Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Se Tsenele Dipolotiki go Kgoreletsa Motho go Bontsha Lorato Lwa Bokeresete?

A go Se Tsenele Dipolotiki go Kgoreletsa Motho go Bontsha Lorato Lwa Bokeresete?

A go Se Tsenele Dipolotiki go Kgoreletsa Motho go Bontsha Lorato Lwa Bokeresete?

GO NNA Mokeresete go akaretsa se se fetang fela go bala Baebele, go rapela le go opela difela ka Sontaga. Go akaretsa go direla Modimo le batho dilo. Baebele ya re: “A re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.” (1 Johane 3:18) Jesu o ne a amega thata ka batho ba bangwe mme Bakeresete ba batla go mo etsa. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa badumedi mmogo le ene gore ka metlha ba nne “le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakorintha 15:58) Mme gone tiro ya Morena ke eng? A e akaretsa go fetola melao ya puso go leka go thusa bahumanegi le ba ba gateletsweng? A ke se Jesu a neng a se dira?

Le fa bangwe ba ne ba rotloetsa Jesu gore a tsereganye kgotsa a tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki, o ne a gana. O ne a gana fa Satane a ne a re o tla mo naya thata mo mebusong yotlhe ya lefatshe, a gana go akarediwa mo kganetsanong e e neng e le teng ka go duelwa ga lekgetho mme o ne a tswa a ngwega fa mokgatlho mongwe o o tumileng o ne o batla go mo dira kgosi. (Mathaio 4:8-10; 22:17-21; Johane 6:15) Mme go nna ga gagwe a itlhaotse ga go a ka ga mo thibela go direla batho ba bangwe molemo.

Jesu o ne a tlhomile mogopolo mo dilong tse di neng di tla tlisetsa ba bangwe melemo ya goyagoile. Le fa go otla ga gagwe batho ba le dikete di le tlhano le go fodisa ba ba lwalang go ne ga tlisetsa ba le mmalwa molemo wa nakwana, thuto ya gagwe yone e ne ya dira gore batho botlhe ba kgone go bona masego a a nnelang ruri. Ka jalo Jesu o ne a itsiwe e le “Moruti,” e seng morulaganyi wa matsholo a namolo. (Mathaio 26:18; Mareko 5:35; Johane 11:28) O ne a re: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.”—Johane 18:37.

Go Rera ka Sengwe se se Botoka go Feta Dipolotiki

Boammaaruri jo Jesu a neng a bo ruta e ne e se polotiki. Go na le moo, bo ne bo amana le Bogosi jo ene ka boene a neng a tla nna Kgosi ya jone. (Luke 4:43) Bogosi jono ke jwa kwa legodimong, mme bo tla emisetsa ditsamaiso tsotlhe tsa batho mme bo tlisetse batho kagiso e e tla nnelang ruri. (Isaia 9:6, 7; 11:9; Daniele 2:44) Ka jalo ke jone fela tsholofelo ya boammaaruri ya batho. A ga se go bontsha lorato lo logolo go bua ka tsholofelo eo e re e tlhomamiseditsweng ka bokamoso go na le go kgothaletsa batho go ikanya babusi gore e nne bone ba ba nayang bokamoso jo bo sireletsegileng? Baebele e bolela jaana: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene. Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela. Go itumela yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo o solofetseng mo go Jehofa Modimo wa gagwe.” (Pesalema 146:3-5) Ka jalo, go na le gore Jesu a rome barutwa ba gagwe go ya go rera ka tsela e e molemo ya go rulaganya dipuso, o ne a ba ruta go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’—Mathaio 10:6, 7; 24:14.

Ka jalo eno ke yone ‘tiro ya Morena’ e bareri ba Bakeresete ba laetsweng go e dira. E re ka go tlhokega gore babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo ba ratane, Bogosi bo tla kgona go tlosa khumanego ka go abela batho dilo tse ba di tlhokang ka tsela e e tshwanetseng. (Pesalema 72:8, 12, 13) Ruri tseno ke dikgang tse di molemo tse go tlhokegang gore re di rere.

Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba rulaganyeditswe go dira ‘tiro eno ya Morena’ mo dinageng di le 235. Ba tlotla dipuso tsotlhe go dumalana le taelo e Jesu a ba neileng yone. (Mathaio 22:21) Mme gape ba tlotla mafoko ano a a neng a a bolelela balatedi ba gagwe: “Ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng.”—Johane 15:19.

Batho bangwe ba ba neng ba buelela dipolotiki ba di tlogetse fa ba sena go ithuta Baebele ka kelotlhoko. Radipolotiki mongwe wa kwa Italy yo e neng e le leloko la mokgatlho wa Catholic Action e leng mokgatlho mongwe o o laolwang ke kereke o ne a re: “Ke tsene mo dipolotiking ke dumela gore motho o tshwanetse go nna le seabe se segolo mo ditirong tse di amanang le go tlhabolola dipolotiki le setšhaba.” Fa a sena go rola tiro ya go nna ratoropo gore a rere ka Bogosi Jwa Modimo e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a tlhalosa mabaka a go bo matsapa a a tsewang ke batho ba dipolotiki ba ba peloephepa a itaya sefololetse. “Lefatshe ga le a nna jaana ka gonne batho ba ba nang le boitsholo jo bo siameng ba sa leka go tokafatsa maemo a batho mo setšhabeng, mme go na le moo ke ka gonne matsapa a batho ba le mmalwa ba ba siameng a fekeeditswe ke batho ba bantsi ba ba bosula.”

Go sa nne le seabe ga Bakeresete ba boammaaruri mo dipolotiking e le gore ba rere ka tsholofelo e e leng yone fela ya boammaaruri e batho ba nang le yone, ga go ba thibele go thusa batho ka dilo tse dingwe tse ba di tlhokang. Batho ba ba ba thusang gore e nne babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo ba ithuta go fetola mekgwa e e kotsi, go tlotla puso, go tokafatsa botshelo jwa malapa a bone le go leba dikhumo ka tsela e e tshwanetseng. Se se botlhokwa le go feta, Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho gore ba itumelele go nna le kamano e e gaufiufi le Modimo.

Batho ba ba rerang ka Bogosi Jwa Modimo ba solegela setšhaba se ba nnang mo go sone molemo. Mme go feta foo, ba thusa batho gore ba solofele mo pusong ya mmatota e e tla tlisetsang batho ba ba ratang Modimo kagiso e e tla nnelang ruri. Ka jalo ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone Bakeresete bano ba kgona go thusa batho ka tsela e e tla ba solegelang molemo ka lobaka lo loleele thata gompieno.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ke ne Ka Tlogela Dipolotiki Mme ka Rera ka Bogosi Jwa Modimo

Fa Átila e sa ntse e le mosimanyana o ne a ithuta kgopolo ya kgololesego mo moruting wa gagwe wa kwa Belém kwa Brazil. O ne a itumelela go utlwa gore kgabagare batho ba tla gololwa mo kgatelelong mme a tsenela mokgatlho mongwe wa majelathoko, o mo go one a neng a ithuta go rulaganya megwanto le matsholo a go se ikobele puso.

Mme gape Átila o ne a itumelela go ruta bana ba setlhopha seno sa majelathoko a dirisa buka e a neng a e neilwe ya Go Reetsa Morutisi yo Mogolo. * Buka eno e ne e ruta ka boitshwaro jo bontle le go ikobela puso. Seno se ne sa dira gore Átila a ipotse gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba emang nokeng kgopolo ya kgololesego ba sa latele sekao sa ga Jesu sa ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo le gore ke ka ntlha yang fa bangwe ba bone ba lebala batho ba ba gateletsweng fa ba busa. O ne a tswa mo mekgatlhong eo. Moragonyana Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela mme ba tlotla le ene ka Bogosi Jwa Modimo. Go ise go ye kae o ne a setse a ithuta Baebele mme a ithuta ka tharabololo ya boammaaruri ya mathata a batho.

Mo e ka nnang ka yone nako eo Átila o ne a ya kwa seminareng ya Katoliki e e ka ga bodumedi le dipolotiki. Batlhatlheledi ba teng ba ne ba bua gore “bodumedi le dipolotiki ke dilo tse pedi tse di buang ka selo se le sengwe fela.” Mme o ne a ya gape le kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi. Go ne go na le pharologano e kgolo thata! Sengwe se a neng a se lemoga ke gore go ne go se motho ope yo o gogang motsoko, yo o nwang bojalwa kgotsa yo o dirang metlae e e tlhabisang ditlhong. O ne a swetsa ka gore a nne le seabe mo tirong ya go rera, mme go ise go ye kae a kolobediwa. Jaanong o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa kgopolo ya kgololesego e se yone tharabololo ya mmatota ya mathata a bahumanegi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Go se tsenele dipolotiki ga badiredi ba Bakeresete ga go ba thibele go thusa batho ba bangwe