Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Baruti ba Tshwanetse go Tsenela Dipolotiki?

A Baruti ba Tshwanetse go Tsenela Dipolotiki?

A Baruti ba Tshwanetse go Tsenela Dipolotiki?

MOBISHOPOMOGOLO wa kwa Canada o ne a bolelela baeti ba kereke a re: “Go nna le seabe mo dipolotiking go thusa bahumanegi . . . Le fa tsamaiso ya sepolotiki e sa dumalane le thato ya Modimo, ‘re tshwanetse go nna le seabe mo go tsone gore re kgone go direla bahumanegi tshiamiso.’”—Catholic News.

Go tlwaelegile go utlwa dipego tsa baeteledipele ba bagolo ba bodumedi ba ba buelelang dipolotiki; e bile go tlwaelegile go ba bona ba nna le maemo mo dipolotiking. Bangwe ba bone ba lekile go fetola dipolotiki. Bangwe ba ratwa le go gakologelwa ka seabe sa bone mo matsholong a go dira gore go nne le go lekalekana ga ditso le a go fedisa bokgoba.

Le fa go ntse jalo, maloko a le mantsi a dikereke tsa bone ga a je diwelang fa baruti ba bone ba nna le seabe mo dipolotiking. Setlhogo sengwe mo bukeng e e bidiwang Christian Century e e buang ka kgopolo ya dipolotiki sa re: “Batsenakereke ba Baporotesetanta ke bone ba ka dinako dingwe ba neng ba ipotsa dipotso ka go nna le seabe phatlalatsa mo dipolotiking ga baruti ba bone.” Batho ba le bantsi ba ba ratang bodumedi ba dumela gore kereke e boitshepo thata gore e ka nna le seabe mo dipolotiking.

Seno se tsosa dipotso tse di kgatlhang mo bathong botlhe ba ba eletsang go bona lefatshe le se na mathata. A baruti ba Bokeresete ba ka fetola dipolotiki? * A Modimo o dirisa dipolotiki go dira gore go nne le puso e e botoka le lefatshe le le botoka? A tota Bokeresete bo simolotse e le tsela e ntšha ya go buelela dipolotiki?

Kafa Dipolotiki di Tseneng ka Gone mo Kerekeng

Mo bukeng e e bidiwang The Early Church, rahisitori Henry Chadwick o bolela gore phuthego ya Bakeresete ba bogologolo e ne e itsege ka “go sa rate ga yone go amega mo dikgannyeng tsa go busa lefatshe.” E ne e sa bake “dikgotlhang mo dipolotiking, e bile e le kgatlhanong le ntwa.” A History of Christianity e bolela gore: “Go ne go na le tumelo e e nonofileng mo gare ga Bakeresete ya gore ga ba a tshwanela go nna le maemo mo dipolotiking . . . Mo e ka nnang mo tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga Hippolytus o ne a bolela gore go ya ka tlwaelo ya bogologolo ya Bakeresete mmakaseterata wa motse o ne a tshwanetse go rola tiro fa a batla go nna leloko la Kereke.” Le fa go ntse jalo, kgabagare banna ba ba neng ba eletsa ka bopelotshetlha go nna le dithata ba ne ba nna baeteledipele mo diphuthegong di le dintsi mme ba ipha direto. (Ditiro 20:29, 30) Bangwe ba bone ba ne ba batla go nna baeteledipele ba bodumedi le boradipolotiki. Go fetoga ka tshoganetso ga puso ya Roma go ne ga naya baruti bano tshono e ba neng ba sa bolo go e batla.

Mo ngwageng wa 312 C.E., Mmusimogolo wa moheitane wa kwa Roma e bong Constantine o ne a kgatlhegela Bokeresete. Se se gakgamatsang ke gore bobishopo ba kereke ba ne ba dira tumalano le mmusimogolo yono wa moheitane gore ba bone ditshiamelo dingwe tse a neng a tla ba neela tsone. Henry Chadwick o ne a kwala jaana: “Jaanong Kereke e ne ya nna le seabe se segolo mo ditshwetsong tsa botlhokwa tsa sepolotiki tse di neng di dirwa.” Go nna le seabe mono ga kereke mo dipolotiking go ne ga ama baruti jang?

Kafa Dipolotiki di Neng Tsa Ama Baruti ka Gone

Moithutabodumedi wa Katoliki wa lekgolo la botlhano la dingwaga e bong Augustine, ke ene a neng a rotloetsa kgopolo ya gore Modimo o ka dirisa baruti go nna boradipolotiki. O ne a akanya gore kereke e ne e tla busa batho mme e ba tlisetse kagiso. Mme gone rahisitori yo o bidiwang H. G. Wells o ne a kwala jaana: “Hisitori ya Yuropa go tloga ka lekgolo la botlhano go ya go la bosome le botlhano la dingwaga e senola ka botlalo kafa kgopolo eno ya go busa ga Modimo lefatshe lotlhe e reteletsweng ka teng.” Labokeresete e paletswe ke go tlisetsa Yuropa kagiso, re sa bue sepe ka go e tlisetsa lefatshe lotlhe. Batho ba le bantsi ba ne ba se ka ba tlhola ba ikanya Bokeresete. Matsapa di ne di a tsere kae?

Ba le bantsi ba ba neng ba ipolela fa ba buelela Bokeresete ba ne ba tsenela dipolotiki ba na le maitlhomo a mantle mme ba ne ba iphitlhela ba setse ba wetse mo ditirong tse di bosula. Martin Luther, yo e neng e le moreri le moranodi wa Baebele, o itsege thata ka matsapa a gagwe a go leka go fetola Kereke ya Katoliki. Le fa go ntse jalo, go ema ga gagwe a nonofile kgatlhanong le dithuto tsa kereke go ne ga dira gore batho ba ba neng ba na le maitlhomo a sepolotiki a go tsuologa ba mo rate. Batho ba le bantsi ba ne ba se ka ba tlhola ba tlotla Luther fa le ene a simolola go buelela dipolotiki. Kwa tshimologong o ne a rata batho ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba tsuologela babusi ba e neng e le bagateledi. Mme fa ditiro tseo tsa botsuolodi di nna le thubakanyo, o ne a kgothaletsa babusi bano gore ba fedise botsuolodi jono e leng sone se ba neng ba se dira ka go bolaya batho bano ba maemo a a kwa tlase ba le diketekete. Ga go gakgamatse go bo batho ba maemo a a kwa tlase ba ne ba mo leba e le nta ya selomela kobong. Gape Luther o ne a kgothaletsa babusi bano gore ba tsuologele mmusimogolo wa Katoliki. Totatota go tswa kwa tshimologong fela, Baporotesetanta e leng leina le balatedi ba ga Luther ba neng ba itsege ka lone ba ne ba tlhama mokgatlho wa sepolotiki. Go nna le thata go ne ga ama Luther jang? Go ne ga dira gore a nne bosula. Ka sekai, le fa kwa tshimologong a ne a le kgatlhanong le go dirisa dikgoka mo bathong ba ba neng ba le kgatlhanong le bodumedi, moragonyana o ne a tlhotlheletsa ditsala tsa gagwe tsa sepolotiki gore di bolaye batho ba ba neng ba le kgatlhanong le go kolobediwa ga masea ka go ba fisa.

John Calvin e ne e le moruti yo o tumileng kwa Geneva, mme le ene kgabagare o ne a nna le tlhotlheletso e kgolo mo go tsa dipolotiki. Fa Michael Servetus a ne a bontsha gore thuto ya Tharonngwe ga se ya Dikwalo, Calvin o ne a dirisa tlhotlheletso e a neng a na le yone mo dipolotiking mme a ema nokeng polao ya ga Servetus yo o neng a fisiwa a pegilwe mo koteng. A bo seo se ne se farologane thata jang ne le dithuto tsa ga Jesu!

Gongwe banna bano ba ne ba lebetse se Baebele e se bolelang mo go 1 Johane 5:19: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” A tota ba ne ba na le maitlhomo a bopeloephepa a go fetola dipolotiki tsa mo motlheng wa bone kgotsa ba ne ba ipatlela fela go nna le dithata le ditsala tsa maemo a a kwa godimo? Le fa mabaka e ka tswa e ne e le afe, ba ne ba tshwanetse go gakologelwa mafoko a a tlhotlheleditsweng a morutwa wa ga Jesu e bong Jakobe: “A ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo? Jalo, le fa e le mang yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.” (Jakobe 4:4) Jakobe o ne a itse gore Jesu o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.”—Johane 17:14.

Le fa go ntse jalo, le fa batho ba lemoga gore Bakeresete ga ba a tshwanela go nna karolo ya bosula jo bo dirwang mo lefatsheng, bontsi jwa bone ba kgatlhanong le go se tsenele dipolotiki, go se nne “karolo ya lefatshe” gotlhelele. Ba bolela gore go itlhaola jalo go kgoreletsa Bakeresete go bontsha ba bangwe lorato. Ba dumela gore baeteledipele ba dikereke ba tshwanetse go buelela le go nna le seabe mo go lwantsheng ditiro tse di seng kafa molaong le go tlhoka tshiamiso. Mme a tota go sa tsenele dipolotiki go Jesu a neng a go ruta ga go amane le go amega thata ka ba bangwe? A Mokeresete a ka kgona go nna a sa tsenele dipolotiki tse di kgaoganyang batho mme a ntse a thusa batho ba bangwe ka tsela e e molemo? Setlhogo se se latelang se araba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Dipolotiki di tlhalosiwa e le “ditiro tse di amanang le go busiwa ga naga kgotsa lefelo lengwe bogolo jang go ganetsana kgotsa go lwantshana ga batho kgotsa makoko ka boikaelelo jwa go batla go busa.”—The New Oxford Dictionary of English.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Baeteledipele ba kereke ba ne ba ineela mo babusing ba ba jaaka Mmusimogolo Constantine gore ba nne le dithata tsa sepolotiki

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée du Louvre, Paris

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba ba tumileng ba bodumedi ba ne ba tsenela dipolotiki?

Augustine

Luther

Calvin

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Augustine: ICCD Photo; Calvin: Portrait by Holbein, from the book The History of Protestantism (Vol. II)