Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa ke Ne ke Foufetse, Matlho A Me a Ne a Foufologa!

Fa ke Ne ke Foufetse, Matlho A Me a Ne a Foufologa!

Kgang ya Botshelo

Fa ke Ne ke Foufetse, Matlho A Me a Ne a Foufologa!

JAAKA GO BOLETSE EGON HAUSER

Morago ga gore ke foufale ka tsela ya mmatota dikgwedi di le pedi, matlho a me a ne a bulega mme ka bona boammaaruri jwa Baebele jo ke neng ke ntse ke bo itlhokomolosa ka lobaka lo loleele.

FA KE akanya ka dingwaga di le masome a supa tse di fetileng, ke kgotsofadiwa ke dilo tse dintsi mo botshelong jwa me. Mme fa ke ne ke ka kgona go fetola sengwe mo botshelong jwa me, ke ne ke tla tlhopha go itse Jehofa Modimo ke sa le mosha.

Ke belegwe ka 1927 kwa Uruguay, naga nngwe e nnye e e leng fa gare ga Argentina le Brazil e e nang le karolo e kgolo ya lefelo le lentle go lejwa la sekgala sa dikilometara di le dintsi go iphaphatha le Lobopo lwa Atlantic. Baagi ba teng ke ditlogolwana tsa Bantadiana le Ba-Spain ba ba fudugetseng koo. Le fa go ntse jalo, batsadi ba me e ne e le batswakwa ba kwa Hungary, mme fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana thata, re ne re nna mo motseng wa batho ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba dirisana mmogo. Go ne go sa tlhokege gore re lotlele matlo a rona le go tsenya mepako mo matlhabaphefong a rona. Re ne re sa tlhaolane ka ditso. Batswakwa le baagi ba lefelo, bantsho le basweu—re ne re le ditsala rotlhe.

Batsadi ba me e ne e le Bakatoliki ba ba tlhoafetseng mme nna ke ne ka nna mosimane yo o thusang kwa aletareng fa ke ne ke le dingwaga di le lesome. Fa ke setse ke godile, ke ne ke bereka le baruti ba lefelo la rona e bile ke le leloko la setlhopha sa bagakolodi ba ga bishopo mo kgaolong ya gagwe. E re ka ke ne ke tlhophile tiro ya bongaka, ke ne ka lalediwa gore ke nne le seabe mo seminareng e e neng e tshwaretswe kwa Venezuela e e neng e rulagantswe ke Kereke ya Katoliki. E re ka re ne re le dingaka tse di neng di berekana thata le malwetse a basadi, setlhopha sa rona se ne sa abelwa tiro ya go dira dipatlisiso ka dipilisi tsa thibela pelegi tse di neng di rekisiwa mo mabenkeleng ka nako eo.

Dilo Tse di Neng Tsa Nkgatlha Kwa Tshimologong Fa ke Ne ke Ithutela Bongaka

Fa ke ne ke sa ntse ke le seithuti sa kalafi ke ithuta ka mmele wa motho, ke ne ka kgatlhwa ke botlhale jo mmele o bopilweng ka jone. Ka sekai, ke ne ke gakgamadiwa ke go bona kafa mmele o kgonang go ikalafa ka teng le kafa o kgonang go boa o lolama ka teng fa o gobetse, jaaka fa sebete kgotsa dikgopo di kgona go gola gape morago ga gore karolo nngwe ya tsone e ntshiwe.

Mme gape, ke ne ka bona batho ba bantsi ba ba ileng ba nna le dikotsi tse di masisi, mme ke ne ke hutsafala fa ba swa ka ntlha ya go tshelwa madi. Ke sa ntse ke gakologelwa le gompieno kafa go neng go le boima ka teng go bua le masika a balwetse ba ba ileng ba swa ka ntlha mathata a a ileng a bakwa ke go tshelwa madi. Gantsi ba losika ba ne ba sa bolelelwe gore baratiwa ba bone ba bolailwe ke go tshelwa madi. Go na le moo, ba ne ba fiwa mabaka a mangwe. Le fa go fetile dingwaga di le dintsi, ke sa ntse ke gakologelwa kafa ke neng ke ikutlwa ke sa ritibala ka teng ka ditshelo tsa madi mme kgabagare ke ne ka swetsa ka gore go na le sengwe se se phoso ka mokgwa ono wa kalafi. E kete nkabo ke itsile ka molao wa ga Jehofa malebana le boitshepo jwa madi ka nako eo! Fa nkabo go ntse jalo, gongwe ke ne ke se kitla ke nna le dipelaelo malebana le se ke neng ke se bona se dirwa.—Ditiro 15:19, 20.

Go Kgotsofala ka Ntlha ya go Thusa Batho

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka nna ngaka e e arang le mokaedi wa tlileniki kwa Santa Lucía. Gape ke ne ke na le ditiro dingwe tse ke neng ke di dira kwa National Institute of Biological Science. Seno se ne se nkgotsofatsa thata. Ke ne ke thusa batho ka malwetse a bone, ke ba thusa fa ba le mo botlhokong, ke thusa go boloka matshelo a mantsi le go thusa bommè fa ba tshola bana. Ka ntlha ya se ke se boneng pelenyana malebana le go tshela madi, ke ne ke sa tshele batho madi mme ke ne ka ara ba le bantsi ke sa dirise madi. Ke ne ka ipolelela gore go dutla madi go tshwana le faki e e dutlang metsi. Tsela e le nngwe fela ya go rarabolola bothata joo ke go kaba phatlha, e seng go tlatsa faki ka metsi.

Go Alafa Balwetse ba e Leng Basupi

Ke ne ka simolola go itse Basupi ba ga Jehofa ka bo1960 fa ba ne ba simolola go tla kwa tlileniking ya rona gore ba ariwe kwantle ga go tshelwa madi. Le ka motlha nka se lebale kgang ya molwetse mongwe, mmulatsela (mmoledi wa nako e e tletseng) yo o bidiwang Mercedes Gonzalez. O ne a tlhaela disele tse dikhibidu tsa madi thata mo e leng gore dingaka tsa kokelo di ne di sa batle go itsenya mo kotsing ka go leka go mo ara, ka gonne ba ne ba tlhomamisegile gore a ka se ka a tshela. Le fa a ile a dutla madi, re ne ra mo ara kwa tlileniking ya rona. Re ne ra mo ara ka katlego mme o ne a tswelela e le mmulatsela ka dingwaga tse di fetang 30 go fitlha a tlhokafala bosheng jaana a le dingwaga di le 86.

Gantsi ke ne ke kgatlhwa ke kafa Basupi ba neng ba bontsha lorato le go amega ka teng fa ba ne ba tlile go tlhola bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba ba leng kwa kokelong. Fa ke ntse ke tlhola balwetse, ke ne ke rata go reetsa fa ba ntse ba bua ka tumelo ya bone mme ke ne ke amogela dikgatiso tse ba neng ba di nnaya. Ga ke ise ke ko ke akanye gore go ise go ye kae ke tla bo ke se ngaka ya bone fela mme ke tla bo ke le mokaulengwe wa bone wa semoya.

Ke ne ka tlwaelana thata le Basupi fa ke ne ke nyala Beatriz, yo e neng e le ngwana wa mongwe wa balwetse ba me. Ba le bantsi mo lelapeng la bone e ne e setse e le Basupi, mme fa re sena go nyalana, Beatriz le ene o ne a nna Mosupi yo o tlhoafetseng. Mme nna kafa letlhakoreng le lengwe, ke ne ke tshwaregile thata ka tiro ya me e bile ke itumelela maemo mangwe a ke neng ke na le one mo go tsa kalafi. Go ne go bonala ke atlega thata mo botshelong. Ke ne ke sa itse gore go ise go ye kae sengwe le sengwe se ne se tla fetoga.

Ke ne Ka Welwa ke Matlhotlhapelo

Sengwe sa dilo tse di utlwisang botlhoko thata tse di ka diragalelang ngaka e e arang ke fa e sa tlhole e bona. Ke se se ileng sa ntiragalela. Ka bonako fela, letha la matlho a me oomabedi le ne la gagoga—ka foufala mme go ne go se na tsela e ke neng ke ka itse ka yone gore a ke tla boa ke bona gape. Fa ke sena go ariwa, ke ne ka rapama mo bolaong ke bipilwe matlho oomabedi, mme ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong. Ke ne ke ikutlwa ke se na mosola gotlhelele e bile ke se na tsholofelo mo e leng gore ke ne ka swetsa ka gore ke ipolaye. E re ka ke ne ke le mo boalong jwa bonè jwa moago, ke ne ka fologa mo bolaong mme ka nna ke apaapa lobota, ke leka go fitlha kwa fensetereng. Ke ne ke batla go itigela kwa ntle ka fensetere gore ke swe. Le fa go ntse jalo, ke ne ka felela ke le mo phashiting ya kokelo, mme mooki mongwe o ne a mpusetsa kwa bolaong jwa me.

Ga ke a ka ka leka go ipolaya gape. Mme fa ke ntse ke foufetse jalo, ke ne ka nna ke tshwenyegile thata mo maikutlong e bile ke betwa ke pelo. Ka nako eno ya fa ke foufetse, ke ne ka solofetsa Modimo gore fa nka boa ke bona gape, ke tla bala Baebele yotlhe. Kgabagare, ke ne ka simolola go bona go se kae mme ke ne ka kgona go bala. Ke ne ke sa tlhole ke kgona go tswelela ke le ngaka e e arang. Le fa go ntse jalo, kwa Uruguay go na le polelwana e e tlwaelegileng e e reng “No hay mal que por bien no venga,” “Ga go na sepe se se maswemaswe mo se ka se kang sa ntsha sepe se se molemo.” Ke ne ke tloga ke diragalelwa ke one mafoko ano.

Ke ne Ka se Ka ka Amogela Basupi Sentle Kwa Tshimologong

Ke ne ke batla go reka kgatiso ya The Jerusalem Bible ya mokwalo o mokima, mme ka utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba na le Baebele e e sa tureng, e Mosupi mongwe yo mosha a neng a ithaopa gore o tla e ntlisetsa. Letsatsi le le latelang o ne a eme fa kgorong ya me a tshotse Baebele. Mosadi wa me o ne a bula kgoro mme a bua le ene. Ke ne ka goa ka bogale go tswa kwa morago mo ntlong ke bolelela mosadi wa me gore fa a setse a duetse Baebele, a motho yoo a tswe mo ntlong ya me, mme o ne a tswa ka bonako. Ke ne ke sa itse gore go ise go ye kae ene motho yono o tla nna le seabe se segolo mo botshelong jwa me.

Ka letsatsi lengwe ke ne ka solofetsa mosadi wa me sengwe se ke neng ka palelwa ke go se diragatsa. Ka jalo, gore ke tle ke duelele seo le go mo itumedisa, ke ne ka mmolelela gore ke tla ya le ene kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete. Fa letsatsi leo le fitlha, ke ne ka gakologelwa tsholofetso ya me mme ka ya le ene kwa segopotsong. Ke ne ka kgatlhwa ke botsalano jo ke neng ka bo bona le tsela e ke neng ka amogelwa ka lorato ka yone. Fa sebui se simolola puo ya sone, ke ne ka gakgamala go bona gore e ne e le lone lekawana le ke neng ka le bolelela ka bogale gore le tswe mo ntlong ya me. Puo ya gagwe e ne ya nkama thata, mme ke ne ka tlhabiwa ke ditlhong tota go bo ke ile ka mo tshwara makgwakgwa jalo. Nka baakanya jang seemo?

Ke ne ka kopa mosadi wa me gore a mo laletse go tla go ja dijo tsa maitseboa le rona, mme o ne a akantsha jaana: “A ga o akanye gore go tla nna botoka fa a ka lalediwa ke wena? Nna fela fa, o tla tla mo go rona.” O ne a nepile. O ne a tla go re dumedisa mme a amogela taletso ya rona ka boitumelo.

Motlotlo o re neng ra nna le one mo bosigong jwa fa a ne a re etetse o ne wa dira gore ke simolole go dira diphetogo tse dintsi. O ne a mpontsha buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng,* mme le nna ke ne ka mmontsha dikhopi tse thataro tsa yone buka eo. Balwetse ba ba farologaneng ba e leng Basupi ba ne ba nnaya dibuka tseo kwa kokelong mme ke ne ke ise ke di bale. Ka nako ya fa re ja le morago ga dijo, go fitlha bosigogare, ke ne ka botsa dipotso tse dintsi—tse a neng a di araba tsotlhe a dirisa Baebele. Motlotlo wa rona o ne wa tswelela go fitlha ka matsha. Pele ga lekawana leno le tsamaya, le ne la ithaopa go ithuta Baebele le nna, re dirisa buka ya Boamarure. Re ne ra fetsa go ithuta buka eo mo dikgweding di le tharo mme ra tswelela re ithuta buka ya “Babylon the Great Has Fallen!” God’s Kingdom Rules! * Morago ga moo, ke ne ka ineela mo go Jehofa Modimo mme ka kolobediwa.

Go Ikutlwa ke le Mosola Gape

Ka ntlha ya go foufala ga me ka tsela ya mmatota, ‘matlho a me a pelo’ a ne a bulega gore ke bone boammaaruri jwa Baebele jo ke neng ke ntse ke bo itlhokomolosa go fitlha ka nako eo! (Baefeso 1:18) Go itse Jehofa le maikaelelo a gagwe a a lorato go ile ga fetola botshelo jwa me. Ke boetse gape ke ikutlwa ke le mosola e bile ke itumetse gape. Ke thusa batho mo go tsa boitekanelo le mo semoyeng mme ke ba bontsha kafa ba ka lelefatsang botshelo jwa bone ka dingwaga di se kae mo tsamaisong eno ya dilo ka gone le ka bosakhutleng mo tsamaisong e ntšha.

Ke ne ka tswelela ke ithuta mo go oketsegileng ka bongaka mme ke dirile dipatlisiso ka dikotsi tsa go tshelwa madi, ka kalafi e nngwe e e ka dirisiwang, ka ditshwanelo tsa molwetse le ka melao e e laolang tsela e dingaka di itshwarang ka yone. Ke ile ka nna le tshono ya go thusa ba bangwe ba tsa kalafi mo lefelong la rona ka tshedimosetso eno fa ke ne ke laleditswe go ya go bua ka dikgang tseno kwa diseminareng tsa kalafi. Ka 1994, ke ne ka ya kwa kokoanong ya ntlha e e neng e le malebana le go alafa kwantle ga go tshela madi kwa Rio de Janeiro, kwa Brazil, mme ka neela puo e e malebana le go alafa batho ba ba dutlang madi. Bontlhanngwe jwa tshedimosetso eo bo ne bo le mo setlhogong se ke neng ke se kwadile se se reng “Una propuesta: Estrategias para el Tratamiento de las Hemorragias” (“Kakantsho ya Thulaganyo e e Malebana le go Alafa Kwantle ga go Tshela Madi”), e e neng e gatisitswe mo makasineng wa kalafi wa Hemoterapia.

Go Nna ke Ikanyega Le fa Ke ne Ke le Kafa Tlase ga Kgatelelo

Fa ke simolola dithuto tsa me tsa kalafi, dipelaelo tse ke neng ke na le tsone malebana le go tshela madi di ne tsa nna teng ka ntlha ya se ke se ithutileng mo go tsa saense. Le fa go ntse jalo, fa le nna ke nna molwetse kwa kokelong, ke ne ka bona gore ga go motlhofo go gana go tshelwa madi le go nna ke ikanyega fa dingaka di ntse di nkgatelela gore ke dire jalo. Fa ke sena go tlhaselwa ke bolwetse jo bogolo jwa pelo, ke ne ka fetsa diura di le pedi ke leka go tlhalosetsa ngaka e e arang ka boemo jwa me malebana le madi. E ne e le ngwana wa nngwe ya ditsala tsa me tse dikgolo mme o ne a re a ka se ka a ntlogela ke swa ka gonne a akanya gore go tshelwa madi go tla boloka botshelo jwa me. Ke ne ka rapela Jehofa mo pelong, ke mo kopa gore a thuse ngaka eno gore e tlhaloganye le go tlotla seemo sa me le fa a sa dumalane le nna. Kgabagare ngaka e ne ya solofetsa gore e tla dira se ke se kopang.

Mo lekgetlhong le lengwe, ke ne ka tshwanelwa ke go ntshiwa tlhagala mo setlheng. Ke ne ka dutla madi. Ke ne ka tshwanelwa gape ke go tlhalosa lebaka la go bo ke sa batle go tshelwa madi, mme le fa ke ile ka dutla madi a selekanyo sa peditharong, dingaka di ne tsa tlotla seemo sa me.

Go Fetoga ga Pono ya Dingaka

Jaaka leloko la International Association of Bioethics, ke ne ka itumelela go bona ba tsa kalafi le ba molao ba fetola tsela e ba lebang dilo ka yone malebana le ditshwanelo tsa balwetse. Boikutlo jwa dingaka jwa go batla go sireletsa balwetse bo ne jwa fetoga mme ba simolola go tlotla tshwanelo ya molwetse ya go itlhophela kalafi e a e batlang. Gone jaanong ba letla balwetse go itlhophela kalafi e ba e batlang. Basupi ba ga Jehofa ga ba tlhole ba tsewa e le batho ba ba feteletsang dilo ba ba sa tshwanelweng ke go alafiwa. Go na le moo, ba tsewa e le balwetse ba ba tlhaloganyang dilo sentle le ba ditshwanelo tsa bone di tshwanetseng go tlotliwa. Kwa diseminareng tsa kalafi le mo dithulaganyong tsa thelebishene, boporofesa ba ba tumileng ba ile ba bolela jaana: “Re leboga Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya maiteko a ba a dirileng, mme gone jaanong, re a tlhaloganya . . . ” “Re ithutile sengwe mo Basuping . . . ” e bile “Ba re rutile go tokafatsa dilo.”

Ga twe botshelo bo botlhokwa go feta le fa e le eng ka gonne kgololesego le seriti ga di na mosola kwantle ga botshelo. Ba le bantsi jaanong ba amogela kgopolo ya maemo a a kwa godimo ya molao, ba lemoga gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itirela ditshwetso mme ke ene fela a ka tlhalosang gore ke tshwanelo efe e a batlang gore e tle pele mo maemong a a rileng. Ka tsela eno, seriti, kgololesego ya go itlhophela le dilo tse motho a di dumelang ke tsone tse di tlang pele. Molwetse o na le tshwanelo ya go itirela ditshwetso malebana le botsogo jwa gagwe. Thulaganyo ya Tshedimosetso ya Tirelo ya Dikokelo e e tlhomilweng ke Basupi ba ga Jehofa, e ile ya thusa dingaka di le dintsi gore di tlhaloganye dikgang tseno botoka.

Go nna ke engwa nokeng ke ba lelapa la me go ile ga nthusa gore ke kgone go ikutlwa ke na le mosola mo tirelong ya ga Jehofa le go nna mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete. Jaaka ke setse ke umakile, selo se ke se ikwatlhaelang thata ke go bo ke ile ka se ka ka ithuta ka ga Jehofa pelenyana mo botshelong jwa me. Le fa go ntse jalo, ke itumela thata go bo a ile a dira gore ke bone tsholofelo e e itumedisang ya go tshela kafa tlase ga Bogosi Jwa Modimo, kwa go se kitlang go nna le “monni ope yo o tla reng: ‘ke a bobola.’”—Isaia 33:24. *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 24 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 34 Fa go ne go santse go kwalwa setlhogo seno, Mokaulengwe Egon Hauser o ne a tlhokafala. O ile a ikanyega go fitlha a swa, mme re itumela le ene go bo a sule a na le tsholofelo e e tlhomamisegileng.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke le mo dingwageng tsa me tsa bo30, ke bereka kwa kokelong ya Santa Lucía

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le mosadi wa me, Beatriz, ka 1995