Basha, a lo Ikagela Isagwe?
Basha, a lo Ikagela Isagwe?
“Ke itse sentle dikakanyo tse ke di akanyang ka lona, . . . dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo.”—JEREMIA 29:11.
1, 2. Dingwaga tsa bosha di ka lejwa ka ditsela dife tse di sa tshwaneng?
BAGOLO ba le bantsi ba tsaya nako ya bosha e le nako e e itumedisang thata mo botshelong. Ba gopola maatla le matlhagatlhaga a ba neng ba na le one fa ba sa le basha. Ba gopola ka boitumelo nako ya fa ba ne ba se na maikarabelo a mantsi, nako ya fa ba ne ba tlhola ba ijesa monate e bile ba bulegetswe ke ditshono di le dintsi mo botshelong.
2 Lona basha lo ka tswa lo sa lebe dilo jalo. Lo ka tswa lo na le mathata a go lepalepana le diphetogo tsa bosha tse di lo diragalelang mo maikutlong le mo mmeleng. Kwa sekolong lo ka tswa lo lebana le kgatelelo e kgolo ya balekane. Lo ka tswa lo tshwanelwa ke go lwa ka natla le tlhotlheletso ya go dirisa diokobatsi, go nwa bojalwa le boitsholo jo bo maswe. Gape bontsi jwa lona lo lebana le kgang ya go se tseye letlhakore kana dikgwetlho tse dingwe tse di amanang le se lo se dumelang. Ee, bosha e ka nna nako e e thata ya botshelo. Le fa go ntse jalo, ke nako e ka yone motho a nang le ditshono di le dintsi mo botshelong. Potso ke gore, O tla dirisa ditshono tseo jang?
Itumelele Bosha Jwa Gago
3. Ke kgakololo le tlhagiso efe e Solomone a ileng a e naya basha?
3 Batho ba ba godileng ba tla go bolelela gore bosha ga bo nnele ruri, mme ba bua boammaaruri. Mo dingwageng di se kae fela o tla bo o sa tlhole o le mosha. Ka gone, itumelele jone fa nako e sa ntse e go letla! Ke kafa Kgosi Solomone a neng a gakolola ka teng fa a ne a re: “Ipele wena lekau, mo bosheng jwa gago, mme a pelo ya gago e go itumedise mo malatsing a bokau jwa gago, o tsamaye mo ditseleng tsa pelo ya gago le mo dilong tse di bonwang ke matlho a gago.” Le fa go ntse jalo, Solomone o ne a tsibosa basha jaana: “Tlosa matshwenyego mo pelong ya gago, o bo o thibose masetlapelo mo nameng ya gago.” O ile a oketsa ka go re: “Bosha le botlhaga jwa botshelo ke lefela.”—Moreri 11:9, 10.
4, 5. Ke eng fa go le molemo gore basha ba ipaakanyetse isagwe? Dira sekai.
4 A o tlhaloganya se Solomone a neng a se kaya? Ka sekai, akanya ka mosha yo o abelwang mpho e kgolo, gongwe boswa jwa madi. O tla dira eng ka jone? A ka bo dirisa botlhaswa ka go ijesa menate—fela jaaka go dirile morwa wa sesenyi mo setshwantshong sa ga Jesu. (Luke 15:11-23) Mme gone, go tla direga eng fa madi ao a fela? Ruri o tla ikwatlhaela go bo a a dirisitse botlhaswa jalo! Kafa letlhakoreng le lengwe, a re re gongwe mosha yono o dirisa madi ao go ikagela isagwe, gongwe a tsadisa bontsi jwa one. Kgabagare fa a itumelela matswela a go itsadisetsa madi ao, a o akanya gore o tla ikwatlhaela go bo a se kile a dirisa madi ao otlhe mo go ijeseng menate fa a ne a sa le mosha? Legoka!
5 Akanya ka dingwaga tsa bosha e le mpho e o e neilweng ke Modimo, ka gonne tota bosha ke mpho e e tswang kwa Modimong. O tla bo dirisa jang? O ka dirisa maatla le matlhagatlhaga ao a bosha botlhaswa o ijesa menate o sa akanye sepe ka isagwe. Le fa go ntse jalo, fa o dira jalo, ruri “bosha le botlhaga jwa botshelo” di tla itshupa e le “lefela” mo go wena. A bo go ne go ka nna botoka jang go dirisa bosha jwa gago sentle ka go ikagela isagwe!
6. (a) Ke kgakololo efe ya ga Solomone e e nayang basha kaelo e e molemo? (b) Jehofa a ka rata go abela basha eng, mme mosha a ka solegelwa molemo jang ke seo?
6 Solomone o ne a bua molaomotheo o o ka go Moreri 12:1) Seo ke sone selo se se ka go thusang go atlega—go reetsa Jehofa le go dira thato ya gagwe. Jehofa o ne a laela Baiseraele ba bogologolo se a neng a batla go ba direla sone: “Ke itse sentle dikakanyo tse ke di akanyang ka lona, . . . dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo.” (Jeremia 29:11) Le wena Jehofa a ka rata go go abela “isagwe le tsholofelo.” Fa o mo gakologelwa mo go se o se dirang, mo dikakanyong tsa gago le mo ditshwetsong tsa gago, o tla go abela isagwe le tsholofelo eo.—Tshenolo 7:16, 17; 21:3, 4.
thusang go dirisa bosha jwa gago sentle. O ne a re: “Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.” (‘Atamalana le Modimo’
7, 8. Mosha a ka atamalana jang le Modimo?
7 Jakobe o ne a re kgothaletsa go gakologelwa Jehofa fa a ne a re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Jehofa ke Mmopi, Molaodimogolo wa selegodimo, yo o tshwanelwang ke kobamelo yotlhe le pako. (Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, fa re mo atamela le ene o tla re atamela. A tsela eo e a re kgatlhegelang ka lorato ka yone ga e go ame pelo?—Mathaio 22:37.
8 Go na le ditsela di le mmalwa tse re ka atamalanang le Jehofa ka tsone. Ka sekai, moaposetoloi Paulo a re: “Tshwarelelang mo thapelong, lo ntse lo tsogile mo go yone ka go ntsha ditebogo.” (Bakolosa 4:2) Ka mafoko a mangwe, itlwaetse go rapela ka metlha. Se kgotsofalele fela go re amen fa rrago kana Mokeresete ka wena mo phuthegong a go rapelela. A o kile wa tshololela Jehofa pelo ya gago o mmolelela dilo tse o di akanyang, tse o di boifang le gore ke dikgwetlho dife tse o lebanang le tsone? A o kile wa mmolelela dilo tse o ka tlhabiwang ke ditlhong go di bolelela batho ba bangwe? Go rapela go tswa pelong o sa fitlhe sepe go dira gore o ikutlwe o ritibetse maikutlo. (Bafilipi 4:6, 7) Go re thusa go atamalana le Jehofa le go utlwa gore le ene o atamalana le rona.
9. Mosha a ka reetsa Jehofa jang?
9 Re bona tsela e nngwe e re ka atamalanang le Jehofa ka yone mo mafokong ano a a tlhotlheleditsweng: “Reetsa kgakololo mme o amogele kotlhao, gore o tle o nne botlhale mo isagweng ya gago.” (Diane 19:20) Ee, fa o reetsa Jehofa le go mo ikobela, o ikagela isagwe. O ka bontsha jang gore o reetsa Jehofa? Ga go pelaelo gore o nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete e bile o reetsa dipuo tsa teng. Gape o ‘tlotla rrago le mmago’ ka go nna gone mo thutong ya lelapa ya Baebele. (Baefeso 6:1, 2; Bahebera 10:24, 25) O dira sentle fa o dira jalo. Le fa go ntse jalo, mo godimo ga dilo tseo, a o “ithekela nako” ya go baakanyetsa dipokano, go bala Baebele ka metlha le go dira dipatlisiso? A o leka go dirisa se o se balang, e le gore o tsamaye jaaka ‘motho yo o botlhale’? (Baefeso 5:15-17; Pesalema 1:1-3) Fa o dira jalo, o atamalana le Jehofa.
10, 11. Ke melemo efe e megolo e basha ba nnang le yone fa ba reetsa Jehofa?
10 Mo mafokong a a simololang a buka ya Diane, mokwadi yo o tlhotlheleditsweng o tlhalosa boikaelelo jwa buka eno ya Baebele. A re ke “gore motho a itse botlhale le kotlhao, a lemoge mafoko a tlhaloganyo, a amogele kotlhao e e nayang temogo, tshiamo le katlholo le thokgamo, go naya ba ba se nang maitemogelo botlhale, go naya lekau kitso le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 1:1-4) Ka gone, fa o ntse o bala le go dirisa mafoko a Diane—le a Baebele yotlhe—o tla lwela go nna le tshiamo le tshiamiso, mme Jehofa o tla itumelela go atamalana le wena. (Pesalema 15:1-5) Fa o lwela go nna le temogo, botlhale, kitso le bokgoni jwa go akanya, o tla kgona go dira ditshwetso tse di molemo.
11 A ke selo se se sa utlwaleng go lebelela gore mosha a dire dilo ka botlhale ka tsela eno? Ga go a nna jalo, ka gonne basha ba le bantsi ba Bakeresete ba dira jalo. Seno se dira gore batho ba bangwe ba ba tlotle le ‘go se lebele bosha jwa bone kwa tlase.’ (1 Timotheo 4:12) Go a utlwala go bo batsadi ba bone ba le motlotlo ka bone mme Jehofa a re ba ipedisa pelo ya gagwe. (Diane 27:11) Le fa ba sa ntse ba le basha, ba ka dumela ba sa belaele gore mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a tla dira mo go bone: “Lebelela motho yo o se nang molato mme o nne o lebile motho yo o thokgameng, gonne isagwe ya motho yoo e tla nna le kagiso.”—Pesalema 37:37.
Dira Ditshwetso Tse di Siameng
12. Nngwe ya ditshwetso tse di botlhokwa tse mosha a ka di dirang ke efe, mme ke eng fa tshwetso eo e ka mo ama mo botshelong jotlhe jwa gagwe?
12 Bosha ke nako ya go dira ditshwetso, dingwe tsa tsone e le tse di tla go amang go ya go ile. Dingwe tsa ditshwetso tse o di dirang gone jaanong di tla go ama ka dingwaga di le dintsi tse di tlang. Go dira ditshwetso tse di siameng go tla dira gore o nne le botshelo jo bo itumedisang le jo bo atlegileng. Ditshwetso tse di sa siamang di ka senya botshelo jotlhe jwa gago. Akanya kafa seno se leng boammaaruri ka teng mo ditshwetsong tse pedi tse o tshwanelwang ke go di dira. Ya ntlha: O tlhopha go itsalanya le bo mang? Ke eng fa seo se le botlhokwa? Se botlhokwa ka gonne seane se se tlhotlheleditsweng sa re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Ka mafoko a mangwe, re ka feleletsa re tshwana le batho ba re itsalanyang le bone—ba ba botlhale kana ba ba dimatla. O ka rata go nna motho yo o ntseng jang?
13, 14. (a) Kwantle ga go itsalanya ka tlhamalalo le batho, botsala bo akaretsa eng? (b) Ke phoso efe e basha ba tshwanetseng go e tila?
13 Fa o akanya ka botsala o ka tswa o akanya ka go itsalanya le batho. Seo se boammaaruri, le fa go ntse jalo botsala bo akaretsa dilo di le dintsi. Fa o lebelela thulaganyo nngwe ya thelebishene, o reetsa mmino mongwe, o bala buka nngwe, o ya go leba filimi nngwe kana o leba dilo dingwe mo Internet, o a bo a dira botsala. Fa seo se akaretsa go lebelela thubakanyo le boitsholo jo bo maswe kana se rotloetsa go se dirise diokobatsi sentle, botagwa, kana sepe fela se se kgatlhanong le melaometheo ya Baebele, o a bo o itsalanya le batho ‘ba ba se nang tlhaloganyo,’ ba ba itshwarang jaaka e kete Jehofa ga a yo.—Pesalema 14:1.
14 Gongwe o ka tswa o ikutlwa gore ka go bo o nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete e bile o tlhagafetse mo ditirong tsa phuthego o nonofile mo o ka se kang wa amiwa ke go lebelela filimi ya thubakanyo kana mmino wa molotsana o o monate mme e le o o nang le mafoko a a belaetsang. Gongwe o akanya gore o ka se ka wa diragalelwa ke sepe fa o leba lefelo lengwe la ditshwantsho tse di hepisang mo Internet. Moaposetoloi Paulo a re o fositse! A re: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Ka maswabi, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ba neng ba lebega ba tla atlega ba ile ba senya mekgwa ya bone e e molemo ka go se nne botlhale fa ba tlhopha batho ba ba itsalanyang le bone. Ka gone, ititeye sehuba go tila botsala jo bo ntseng jalo. Fa o dira jalo, o tla sekegela tsebe kgakololo eno ya ga Paulo: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Baroma 12:2.
15. Tshwetso ya bobedi e basha ba lebanang le yone ke efe, mme ke dikgatelelo dife tse ka dinako tse dingwe ba lebanang le tsone mo kgannyeng eno?
15 Tshwetso ya bobedi e o lebaneng le yone ke eno. Go tla fitlha nako ya gore o tshwanelwe ke go dira tshwetso ya gore o tla dira eng fa o fetsa sekolo. Fa o nna mo nageng e e se nang ditiro, o ka nna wa ikutlwa o patelesega go tsaya tiro nngwe le nngwe fela e o e newang. Fa o nna mo nageng e e humileng, o ka nna wa tshwanelwa ke go tlhopha tiro mo gare ga tse dintsi tse di gone, dingwe e le tse di ngokang thata. Ka ntlha ya go amega ka wena, barutabana kana batsadi ba gago ba ka nna ba go rotloeletsa gore o batle tiro e e sireletsegileng, gongwe e bile e duela madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, go ikatisetsa tiro eo go ka nna ga go jela nako e ntsi e o ka bong o direla Jehofa ka yone.
16, 17. Tlhalosa kafa dikwalo tse di farologaneng di ka thusang mosha ka teng go nna le pono e e lekalekaneng ka tiro ya boitshediso.
16 Se lebale go tlhola Baebele pele ga o dira tshwetso. Baebele e re kgothaletsa go bereka, e leng selo se se bontshang gore re tshwanetse go itlamela. (2 Bathesalonika 3:10-12) Le fa go ntse jalo, seno se akaretsa le dilo tse dingwe. Re go kgothaletsa go bala dikwalo tse di latelang mme o bone kafa di ka thusang mosha ka teng go dira dilo ka tekatekano fa a tlhopha tiro ya botshelo jotlhe: Diane 30:8, 9; Moreri 7:11, 12; Mathaio 6:33; 1 Bakorintha 7:31; 1 Timotheo 6:9, 10. Fa o sena go bala ditemana tseno a o kgona go lemoga kafa Jehofa a lebang kgang eno ka teng?
17 Le ka motlha ga re a tshwanela go tsaya tiro ya boitshediso e le botlhokwa thata mo e bileng re dirang gore e tle pele ga tirelo ya rona go Jehofa. E ka nna selo se se molemo fa e le gore o ka kgona go bona tiro e e lekaneng ya boitshediso ka thuto ya sekolo se segolo. Fa e le gore o ka tlhoka thuto e e oketsegileng morago ga thuto ya sekolo se segolo, ke kgang e o ka e tlotlang le batsadi ba gago. Le fa go ntse jalo, le ka motlha o se ka wa itlhokomolosa “dilo tse di botlhokwa thata”—dilo tsa semoya. (Bafilipi 1:9, 10) O se ka wa dira phoso e mokwaledi wa ga Jeremia e bong Baruke a ileng a e dira. O ne a se ka a tlhola a anaanela tirelo ya gagwe mme a simolola go “ipatlela dilo tse dikgolo.” (Jeremia 45:5) O ne a lebala ka nakwana gore ga go na ‘selo sepe se segolo’ mo lefatsheng leno se se ka mo atamalanyang le Jehofa kana go mo thusa go falola tshenyego ya Jerusalema. Go ntse fela jalo le gompieno.
Anaanela Dilo Tsa Semoya
18, 19. (a) Bontsi jwa baagelani ba gago ba bolawa ke eng, mme o tshwanetse go ikutlwa jang ka bone? (b) Ke eng fa batho ba le bantsi ba sa ikutlwe ba tshwerwe ke tlala ya semoya?
18 A o kile wa bona ditshwantsho tsa bana ba dinaga tse di aparetsweng ke leuba mo metsweding ya dikgang? Fa go le jalo, o tshwanetse wa bo o ile wa ba tlhomogela pelo. A le baagelani ba gago o ba tlhomogela pelo jalo? Ke eng fa o tshwanetse go ba tlhomogela pelo? Ka gonne bontsi jwa bone le bone ba bolawa ke tlala. Ba aparetswe ke leuba le Amose a ileng a porofeta jaana ka lone: “‘Metlha e etla,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme ke tla romela leuba mo lefatsheng, leuba, e seng la dijo, le lenyora, e seng la metsi, mme la go utlwa mafoko a ga Jehofa.’”—Amose 8:11.
19 Ke boammaaruri gore, bontsi jwa batho ba ba bolawang ke tlala eno ya semoya ga ba ‘tshwenyege ka se ba se tlhokang semoyeng.’ (Mathaio 5:3) Bontsi jwa bone ga ba ikutlwe ba tshwerwe ke tlala ya semoya. Bangwe ba ka nna ba bo ba akanya gore ba a kgora semoyeng. Le fa go ntse jalo, fa e le gore ba ikutlwa ba kgora, ke ka gonne ba ikotla ka “botlhale jwa lefatshe” jo bo se nang mosola, jo bo akaretsang go rata dikhumo, go fopholetsa dilo ga borasaense, megopolo e e kaga boitsholo jo bo siameng le dilo tse dingwe. Bangwe ba akanya gore “botlhale” jwa segompieno bo dira gore Baebele e se ka ya tlhola e nna le mosola. Le fa go ntse jalo, “lefatshe ka botlhale jwa lone le ne la se ka la simolola go itse Modimo.” Botlhale jwa lefatshe bo ka se ka jwa go thusa go atamalana le Modimo. Botlhale jono ke “boeleele mo Modimong.”—1 Bakorintha 1:20, 21; 3:19.
20. Ke eng fa go sa utlwale gore motho a batle go etsa batho ba ba sa obameleng Jehofa?
20 Fa o lebile ditshwantsho tseo tsa bana ba ba tshwerweng ke tlala, a o a tle o ikutlwe o batla go tshwana le bone? Legoka! Le fa go ntse jalo, basha bangwe ba malapa a Bakeresete ba ile ba bontsha go batla go tshwana le batho ba lefatshe leno ba ba bolawang ke tlala ya semoya. Go ka direga gore basha bano ba akanya gore basha ba lefatshe ba tshela monate, ba dira se ba se ratang. Ba a lebala gore basha bano ba tlhobogane le Jehofa. (Baefeso 4:17, 18) Ba lebala le matswela a a bosula a go bolawa ke tlala ya semoya. Mangwe a matswela ano ke go ima motho a sa ikaelela le matswela a a amang motho mo mmeleng le mo maikutlong a boitsholo jo bo maswe, go goga, botagwa le go se dirise diokobatsi sentle. Go bolawa ke tlala ya semoya go dira gore motho a nne le moya wa botsuolodi, a itlhoboge le go tlhoka boikaelelo mo botshelong.
21. Re ka itshireletsa jang gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke mekgwa e e phoso ya batho ba ba sa obameleng Jehofa?
21 Ka gone, fa o le kwa sekolong o na le batho ba e seng baobamedi ba ga Jehofa, o se ka wa itetla go tlhotlhelediwa ke maikutlo a ba nang le one. (2 Bakorintha 4:18) Bangwe ba tla bua ka tsela e e bontshang go nyatsa dilo tsa semoya. Mo godimo ga moo, metswedi ya dikgang e tla anamisa ka tsela e e bofitlha megopolo e e phoso e e nayang batho kgopolo ya gore go siame fela go dira boitsholo jo bo maswe, go tagwa kana go bua ditlhapa. Se ineelele tlhotlheletso e e ntseng jalo. Tswelela o itsalanya ka metlha le batho ba ba ‘tshegetsang tumelo le segakolodi se se molemo.’ Ka metlha nna le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Timotheo 1:19; 1 Bakorintha 15:58) Nna o tshwaregile kwa Holong ya Bogosi le mo bodireding jwa tshimo. Nako le nako fa o sa ntse o tsena sekolo nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang. Fa o nonotsha bomoya jwa gago ka go dira dilo tseno, ga o kitla o reketla mo tumelong.—2 Timotheo 4:5.
22, 23. (a) Ke eng fa gantsi mosha wa Mokeresete a ka dira ditshwetso tse batho ba bangwe ba sa di tlhaloganyeng? (b) Basha ba kgothalediwa go dira eng?
22 Go leba dilo ka tsela ya semoya go ka nna ga dira gore o dire ditshwetso tse batho ba bangwe ba ka nnang ba se ka ba di tlhaloganya. Ka sekai, lekawana lengwe la Mokeresete le ne le na le bokgoni jo bogolo mo go tsa mmino e bile e le moithuti
yo o bonang maduo a a kwa godimo mo dithutong tsotlhe tsa sekolo. Fa a sena go aloga kwa sekolong o ne a dira le rraagwe mo kgwebong ya ga rraagwe ya go tlhatswa difensetere gore a kgone go tsenela tiro e a e ratang thata ya go nna moreri wa nako e e tletseng kana mmulatsela. Barutabana ba gagwe ba ne ba se ka ba tlhaloganya mabaka a go bo a tsere tshwetso e e ntseng jalo, mme fa o le motho yo o atamalaneng le Jehofa ga re na pelaelo gore wena wa tlhaloganya.23 Fa o ntse o akanyetsa kafa o ka dirisang matlotlo a botlhokwa a o nang le one mo bosheng jwa gago ka teng, ‘ipolokele motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore o tshware botshelo jwa mmatota ka thata.’ (1 Timotheo 6:19) Ititeye sehuba gore o tla “gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo” mo malatsing a bosha jwa gago—le mo botshelong jotlhe jwa gago. Ke yone fela tsela e ka yone o ka ikagelang isagwe e e molemo, isagwe e e tla nnelang ruri.
O Fetsa ka Goreng?
• Ke kgakololo efe e e tlhotlheleditsweng e e ka thusang basha fa ba ithulaganyetsa isagwe?
• Dingwe tsa ditsela tse mosha a ka ‘atamalanang le Modimo’ ka tsone ke dife?
• Dingwe tsa ditshwetso tse mosha a di dirang tse di ka amang botshelo jwa gagwe jotlhe ke dife?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
A o tla letla gore ditiro tsa gago ka namana di go tseele maatla otlhe le matlhagatlhaga a bosha?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Basha ba ba botlhale ba Bakeresete ba boloka leitlho la bone la semoya le bona sentle