Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lwela go Nna Pelonomi mo Lefatsheng Leno le le Setlhogo

Go Lwela go Nna Pelonomi mo Lefatsheng Leno le le Setlhogo

Go Lwela go Nna Pelonomi mo Lefatsheng Leno le le Setlhogo

“Selo se se eletsegang mo mothong wa mo lefatsheng ke bopelonomi jwa gagwe jwa lorato.”—DIANE 19:22.

1. Ke eng fa go se motlhofo go nna pelonomi?

A O ITSAYA o le motho yo o pelonomi? Fa go le jalo, go ka nna ga bo go se motlhofo go tshela mo lefatsheng gompieno. Ke boammaaruri gore, bopelonomi mo Baebeleng bo tlhalosiwa e le lengwe la “maungo a moya,” mme ke eng fa go se motlhofo gore batho ba nne pelonomi tota le mo dinageng tse go tweng ke tsa Bokeresete? (Bagalatia 5:22) Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, re ka bona karabo mo go se moaposetoloi Johane a ileng a se kwala—lefatshe lotlhe le namaletse mo taolong ya motho yo o setlhogo, e bong Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Jesu Keresete o ile a tlhalosa Satane e le “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 14:30) Ka gone, lefatshe leno le etsa mmusi wa lone wa motsuolodi, yo o itsegeng ka go nna setlhogo.—Baefeso 2:2.

2. Ke dikgwetlho dife tse di ka amang maiteko a rona a go nna pelonomi?

2 Ga re itumelele botshelo fa batho ba bangwe ba re tshwara setlhogo. Bosetlhogo joo bo ka akaretsa go tlhoiwa ke baagelani, go se nne botsalano ga batho ba re sa ba itseng, le e leng go tshwarwa makgwakgwa ke ditsala kana ba lelapa ka dinako dingwe. Kgatelelo ya go dirisana le batho ba ba se nang maitseo, ba ba ratang dikomang le ba ba tlhapatsanang gantsi e ka bolaisa motho pelo. Go tlhoka bopelonomi go go ntseng jalo ga batho ba bangwe go ka dira gore re ikutlwe re se botsalano rona ka borona mme ga dira gore re tlelwe ke kakanyo ya go busa bosula ka bosula. Seo se ka nna sa ba sa dira gore motho a koafale semoyeng kgotsa mo mmeleng.—Baroma 12:17.

3. Ke mathata afe a a masisi a batho ba lebanang le one a a dirang gore go se nne motlhofo go nna pelonomi?

3 Maemo a lefatshe a a ngomolang pelo le one a ka dira gore go nne thata go nna pelonomi. Ka sekai, batho ka bontsi ba ngomolwa pelo ke matshosetsi le ditiro tsa borukhutlhi, le poifo ya gore dinaga dingwe di ka nna tsa dirisa dibetsa tsa megare kana tsa nuklea. Mo godimo ga moo, dimilionemilione tsa batho di tshelela mo lehumeng, ga di na dijo tse di lekaneng, matlo, diaparo le dithulaganyo tsa kalafi. Go nna thata gore motho a nne pelonomi fa go bonala maemo a ka se tokafale.—Moreri 7:7.

4. Ke pono efe e e phoso e batho bangwe ba ka nnang le yone fa ba akanya ka go nna pelonomi?

4 Go ka nna motlhofo gore motho a akanye gore ga go botlhokwa go nna pelonomi le gore tota e bile go nna pelonomi ke letshwao la go nna bokoa. A ka nna a ikutlwa gore ga go mo thuse ka sepe segolobogolo fa batho ba bangwe ba sa bontshe go mo akanyetsa. (Pesalema 73:2-9) Le fa go ntse jalo, Baebele e re neela kaelo e e molemo fa e re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Bonolo le bopelonomi ke dikarolo tse pedi tsa maungo a moya tse di amanang thata mme di thusa motho fa a lebane le maemo a a boima le a a gwetlhang.

5. Ke mo dikarolong dife tsa botshelo mo re tshwanetseng go bontsha bopelonomi?

5 E re ka go nna le maungo a moya o o boitshepo wa Modimo go le botlhokwa thata jaana mo go rona Bakeresete, re tshwanetse go akanyetsa kafa re ka bontshang ka teng nngwe ya dinonofo tseno, e leng bopelonomi. A go a kgonega gore re leke go nna pelonomi mo lefatsheng leno le le setlhogo? Fa go le jalo, ke mo dikarolong dife mo re bontshang gore ga re itetle go tlhotlhelediwa ke Satane, segolobogolo mo maemong a a ngomolang pelo? A re sekaseke kafa re ka bontshang bopelonomi ka teng mo lelapeng, kwa tirong, kwa sekolong, mo baagelaning ba rona, mo bodireding le mo badumeding ka rona.

Bopelonomi mo Lelapeng

6. Ke eng fa go le botlhokwa thata gore go nne le bopelonomi mo lelapeng, mme bo ka bontshiwa jang?

6 Go botlhokwa thata gore re nne le bopelonomi le go bo nonotsha ka botlalo gore Jehofa a re segofatse le go re kaela. (Baefeso 4:32) A re sekaseke mabaka a go bo go le botlhokwa gore ba lelapa ba bontshane bopelonomi. Letsatsi le letsatsi monna le mosadi ba tshwanetse go bontshana bopelonomi le go tlhokomelana bone ka bobone le bana ba bone. (Baefeso 5:28-33; 6:1, 2) Bopelonomi jo bo ntseng jalo bo tshwanetse go bonala mo tseleng e ba lelapa ba buisanang ka yone, bana ba le maitseo le go bontsha go tlotla batsadi mme le batsadi ba tshwara bana ka tsela e e tshwanetseng. Nna bonya go atlhola mme o nne bonako go akgola.

7, 8. (a) Re tshwanetse go tila boitshwaro jo bo ntseng jang fa e le gore re batla go nna le bopelonomi jwa mmatota mo lelapeng? (b) Puisano e e molemo e ka nonotsha kamano ya lelapa jang? (c) Lo ka bontsha bopelonomi jang mo lelapeng la lona?

7 Go nna pelonomi mo go ba malapa a rona go akaretsa go sekegela tsebe kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete e e tswang mo molomong wa lona.” Malapa a Bakeresete a tshwanetse go buisana ka maitseo letsatsi le letsatsi. Ka ntlha yang? Ka gonne puisano e e molemo ke selo se se botlhokwa thata mo go ageng lelapa le le nonofileng le le le itumetseng. Fa komang e runya, baakanya dilo ka go lwela go rarabolola bothata e seng go fenya kganetsano. Maloko a lelapa le le itumetseng a leka ka bojotlhe go tshwarana ka bopelonomi le ka go akanyetsana.—Bakolosa 3:8, 12-14.

8 Bopelonomi ke nonofo e e molemo e e dirang gore re batle go direla batho ba bangwe molemo. Ka gone, re lwela go nna mosola, go akanyetsa le go thusa ba malapa a rona ka tsela e e molemo. Go tlhoka batho ka bobedi le botlhe mo lapeng go nna le bopelonomi jo bo dirang gore lelapa e nne le le tlotlegang. Seno ga se kitla se dira fela gore Modimo a segofatse lelapa leo mme gape se tla dira gore ba lelapa leo ba tlotlomatse Jehofa Modimo wa bopelonomi mo lefelong le ba nnang mo go lone le mo phuthegong.—1 Petere 2:12.

Bopelonomi Kwa Tirong

9, 10. Tlhalosa mathata a a ka runyang kwa tirong, le gore a ka rarabololwa jang ka bopelonomi.

9 Maikarabelo a letsatsi le letsatsi a kwa tirong a ka nna a se ka a dira gore go nne motlhofo gore Mokeresete a nne pelonomi mo badiring ka ene. Kgaisano fa gare ga badiri e ka dira gore motho a se ka a kgona go dira tiro sentle ka ntlha ya go bo badiri ka ene ba mo direla boferefere gore a se ka a nna le leina le lentle mo mothaping wa gagwe. (Moreri 4:4) Ga go motlhofo go nna pelonomi mo maemong a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, fa motlhanka wa ga Jehofa a gopola gore ka metlha tsela e e molemo ya go dira dilo ke ya go nna pelonomi, seo se tla dira gore a leke ka natla ka mo a ka kgonang ka teng go gapa batho ba go seng motlhofo go dirisana le bone. Go bontsha go amega ka bone go ka thusa mo kgannyeng eno. Gongwe o ka bontsha go amega ka modiri ka wena fa a lwala kana fa mongwe wa lelapa la gagwe a lwala. Tota le go botsa motho gore o ntse a tsoga jang kana gore ba lelapa la gagwe ba tsoga jang go ka mo ama ka tsela e e molemo. Ee, Bakeresete ba tshwanetse go leka ka natla ka mo ba ka kgonang ka teng go tshedisana ka kagiso le ka kutlwano le batho ba bangwe. Ka dinako tse dingwe go bua mafoko a a bontshang go amega ka motho le gone go ka thusa.

10 Ka dinako tse dingwe, mothapi a ka nna a gatelela maikutlo a gagwe mo bathapiweng a batla gore botlhe ba nne le seabe mo ditiragalong dingwe tsa boratanaga kana go keteka mekete mengwe e e sa dumalaneng le Dikwalo. Fa segakolodi sa Mokeresete se sa mo letle go nna le seabe, seo se ka nna sa dira gore a tlhobogane le mothapi wa gagwe. Ka nako eo go ka nna ga se ka ga nna molemo go tlhalosa ka botlalo gore ke eng fa go le phoso go dira se mothapi a se batlang. Mo mothong yo e seng Mokeresete go nna le seabe mo tiragalong e e ntseng jalo kana mo moketeng oo go ka bonala e le selo se se siameng. (1 Petere 2:21-23) Gongwe o ka tlhalosa ka bopelonomi mabaka a go bo o sa nne le seabe mo ditiragalong tse di ntseng jalo. O se ka wa tsibogela mafoko a a tlhabang ka go bua mafoko a a tlhabang. Go molemo gore Mokeresete a sekegele tsebe kgakololo e e molemo ya Baroma 12:18: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”

Bopelonomi Kwa Sekolong

11. Ke dikgwetlho dife tse basha ba lebanang le tsone fa ba tshwanelwa ke go nna pelonomi mo baithuting ka bone?

11 Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore basha ba nne pelonomi mo baithuting ba bangwe. Basha gantsi ba rata go tsewa tsia ke baithuti ka bone. Basimane bangwe ba ya bokgakaleng jwa gore ba kgerise baithuti ba bangwe kwa sekolong ka gonne ba batla gore ba ba tlotle. (Mathaio 20:25) Basha ba bangwe ba rata go itlotlomatsa ka bokgoni jwa bone mo dithutong, mo metshamekong kana mo ditirong tse dingwe. Fa ba ntse ba itlotlomatsa jalo gantsi ba tshwara baithuti ka bone makgwakgwa ba akanya gore bokgoni jwa bone bo ba dira gore ba nne botlhokwa go feta ba bangwe. Mosha wa Mokeresete o tshwanetse go ikela tlhoko gore a se ka a etsa batho ba ba ntseng jalo. (Mathaio 20:26, 27) Moaposetoloi Paulo o ile a re “lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi” e bile “ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose.” Ka gone, Mokeresete ga a tshwanela go etsa mekgwa e e maswe ya batho ba ba seng pelonomi, go na le moo, o tshwanetse go latela kgakololo ya Dikwalo fa a dirisana le baithuti ka ene.—1 Bakorintha 13:4.

12. (a) Ke eng fa go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore basha ba nne pelonomi mo barutabaneng ba bone? (b) Basha ba ka lebelela thuso kwa go mang fa ba lebana le kgatelelo ya go se nne pelonomi?

12 Basha ba tshwanetse go nna pelonomi le mo barutabaneng ba bone. Baithuti ba le bantsi ba itumelela go goga barutabana pelo. Ba akanya gore ba botlhale fa ba nyatsa barutabana ka go dira dilo tse di kgatlhanong le melao ya sekolo. Ba ka ngoka baithuti ba bangwe gore le bone ba dire jalo ka go ba tshosetsa. Fa mosha wa Mokeresete a gana go ikamanya le bone, a ka nna a kgobiwa ka mafoko kana a kgerisiwa. Ka ntlha ya go lebana le maemo a a ntseng jalo ngwaga otlhe, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore Mokeresete a bontshe bopelonomi. Le fa go ntse jalo, se lebale gore go botlhokwa thata gore o ikanyege ka botlalo mo go Jehofa. Tlhomamisega gore o tla go ema nokeng ka moya wa gagwe mo dinakong tseno tse di thata tsa botshelo jwa gago.—Pesalema 37:28.

Bopelonomi mo Baagelaning

13-15. Ke dilo dife tse di ka kgoreletsang motho go nna pelonomi mo baagelaning ba gagwe, mme dikgoreletsi tseo di ka fenngwa jang?

13 E ka ne o nna mo ntlong, mo foleteng, kana kae fela, o ka akanya ka ditsela tse ka tsone o ka bontshang bopelonomi le go amega ka baagelani ba gago. Mme seno le sone ga se ka metlha se leng motlhofo.

14 Go tweng fa baagelani ba gago ba go tlhoile fela ka ntlha ya lotso lwa gago, naga e o tswang kwa go yone kana bodumedi jwa gago? Go tweng fa ka dinako tse dingwe ba go tshwara makgwakgwa kana ba go itlhokomolosa gotlhelele? E re ka o le motlhanka wa ga Jehofa, go nna pelonomi ka mo o ka kgonang ka teng go tla go thusa thata. Go tla bonala sentle gore o motho yo o farologaneng, e leng se se tla tlisetsang Jehofa pako—ene yo o tlhomang sekao se se molemo mo go nneng pelonomi. O ka se itse gore ke leng moagelani yoo a ka fetolang maikutlo ka ntlha ya bopelonomi jwa gago. Go ka nna ga ba ga direga gore a nne moobamedi wa ga Jehofa.—1 Petere 2:12.

15 Re ka bontsha bopelonomi jang? Ka go nna sekao se se molemo sa boitshwaro mo lelapeng fa botlhe mo lapeng ba bontsha maungo a moya. Baagelani ba ka lemoga seno. Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa direla moagelani sengwe se se molemo. Se lebale gore go nna pelonomi ke go bontsha go amega ka batho ba bangwe.—1 Petere 3:8-12.

Bopelonomi mo Bodireding

16, 17. (a) Ke eng fa go nna pelonomi go le botlhokwa mo bodireding jwa rona jwa phatlalatsa? (b) Re ka bontsha bopelonomi jang mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodiredi jwa tshimo?

16 Re tshwanetse go bontsha bopelonomi jo bogolo fa re ntse re leka ka natla go fitlhelela batho mo magaeng a bone, kwa ditirong le kwa mafelong a botlhe. Re tshwanetse go gopola gore re baemedi ba ga Jehofa, yo a leng pelonomi ka dinako tsotlhe.—Ekesodo 34:6.

17 Go nna pelonomi mo bodireding go akaretsa eng? Ka sekai, fa o le mo bodireding jwa mmila o ka bontsha batho bopelonomi ka go bua le bone ka bokhutshwane le ka go ba akanyetsa. Gantsi ditselana tsa batho ba ba tsamayang ka dinao di tlala ka batho, ka jalo nna kelotlhoko gore o se ka wa thiba tsela fa o bua le batho. Gape, fa o rera mo tshimong ya kgwebo, bontsha bopelonomi ka go nna mafoko makhutshwane, o sa lebale gore beng ba mabenkele ba tshwanelwa ke go thusa bareki.

18. Go nna le temogo go na le seabe sefe mo go bontsheng bopelonomi mo bodireding jwa rona?

18 Bontsha go akanyetsa fa o le mo bodireding jwa ntlo le ntlo. O se ka wa nna lobaka lo loleele mo matlong segolobogolo fa maemo a bosa e le a a sa itumediseng. A o ka kgona go lemoga fa motho a simolola go fela pelo kana fa a sa rate go bo o mo etetse? Gongwe mo tshimong ya lona Basupi ba ga Jehofa ba etela batho gangwe le gape. Fa go le jalo, bontsha go akanyetsa batho, ka metlha o le pelonomi le maitseo. (Diane 17:14) Bontsha go tlhaloganya fa mong wa ntlo a sa batle go reetsa molaetsa mo letsatsing leo. Se lebale gore go ka direga gore mongwe wa bakaulengwe ba rona kana kgaitsadi a etele legae leo mo lobakeng lo lo khutshwane. Fa o kopana le motho yo o seng pelonomi, leka ka natla go nna pelonomi. O se ka wa omana le ene kana go mo menela phatla, go na le moo, bua le ene ka maitseo. Mokeresete yo o pelonomi ga a galefise mong wa ntlo ka go ngangisana le ene. (Mathaio 10:11-14) Gongwe letsatsi lengwe motho yoo o tla reetsa dikgang tse di molemo.

Bopelonomi mo Dipokanong Tsa Phuthego

19, 20. Ke eng fa bopelonomi bo tlhokega mo phuthegong, mme bo ka bontshiwa jang?

19 Go botlhokwa gore re nne pelonomi le mo badumeding ka rona. (Bahebera 13:1) E re ka re le bontlhanngwe jwa bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe, bopelonomi ke selo sa botlhokwa fa re dirisana le bakaulengwe ba rona.

20 Fa phuthego e dirisa Holo ya Bogosi le diphuthego tse dingwe, go botlhokwa gore re dirisane ka bopelonomi le ka tlotlo le maloko a diphuthego tseo. Go se dirisane sentle fa go tlhongwa dinako tsa dipokano le fa go dirwa dithulaganyo tse di jaaka tsa go phepafatsa le go ntlafatsa holo go ka se dire gore go nne le moya wa kutlwano. Nna pelonomi le go akanyetsa ba bangwe tota le fa lo sa dumalane ka megopolo. Fa lo dira jalo, bopelonomi bo tla fenya, mme Jehofa o tla segofatsa tsela e lo bontshang go amega ka ba bangwe ka yone.

Tswelela o Bontsha Bopelonomi

21, 22. Go dumalana le Bakolosa 3:12, re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

21 Bopelonomi ke nonofo e e akaretsang dilo tse dintsi jaana mo e leng gore e ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa rona. Ka gone re tshwanetse go e dira karolo ya konokono ya botho jwa rona jwa Bokeresete. Go nna pelonomi mo bathong ba bangwe e tshwanetse go nna mokgwa wa rona wa botshelo.

22 E kete rotlhe re ka nna pelonomi mo go ba bangwe letsatsi le letsatsi mme ka go dira jalo re tla bo re sekegela tsebe mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Jaaka ba ba tlhophilweng ba Modimo, ba ba boitshepo le ba ba ratwang, aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.”—Bakolosa 3:12.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa go se motlhofo mo Bakereseteng go nna pelonomi?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore motho a bontshe bopelonomi mo lelapeng?

• Ke eng se se ka dirang gore go nne thata go bontsha bopelonomi kwa sekolong, kwa tirong le mo baagelaning?

• Tlhalosa kafa Bakeresete ba ka bontshang bopelonomi ka teng mo bodireding jwa phatlalatsa.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Fa botlhe mo lelapeng ba le pelonomi seo se tla dira gore go nne le kutlwano le tirisanommogo

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

O ka bontsha bopelonomi fa modiri ka wena a lwala kana go lwala mongwe mo lelapeng la gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Jehofa o ema nokeng batho ba ba bontshang bopelonomi ka boikanyegi le mororo ba jewa ditshego

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Go ithaopela go thusa moagelani yo o tlhokang thuso ke tsela ya go bontsha bopelonomi