A o Tlhomile Mogopolo mo Tuelong?
A o Tlhomile Mogopolo mo Tuelong?
BOLWETSE jono bo etegela ka bonya. Fa bo simolola bo dira gore motho a bone fela dilo tse di lebaganeng le ene. Fa bolwetse jono bo sa alafiwe, bo ka nna jwa etegela go ela kwa karolong e e fa gare ya leitlho. Kgabagare, bo ka dira gore motho a foufale gotlhelele. Matshwao ano ke a eng? Ke a bolwetse jwa glaucoma, e e anamang ka iketlo mo leitlhong, e leng bothata jo bogolo jo bo bakang bofofu.
Fela jaaka re ka latlhegelwa ke pono ya rona ya mmatota ka bonya le ka tsela e e sa lemotshegeng, re ka latlhegelwa ke pono e e botlhokwa le eleng go feta—pono ya rona ya semoya. Ka jalo, go botlhokwa gore re tlhome mogopolo thata mo dilong tsa semoya re dira gore e nne tsone di tlang pele.
Go Nna re Akantse ka Tuelo ya Rona
Gareng ga ‘dilo tse re sa di boneng’ ka matlho a rona a mmatota go na le tuelo e e itumedisang thata ya botshelo jo bo sa khutleng, jo Jehofa a bo solofetsang batho ba gagwe ba ba ikanyegang. (2 Bakorintha 4:18) Gone ke boammaaruri gore lebaka le legolo la go bo Bakeresete ba direla Modimo ke ka go bo ba mo rata. (Mathaio 22:37) Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla gore re lebelele pele go bona tuelo ya rona. O batla gore re mo tseye e le Rre yo o abang ka bopelotshweu yo e leng “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Ka jalo, batho ba tota ba itseng Modimo e bile ba mo rata ba anaanela masego a Modimo o ba solofeditseng go ba a naya mme ba lebeletse pele go bona tsholofetso eno e diragadiwa.—Baroma 8:19, 24, 25.
Babadi ba le bantsi ba makasine ono le molekane wa one e leng Tsogang!, ba rata ditshwantsho tsa lefatshe la Paradaise e e tlang. Gone ke boammaaruri gore ga re itse gore tota Paradaise e tla nna jang, mme ditshwantsho tse di bontshiwang mo dimakasineng tseno ke ditshwantsho fela tsa motaki tse di tlhalosang dilo tse di theilweng mo ditemaneng tsa Baebele tse di jaaka Isaia 11:6-9. Le fa go ntse jalo, mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Fa ke bona ditshwantsho tsa Paradaise e e tlang mo makasineng wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang!, ke di tlhatlhoba ka kelotlhoko, fela jaaka fa motho a ka dira ka boroutšhara jwa bojanala. Ke leka go ipona ke le koo ka gonne ke mo ruri ke solofetseng go nna teng ka nako e e tshwanetseng ya Modimo.”
Moaposetoloi Paulo le ene o ne a ikutlwa jalo ka ‘pitso ya gagwe ya kwa godimo.’ O ne a sa tseye gore o setse a e fitlheletse, ka gonne o ne a tshwanetse a ikanyega go ya bokhutlong. Mme o ne a tswelela pele a “gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele.” (Bafilipi 3:13, 14) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a itshokela loso mo koteng ya tlhokofatso “ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe.”—Bahebera 12:2.
A o kile wa tsamaya wa ipotsa gore a ruri o tla tsena mo lefatsheng le lesha? Ruri go molemo gore motho a se ka a itshepa thata, ka gonne go amogela ga rona mokgele wa botshelo go ikaegile ka gore re nne re ikanyega go ya bokhutlong. (Mathaio 24:13) Le fa go ntse jalo, fa re leka ka natla go dira se Modimo a se batlang, re na le lebaka la go tlhomamisega gore re tla bona tuelo eo. Gakologelwa gore Jehofa “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Fa re ikanya Jehofa, o tla re thusa gore re fitlhelele mokgele wa rona. Ee ruri, ga a kake a batla sengwe se se ka dirang gore batho ba ba lekang go mo itumedisa go tswa pelong ba se ka ba tshwanelega.—Pesalema 103:8-11; 130:3, 4; Esekiele 18:32.
Go itse gore Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba gagwe go dira gore re nne le tsholofelo—nonofo e le yone e leng botlhokwa fela jaaka tumelo. (1 Bakorintha 13:13) Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka go re “tsholofelo” mo Baebeleng, le na le kgopolo ya go “lebelela se se molemo” ka tlhoafalo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a akantse ka tsholofelo e e ntseng jalo: “Re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a bontshe botlhaga jo bo tshwanang gore lo nne le tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong, gore lo se ka lwa nna bobodu, mme lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” (Bahebera 6:11, 12) Ela tlhoko gore fa re tswelela re direla Jehofa ka boikanyegi, re ka tlhomamisega gore dilo tse re di solofeditsweng di tla diragala. Go farologana le ditsholofetso tse dintsi tsa lefatshe, tsholofelo eno yone “ga e swabise.” (Baroma 5:5) Re ka dirang gore tsholofelo ya rona e se ka ya fela mme re nne re tlhomile mogopolo mo go yone?
Kafa re ka Tokafatsang Pono ya Rona ya Semoya ka Teng
Matlho a rona a mmatota ga a kgone go leba dilo tse pedi ka nako e le nngwe. Go ntse jalo le ka matlho a rona a semoya. Ga go na pelaelo gore go tlhoma mogopolo mo dilong tsa tsamaiso eno ya dilo go tla dira gore ka tsela nngwe re se tlhole re tlhoma mogopolo mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng. Fa nako e ntse e tsamaya, setshwantsho seno se se letobo, se se sa bonaleng sentle, sa lefatshe le lesha se tla bo se sa tlhole se kgatlha, e re moragonyana se nyelele gotlhelele. A bo seo e tla nna matlhotlhapelo jang ne! (Luke 21:34) Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore re nne le ‘leitlho le le sa raraanang’—le le nnang le tlhomilwe fela mo Bogosing Jwa Modimo le mo tuelong ya botshelo jo bo sa khutleng!—Mathaio 6:22.
Ga go motlhofo ka metlha go nna le leitlho le le sa raraanang. Re tlhoka go rarabolola mathata a re lebanang le one letsatsi le letsatsi, mme dilo tse di re itayang tsebe—tota le dithaelo—di ka nna gone mo botshelong jwa rona. Fa re lebane le maemo ano, re ka dira jang gore re nne re tlhomile mogopolo mo Bogosing le mo lefatsheng le lesha le Modimo a re le solofeditseng re sa tlhokomologe dilo tse dingwe tse di botlhokwa? A re sekasekeng ditsela tse tharo.
Ithute Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi. Go bala Baebele ka metlha le go ithuta dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go re thusa gore re tlhome megopolo ya rona mo dilong tsa semoya. Gone ke boammaaruri gore re ka tswa re feditse dingwaga di le dintsi re ntse re ithuta Lefoko la Modimo mme re tshwanetse go tswelela pele re le ithuta, fela jaaka re tlhoka go ja dijo gore re tshele. Ga re tlogele go ja fela ka go bo re ile ra ja gantsintsi mo nakong e e fetileng. Ka gone, le fa re ka tswa re itse Baebele go le kana kang, re tlhoka go tswelela pele re ikotla ka dijo tsa semoya ka metlha gore tsholofelo, tumelo le lorato lwa rona di nne di nonofile.—Pesalema 1:1-3.
Tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo ka kanaanelo. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go Pesalema 78:11-17) Bothata jwa bone e ne e le eng?
tlhatlhanya? Go na le mabaka a le mabedi. Sa ntlha, go tlhatlhanya go re thusa go tlhaloganya se re se balang le gore re se anaanele thata. Sa bobedi, go tlhatlhanya go re thusa gore re se ka ra lebala Jehofa, ditiro tsa gagwe tse dintle le tsholofelo e a re e neileng. Ka sekai: Baiseraele ba ba neng ba tswa kwa Egepeto le Moshe ba ne ba iponela ka bobone kafa Jehofa a nang le maatla a a gakgamatsang ka teng. Ba ile ba bona gape kafa a ba sireletsang ka lorato ka teng fa a ne a ba kaela gore ba ye go amogela boswa jwa bone. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fela fa Baiseraele ba fitlha kwa nageng, mo tseleng ya go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba simolola go ngongorega, ba bontsha ka tsela e e masisi kafa ba neng ba tlhoka tumelo ka teng. (Ba ne ba tlogela go tlhoma megopolo ya bone mo go Jehofa le mo tsholofelong e a neng a ba e file mme ba akanya ka menate le dilo tsa senama tse ba neng ba ka di bona ka yone nako eo. Le fa go ne go na le ditshupo tse di gakgamatsang tse ba di boneng, Baiseraele ba bantsi ba ne ba ngongorega ka ntlha ya go tlhoka tumelo. Pesalema 106:13 ya re: “Ka bonako ba lebala ditiro tsa [ga Jehofa].” Go itlhokomolosa dilo jalo ka boomo go ile ga dira gore kokomana eo e se ka ya tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.
Ka jalo, fa o bala Dikwalo kgotsa dikgatiso tse di go thusang go ithuta Baebele, iphe nako ya go tlhatlhanya ka se o se balang. Go tlhatlhanya jalo go botlhokwa gore o itekanele le go gola semoyeng. Ka sekai, fa o bala Pesalema 106, e bontlhanngwe jwa yone bo nopotsweng fa godimo, tlhatlhanya ka dinonofo tsa ga Jehofa. Ela tlhoko kafa a neng a le pelotelele le kafa a neng a utlwela Baiseraele botlhoko ka teng. Bona kafa a neng a dira sengwe le sengwe ka gone go ba thusa gore ba tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ela tlhoko kafa ba ileng ba tswelela pele ba mo tsuologela ka teng. Akanya kafa Jehofa a neng a utlwa botlhoko ka teng fa ka botlhogoethata batho bano ba ne ba sa anaanele kutlwelobotlhoko le bopelotelele jwa gagwe. Mo godimo ga moo, fa re tlhatlhanya ka temana ya 30 le 31, tse di tlhalosang kafa Finease a ileng a emela tshiamo a nonofile ka teng e bile a le pelokgale, re tlhomamisediwa gore Jehofa ga a lebale batho ba gagwe ba ba ikanyegang le gore o ba duela fela thata.
Dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gago. Fa re ntse re latela melaometheo ya Baebele, re kgona go iponela ka borona gore kgakololo ya ga Jehofa e a thusa. Diane 3:5, 6 ya re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” Akanya fela kafa mekgwa ya boitsholo jo bo sa siamang jwa batho ba le bantsi e ileng ya dira ka gone gore ba nne le ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go nna le mathata mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo mmeleng. Ka ntlha ya go ijesa monate wa nakwana fela, batho ba ba ntseng jalo ba roba bohutsana—jwa dingwaga di le dintsi—jo gape e ka nnang jwa botshelo jotlhe. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba tsamayang mo ‘tseleng e e tshesane’ ba kgona go iponela kafa botshelo jwa tsamaiso e ntšha bo tla nnang ka teng, mme seno se ba kgothaletsa gore ba tswelele pele mo tseleng ya botshelo.—Mathaio 7:13, 14; Pesalema 34:8.
Go dirisa melaometheo ya Baebele go ka nna thata. Ka dinako tse dingwe tharabololo e e seng ya Dikwalo e ka nna ya dira gore go bonale e kete o ka kgona go bona kgololesego ka bonako fa o lebane le maemo a a thata. Ka sekai, ka nako ya fa motho a Moreri 8:12) Mokeresete a ka nna a tshwanelwa ke gore a bereke diura tse di oketsegileng ka dinako dingwe, mme le ka motlha a se ka a tshwana le Esau, yo o neng a nyatsa dilo tsa semoya, a di tsaya di se botlhokwa.—Genesise 25:34; Bahebera 12:16.
na le mathata a tsa madi, a ka nna a raelesega go dira gore dilo tse di direlwang Bogosi e se ka ya nna tsone tse di tlang pele. Le fa go ntse jalo, ba ba bontshang tumelo mme ba tswelela ba tlhomile mogopolo mo dilong tsa semoya ba tlhomamisega gore kwa bofelong “dilo di tla tsamaela ba ba boifang Modimo wa boammaaruri sentle.” (Jesu o ne a tlhalosa sentle gore boikarabelo jwa rona jwa Bokeresete ke eng. Re tshwanetse ‘go batla pele bogosi le tshiamo ya Modimo.’ (Mathaio 6:33) Fa re dira jalo, Jehofa o tla re bontsha lorato lo rrabana a ratang bana ba gagwe ka lone ka go tlhomamisa gore re bona dilo tse re di tlhokang tsa senama. Ruri ga a batle gore re ikimetse ka go tlhobaela ka dilo tse a reng ke ene a tla di dirang. Go tlhobaelo jalo go sa tlhokege go ka tshwana le glaucoma ya semoya—fa e itlhokomolosiwa, ka bonya e tla dira gore re se ka ra bona sentle mme re tshwenyege fela ka dilo tsa senama mme kgabagare e dire gore re foufale semoyeng. Fa re nna re le mo boemong joo, letsatsi la ga Jehofa le tla re wela “jaaka seru.” A bo e tla nna masetlapelo jang ne!—Luke 21:34-36.
Nna o Tlhomame Jaaka Joshua
A re nneng re tlhomile mogopolo thata mo tsholofelong ya rona e ntle ya Bogosi, re baya maikarabelo a mangwe a re nang le one mo maemong a one. Fa re latela thulaganyo ya rona ya go ithuta, ya go tlhatlhanya le go dirisa melaometheo ya Baebele ka metlha, seno se ka re thusa go nna re tlhomame mo tsholofelong ya rona jaaka Joshua. E re ka a ne a eteletse Baiseraele pele go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, o ne a re: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.”—Joshua 23:14.
E kete tsholofelo ya Bogosi e ka go nonotsha, mme e kete e ka dira gore o itumele mme seo se bonale mo go se o se akanyang, kafa o ikutlwang ka teng, mo ditshwetsong tse o di dirang le dilo tse o di dirang.—Diane 15:15; Baroma 12:12.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
A o kile wa tsamaya wa ipotsa gore a ruri o tla tsena mo lefatsheng le lesha?
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Go tlhatlhanya ke karolo e e botlhokwa ya go ithuta Baebele
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Nna o tlhomile mogopolo mo dilong tsa Bogosi