Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhalosa Sebatana sa Naga le Letshwao la Sone

Go Tlhalosa Sebatana sa Naga le Letshwao la Sone

Go Tlhalosa Sebatana sa Naga le Letshwao la Sone

A O RATA go rarabolola malepa? Gore o kgone go dira jalo, o batla dintlha tse di tla go thusang go a rarabolola. Modimo mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, o re naya dintlha tse di malebana le palo ya 666, leina, kgotsa letshwao la sebatana sa naga se go buiwang ka sone mo go Tshenolo kgaolo 13.

Mo setlhogong seno re tla sekaseka ditsela di le nnè tsa go akanyetsa kgang eno—dintlha tsa botlhokwa—tse di tla senolang bokao jwa letshwao la sebatana. Re tla sekaseka (1) kafa ka dinako tse dingwe maina a Baebele a tlhophiwang ka teng, (2) gore sebatana sa naga ke eng, (3) gore go tewang fa go twe 666 ke “palo ya motho,” le (4) bokao jwa palo ya 6 le lebaka la go bo e boelediwa gararo, ke gore 600 a tlhakanngwa le 60 le 6, kana 666.—Tshenolo 13:18.

Maina a mo Baebeleng ga se Matshwao Fela

Maina a mo Baebeleng gantsi a na le bokao jo bo kgethegileng, segolobogolo fa batho ba a tewa ke Modimo. Ka sekai, ka gonne Aberame a ne a tlile go nna rre wa ditšhaba, Modimo o ne a fetola leina la tlhogo eno ya lotso a mmitsa Aborahame, le le rayang “Rra Boidiidi.” (Genesise 17:5) Modimo o ne a bolelela Josefa le Marea gore ba bitse ngwana wa ga Marea yo o tla tsholwang ba re Jesu, e leng leina le le rayang “Jehofa ke Poloko.” (Mathaio 1:21; Luke 1:31) Go dumalana le leina leo le le nang le bokao jo bo kgethegileng, Jehofa o ne a dira gore re kgone go bona poloko ka bodiredi jwa ga Jesu le loso lwa gagwe lwa setlhabelo.—Johane 3:16.

Ka jalo, leina le e leng palo la 666 le le teilweng ke Modimo le tshwanetse la bo le tshwantshetsa se Modimo a se tsayang e le mekgwa ya sebatana. Gore re tlhaloganye mekgwa eno re tshwanetse go itse gore sebatana ka bosone ke eng le go itse ditiro tsa sone.

Sebatana se a Senolwa

Buka ya Baebele ya Daniele e re naya tshedimosetso e ntsi malebana le bokao jwa dibatana tsa tshwantshetso. Kgaolo 7 e tlhalosa ka botlalo ka “dibatana tse nnè tse dikgolo”—tau, bera, lengau le sebatana se se boitshegang se se nang le meno a magolo a tshipi. (Daniele 7:2-7) Daniele o re bolelela gore dibatana tseno di tshwantshetsa magosi a bopolotiki kgotsa “dikgosi,” tse di busang mebuso e megolo di tlhatlhamana.—Daniele 7:17, 23.

Mabapi le sebatana sa Tshenolo 13:1, 2, The Interpreter’s Dictionary of the Bible e tlhalosa gore se “na le mekgwa yotlhe ya dibatana tse nnè tsa ponatshegelo ya Daniele . . . Ka jalo, sebatana seo sa ntlha [sa Tshenolo] se tshwantshetsa mebuso yotlhe ya sepolotiki mo lefatsheng e e kgatlhanong le Modimo.” Tlhaloso eno e tlhomamisiwa ke Tshenolo 13:7, e e buang jaana ka sebatana: “Sa newa taolo godimo ga lotso longwe le longwe le batho le teme le setšhaba.” *

Ke ka ntlha yang fa Baebele e dirisa dibatana go tshwantshetsa puso ya batho? Ka mabaka a ka nna mabedi. Sa ntlha, ka ntlha ya leina le dipuso di itiretseng lone fa dingwaga di ntse di feta ka go bolaya batho jaaka dibatana. Bakwalahisitori Will le Ariel Durant ba ne ba kwala jaana: “Ntwa ke sengwe se se nnang se le teng mo hisitoring mme ga e a fokotsega fa go tsena tlhabologo le puso ya batho ka batho.” A bo kgang ya gore ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko’ e le boammaaruri jang ne! (Moreri 8:9) Lebaka la bobedi ke gore ‘kgogela e bong Satane, e ne ya naya sebatana seno maatla a yone le setulo sa yone sa bogosi le taolo e kgolo.’ (Tshenolo 12:9; 13:2) Dipuso tsa batho di tswa mo go Diabolo, ka jalo di bontsha boikutlo jwa gagwe jwa bobatana, jwa bonoga.—Johane 8:44; Baefeso 6:12.

Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore mmusi mongwe le mongwe wa motho o dirisiwa ke Satane ka tlhamalalo. Tota e bile, ka tsela nngwe, dipuso tsa batho di direla jaaka “modiredi wa Modimo,” di dira gore go nne le tolamo mo setšhabeng, e kwantle ga yone go ka nnang le tlhakatlhakano. Mme baeteledipele bangwe ba ile ba sireletsa ditshwanelo tsa batho, go akaretsa le tshwanelo ya go nna mo kobamelong ya boammaaruri—sengwe se Satane a sa se batleng. (Baroma 13:3, 4; Esera 7:11-27; Ditiro 13:7) Mme le fa go ntse jalo, ka ntlha ya tlhotlheletso ya ga Diabolo, ga go na motho ope kgotsa mokgatlho ope wa batho o o kileng wa kgona go tlisetsa batho kagiso e e nnelang ruri le polokesego. *Johane 12:31.

“Palo ya Motho”

Ntlha ya boraro e e tla go thusang go tlhaloganya bokao jwa 666 ke gore ke “palo ya motho.” Polelwana eno ga e bue ka motho mongwe, ka gonne Satane—e seng motho mongwe le mongwe fela—ke ene a nang le taolo mo sebataneng. (Luke 4:5, 6; 1 Johane 5:19; Tshenolo 13:2, 18) Go na le moo, go bo sebatana se na le “palo ya motho” kgotsa letshwao, go raya gore ke sengwe sa batho, e seng sa moya kgotsa sa madimona, le gore se na le mekgwa mengwe ya batho. Mekgwa eno e ka tswa e le efe? Baebele e araba ka gore: “[Batho] botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Ka jalo, go bo sebatana se na le “palo ya motho,” go raya gore dipuso di bontsha tsela e batho ba tlhaelang ka yone, e leng letshwao la boleo le go sa itekanele.

Hisitori e supela seno. Motho yo pele e neng e le Mokwaledi wa Puso ya United States, e bong Henry Kissinger, o ne a re: “Tlhabologo nngwe le nngwe e e kileng ya nna teng e ile ya nyelela kgabagare. Hisitori ke pego ya maiteko a a neng a itaya sefololetse, ya mekgele e e neng ya se ka ya fitlhelelwa . . . Ka jalo, jaaka mokwalahisitori, motho o tshwanetse a amogela gore masetlapelo a ka se ka a tilwa.” Tlhaloso ya ga Kissinger e e builweng ka boikanyegi e supela boammaaruri jono jwa konokono jwa Baebele: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

Ka gonne re tlhalositse sebatana e bile re bone kafa Modimo a se lebang ka teng, re ka kgona go tlhatlhoba karolo ya bofelo ya malepa a rona—palo ya thataro le go bo e boelediwa gararo—ke gore, 666 kgotsa 600 a tlhakanngwa le 60 le 6. 

Ke Eng fa Palo ya Thataro e Boelediwa Gararo?

Mo Dikwalong dipalo dingwe di na le bokao jwa tshwantshetso. Ka sekai palo ya bosupa, gantsi e tshwantshetsa sengwe se se feletseng, se se itekanetseng mo matlhong a Modimo. Ka sekai, beke e Modimo a e dirisitseng go bopa ke ‘malatsi’ a le supa, kgotsa malatsi a a neng a tsaya lobaka lo loleele, a mo go one Modimo a ileng a diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka botlalo jwa go bopa dilo tse di mo lefatsheng. (Genesise 1:3–2:3) “Mafoko” a Modimo a tshwana le selefera e e “ntlafaditsweng ga supa,” ke gore e itshekisitswe ka botlalo. (Pesalema 12:6; Diane 30:5, 6) Molepero Naamane o ne a bolelelwa gore a tlhape ga supa mo Nokeng ya Joredane mme morago ga moo o ne a fodisiwa ka botlalo.2 Dikgosi 5:10, 14.

Palo ya thataro e tlhaela ka nngwe fela gore e nne supa. A palo eno ga se letshwao le le tshwanelang la sengwe se se sa itekanelang kgotsa se se tlhaelang mo matlhong a Modimo? Eleruri ke lone! (1 Ditiragalo 20:6, 7) Mo godimo ga moo, go boeletsa palo ya thataro gararo, go nna 666, go gatelela bosaitekanelang joo thata. Gore eno ke tsela e e siameng ya go leba dilo go tshegediwa ke ntlha ya gore 666 ke “palo ya motho,” jaaka re setse re bone. Ka jalo, hisitori ya sebatana, gore se na le “palo ya motho” le palo ya 666 ka boyone, tsotlhe di dira gore re swetse re sa belaele ka tlhaloso e le nngwe—sengwe se se sa itekanelang gotlhelele le se se tlhaelang mo matlhong a ga Jehofa.

Go tlhalosiwa ga tsela e sebatana se tlhaelang ka yone go re gakolola se se neng sa buiwa ka Kgosi Beleshasare wa Babelona wa bogologolo. Jehofa o ne a raya mmusi yoo mafoko ano a dirisa Daniele: “O lekantswe bokete mo dilekanyong mme o fitlhetswe o tlhaela.” Mo go jone bosigo joo Beleshasare o ne a bolawa mme Mmusomogolo wa Babelona wa fenngwa. (Daniele 5:27, 30) Ka mo go tshwanang, katlholo ya Modimo mo sebataneng sa sepolotiki le mo go ba ba nang le letshwao la sone e raya gore se tla fedisiwa mmogo le balatedi ba sone. Le fa go ntse jalo, ka nako eo Modimo ga a na go fedisa fela tsamaiso e le nngwe ya sepolotiki, mme o tla fedisa sengwe le sengwe se se amanang le puso ya motho. (Daniele 2:44; Tshenolo 19:19, 20) Ka jalo go botlhokwa thata gore re tile go nna le letshwao la sebatana le le ka re bakelang loso!

Letshwao le a Tlhalosiwa

Fela fa Tshenolo e sena go bolela palo ya 666, e umaka balatedi ba ba 144 000 ba Kwana, e bong Jesu Keresete, ba leina la gagwe le la ga Rraagwe, Jehofa, le kwadilweng mo diphatleng tsa bone. Maina ano a tlhaola batho ba ba nang le one e le ba ga Jehofa le ba ga Morwawe, ba ba leng motlotlo go rera ka bone. Ka tsela e e tshwanang, ba ba nang le letshwao leno la sebatana ba bontsha phatlalatsa gore ba direla sebatana. Ka jalo, letshwao leno, le fa le ka tswa le le mo seatleng sa moja kana mo phatleng, ka tsela ya tshwantshetso ke sesupo sa gore motho yo o nang le lone o tshegetsa ditsamaiso tsa lefatshe tsa bopolotiki, tsa sekasebatana, ka tsela ya go di obamela. Ba ba nang le letshwao leo ba neela “Kaesara” se tota e leng sa Modimo. (Luke 20:25; Tshenolo 13:4, 8; 14:1) Jang? Ka go tlotla puso ya bopolotiki ka tsela ya go e obamela, mmogo le matshwao a yone le maatla a yone a sesole, tse ba tsayang gore di ka ba naya tsholofelo le poloko. Kobamelo epe fela e ba e nayang Modimo wa boammaaruri ke seomodiro fela.

Go farologana le seo, Baebele e re rotloetsa jaana: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene. Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.” (Pesalema 146:3, 4) Ba ba utlwang kgakololo eo e e botlhale ga ba swabe fa dipuso di palelwa ke go diragatsa ditsholofetso tsa tsone kgotsa fa baeteledipele ba ba rategang ba latlhegelwa ke maemo a bone.—Diane 1:33.

Seno ga se reye gore Bakeresete ba boammaaruri ba iketla fela mme ga ba dire sepe ka tlalelo e batho ba leng mo go yone. Go na le moo, ba bolela phatlalatsa ka puso e le nngwe fela e e tla rarabololang mathata a batho—Bogosi Jwa Modimo, jo ba bo emelang.—Mathaio 24:14.

Bogosi Jwa Modimo ke Jone Fela Tsholofelo ya Batho

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dira Bogosi Jwa Modimo setlhogo sa thero ya gagwe. (Luke 4:43) Mo thapelong ya ga Jesu ya sekao e ka dinako tse dingwe e bidiwang Thapelo ya Morena, o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela gore Bogosi joo bo tle le gore thato ya Modimo e dirwe mono mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Bogosi joo ke puso e e tla busang lefatshe lotlhe, e sa buse e le mo motseng mongwe mo lefatsheng, mme e busa go tswa kwa legodimong. Ke gone ka moo Jesu a neng a bo bitsa “bogosi jwa magodimo.”—Mathaio 11:12.

Ke mang yo o tshwanelegang botoka go nna Kgosi ya Bogosi joo fa e se Jesu Keresete, ene yo o swetseng batho ba a tlileng go ba busa mo isagweng? (Isaia 9:6, 7; Johane 3:16) Go ise go ye kae, Mmusi yono yo o itekanetseng, yo jaanong e leng motho yo o maatla wa semoya, o tla tsenya sebatana, dikgosi tsa sone le mephato ya sone ya sesole mo “bodibeng jo bo molelo jo bo tukang ka sulefera,” mo go tshwantshetsang go ba senyetsa ruri. Mme ga go felele foo. Gape Jesu o tla fedisa Satane, sengwe se go se nang motho ope yo o ka se dirang.—Tshenolo 11:15; 19:16, 19-21; 20:2, 10.

Bogosi Jwa Modimo bo tla tlisetsa babusiwa ba jone botlhe ba ba kutlo kagiso. (Pesalema 37:11, 29; 46:8, 9) Tota le bohutsana, botlhoko le loso di tla bo di sa tlhole di le teng. A bo batho ba ba ipolokang ba se na letshwao la sebatana ba na le tebelelo e e molemolemo jang ne!—Tshenolo 21:3, 4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Go bona tlhaloso e e tletseng ya ditemana tseno, bona kgaolo 28 ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 11 Le mororo Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga gore gantsi puso ya batho ke ya bobatana, ba ineela mo taolong ya “balaodi ba bagolo” ba puso jaaka Baebele e ba laela. (Baroma 13:1) Le fa go ntse jalo, fa balaodi bao ba ba laela gore ba dire dilo tse di sa dumalaneng le molao wa Modimo, ba “utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Dintlha Tse di Thusang go Bona Bokao Jwa 666

1. Gantsi maina a Baebele a tlhalosa sengwe ka mekgwa kgotsa botshelo jwa beng ba one, jaaka go ntse ka Aborahame, Jesu le ba bangwe ba bantsi. Ka tsela e e tshwanang, leina le e leng palo la sebatana le tshwantshetsa mekgwa ya sone.

2. Mo bukeng ya Baebele ya Daniele, dibatana tse di farologaneng di emela magosi kgotsa mebusomegolo ya batho ka go tlhomagana ga yone. Sebatana se se dikarolo dintsi sa Tshenolo 13:1, 2, se tshwantshetsa tsamaiso ya bopolotiki ya lefatshe lotlhe e e newang maatla ke Satane e bile e le ene a e laolang.

3. Go bo sebatana se na le “palo ya motho” go bontsha gore ke sengwe se se amanang le batho, e seng madimona. Ka jalo, seo se senola diphoso tsa batho tse di bakwang ke boleo le bosaitekanelang.

4. Mo matlhong a Modimo, palo ya thataro e bontsha go sa itekanelang ka gonne e tlhaela ka nngwe gore e nne supa, e go ya ka Baebele e leng palo e e supang go felela kgotsa go itekanela. Letshwao la 666 le gatelela go tlhaela ka go boeletsa palo eo gararo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Puso ya batho e itshupile e palelwa, mme e tshwantshediwa sentle ke palo ya 666

[Motswedi wa Setshwantsho]

Starving child: UNITED NATIONS/Photo by F. GRIFFING

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu Keresete o tla busa lefatshe ka tsela e e siameng