwe ba dumela gore 666 ke letshwao la moganetsakeresete yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Ba bangwe ba re ke mofuta wa letshwao le le patelediwang, jaaka tatoo kgotsa microchip e e tsentsweng mo mothong e e nang le digital code, le le bontshang gore motho ke motlhanka wa sebatana. Mme ba bangwe bone ba dumela gore 666 ke letshwao la bomopapa ba Katoliki. Fa ba dirisa dinomoro tsa Seroma mo boemong jwa ditlhaka tsa leina la semolao la mopapa, Vicarius Filii Dei (Moruti wa Morwa Modimo), ba bo ba fetola dinomoro tseo go se kae, ba bona palo ya 666. Gape ga twe yone palo eo e ka bonwa mo leineng la Selatine la Mmusimogolo wa Moroma Diocletian le mo leineng la ga Nero Caesar fa le kwadilwe ka Sehebera. *

Le fa go ntse jalo, ditlhaloso tseno tse di ikakanyediwang le tse di itlhametsweng di farologane thata le se Baebele ka boyone e se buang ka letshwao la sebatana, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang. Baebele e tlhalosa gore Modimo o tla galefela ba ba nang le letshwao leno fa a fedisa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo. (Tshenolo 14:9-11; 19:20) Ka jalo, go tlhaloganya bokao jwa 666 ga se fela go rarabolola malepa a a kgatlhang. Go a itumedisa gore Jehofa Modimo, yo e leng sekao se segolo go di feta tsotlhe sa lorato e bile e le Motswedi wa lesedi la semoya, ga a tlogela batlhanka ba gagwe ba le mo lefifing malebana le kgang eno ya botlhokwa.—2 Timotheo 3:16; 1 Johane 1:5; 4:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go bona kafa dipalo di tlhalosiwang ka teng, bona Tsogang! ya September 8, 2002.