Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Thato ya Modimo e a Dirwa?

A Thato ya Modimo e a Dirwa?

A Thato ya Modimo e a Dirwa?

“A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.

JULIO le Christina ba ne ba lebelela ba tsitlile marapo fa bana ba bone ba banè ba ne ba sha lore. Koloi ya bone e e neng e phakilwe e ne ya thulwa ke mokgweetsi yo o tagilweng mme ya sha. Ngwana wa botlhano, Marcos, o ne a ntshiwa mo leubelong leo la molelo, mme o ne a tlabotswe ke malakabe a molelo mo mmeleng, dipopego tsa gagwe di senyegetse ruri. O ne a na le dingwaga di le robongwe. Rraagwe o ne a utlwile botlhoko fela thata. O ne a ikgothatsa le lelapa la gagwe ka mafoko ano: “Le fa sengwe se ka nna molemo kgotsa bosula kgotsa maemo le fa e le ape fela a re ka lebanang le one, re tshwanetse go tlhaloganya gore seno ke thato ya Modimo.”

Batho ba bantsi ba bua jalo fa ba diragalelwa ke tiragalo e e botlhoko jaaka eno. Ba re, ‘Fa e le gore Modimo ke mothatayotlhe e bile o amega ka rona, se se diragetseng se tshwanetse sa bo se diregile ka boikaelelo jwa gore se re solegele molemo ka tsela nngwe, le fa go le thata go se tlhaloganya.’ A o dumalana le seo?

Gantsi boikutlo jwa gore sengwe le sengwe se se diragalang, se se molemo kana se se bosula, se bontsha thato ya Modimo, e thewa mo mafokong a ga Jesu a a mo go se se bidiwang Thapelo ya Morena, e e nopotsweng fa godimo. Thato ya Modimo e a dirwa kwa legodimong, ga ke re? Fa re rapela re re, ‘A thato ya gago e dirwe mo lefatsheng,’ a ga re dumele gore se se diregang mo lefatsheng ke thato ya Modimo?

Batho ba bantsi ga ba tlhomamisege ka tsela eo ya go leba dilo. Mo go bone, e dira gore Modimo a lebege a sa amege ka maikutlo a batho ba a ba bopileng. Ba botsa jaana, ‘Modimo yo o lorato o ka batla jang gore batho ba ba se nang molato ba diragalelwe ke dilo tse di tshosang? Fa e le gore re tshwanetse go ithuta sengwe mo dilong tseo, tota ke eng se re ka se ithutang?’ Gongwe eo ke tsela e o ikutlwang ka yone.

Morwarraagwe Jesu ka mmaagwe, e bong Jakobe, o ne a kwala jaana ka seno: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Modimo ga se motswedi wa bosula. Ka jalo, ga se dilo tsotlhe tse di diregang mo lefatsheng gompieno tse e leng thato ya Modimo. Dikwalo gape di bua ka thato ya motho, thato ya ditšhaba le thato ya ga Diabolo tota. (Johane 1:13; 2 Timotheo 2:26; 1 Petere 4:3) A o dumela gore se se diragaletseng lelapa la ga Julio le Christina e ne e ka se nne thato ya Rre yo o lorato yo o kwa legodimong?

Ka jalo, Jesu o ne a kaya eng fa a ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba rapele jaana: ‘A thato ya gago e dirwe’? A Jesu o ne a kopa Modimo fela gore a tsenelele mo dilong dingwe, kgotsa a o ne a re ruta go rapelela sengwe se se botlhokwa le se se botoka, phetogo e batho botlhe ba ka e ikanyang? A re tsweleleng re tlhatlhobe se Baebele e se buang.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Car: Dominique Faget-STF/AFP/Getty Images; child: FAO photo/B. Imevbore