Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikaege ka Moya wa Modimo fa o Lebana le Maemo a a Fetofetogang a Botshelo

Ikaege ka Moya wa Modimo fa o Lebana le Maemo a a Fetofetogang a Botshelo

Ikaege ka Moya wa Modimo fa o Lebana le Maemo a a Fetofetogang a Botshelo

“Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo.”—2 TIMOTHEO 2:15.

1. Ke diphetogo dife tse di ka gwetlhang bomoya jwa rona?

LEFATSHE le nna le fetofetoga. Re bona kgatelopele e e gakgamatsang mo go tsa saense le tsa thekenoloji, re bona le go senyega ga maemo a boitsholo ka tsela e e garolang pelo. Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, Bakeresete ba tshwanetse go gana moya wa lefatshe leno o o kgatlhanong le Modimo. Le fa go ntse jalo, fa maemo a lefatshe a ntse a fetoga, le rona re a fetoga ka ditsela di le dintsi. Re a gola. Re ka nna le dikhumo kana tsa re latlhegela, ra nna le botsogo jo bo molemo kana ra lwala, ra nna le baratiwa kana ba re latlhegela. Bontsi jwa diphetogo tseo re ka se ka ra kgona go di laola, mme di ka dira gore re lebane le dilo tse disha le tse di boitshegang tse di ka gwetlhang bomoya jwa rona.

2. Dafide o ile a lebana le diphetogo dife mo botshelong jwa gagwe?

2 Ga se batho ba le bantsi ba ba ileng ba lebana le diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa bone jaaka Dafide, morwa Jese. Botshelo jwa ga Dafide bo ile jwa fetoga ka bonako go tloga mo go nneng mosimanyana fela wa modisa yo o sa itsegeng go nna mogaka mo setšhabeng. Moragonyana o ne a tshela botshelo jwa go nna motshabi yo o neng a tsomiwa jaaka phologolo ke kgosi e e lefufa. Morago ga moo, Dafide o ne a nna kgosi le mofenyi. O ne a itshokela matswela a a botlhoko a boleo jo bo masisi. O ne a welwa ke masetlapelo le dikgaogano mo lelapeng la gagwe. O ne a nna le dikhumo, a tsofala mme a lebana le makoa a botsofe. Le fa Dafide a ile a lebana le diphetogo tse dintsi jalo mo botshelong jwa gagwe, o ile a bontsha go ikanya Jehofa le moya wa Gagwe. O ne a dira bojotlhe go ‘itlhagisa a amogelwa ke Modimo,’ mme Modimo o ne a mo segofatsa. (2 Timotheo 2:15) Le fa maemo a rona a sa tshwane le a ga Dafide, re ka ithuta sengwe go tswa mo tseleng e a ileng a lebana le dilo tseno ka yone. Sekai sa gagwe se ka re thusa go tlhaloganya kafa re ka dirang ka teng gore moya wa Modimo o tswelele o re thusa fa re ntse re lebana le diphetogo mo botshelong.

Boikokobetso Jwa ga Dafide—Sekao se se Molemo

3, 4. Maemo a ga Dafide a ne a fetoga jang go tloga mo go nneng mosimanyana fela wa modisa go nna mogaka mo setšhabeng?

3 Fa Dafide e sa ntse e le mosimanyana, e ne e se motho yo o tumileng le e leng mo lelapeng la gaabo tota. Fa moporofeti Samuele a tla kwa Bethelehema, rraagwe Dafide o ne a mo tlisetsa barwa ba gagwe ba le supa mo go ba le robedi. Dafide morwa yo mmotlana mo go bone botlhe, o ne a ile go disa dinku. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhopha Dafide go nna kgosi ya Iseraele. Dafide o ne a bidiwa a le kwa nageng. Go tswa foo Baebele ya re: “Samuele a tsaya lonaka lwa leokwane mme a mo tlotsa mo gare ga bomorwarraagwe. Mme moya wa ga Jehofa wa simolola go dira mo go Dafide go tloga ka letsatsi leo go ya pele.” (1 Samuele 16:12, 13) Dafide o ile a ikaega ka moya oo mo botshelong jotlhe jwa gagwe.

4 Go ise go ye kae mosimanyana yoo wa modisa o ne a tla tuma mo nageng yotlhe ya gaabo. O ne a bidiwa go ya go nna modiredi wa kgosi le go nna moletsi wa yone wa mmino. O ne a bolaya Goliate wa motlhabani, mokaloba yo o neng a boitshega jaana mo le masole a a katisitsweng a Iseraele a neng a tshaba go lwa le ene. Morago ga gore Dafide a tlhomiwe go nna mookamedi wa masole, o ne a fenya Bafilisitia. Batho ba ne ba mo rata. Ba ne ba tlhama dipina tsa go mo tlotlomatsa. Pelenyana ga foo, mogakolodi wa ga Kgosi Saulo o ne a tlhalosa Dafide yo mmotlana e seng fela gore ke motho yo o ‘setswerere mo go letseng’ harepa, mme gape le gore e ne e le “monna yo o seganka, yo o thata le monna wa ntwa le sebui se se botlhale le monna yo o bopegileng sentle.”—1 Samuele 16:18; 17:23, 24, 45-51; 18:5-7.

5. Ke eng se se neng se ka dira gore Dafide a nne boikgogomoso, mme re itse jang gore ga a ka a nna jalo?

5 Go bonala Dafide a ne a na dilo tsotlhe tse motho a ka di eletsang—go tuma, ditebego, bosha, go nna seleta mo puong, go nna le bokgoni mo mminong, go nna setswerere mo ntweng, le go amogelwa ke Modimo. Sepe fela sa dilo tseno se ne se ka nna sa mo dira gore a nne boikgogomoso, le fa go ntse jalo, ga go a ka ga nna jalo. Ela tlhoko kafa Dafide a ileng a araba Kgosi Saulo ka teng, yo o neng a abela Dafide tshiamelo ya go nyala morwadie. Dafide o ile a bua jaana ka boikokobetso jo bogolo: “Nna ke mang le ba losika lwa me ke bomang, lelapa la ga rre, mo Iseraele, mo nka nnang mogwe wa kgosi?” (1 Samuele 18:18) Fa mokanoki mongwe a tlhalosa temana eno, o ile a kwala jaana: “Se Dafide a neng a se kaya ke gore bokgoni jwa gagwe, kana maemo a gagwe mo setšhabeng kana losika lo a tsaletsweng mo go lone, di ne di sa mo dire gore a tshwanelege go nna le tshiamelo ya go nna mogwe wa kgosi.”

6. Ke eng fa re tshwanetse go nna boikokobetso?

6 Boikokobetso jwa ga Dafide bo ne bo ikaegile ka go itse gore Jehofa o mogolo ka ditsela tsotlhe mo bathong ba ba sa itekanelang. Dafide o ile a gakgamadiwa ke gore lefa Modimo a le mogolo jalo o tsaya batho tsia. (Pesalema 144:3) Gape o ne a itse gore bogolo bope fela jo a ka tswang a ne a na le jone o ne a na le jone ka gonne Jehofa a bontshitse boikokobetso ka go ikisa kwa tlase gore a mo tlamele, a mo sireletse le go mo tlhokomela. (Pesalema 18:35) A thuto e e molemo ruri! Bokgoni jo re nang le jone, katlego kana ditshiamelo ga di a tshwanela go re dira gore re nne boikgogomoso. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Eleruri, ke eng se o nang le sone se o neng wa se ka wa se amogela? Jaanong, fa e le gore eleruri o ne wa se amogela, ke ka ntlha yang fa o ipelafatsa jaaka e kete o ne wa se ka wa se amogela?” (1 Bakorintha 4:7) Re tshwanetse go lwela go nna boikokobetso gore re nne le moya o o boitshepo wa Modimo le gore re nne le botsala le ene.—Jakobe 4:6.

“Lo se Ka Lwa Ipusolosetsa”

7. Dafide o ne a tlhagelwa ke tshono efe ya go bolaya Kgosi Saulo?

7 Le fa go tuma ga ga Dafide go ile ga se ka ga mo dira gore a ikgogomose, go ile ga dira gore Kgosi Saulo, yo o neng a sa tlhole a na le moya wa Modimo, a mo fufegele mo a neng a batla go mmolaya. Le fa Dafide a ne a sa dira sepe se se phoso, o ne a tshwanelwa ke go tshaba gore a namole botshelo jwa gagwe mme a nna mo nageng. Nako nngwe fa Kgosi Saulo a ntse a lelekile Dafide, o ne a tsena mo legageng a sa itse gore Dafide le ba a neng a na le bone ba ne ba iphitlhile mo go lone. Banna ba ga Dafide ba ne ba mo tlhotlheletsa gore a dirise tshono eo, e ba neng ba tsaya gore e tswa kwa Modimong, gore a bolaye Saulo. Akanya fela ba le mo lefifing, ba ntse ba sebela Dafide jaana: “Leno ke letsatsi le ka lone Jehofa a go rayang a re, ‘Bona! ke tsenya mmaba wa gago mo seatleng sa gago, mme o dire ka ene fela kafa go bonalang go le molemo ka gone mo matlhong a gago.’”—1 Samuele 24:2-6.

8. Ke eng fa Dafide a ile a se ka a ipusolosetsa?

8 Dafide o ne a gana go utlwisa Saulo botlhoko. Ka ntlha ya go nna le tumelo le bopelotelele, o ne a iketleeleditse go tlogelela tsotlhe mo diatleng tsa ga Jehofa. Fa kgosi e sena go tswa mo legageng, Dafide o ile a e tlhaeletsa jaana: “E kete Jehofa a ka atlhola fa gare ga me le wena; mme Jehofa a mpusoloseletse mo go wena, mme seatla sa me ga se kitla se nna mo go wena.” (1 Samuele 24:12) Le fa Dafide a ne a itse gore Saulo ke ene yo o phoso, o ne a se ka a ipusolosetsa; e bile o ne a se ka a raya Saulo sepe se se bosula kana go mo senya leina. Le mo makgetlong a mangwe a mantsi, Dafide o ile a se ka a ipusolosetsa. Go na le moo, o ne a ikaega ka Jehofa gore e nne ene yo o baakanyang dilo.—1 Samuele 25:32-34; 26:10, 11.

9. Ke eng fa re sa tshwanela go ipusolosetsa fa re ganediwa kana re bogisiwa?

9 Jaaka Dafide, le wena o ka iphitlhela o le mo maemong a a gwetlhang. Gongwe o a ganediwa kana o bogisiwa ke ba o tsenang sekolo le bone, badiri ka wena, ba lelapa, kana batho ba bangwe ba ba sa dumeleng. O se ka wa ipusolosetsa. Leta Jehofa, o kope moya wa gagwe o o boitshepo gore o go thuse. Gongwe batho bao ba ba sa dumeleng ba ka kgatlhwa ke boitshwaro jwa gago jo bo molemo mme ba nna badumedi. (1 Petere 3:1) Le fa go ka direga eng, tlhomamisega gore Jehofa o bona seemo sa gago mme o tla dira sengwe ka nako e e tshwanetseng. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’”—Baroma 12:19.

‘Reetsa Kotlhao’

10. Go ne ga tla jang gore Dafide a dire boleo, mme o ne a dira eng go leka go bo bipa?

10 Dingwaga di ne tsa feta. Dafide o ne a nna kgosi e e rategang e e tumileng. Botshelo jwa gagwe jwa boikanyegi jo bogolo le dipesalema tse di molemo tse a di kwadileng a baka Jehofa, di ka nna tsa dira gore motho a tseye gore monna yono o ne a ka se dire boleo bope jo bo masisi. Le fa go ntse jalo, o ile a bo dira. Letsatsi lengwe kgosi e ne e eme mo marulelong a ntlo e lebile mosadi mongwe yo montle a tlhapa. E ne ya botsa gore mosadi yoo ke mang. Fa Dafide a utlwa gore mosadi yoo ke Bathesheba le gore monna wa gagwe, Uria, o ne a ile ntweng, o ne a laela gore a bidiwe mme a robala le ene. Moragonyana o ne a lemoga gore o imile. A bo seno e ne e tla nna matlhabisaditlhong a magolo jang fa se ne se ka senoga! Go ya ka Molao wa ga Moshe, boaka e ne e le boleo jo bo atlholelwang loso. Go bonala kgosi e ile ya akanya gore e ka kgona go bipa boleo jono. Ka jalo e ne ya laela gore Uria a ye go bidiwa kwa ntweng mme a boele Jerusalema. Dafide o ne a solofetse gore Uria o ne a tla fitlha a lala le Bathesheba, mme go ne ga se ka ga nna jalo. E re ka jaanong Dafide a ne a tlaletswe, o ne a laela Uria gore a boele kwa ntweng mme a mo neela lekwalo le le neng le ya kwa go Joabe, molaodi wa masole. Lekwalo leno le ne le laela gore Uria a tsenngwe mo maemong a a neng a tla dira gore a bolawe mo ntweng. Joabe o ne a dira jalo, mme Uria a bolawa. Morago ga gore Bathesheba a fetse nako ya ka tlwaelo ya khutsafalo, Dafide o ne a mo tsaya go nna mosadi wa gagwe.—2 Samuele 11:1-27.

11. Nathane o ne a tlotlela Dafide kgang efe, mme o ne a e tsibogela jang?

11 Go ne go bonala leano leno le bereka, le mororo Dafide a tshwanetse a ka bo a ile a gopola gore Jehofa o ne a bona sotlhe se se diregang. (Bahebera 4:13) Dikgwedi di ne tsa feta mme ngwana o ne a tsholwa. Morago ga moo, ka kaelo ya Modimo, moporofeti Nathane o ne a ya kwa go Dafide. Moporofeti o ne a tlotlela kgosi ka monna mongwe wa mohumi, yo o neng a na le dinku di le dintsi, yo o neng a tsaya nku e le nngwe fela ya monna mongwe yo o humanegileng, e o neng a e rata thata, mme a e tlhaba. Kgang eno e ne ya ama Dafide maikutlo mme a se ka a lemoga gore e lebisitse kae. Dafide o ne a nna bonako go atlhola monna yoo wa mohumi. O ne a raya Nathane jaana a galefile: “Monna yo o dirang seno o tshwanelwa ke go swa!”—2 Samuele 12:1-6.

12. Jehofa o ne a atlhola Dafide ka katlholo efe?

12 Moporofeti o ne a mo araba jaana: “Ke wena monna yoo!” Dafide o ne a ikatlhotse. Ga go pelaelo gore kgalefo ya ga Dafide e ne ya fetoga kutlobotlhoko le go tlhabiwa ke ditlhong. O ne a akabetse fa a ntse a reeditse Nathane a tlhalosa katlholo ya ga Jehofa e e ka se kang ya tilwa. Go ne go sena mafoko ape a kgomotso. Dafide o ne a itlhokomolositse mafoko a ga Jehofa ka go dira bosula. O ne a bolaile Uria ka go dirisa tšhaka ya baba. Ka jalo tšhaka e ne e se kitla e tloga mo ntlong ya ga Dafide. O ne a tsere mosadi wa ga Uria ka bokhukhuntshwane. Le ene o ne a tla diragalelwa ke se se tshwanang, mme ene go ne go tla mo diragalela phatlalatsa, e seng mo sephiring.—2 Samuele 12:7-12.

13. Dafide o ile a tsibogela kotlhao ya ga Jehofa jang?

13 Sengwe se se molemo ka Dafide ke gore o ne a se ka a ganela molato wa gagwe. O ne a se ka a galefela moporofeti Nathane. O ne a se ka a pega batho ba bangwe molato kana a dira seipato ka se a se dirileng. Fa Dafide a bolelelwa boleo jo a bo dirileng, o ne a bo dumela, a re: “Ke leofetse Jehofa.” (2 Samuele 12:13) Pesalema 51 e bontsha kutlobotlhoko e a neng a nna le yone ka ntlha ya go ipona molato le tsela e e boteng e a neng a ikwatlhaya ka yone. O ne a ikuela jaana mo go Jehofa: “O se ka wa ntatlha wa ntlosa fa pele ga sefatlhego sa gago; mme, tsweetswee, o se ka wa tlosa moya wa gago o o boitshepo mo go nna.” O ne a dumela gore Jehofa ka bopelonomi jwa gagwe o ne a se kitla a nyatsa “pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng” ka ntlha ya boleo. (Pesalema 51:11, 17) Dafide o ne a nna a ikaega ka moya wa Modimo. Le fa Jehofa a ile a se ka a sireletsa Dafide mo matsweleng a boleo jwa gagwe, gone o ne a mo itshwarela.

14. Re tshwanetse go tsibogela kotlhao ya ga Jehofa jang?

14 Rotlhe ga re a itekanela, e bile rotlhe re a leofa. (Baroma 3:23) Ka dinako tse dingwe re ka dira boleo jo bo masisi jaaka Dafide. Fela jaaka rre yo o lorato a otlhaya bana ba gagwe, Jehofa le ene o kgalema batho ba ba batlang go mo direla. Le fa kotlhao e solegela molemo, gone ga go motlhofo go e amogela. Tota e bile ka dinako tse dingwe “e a hutsafatsa.” (Bahebera 12:6, 11) Le fa go ntse jalo, fa re ‘reetsa kotlhao’ re ka kgona go letlana le Jehofa. (Diane 8:33) Gore Jehofa a tswelele a re segofatsa ka moya wa gagwe, re tshwanetse go amogela kotlhao mme re lwele go amogelwa ke Modimo.

Se Ikanye Dikhumo Tse di sa Tlhomamang

15. (a) Batho bangwe ba dirisa dikhumo tsa bone jang? (b) Dafide o ne a batla go dirisa khumo ya gagwe jang?

15 Ga go bosupi bope jwa gore Dafide o ne a tswa mo lelapeng la maemo kana gore lelapa la gaabo le ne le humile. Le fa go ntse jalo, ka nako ya puso ya gagwe o ne a nna le khumo e ntsi. Jaaka fa o itse, batho ba le bantsi ba ipolokela khumo ya bone, ba senka ditsela tsa go e oketsa ka bogagapa kana ba e dirisa ka bopelotshetlha. Ba bangwe ba dirisa madi a bone go itlotlomatsa. (Mathaio 6:2) Dafide ene o ne a dirisa khumo ya gagwe ka tsela e e farologaneng. O ne a rata go tlotla Jehofa ka yone. Dafide o ne a itsise Nathane gore o rata go agela Jehofa tempele e letlole la kgolagano le neng le tla nna mo go yone, le ka nako eo le neng le nna “mo gare ga matsela a megope” kwa Jerusalema. Jehofa o ne a itumelela maikaelelo ao a ga Dafide, le fa go ntse jalo a mo itsise ka Nathane gore morwa wa ga Dafide e bong Solomone ke ene yo o neng a tla aga tempele.—2 Samuele 7:1, 2, 12, 13.

16. Ke dithulaganyo dife tse Dafide a ileng a di dira gore go agiwe tempele?

16 Dafide o ne a kgobokanya dilo tse di neng di tla dirisiwa mo tirong eno e kgolo ya go aga. O ne a raya Solomone a re: “Ke baakanyeditse ntlo ya ga Jehofa ditalenta tsa gouta di le dikete di le lekgolo le ditalenta tsa selefera di le milione, mme kgotlho le tshipi ga go na tsela ya go di lekanya bokete ka gonne di dintsi thata; ke baakantse dikota le maje, mme tsone o tla di oketsa.” O ne a ntsha ditalenta di le 3 000 tsa gouta le tsa selefera di le 7 000 go tswa mo khumong ya gagwe. * (1 Ditiragalo 22:14; 29:3, 4) Bopelotshweu joo jwa ga Dafide e ne e se jwa go itshupa se a nang le sone, go na le moo e ne e le jwa go bontsha tumelo le boineelo mo go Jehofa Modimo. O ne a bontsha fa a tsaya Jehofa e le ene Motswedi wa khumo ya gagwe ka go mo raya a re: “Sengwe le sengwe se tswa kwa go wena, mme re go neile se se tswang mo seatleng sa gago.” (1 Ditiragalo 29:14) Bopelotshweu jwa ga Dafide bo ne jwa mo tlhotlheletsa go dira sotlhe se a ka se kgonang go ema kobamelo e e itshekileng nokeng.

17. Kgakololo e e mo go 1 Timotheo 6:17-19 e dira jang mo bathong ba ba humileng le ba ba humanegileng?

17 Le rona, a re diriseng matlotlo a rona go dira molemo. Go na le gore re gagamalele botshelo jwa go rata dikhumo, go botoka go lwela gore Modimo a re amogele—eo ke yone tsela ya botlhale jwa boammaaruri le e e ka re leretseng boitumelo. Paulo o ile a kwala jaana: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele; ba lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana, ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” (1 Timotheo 6:17-19) Le fa maemo a rona a itsholelo e ka nna afe, a re ikaegeng ka moya wa Modimo mme re gagamalele go tshela botshelo jo bo tla re dirang gore re ‘hume malebana le Modimo.’ (Luke 12:21) Ga go na sepe se se botlhokwa go feta go nna le kamano e e molemo le Rraarona wa selegodimo.

Itlhagise o Amogelwa ke Modimo

18. Dafide o ile a tlhomela Bakeresete sekao sefe se se molemo?

18 Dafide mo botshelong jotlhe jwa gagwe o ne a senka go amogelwa ke Jehofa. O ne a tlhaeletsa jaana mo pineng ya gagwe: “Nkutlwele botlhoko, wena Modimo, nkutlwele botlhoko, gonne moya wa me o tshabetse mo go wena.” (Pesalema 57:1) Go ikanya Jehofa ga gagwe go ne ga se ka ga nna ga lefela. O ne a gola go fitlha a tsofala, “a kgotsofetse ka malatsi.” (1 Ditiragalo 23:1) Le fa Dafide a ile a dira diphoso tse di masisi, o gakologelwa e le mongwe wa basupi ba bantsi ba Modimo ba ba ileng ba bontsha go nna le tumelo e e gakgamatsang.—Bahebera 11:32.

19. Re ka itlhagisa jang re amogelwa ke Modimo?

19 Fa o ntse o lebana le maemo a botshelo a a fetofetogang, se lebale gore fela jaaka Jehofa a ile a tlamela Dafide, a mo nonotsha le go mo otlhaya, A ka dira jalo le ka wena. Jaaka Dafide, moaposetoloi Paulo o ile a lebana le diphetogo di le dintsi mo botshelong. Mme le ene o ne a nna a ikanyega ka go ikaega ka moya wa Modimo. O ile a kwala jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:12, 13) Fa re ikaega ka Jehofa, o tla re thusa go atlega. O batla gore re atlege. Fa re mo sekegela tsebe le go atamalana le ene, o tla re naya nonofo ya go dira thato ya gagwe. Mme fa re nna re ikaega ka moya wa Modimo, re tla kgona go ‘itlhagisa re amogelwa ke Modimo,’ jaanong le ka bosakhutleng.—2 Timotheo 2:15.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Go ya ka ditlhwatlhwa tsa gompieno, boleng jwa moneelo wa ga Dafide e ne e le diranta di le dimilione di le dikete tse 8,3.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng se se ka re thusang go tila go nna boikgogomoso?

• Ke eng fa re sa tshwanela go ipusolosetsa?

• Re tshwanetse go leba kotlhao jang?

• Ke eng fa re tshwanetse go ikanya Modimo e seng dikhumo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16 17]

Dafide o ne a ikaega ka moya wa Modimo mme a lwela gore Modimo a mo amogele. A le wena o dira jalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

“Sengwe le sengwe se tswa kwa go wena, mme re go neile se se tswang mo seatleng sa gago”