Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke ka ntlha yang fa 1 Bakorintha 10:8 e re go ile ga bolawa Baiseraele ba le 23 000 mo letsatsing le le lengwe fela ka ntlha ya go dira kgokafalo, fa Dipalo 25:9 yone e re e ne e le ba ba 24 000?

Go na le mabaka a le mmalwa a a ka dirisiwang go tlhalosa pharologanyo fa gare ga dipalo tse di mo ditemaneng tse pedi tseno. Lebaka le le ka tlhaloganngwang motlhofo e ka nna gore go ka direga gore palo e e siameng e golo gongwe fa gare ga 23 000 le 24 000, ka jalo e ka isiwa go epe ya dipalo tse pedi tseo go e dira palo e e tletseng.

Akanya ka lebaka le lengwe gape. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka Baiseraele kwa Shitime e le sekai sa go tlhagisa Bakeresete ba kwa Korintha wa bogologolo, motse o o neng o itsege thata ka tsela ya yone ya boitsholo jo bo sa siamang. O ne a kwala jaana: “Le gone a re se direng kgokafalo, jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira kgokafalo, mme ga wa ba le dikete di le masome a mabedi le boraro ba bone mo letsatsing le le lengwe.” Paulo a re ba ne ba le 23 000, a bala fela ba ba neng ba bolawa ke Jehofa a ba bolaela go dira boaka.—1 Bakorintha 10:8.

Le fa go ntse jalo, Dipalo kgaolo ya 25 e re bolelela gore “Iseraele ya ikgolaganya le Baale wa Peore; mme bogale jwa ga Jehofa jwa simolola go tukela Iseraele.” Morago ga moo, Jehofa o ne a laela Moshe gore a bolaye “botlhe ba e leng ditlhogo tsa batho.” Moshe ene o ne a laela baatlhodi gore ba diragatse taelo eo. La bofelo, fa Finehase a sena go tsaya kgato ka bonako ya go bolaya Moiseraele yo o neng a tlisitse mosadi wa Momidiana mo bothibelelong, “petso ya emisiwa.” Pego eno e khutla ka mafoko ano: “Ba ba neng ba bolawa ke petso ba fitlha go dikete di le masome a mabedi le bonè.”—Dipalo 25:1-9.

Go bonala palo e e ntshiwang mo go Dipalo e ne e akaretsa “ba e leng ditlhogo tsa batho” ba ba neng ba bolailwe ke baatlhodi le ba ba neng ba bolailwe ka tlhamalalo ke Jehofa. Go ka direga gore go ne go na le ba le sekete ba e leng ditlhogo tsa batho ba ba neng ba bolawa ke baatlhodi, se se neng sa tlisa palo go ba le 24 000. Bano ba e leng ditlhogo kana baeteledipele ba ne ba na le molato wa go “ikgolaganya le Baale wa Peore” e ka tswa ba ne ba dirile kgokafalo, ba nnile le seabe mo meketeng kana ba letleletse ba ba neng ba dirile dilo tseno go dira jalo.

Malebana le lefoko “ikgolaganya,” tshupiso nngwe ya Baebele e tlhalosa gore lefoko leno le ka raya “go itshwaraganya le motho mongwe.” Baiseraele e ne e le batho ba ba neng ba ineetse mo go Jehofa, mme fa ba ne ba “ikgolaganya le Baale wa Peore,” ba ne ba senya kamano ya bone ya go ineela mo Modimong. Mo e ka nnang dingwaga di le 700 moragonyana, Jehofa o ne a bua jaana ka Baiseraele a dirisa moperofeti Hosea: “Ba ne ba tsena kwa go Baale wa Peore, mme ba ineela mo selong se se tlhabisang ditlhong, ba nna ba ba ferosang sebete jaaka selo se ba se ratang.” (Hosea 9:10) Botlhe ba ba neng ba dira jalo ba ne ba tshwanelwa ke kotlhao e e botlhoko ya Modimo. Ka jalo, Moshe o ne a gakolola bomorwa Iseraele jaana: “Matlho a lona ke one a boneng se Jehofa a neng a se dira mo kgannyeng ya ga Baale wa Peore, gore motho mongwe le mongwe yo o neng a sala Baale wa Peore morago ke ene yo Jehofa Modimo wa gago a neng a mo nyeletsa mo gare ga lona.”—Duteronome 4:3.