Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Neela Bosupi jo e Seng Jwa Tlwaelo mo Tshimong ya Seesemane Kwa Mexico

Go Neela Bosupi jo e Seng Jwa Tlwaelo mo Tshimong ya Seesemane Kwa Mexico

Go Neela Bosupi jo e Seng Jwa Tlwaelo mo Tshimong ya Seesemane Kwa Mexico

FA MOAPOSETOLOI Paulo a ntse a letetse batho ba a neng a tla tsamaya le bone kwa Athena, o ne a dirisa nako eo go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Baebele ya re: “A simolola . . . letsatsi lengwe le lengwe mo marekisetsong a bontshana mabaka le ba go neng go direga gore ba bo ba le gone.” (Ditiro 17:17) Fa Jesu a ne a le mo loetong go tswa kwa Judea go ya Galalea, o ne a neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo mo mosading mongwe wa Mosamarea fa thoko ga sediba. (Johane 4:3-26) A le wena o dirisa sebaka sengwe le sengwe go bua ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo?

Tshimo e go buiwang Seesemane mo go yone kwa Mexico e siametse thata bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Bajanala ba etela mafelo a boitapoloso, go nna go ntse go na le baithuti ba kwa diyunibesithing le batswakwa ba ba tlogetseng tiro kwa Mexico ba etela diparaka le diresetšhurente ka metlha. Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa ba ba itseng Seesemane ba nnile ditswerere mo go simololeng metlotlo le batho ba ba ntseng jalo. Mo godimo ga moo, ba nna ba batla ditshono tsa go buisana le bangwe ba e leng batswakwa kana batho ba ba buang Seesemane. A re boneng gore ba dira seno jang.

Gantsi baboledi ba ba berekang tshimo ya Seesemane ba ikitsise mo bathong ba go bonalang ba tswa nageng e sele ba bo ba ba botsa gore ba tswa kae. Seno gantsi se felela ka gore motswakwa a botse Mosupi gore o dirang kwa Mexico mme seno se mo naya tshono ya go mo tlhalosetsa ka ditumelo tsa Bokeresete. Ka sekai, Gloria, yo o dirang kwa go nang le tlhokafalo e kgolo teng mo tshimong ya Seesemane kwa Oaxaca, o fitlhela go le motlhofo go simolola metlotlo ka tsela e e ntseng jalo. Nako nngwe fa Gloria a boela gae go tswa toropong, morago ga gore a neele bosupi jo e seng jwa tlwaelo teng, o ne a emisiwa ke banyalani bangwe ba ba tswang Engelane. Mosadi o ne a bua jaana a gakgametse: “Ga ke dumele gore ke bona mosadi yo montsho a tsamaya mo mebileng ya Oaxaca!” Go na le gore Gloria a kgopisege, o ne a tshega mme ba simolola go tlotla ka lebaka la go bo a le mo Mexico. Mosadi yono o ne a laletsa Gloria gore a ye go nwa kofi kwa ga gagwe. Fa Gloria a sena go rulaganya go mo etela, o ne a naya mosadi yono dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, mme mosadi yono o ne a di gana a re ene ga a dumele mo Modimong. Gloria o ne a mo raya a re o rata go bua le batho ba ba sa dumeleng mo Modimong le gore o ne a ka rata go utlwa gore o akanyang ka setlhogo se se reng, “A re Tlhoka Mafelo a Kobamelo?” Mosadi yoo o ne a dumela, a bo a re: “Fa o ka ntlhatswa pelo gore go na le Modimo, o tla bo o berekile.” Ba ne ba nna le metlotlo e mentsi e e kgatlhang ba ntse ba nwa kofi jalo. Moragonyana banyalani bano ba ne ba boela Engelane, mme ba ne ba tsweletsa metlotlo ya bone ka khomputara.

Gape Gloria o ne a simolola motlotlo le Saron, moithuti mongwe wa yunibesithi yo o tswang Washington, D.C., yo o neng a dira tiro ya boithaopo kwa Oaxaca go mo thusa go fetsa dithuto tsa gagwe tsa yunibesithi, a bereka le basadi ba koo. Fa Gloria a sena go akgolela Saron tiro e ntle e a e dirang, o ne a mo tlhalosetsa lebaka la go bo ene a ne a le mo Mexico. Seno se ne sa felela ka gore ba nne le motlotlo o o molemo ka Baebele le ka se Modimo a tla se direlang, e seng batho ba ba humanegileng fela, mme le batho botlhe. Saron o ne a akgela ka gore go ne go gakgamatsa gore ga a ise a ko a tlotle le Basupi kwa United States, mme mongwe wa batho ba ntlha ba a neng a kopana le bone mo Mexico e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa! Saron o ne a dumela go ithuta Baebele mme a simolola go tla dipokanong tsa Bokeresete gone fela foo.

Batswakwa ba le bantsi ba fudugetse kwa mafelong a boitlosobodutu a a mo losing lwa lewatle kwa Mexico, e le go batla paradaise ya mofuta mongwe. Laurel o dirisa keletso eno ya batho ya go nna mo paradaiseng go simolola metlotlo kwa Acapulco, a ba botsa gore a ba bona Acapulco e le lefelo le lentle thata mo e keteng ke paradaise go feta mafelo a ba tswang kwa go one le gore ke eng se ba se ratang ka lefelo leno. Morago ga moo a bo a ba tlhalosetsa gore mo nakong e khutshwane lefatshe lotlhe le tla fetoga paradaise ya mmatota. Go simolola motlotlo ka tsela eno le mosadi mongwe wa kwa Canada yo o neng a kopana le ene kwa ngakeng ya diphologolo go ne ga felela ka gore a mo tshwarele thuto ya Baebele. A go simolola motlotlo ka tsela e e tshwanang le eo go ka nna le matswela mo lefelong la gaeno?

‘Mo Mebileng le mo Dipatlelong’

Gantsi go simololwa metlotlo mo mebileng le mo dipatlelong ka go botsa jaana: “A o bua Seesemane?” Batho ba le bantsi ba kwa Mexico ba kgona go bua Seesemane ka ntlha ya tiro ya bone kana ka go bo ba kile ba nna kwa United States.

Banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba atamela mosadi mongwe yo o godileng yo o neng a kgoromediwa ke mooki ka setulo sa maotwana. Ba ne ba botsa mosadi yono gore a o bua Seesemane. O ne a re o a kgona ka gonne a kile a nna dingwaga di le dintsi kwa United States. O ne a amogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, tse a neng a ise a ko a di bale, a bo a ba naya leina la gagwe, e bong Consuelo, le aterese. Fa ba ne ba mo etela morago ga malatsi a le manè, ba ne ba fitlhela gore o ne a nna mo legaeng la go tlhokomela batsofe le le neng le laolwa ke baitlami ba basadi ba Bakatoliki. La ntlha, go ne go le thata go ikgolaganya le Consuelo ka gonne baitlami bao ba ne ba sa tshepe banyalani bano mme ba re Consuelo o ne a se kitla a kgona go ba bona. Banyalani bano ba ne ba kopa baitlami gore ba bolelele Consuelo gore ba ne ba gorogile e bile ba batla go mo dumedisa. Consuelo o ne a kopa banyalani bano gore ba tsene. Fa e sa le ka nako eo, mosadi yono wa dingwaga tse 86 o ntse a itumelela go nna le thuto ya Baebele ka metlha, le fa baitlami bano ba nna ba dira dikakgelo tse di sa siamang. Gape o ne a tla mo dipokanong dingwe tsa Bokeresete.

Diane 1:20 ya re: “Botlhale jwa boammaaruri bo nna bo goela kwa godimo mo mmileng. Bo nna bo ntsha lentswe la jone mo dipatlelong.” Ela tlhoko gore seno se ne sa direga jang mo mmileng o mogolo wa San Miguel de Allende. Moso mongwe go le phakela, Ralph o ne a atamela monna mongwe yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bogare yo o neng a dutse mo bankeng. Monna yono o ne a gakgametse fa Ralph a mo naya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mme monna yono a simolola go tlotlela Ralph ka botshelo jwa gagwe.

O ne a kile a lwa mo ntweng ya Vietnam, mme o ne a gatelelwa thata mo maikutlong ka ntlha ya go bona batho ba le bantsi ba bolawa fa a ntse a le kwa bosoleng. O ne a ntshiwa kwa lefelong la ntwa mme a isiwa kwa kampeng ya masole. Fa a le koo, o ne a newa tiro ya go tlhapisa ditopo tsa masole a di baakanyetsa go romelwa kwa United States. Mme gone jaanong, dingwaga di le 30 moragonyana, o ne a sa ntse a lora ditoro tse di maswe e bile o a boifa. Mo mosong one oo, fa a ntse a dutse mo patlelong, o ne a ntse a rapela mo pelong gore a bone thuso.

Monna yono o ne a amogela dibuka le taletso ya go ya kwa Holong ya Bogosi. Morago ga pokano, o ne a re mo diureng tse pedi tse a di nnileng mo Holong ya Bogosi, e ne e le sa ntlha a ikutlwa a ritibetse morago ga dingwaga di le 30. Monna yono o ne a le mo San Miguel de Allende ka lobakanyana fela, mme o ne a tshwarelwa dithuto di le mmalwa tsa Baebele a bo a nna gone mo dipokanong tsotlhe go fitlha a boela gae. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore a tswelele a ithute.

Go Neela Bosupi jo e Seng Jwa Tlwaelo Kwa Tirong le Kwa Sekolong

A kwa tirong o dira gore batho ba itse gore o Mosupi wa ga Jehofa? Adrián, yo o hirisetsang bajanala difolete kwa Cape San Lucas o dira jalo. Ka ntlha ya seo, mosadi mongwe yo o berekang le ene e bong Judy o bolela jaana: “Dingwaga di le tharo fela tse di fetileng, fa o ne o ka mpolelela gore ke tla nna Mosupi wa ga Jehofa, ke ne ke tla re, ‘E seng nna!’ Mme ke ne ka swetsa ka gore ke batla go bala Baebele. Ke ne ke ipolelela ke re, ‘E re ka ke rata go bala Baebele, a ruri e ka nna selo se se thata go se dira?’ Le fa go ntse jalo, ke ne ke ise ke fetse le go bala ditsebe tse thataro fa ke lemoga gore ke tlhoka thuso. Mongwe a le esi yo ke neng ke ka akanya ka ene e ne e le modirimmogo le nna e bong Adrián. Ke ne ke rata go tlotla le ene ka gonne e ne e le ene fela motho yo o siameng kwa ke neng ke bereka teng.” Ka bonako fela Adrián o ne a rulaganya gore ene le lekgarebe le a beeletsaneng le lone e bong Katie ba tle go etela Judy, ba arabe dipotso tsotlhe tsa gagwe. Katie o ne a simolola thuto ya Baebele le ene, mme e ne ya re go ise go ye kae Judy o ne a nna Mosupi yo o kolobeditsweng.

Go tweng ka go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo kwa sekolong? Basupi ba babedi ba ne ba tsena ditlelase tsa go ithuta Se-Spain kwa yunibesithing mme ka letsatsi lengwe ba ne ba seyo ba le kwa kopanong ya Bokeresete. Fa ba boela tlelaseng, ba ne ba kopiwa gore ba bolele ka Se-Spain gore ba ne ba ntse ba dirang. Ba ne ba dirisa sebaka seo go neela bosupi kafa ba neng ba ka kgona ka gone ka Se-Spain. Morutisi wa bone, Sylvia, o ne a kgatlhegela boporofeti jwa Baebele fela thata. O ne a dumela go ithuta Baebele ka Seesemane mme gone jaanong ke mmoledi wa dikgang tse di molemo. Maloko a le mmalwa a lelapa la gagwe le bone ba a ithuta. Sylvia a re: “Ke bone se ke ntseng ke se batla botshelo jotlhe jwa me.” Ee, bosupi jo e seng jwa tlwaelo bo ka nna le matswela a a molemo thata.

Go Dirisa Ditshono Tse Dingwe

Go rata go tshola baeng go ka bula sebaka sa go neela bosupi. Banyalani bangwe e bong Jim le Gail ba ba direlang kwa San Carlos, kwa Sonora, ba ne ba bona seno se le boammaaruri. Mosadi mongwe yo o neng a tsamaisa dintša tsa gagwe go di fokisa phefo moso mongwe ka 6:00 o ne a ema go lebelela jarata ya bone. Jim le Gail ba ne ba mo laletsa go tla go nwa kofi le bone. O ne a utlwa ka Jehofa le ka tebelelo ya botshelo jo bosakhutleng ka lekgetlho la ntlha mo dingwageng tsa gagwe tse 60. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene.

Adrienne le ene o tshwara baeng ka bopelonomi. O ne a ntse a ja mo resetšhurenteng nngwe kwa Cancún fa mosimanyana mongwe a tla kwa go ene a mmotsa gore a o ne a tswa kwa Canada. Fa a dumela, mosimanyana yono o ne a tlhalosa gore ene le mmaagwe ba ne ba leka go thusa kgaitsadie yo mmotlana ka pego ya kwa sekolong e a tshwanetseng go e kwala ka batho ba kwa Canada. Mmaagwe, yo o neng a bua Seesemane o ne a tla go nna le bone. Fa Adrienne a sena go araba dipotso tsa gagwe ka bopelotelele ka batho ba Canada, o ne a re: “Mme gone go na le lebaka la botlhokwa la go bo ke tlile fano go tswa Canada—go thusa batho go ithuta ka Baebele. A o ka kgatlhegela go ithuta?” Mosadi yono o ne a dumela. O ne a tlogetse kereke ya gagwe dingwaga di le lesome tse di fetileng mme o ne a ntse a leka go ithuta Baebele ka boene. O ne a naya Adrienne nomoro ya gagwe ya founo le aterese, mme a simolola thuto ya Baebele e e molemo.

“Latlhela Senkgwe sa Gago mo Godimo ga Metsi”

Go bua ka boammaaruri jwa Baebele nako nngwe le nngwe gantsi go felela ka go neela batho ba ba utlwileng go sekae fela kgotsa ba ba iseng ba utlwe ka molaetsa wa Bogosi sebaka sa gore ba o utlwe. Mo resetšhurenteng nngwe mo toropong nngwe ya boemakepe ya Zihuatanejo, Mosupi mongwe o ne a laletsa banyalani bangwe ba batswakwa go dula mo tafoleng ya gagwe e re ka resetšhurente e ne e tletse. Banyalani bano ba ne ba tsamaya ka sekepe ba tswa lefelong le lengwe go ya go le lengwe ka dingwaga tse supa. Ba ne ba ntsha maikutlo a a sa siamang ka Basupi ba ga Jehofa. Morago ga se se neng sa direga kwa resetšhurenteng, Mosupi o ne etela banyalani bano mo sekepeng sa bone mme a ba laletsa go tla kwa ntlong wa gagwe. Ba ne ba amogela dimakasine tse di fetang di le 20 le dibuka di le 5 mme ba solofetsa go batla Basupi mo boemakepeng jo bo latelang.

Jeff le Deb ba ne ba bona lelapa lengwe le le neng le na le leseanyana le lentle la mosetsana mo lefelong la go ja la batho botlhe mo mabenkeleng a kwa Cancún. Fa banyalani bano ba akgela ka lesea la bone, batsadi ba lone ba ne ba ba laletsa go tla go ja pizza le bone. Lelapa leno le ne le tswa kwa India. Ba ne ba ise ba ko ba utlwe ka Basupi ba ga Jehofa, e bile ba ne ba ise ba bone dibuka tsa rona. Ba ne ba tsamaya mo mabenkeleng ba tshotse dingwe tsa dibuka tsa Basupi.

Go ne ga diragala sengwe se se tshwanang mo setlhaketlhakeng sengwe mo lotshitshing lwa Yucatán. Banyalani bangwe ba basha ba Ba-China ba ne ba kopa Jeff gore a ba tseye ditshwantsho, mme o ne a dumela. Fa a tlotla le bone o ne a fitlhela gore le fa ba ne ba ntse ba nna kwa United States ka dingwaga di le 12, ba ne ba ise ba ko ba bone kana go utlwa ka Basupi ba ga Jehofa! Ba ne ba nna le motlotlo o o monate. Jeff o ne a ba kgothaletsa go batla Basupi fa ba boela gae.

Go ka nna le tiragalo ya botlhokwa mo lefelong la gaeno e e ka go bulelang sebaka se se molemo sa go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Fa poresidente wa United States a ne a tla go etela poresidente wa Mexico kwa polasing ya gagwe gaufi le Guanajuato, babegadikgang go dikologa lefatshe ba ne ba tla go bega ka tiragalo eno. Lelapa lengwe la Basupi le ne la rulaganya go dirisa sebaka seno go rera ka Seesemane. Matswela e nnile a a molemo. Ka sekai, mmegadikgang mongwe o ne a begile ka dintwa di le mmalwa, tse di tshwanang le tse di lolweng kwa Kosovo le Kuwait. Modirimmogo le ene o ne a swela mo matsogong a gagwe fa a sena go thuntshiwa ke mongwe yo o iphitlhileng. Fa mmegadikgang yono a utlwa ka tsogo, o ne a leboga Modimo a geletse dikeledi ka ntlha ya go mo itsise gore botshelo bo na le maikaelelo. O ne a re le fa a ne a se kitla a tlhola a bona banyalani bano ba Basupi gape, o ne a tla boloka dikgang tseo tse di molemo tsa Baebele mo pelong ya gagwe.

Jaaka re ka bona, gantsi ga re itse gore go rera ka tsela e e ntseng jalo go ka felela ka eng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Latlhela senkgwe sa gago mo godimo ga metsi, gonne o tla se bona gape morago ga malatsi a mantsi.” Gape o ne a re: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng, e ka tswa e le fano kgotsa fale, kgotsa gore a ka bobedi jwa tsone di tla nna molemo ka go tshwana.” (Moreri 11:1, 6) Ee, “latlhela senkgwe sa gago” ka tlhagafalo mo metsing a le mantsi o bo o “jale peo ya gago” ka bontsi, jaaka Paulo le Jesu ba ne ba dira le jaaka Basupi ba bangwe ba bantsi ba motlha ono ba dira kwa tshimong ya Mexico e go buiwang Seesemane mo go yone.