Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Tshwanetse go Kopa Baengele Gore ba re Thuse?

A re Tshwanetse go Kopa Baengele Gore ba re Thuse?

A re Tshwanetse go Kopa Baengele Gore ba re Thuse?

AFA re le mo mathateng re tshwanetse go kopa baengele gore ba re thuse? Batho ba bantsi ba akanya jalo. Tota e bile New Catholic Encyclopedia ya re: “Motho o rapela . . . baengele . . . fela gore ba re buelele kwa Modimong.” A re tshwanetse go kopa baengele gore ba re buelele?

Lefoko la Modimo le umaka maina a mabedi fela a baengele ba ba ikanyegang ba Modimo, e bong Mikaele le Gabariele. (Daniele 8:16; 12:1; Luke 1:26; Jude 9) E re ka maina ano a umakiwa mo Baebeleng, re lemoga gore moengele mongwe le mongwe ke sebopiwa se se tlhomologileng sa semoya se se nang le leina, ga se maatla fela a e seng motho. Mme baengele ba bangwe ba ne ba gana go bua maina a bone. Ka sekai, fa Jakobe a ne a kopa moengele yo o neng a mo etetse gore a mmolelele leina la gagwe, o ne a gana. (Genesise 32:29; Baatlhodi 13:17, 18) Ga go na lenaane la maina a baengele mo Baebeleng, ka jalo seno se dira gore batho ba se ka ba ba naya tlotlo e e feteletseng.

Nngwe ya ditiro tsa baengele ke go naya batho melaetsa e e tswang kwa Modimong. Tota e bile, mafoko a ntlhantlha a Sehebera le Segerika a a ranolwang go twe “moengele” a raya “morongwa.” Le fa go ntse jalo, baengele ga se batsereganyi ba ba isang dithapelo tsa batho kwa setulong sa bogosi sa Mogodimodimo. Modimo o laetse gore dithapelo di lebisiwe kwa go ene ka leina la Morwawe, Jesu Keresete, yo o neng a re: “Le fa e le eng se lo se kopang Rara ka leina la me a tle a se lo neye.”—Johane 15:16; 1 Timotheo 2:5.

Jehofa Modimo ga a ke a tshwarega thata mo a ka se re reetseng fa re mo rapela ka tshwanelo. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri.”—Pesalema 145:18.