Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Thato ya Modimo e Dirwa mo Lefatsheng

Fa Thato ya Modimo e Dirwa mo Lefatsheng

Fa Thato ya Modimo e Dirwa mo Lefatsheng

FA Jesu a ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana, “A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong,” o ne a bua jaaka motho yo o kileng a tshela kwa legodimong le Rara. (Mathaio 6:10; Johane 1:18; 3:13; 8:42) Mo botshelong jwa ga Jesu jwa pele ga a nna motho, o ne a itumelela nako ya fa dilo tsotlhe tse di neng di direga kwa legodimong le mo lefatsheng di ne di tsamaisana le thato ya Modimo. Tseo e ne e le dinako tse di itumedisang tse mo go tsone a neng a kgona go dira dilo di le dintsi le go di kgotsofalela.—Diane 8:27-31.

Modimo o ne a bopa pele dibopiwa tsa moya, ‘baengele ba gagwe, ba ba maatla, ba ba diragatsang lefoko la gagwe.’ E ne e le ‘badiredi ba gagwe, ba ba dirang thato ya gagwe’ e bile e sa ntse e le bone. (Pesalema 103:20, 21) A mongwe le mongwe wa bone o ne a na le tshwanelo ya go itlhophela se a se ratang? Ee, mme e bile e ne ya re fa lefatshe le ne le bopiwa, ‘bomorwa Modimo bano ba ne ba simolola go goa ba baka.’ (Jobe 38:7) Go baka ga bone go ne go bontsha gore ba itumelela maikaelelo a Modimo, mme ba ne ba dumalanya thato ya bone le ya gagwe.

Fa Modimo a sena go thaya lefatshe o ne a le baakanyetsa gore batho ba nne mo go lone mme la bofelo o ne a bopa monna le mosadi ba ntlha. (Genesise, kgaolo 1) A seno le sone se ne se tshwanetse go bakwa? Pego e e tlhotlheleditsweng ya re: “Morago ga moo Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota,” ee, se se na diphoso gotlhelele.—Genesise 1:31.

Thato ya Modimo e ne e le eng ka batsadi ba rona ba ntlha le bana ba bone? Go ya ka Genesise 1:28, le yone e ne e le molemo tota: “Modimo a ba segofatsa mme Modimo a ba raya a re: ‘Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.’” Go diragatsa thomo eo e e molemolemo, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tla tshwanelwa ke go tswelela ba tshela—ba tshelela ruri—mmogo le bana ba bone. Ga go na sepe se se neng se bontsha gore go tla nna le masetlapelo, tshiamololo, kutlobotlhoko kgotsa loso.

Ka nako eo thato ya Modimo e ne e dirwa kwa legodimong le mo lefatsheng. Ba ba neng ba tshela tumalanong le thato ya gagwe ba ne ba tla itumelela go dira jalo fela thata. Go senyegile kae?

Go ne ga tlhaga bothata bongwe jo bo sa lebelelwang jo bo neng jwa gwetlha thato ya Modimo. Mme gone e ne e se jo bo ka se kang jwa rarabololwa. Le fa go ntse jalo, bo ne jwa tlisa nako ya kutlobotlhoko le bohutsana tse di neng di tla dira gore batho ba se ka ba itse gore thato ya Modimo ke eng ka batho. Rotlhe re amiwa ke kutlobotlhoko eno le mahutsana ano.” Kgwetlho eo e ne e le eng?

Thato ya Modimo ka Nako ya Botsuolodi

Mongwe wa “bomorwa Modimo” ba moya o ne a bona gore a ka kgona go kgoreletsa thato ya Modimo ka batho, mme maikaelelo a gagwe e ne e le gore go solegelwe ene molemo. Fa sebopiwa seno sa semoya se ntse se akanya ka gone thata, go ne ga nna ga bonala sentle gore se ka kgona go diragatsa maikaelelo a sone e bile maikaelelo ano a ne a lebega a kgatlha thata. (Jakobe 1:14, 15) O ka tswa a ne a akanya gore fa a ka dira gore batho ba ntlha ba babedi ba mo reetse go na le go reetsa Modimo, Modimo o ne a tla patelesega go itshokela bobaba jwa gagwe. Gongwe o ne a akanya gore Modimo a ka se ka a ba bolaya, ka gonne seo se ne se tla raya gore maikaelelo a Modimo a paletswe. Go na le moo, Jehofa Modimo o ne a tla tshwanelwa ke go fetola maikaelelo a gagwe, a amogele maemo a morwa yono wa moya yo jaanong batho ba Modimo a ba bopileng ba tla bong ba utlwa ene. Go a tshwanela go bo moragonyana setsuolodi seo se ne sa bidiwa Satane, ke gore “Moganetsi.”—Jobe 1:6.

Satane o ne a diragatsa keletso ya gagwe mme a ya go bua le mosadi. O ne a mo kgothaletsa gore a tlhokomologe thato ya Modimo mme a itirele ditshwetso, a re: “Ruri ga lo kitla lo swa. . . . Lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” (Genesise 3:1-5) Mo mosading, seno se ne se lebega se ka mo naya kgololesego, mme o ne a se amogela jaaka se se lebegang e le tsela e e botoka ya botshelo. Moragonyana o ne a tlhotlheletsa monna wa gagwe gore le ene a kopanele le ene.—Genesise 3:6.

Seno e ne e se thato ya Modimo ka batho bao ba babedi. E ne e le se se neng se batlwa ke bone. Mme diphelelo tsa teng di ne di tlile go nna maswe thata. Modimo o ne a setse a ba boleletse gore go dira dilo jalo go ne go tla ba isa losong. (Genesise 3:3) Ba ne ba sa bopelwa gore ba ipuse ka katlego kwantle ga Modimo. (Jeremia 10:23) Mo godimo ga moo, ba ne ba tla nna batho ba ba sa itekanelang, mme bosaitekanelang le loso di ne di tla fetela mo baneng ba bone. (Baroma 5:12) Satane o ne a ka se busetse diphelelo tseno kwa morago.

A ditiragalo tseno di ne tsa fetolela maikaelelo a Modimo ruri, kgotsa thato ya gagwe ka batho le ka lefatshe? Nnyaa. (Isaia 55:9-11) Mme gone di ile tsa tsosa dipotso tseno tse di tshwanetseng go arabiwa: A batho ba ka ‘tshwana le Modimo, ba itse molemo le bosula,’ jaaka Satane a ne a rialo? Ke gore, a fa re ka newa nako e e lekaneng, re ka kgona go itirela ditshwetso ka se se molemo le se se bosula, se se siameng le se se kotsi, mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo? A Modimo o tshwanelwa ke gore re mo utlwe ka botlalo ka gonne tsela ya gagwe ya go busa e le e e molemo go gaisa? A re tshwanetse go dumalana ka botlalo le thato ya gagwe? O ka araba jang?

Go ne go na le tsela e le nngwe fela ya go rarabolola dikgang tseno fa pele ga dibopiwa tsotlhe tse di botlhale: Go letlelela botlhe ba ba batlang go ipusa go bona gore a ba tla atlega. Go ba bolaya go ne go ka se rarabolole dikgang tseno. Go letla batho gore ba ipuse ka lobaka lo lo lekaneng go ne go tla rarabolola dikgang tseno ka gonne diphelelo tsa go ipusa ga bone di ne di tla bonala sentle. Modimo o ne a bontsha gore o ne a tla dira dilo jalo fa a ne a bolelela mosadi gore o tla tshola bana. Lelapa la batho le ne le tla simolola jalo. Ka ntlha ya seo, re a tshela gompieno!—Genesise 3:16, 20.

Le fa go ntse jalo, seno se ne se sa reye gore Modimo o ne a tla letlelela batho le morwa wa moya wa setsuolodi go dira maratwaepelo. Modimo ga a ka a tlogela bolaodi jwa gagwe, e bile ga a ka a phuaganya maikaelelo a gagwe. (Pesalema 83:18) O ne a tlhalosa seno sentle ka go bolelela pele ka go gatakwa ga motlhotlheletsi wa botsuolodi le go fedisa diphelelo tsotlhe tse di bosula tsa jone. (Genesise 3:15) Ka jalo, go tloga fela kwa tshimologong, lelapa la batho le ntse le na le tsholofelo ya go namolwa.

Go sa ntse go le jalo, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba dirile gore bone le bana ba bone ba mo isagweng ba se ka ba tlhola ba laolwa ke puso ya Modimo. Gore Modimo a thibele diphelelo tse di botlhoko tsa tshwetso e ba e dirileng, go ne go tla tlhokega gore nako le nako a ba pateletse go dira thato ya gagwe. Go ne go tla bo go tshwana fela le fa a ne a sa ba naya sebaka sa go ipusa.

Batho ba ne ba ka itlhophela go busiwa ke Modimo. Ba ne ba ka ithuta gore thato ya Modimo ke eng malebana le batho mo nakong eno le gore ba tsamaisane thata le yone kafa ba ka kgonang ka teng. (Pesalema 143:10) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tla tswelela ba na le mathata fa fela kgang ya go ipusa ga batho ka botlalo e ise e rarabololwe.

Diphelelo tsa dilo tse batho ba neng ba itlhophela go di dira di ne tsa bonala ka bonako. Motsalwapele wa lelapa la batho, Kaine yo ‘ditiro tsa gagwe di neng di le boikepo, mme tsa ga morwarraagwe di siame,’ o ne a bolaya monnawe e bong Abele. (1 Johane 3:12) Seno e ne e se thato ya Modimo, ka gonne Modimo o ne a tlhagisitse Kaine mme moragonyana a mo otlhaya. (Genesise 4:3-12) Kaine o ne a dirisa kgololesego ya go ipusa e e newang ke Satane; ka jalo o ne a “tswa mo go yo o boikepo.” Le ba bangwe ba ne ba dira se se tshwanang.

Dingwaga di ka nna 1 500 fa e sa le batho ba le mo lefatsheng, “lefatshe le ne la senyega mo ponong ya Modimo wa boammaaruri, gape lefatshe le ne la tlala thubakanyo.” (Genesise 6:11) Go ne go tlhokega gore go tsewe kgato ka bonako go boloka lefatshe gore le se ka la senyega. Modimo o ne a tsaya kgato ka go tlisa morwalela wa lefatshe lotlhe le ka go sireletsa lelapa le le lengwe fela le le siameng—Noa, mosadi wa gagwe, bomorwawe le basadi ba bone. (Genesise 7:1) Rotlhe re ditlogolwana tsa bone.

Fa e sale ka nako eo mo hisitoring ya batho, Modimo o ntse a kaela batho ba ba peloephepa ba ba batlang go itse thato ya gagwe. O ne a tlhotlheletsa banna ba ba ikanyegang go kwala mafoko a gagwe ba a kwalela mongwe le mongwe yo o batlang kaelo ya gagwe. Mafoko ao a kwadilwe mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:16) Ka lorato o letleletse batho ba ba ikanyegang gore ba nne le kamano le ene, le go nna ditsala tsa gagwe tota. (Isaia 41:8) Gape o ba neile nonofo e ba e tlhokang go itshokela diteko tse di thata tse batho ba sa bolong go lebana le tsone mo diketeketeng tseno tsa dingwaga tse ba ntseng ba ipusa mo go tsone. (Pesalema 46:1; Bafilipi 4:13) A bo re lebogela thuso eno jang ne!

‘Thato ya Gago e Dirwe’—Ka Botlalo

Go tla go fitlha jaanong, Modimo ga ise a diragatse ka botlalo thato ya gagwe malebana le batho. Moaposetoloi Petere wa Mokeresete o ne a kwala jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Puso eno ya tshwantshetso ke puso e ntšha e e busang batho le setšhaba se sesha sa batho ba ba tla bong ba busiwa ke yone puso eo.

Moporofeti Daniele o ne a kwala jaana ka tlhamalalo: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Boporofeti jono bo bolelela pele go fedisiwa ga tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e e se nang mosola le go emisediwa ga yone ke Bogosi kgotsa puso ya Modimo. Tseno ke dikgang tse di molemo eleruri! Letsatsi lengwe dintwa tsa bopelotshetlha tse di tladitseng lefatshe la gompieno ka thubakanyo tse gape di tshosetsang go senya lefatshe di tla bo di lebetswe.

Dilo tseno di tla direga leng? Barutwa ba ga Jesu ba ne ba botsa jaana: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” Jesu o ne a bua jaana fa a araba: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:3, 14.

Batho ba itse sentle gore tiro eno ya go rera jaanong e dirwa mo lefatsheng lotlhe. O ka tswa o bone e dirwa mo lefelong le o nnang mo go lone. Porofesa Charles S. Braden mo bukeng ya gagwe ya These Also Believe, o ne a kwala jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba akareditse lefatshe lotlhe ka tsela ya mmatota ka tiro ya bone ya go rera. . . . Ga go na le fa e le bodumedi bo le bongwe mo lefatsheng lotlhe jo bo tshwanang le Basupi ba ga Jehofa mo go bontsheng tlhoafalo e kgolo jaana le go dira bo sa kgaotse mo maitekong a jone a go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi.” Basupi ba bolela dikgang tse di molemo mo dinageng di feta 230 le ka dipuo di ka tshwara 400. Tiro eno e e boleletsweng pele ga e ise e ke e tsamae e dirwe ka selekanyo se se kalo mo lefatsheng lotlhe. Ke karolo ya bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore nako ya gore Bogosi joo bo emisetse dipuso tsa batho e gaufi.

Bogosi jo Jesu a neng a re go tla rerwa ka jone ke jone jo a re rutileng gore re bo rapelele mo thapelong ya gagwe ya sekao: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Ee Bogosi joo ke jone jo Modimo a tla bo dirisang go diragatsa maikaelelo a gagwe, ke gore thato ya gagwe ka batho le ka lefatshe.

Seo se kaya eng? Mma Tshenolo 21:3, 4 e arabe: “Ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’” Go tswa foo eleruri thato ya Modimo e tla dirwa mo lefatsheng le kwa legodimong—ka botlalo. * A o ka se rate go nna mongwe wa batho ba ba ratang gore thato ya Modimo e dirwe?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 26 Fa e le gore o rata go ithuta mo go oketsegileng ka Bogosi Jwa Modimo, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno kgotsa o kwalele kwa go nngwe ya diaterese tse di mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 2 ya makasine ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Go ipusa kwantle ga Modimo go lerile masetlapelo