Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Liberia—Tiro ya go Rera e Nna le Matswela Le fa Go na Le Ntwa

Liberia—Tiro ya go Rera e Nna le Matswela Le fa Go na Le Ntwa

Liberia—Tiro ya go Rera e Nna le Matswela Le fa Go na Le Ntwa

GO FETILE dingwaga tse di fetang lesome ntwa e ntse e fagile kwa Liberia. Mo magareng a ngwaga wa 2003, dirukhutlhi di ne di lole gore di tle di kgone go tsena mo motsemoshateng, e leng Monrovia. Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa ba ne ba patelesega go tshaba ba tlogela magae a bone, ka nako e nngwe e le ka makgetlho a le mmalwa. Dithoto tsa batho di ne di tlhola di tserwe.

Ka maswabi, ka nako ya fa go ne go lowa mo motsemoshateng, go ne ga bolawa diketekete tsa batho. Mo gare ga bone go ne go na le Basupi ba le babedi, mokaulengwe a le mongwe le kgaitsadi a le mongwe. Bakaulengwe ba bangwe ba ne ba lebana jang le mathata ano, mme ke eng se se neng sa dirwa go ba thusa?

Go Thusa ba ba Tlhokang

Mo nakong eno yotlhe ya mathata, ofisi ya lekala ya kwa Liberia ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya rulaganya go thusa ba ba tlhokang thuso. Go ne ga ntshiwa dijo, dilwana tse di tlhokwang tsa mo gae le melemo. Ka nako ya fa dirukhutlhi di ne di gapile boemakepe, dijo di ne di sa bonwe motlhofo. Ofisi ya lekala e ne e bonetse seno pele mme ya nna e baakantse dilwana go thusa Basupi ba le dikete tse pedi ba ba neng ba tshabetse kwa Diholong Tsa Bogosi go dikologa motse. Bakaulengwe ba ne ba aba dijo ka tsela e e neng ya dira gore di lekane go fitlha boemakepe bo bulwa gape. Makala a kwa Belgium le Sierra Leone a ne a romela dilwana tsa kalafi ka sefofane, mme makala a Boritane le Fora a ne a romela diaparo ka sekepe.

Le fa maemo a bakaulengwe ba neng ba le mo go one a ne a le thata, ba ne ba tswelela ba na le pono e e siameng e bile ba itumetse. Ba le bantsi ba bone ba bua mafoko a a tshwanang le a a builweng ke mongwe yo o neng a tshabile go tswa kwa legaeng la gagwe ka makgetlho a le mararo. A re: “Ano ke maemo a re rerang ka one; re tshela mo malatsing a bofelo.”

Go Arabela Dikgang Tse di Molemo

Le fa go na le tlhakatlhakanyo mo nageng yotlhe, Basupi ba ntse ba na le matswela a a molemo mo tshimong. Go ne ga nna le tlhora e ntšha ya baboledi ba Bogosi ba le 3 879 ka January 2003, mme ka February ga tshwarwa dithuto tsa Baebele tsa magae di le 15 227.

Batho ba arabela dikgang tse di molemo ka bonako. Sekai sa seno ke se se neng sa diragala mo motseng mongwe o o mo karolong ya borwabotlhaba jwa naga. Phuthego nngwe e ne ya rulaganya go tshwara Segopotso sa loso lwa ga Keresete mo motseng wa Bewahn, o o leng mosepele wa diura tse di ka nnang tlhano go tswa mo lefelong le ba tlholang ba kopanela mo go lone. Pele ga bakaulengwe ba ya kwa motseng go laletsa batho go tla Segopotsong, ba ne ba laletsa ratoropo wa Bewahn. Fa a sena go amogela taletso eno, o ne a tsaya Baebele ya gagwe, a ya kwa bathong ba motse wa gagwe, mme a bala temana e e kwadileng mo taletsong, a ba kgothaletsa go ya Segopotsong. Ka jalo, fa baboledi ba goroga, ba ne ba fitlhela tiro ya bone e setse e dirilwe! Ratoropo, mmogo le bana ba gagwe le basadi ba gagwe ba babedi, ba ne ba tla Segopotsong. Palo yotlhe e e neng ya tla e ne e le batho ba le 27. E sa le ka nako eo, ratoropo o ne a tlogela Kereke ya Methodist, a simolola go ithuta le Basupi mme a ntsha setsha gore go agiwe Holo ya Bogosi mo go sone.

Go Fetola Maikutlo

Tsela e bakaulengwe ba rona ba itshwereng ka yone le yone e ile ya thusa go fetola tsela e baganetsi bangwe ba lebang boammaaruri ka yone. Akanya ka monna mongwe yo o bidiwang Opoku. Modiredi mongwe wa mmulatsela yo o kgethegileng o ne a kopana le ene mo tirelong ya tshimo mme a mo naya makasine wa Tora ya Tebelo. Opoku o ne a kgatlhiwa ke setlhogo sengwe mo makasineng oo mme o ne a se na madi. Morago ga go tlhalosa gore makasine oo o ne o sa kopelwe madi, mmulatsela yoo o ne a mo tlogelela makasine mme a rulaganya go mo etela gape. Fa a boa, Opoku o ne a botsa mmulatsela yoo jaana: “A o a nkitse? Ba le bantsi ba lona mo toropong ya Harper ba a nkitse. Ke ne ke tlhola ke koba bana ba lona kwa sekolong!” Morago ga moo o ne a tlhalosa gore e ne e le tlhogo ya sekolo se segolo mo toropong le gore o ne a kile a bogisa bana ba Basupi ba ga Jehofa ka gonne ba ne ba sa dumedise fologa.

Le fa go ntse jalo, dikai di le tharo tsa kafa Basupi ba ga Jehofa ba bontshitseng lorato lwa Bokeresete ka gone di ne tsa dira gore Opoku a fetole tsela e a ikutlwang ka teng ka bone. Sa ntlha, o ne a bona kafa Basupi ba neng ba tlhokometse ka gone mokaulengwe mongwe yo o neng a lwala thata. Ba ne ba rulaganya le gore a bone tlhokomelo ya kalafi mo nageng e e mabapi. Opoku o ne a akanya gore mokaulengwe yo o lwalang yoo e ne e le “monna wa maemo” mo gare ga Basupi, mme o ne a utlwa moragonyana gore e ne e le Mosupi yo o tlwaelegileng fela. Sa bobedi, ka dingwaga tsa bo1990, Opoku e ne e le motshabi kwa nageng ya Côte d’Ivoire. Ka letsatsi lengwe a nyorilwe, o ne a ya go reka metsi mo lekawaneng lengwe. Opoku o ne a na le madi a magolo fela mme lekawana leno le ne le se na tšhentšhe, ka jalo o ne a dira gore Opoku a tseye metsi ao kwantle ga go a duelela. Fa lekawana leno le ne le naya Opoku metsi, le ne la mmotsa jaana: “A o akanya gore go tla tla nako ya fa batho ba ba tshwanang le nna le wena ba tla nayang ba bangwe dilo kwantle ga go ba duedisa?” Opoku o ne a ipolelela gore e tshwanetse ya bo e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme lekawana leno le ne la dumela. O ne a kgatlhiwa ke bopelotshweu le bopelonomi jwa mokaulengwe yono. La bofelo, lebaka la go bo mmulatsela yo o kgethegileng a ne a ikemiseditse go mo naya makasine a sa mo duedise le ne la dira gore Opoku a dumele gore tsela e a neng a leba Basupi ka yone e ne e sa siama le gore o ne a tlhoka go e fetola. O ne a gatela pele semoyeng mme gone jaanong ke mmoledi yo o sa kolobediwang.

Le fa gone bakaulengwe ba kwa Liberia ba ntse ba lebane le maemo a a tlhobaetsang thata, ba ikanya Modimo mme ba bolela dikgang tse di molemo tsa fa maemo a tla bo a siame kafa tlase ga puso ya Bogosi Jwa Modimo. Jehofa ga a kitla a tsamaya a lebala tiro ya bone e e boima le lorato lo ba lo bontshitseng leina la gagwe.—Bahebera 6:10.

[Dimmapa mo go tsebe 30]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MONROVIA

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Ka dinako tsa mathata, batho ba ga Jehofa ba thusa ba ba tlhokang ka dilo tsa semoya le tsa senama