Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Metshameko ya Bogologolo e Gatelela Thata go Gapa Sekgele

Metshameko ya Bogologolo e Gatelela Thata go Gapa Sekgele

Metshameko ya Bogologolo e Gatelela Thata go Gapa Sekgele

“MOTHO mongwe le mongwe yo o tsayang karolo mo kgaisanong o ikgapa mo dilong tsotlhe.” “Fa motho a gaisana . . . mo metshamekong, ga a rwesiwe serwalo fa a sa gaisana go ya ka melao.”—1 Bakorintha 9:25; 2 Timotheo 2:5.

Metshameko e moaposetoloi Paulo a neng a bua ka yone e ne e le sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata mo Bagerikeng ba bogologolo. Hisitori e re bolelela eng ka dikgaisano tse di ntseng jalo le boikutlo jo batho ba neng ba nna le jone?

Bosheng jaana, go ile ga tshwarwa dipontsho malebana le metshameko ya Bagerika, Nike—Il gioco e la vittoria (“Nike—Motshameko le Phenyo”), kwa lefelong la Bobogelo la Roma. * Dipontsho tseo di ne di araba potso eo mme e bile di dira gore motho a ipotse gore Bakeresete bone ba leba metshameko jang.

Ga se Selo sa Maabane

Gerika ga se lefelo la ntlha le go ileng ga nna le metshameko kwa go lone. Le fa go ntse jalo, gongwe mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., mmoki wa Mogerika e bong Homer o ne a tlhalosa setšhaba seno e le se se neng se na le dikgopolo tse dintsi malebana le go nna mogaka le go nna le moya wa kgaisano, se se neng se rata botswerere mo go tsa sesole le boatleletiki. Dipontsho tseno di ne di tlhalosa gore meletlo ya ntlhantlha ya Segerika e simolotse e le meletlo e mo go yone go neng go tlotlomadiwa medimo kwa diphitlhong tsa bagaka. Ka sekai, Iliad ya ga Homer, e leng buka ya bogologolo thata mo dibukeng tsa Segerika, e tlhalosa kafa batlhabani ba ba tlotlegang, ba e neng e le ditsala tsa ga Achilles ba neng ba baya dibetsa tsa bone fa fatshe ka teng kwa meetlong ya phitlho ya ga Patroclus mme ba bo ba bontsha bogaka jwa bone ka mabole, go sokasokana, go kolopa discus le javelin le ka kgaisano ya lobelo lwa dikara.

Go ne go ketekiwa meletlo e e ntseng jalo mo Gerika yotlhe. Bukana nngwe ya dipontsho tseo e bolela jaana: “Meletlo eno e ne e le tshono e mo go yone Bagerika, ka go batla go tlotla medingwana ya bone, ba neng ba tlogela dintwa tsa bone tse di sa feleng le tse ba neng ba di lwa nako le nako, mme ba fetola boikutlo jo ba nang le jone jwa kgaisano ba dira gore bo lebege e kete ke motshameko fela o o itshamekelwang ka kagiso, mme gone o tshamekiwa ka botswapelo: ba o dira dikgaisano tsa diatleletiki.”

Ditlhopha tse di farologaneng mo toropong di ne di tle di kopane ka metlha mo mafelong a a farologaneng a kobamelo go tlotla medimo ya bone ka dikgaisano tsa diatleletiki. Fa nako e ntse e tsamaya, meletlo e menè e e ntseng jalo—metshameko ya Diolimpiki le ya Nemea e ka bobedi e neng e le ya go tlotla Seuse le metshameko ya Pythian le ya Isthmia, e e neng e le ya go tlotla Apollo le Poseidon—e ne ya nna ya tuma go fitlha e nna meletlo ya Segerika. Ka mantswe a mangwe, e ne e le metshameko e batho ba ba mo dikarolong tsotlhe tsa Gerika ba neng ba ka kgona go e tsenela. Meletlo eno e ne e le ya ditlhabelo le ya dithapelo mme gape e ne e le ya go tlotlomatsa medimo ka dikgaisano tsa maemo a a kwa godimo tsa boatleletiki kgotsa dikgaisano dingwe tse mo go tsone go dirwang dilo dingwe tse di rileng ka botswerere.

Mengwe ya meletlo ya bogologolo thata le ya maemo a a kwa godimo e simolotse morago kwa ka ngwaga wa 776 B.C.E., mme e ne e tshwarwa ngwaga mongwe le mongwe wa bonè go tlotlomadiwa Seuse kwa Olympia. Moletlo o o latelang oo ka bogolo e ne e le wa Pythian. E re ka moletlo ono o ne o tshwarelwa gaufi le lefelo le le tumileng thata la kobamelo ka nako eo, kwa Delphi, le one o ne o akaretsa diatleletiki. Mme gore go tle go tlotlomadiwe motshegetsi yo mogolo wa maboko le mmino e bong Apollo, go ne go gatelelwa thata mmino le tantshe.

Se se Neng se Dirwa mo Metshamekong Eno

Fa diatleletiki tseo di bapisiwa le tsa gompieno, dilo tse di neng di dirwa moo di ne di se dintsi, mme e bile e ne e le banna fela ba ba neng ba nna le seabe mo go tsone. Gantsi mo thulaganyong eno ya bogologolo ya Diolimpiki, go ne go sa nne le metshameko e e fetang e e lesome. Difikantswe, ditshwantsho tse di gabilweng mo majeng, ditshwantsho tse di dirilweng ka matlapana a a kgabisang le ditshwantsho tse di takilweng mo dinkgong tsa letsopa tse di neng tsa bontshiwa kwa Bobogelong di ne di thusa batho go bona gore go ne go dirwang mo metshamekong eno.

Go ne go tabogiwa dikgala di le tharo tse di farologaneng—tsa dimetara di le 200, tsa dimetara di le 400 le sekgala se seleele sa dimetara di le 4 500. Batshameki ba ne ba taboga le go ikatisa ba sa apara sepe. Bagaisani ba ne ba gaisana mo metshamekong e le metlhano: go taboga, go tlolela kgakala, go kolopa discus le javelin le go sokasokana. Metshameko e mengwe e ne e akaretsa mabole le “motshameko o o setlhogo wa go itaya ka mabole o sa tsenya ditlelafo go kopane le go sokasokana.” Gape go ne go na le lobelo lwa dikara lwa sekgala sa dimetara di le 1 600, go kgweediwa dikara tse di sa pegang sepe tse di bulegileng kwa morago tse di nang le maotwana a mannye di gogwa ke dipetsana tse pedi kgotsa tse nnè kgotsa dipitse tse di godileng.

Motshameko wa mabole o ne o le setlhogo thata mme ka dinako tse dingwe batho ba ne ba feleletsa ba sule. Boramabole ba ne ba rwala mabanta a letlalo le le thata le le gokeletsweng ditshitswana tse di segang. O ka kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa mogaisani mongwe yo o bidiwang Stratofonte a ne a sa kgone go lemoga sefatlhego sa gagwe mo seiponeng fa a sena go lwa ntwa ya mabole ya diura di le nnè. Difikantswe le ditshwantsho tsa bogologolo tse di dirilweng ka matlapana a a kgabisang di bontsha gore batho ba ba neng ba lwa dintwa tsa mabole ba ne ba senngwa difatlhego thata.

Mo motshamekong wa go sokasokana, melao ya teng e ne e dumelela bagaisani go tshwarana fela mo karolong e e kwa godimo ya mmele, mme mofenyi e ne e tla nna motho yo pele a kgonang go digela yo mongwe fa fatshe ka makgetlho a le mararo. Kafa letlhakoreng le lengwe, motshameko o o neng o kopantse go sokasokana le go dirisa mabole one o ne o se na dithibelo dipe. Bagaisani ba ne ba ka raga, ba betsa le go soka ditokololo. Go gonya matlho, go ngapa le go loma e ne e le tsone fela dilo tse ba neng ba sa dumelelwa go di dira. Boikaelelo e ne e le go gatelela motho yo mongwe fa fatshe le go mo patelela gore a ineele. Bangwe ba ne ba tsaya gore kgaisano eno ke yone e e neng e di “gaisa tsotlhe mo metshamekong ya Olympia.”

Go bolelwa gore motshameko o o tumileng thata wa bogologolo o o kileng wa tshamekiwa o o kopantseng go sokasokana le go dirisa mabole e ne e le wa makgaolakgang wa Diolimpiki o o neng wa tshwarwa ka 564 B.C.E. Motho yo o neng a lwa le Arrhachion o ne a mo kgamile, le fa go ntse jalo Arrhachion o ne a ise a swe fa a ne a roba monwana wa leoto wa motho yono. E re ka motho yono a ne a utlwa botlhoko thata, o ne a ineela pelenyana fela ga Arrhachion a swa. Baatlhodi ba ne ba bolela fa setopo sa ga Arrhachion e le sone mofenyi!

Lobelo lwa dikara e ne e le lone lwa maemo a a kwa godimo mo metshamekong eno e bile lo ne lo ratiwa thata ke batho ba maemo a a kwa godimo, ka gonne mofenyi e ne e se motho yo o kgweetsang mme e ne e le mong wa kara le dipitse. Nako e mokgweetsi a neng a sa batle go dira diphoso dipe ka yone mo lobelong lono e ne e le fa lobelo lo simolola, le go nna a le mo moleng wa gagwe fa lobelo lo ntse lo tsweletse le go tlhokomela gore o tšhika sentle mo khoneng. Fa bakgweetsi ba ne ba ka dira diphoso seno se ne se ka baka dikotsi tse di neng di dira gore motshameko o o tumileng ono o kgatlhe le go feta.

Sekgele

Moaposetoloi Paulo o ne a re: “basiani mo lobelong botlhe ba a siana, mme ke a le mongwe fela yo o amogelang sekgele.” (1 Bakorintha 9:24) Go fenya go ne go le botlhokwa thata. Go ne go se na yo o amogelang metale ya selefera kgotsa boronse, e bile go ne go se na ope yo o amogelang maemo a bobedi kgotsa a boraro. Dipontsho tse di neng di bontsha ditiragalo tseno di tlhalosa jaana: “Phenyo, ‘Nike,’ e ne e le yone mokgele o motshameki a batlang go o fitlhelela. O ne a ipatlela sone fela seno ka gonne ke sone fela se se neng se tla bo se bontsha gore ke motho yo o ntseng jang, mo mmeleng le mo boitshwarong e bile e le motho yo ba gabone ba tla ikgantshang ka ene.” Boikutlo jono bo sobokanngwa ka bokhutshwane jaana mo polelwaneng nngwe mo lebokong lengwe la ga Homer: “Ke ithutile gore ka metlha ke gape sekgele.”

Sekgele se se neng se fiwa mofenyi mo Metshamekong ya Segerika e ne e le sa tshwantshetso fela—serwalo se se dirilweng ka matlhare. Paulo o ne a re ke “serwalo se se senyegang.” (1 Bakorintha 9:25) Le fa go ntse jalo, sekgele seo se ne se tsewa se le botlhokwa thata. Se ne se emela maatla a a neng a dira gore o nne mofenyi. Phenyo, e e neng e gagamalelwa ka boitlhomo bo le bongwe fela, e ne e kaya gore o tla amogelwa ke medimo. Dipontsho tse di umakilweng fa godimo di bontsha kafa babetli le bataki ba bogologolo ba neng ba bona mo megopolong ya bone, Nike, e leng modimo wa mosadi yo o nang le diphuka wa Segerika wa phenyo a rwesa mofenyi serwalo. Mokgele o le mongwe fela wa motshameki mongwe le mongwe e ne e le gore a fenye kwa metshamekong eno ya Olympia.

Dirwalo tsa metshameko ya Diolimpiki di ne di dirwa ka matlhare a motlhware wa naga—tsa Isthmia ka phaene, tsa Pythia ka setlhare sa laurel, tsa Nemea ka sejalo sa naga sa celery. Barulaganyi ba metshameko eno kwa mafelong a mangwe ba ne ba ntsha madi a mantsi kgotsa ba duela ka ditsela tse dingwe go ngoka bagaisani ba maemo a a kwa godimo. Dinkgo dingwe tse di bontshitsweng kwa dipontshong e ne e le dilo tse di neng di abiwa kwa Metshamekong ya Segerika, e e neng e tshwaretswe kwa Athena go tlotla modimo wa mosadi e bong Athena. Kwa tshimologong, dinkgo tseno di ne di tsenya oli e e tlhwatlhwakgolo ya kwa Attica. Mokgabiso mongwe o o mo letlhakoreng lengwe la dinkgo tseno e ne e le setshwantsho sa modimo wa mosadi se se nang le mafoko a a reng “sekgele sa bagaisani ba Athena.” Ka fa letlhakoreng le lengwe la nkgo, go ne go na le setshwantsho sa tiragalo e e rileng, gongwe se se bontshang motshameki yo o fentseng.

Batho ba metse ya Gerika ba ne ba itumelela gore ba tlile go tuma le batshameki ba bone, mme phenyo ya bone e ne e dira gore batshameki bano e nne bagaka mo setšhabeng sa gagabo. Fa bafenyi ba boa ba ne ba amogelwa ka mekoloko ya phenyo. Go ne go dirwa difikantswe tsa bone go tlotla medimo—tlotlo e motho a neng a e bona fa fela a fentse—mme baboki bone ba ne ba opela ka bogaka jwa bafenyi bano. Morago ga foo bafenyi ba ne ba newa manno a a kwa pele mo medirong e bile ba ne ba amogela madi go tswa mo setšhabeng.

Dijiminasi le Batshameki ba ba Neng ba Tshameka mo go Tsone

Dikgaisano tsa diatleletiki di ne di thusa thata gore motho a nne lesole. Metse yotlhe ya kwa Gerika e ne e na le dijiminasi tsa yone, mo go neng go thapisiwa makawana a bo a rutiwa dilo tsa matlhale le tsa bodumedi. Dijiminasi di ne di agilwe mo mabaleng a magolo a go neng go ikatisiwa mo go one, a na le maribelo le mafelo a mangwe a a tswalegileng a a neng a dirisiwa jaaka dilaeborari le diphaposi tsa borutelo. Ditheo tse di ntseng jalo di ne di etelwa thata, segolobogolo ke makawana a a tswang mo malapeng a a itsholetseng a a neng a dirisa nako ya one go ithuta go na le go e dirisetsa go bereka. Mo mafelong ano, batshameki ba ne ba dirisa nako e ntsi ba ipaakanyetsa metshameko eno mme ba thusiwa ke bakatisi ba ba neng ba ba kaela gore ba je dijo dife le go tlhomamisa gore ga ba tlhakanele dikobo le basadi.

Dipontsho tse di neng di tshwaretswe kwa Bobogelong di ne di thusa baeng go bona ditshwantsho tsa batshameki ba bogologolo, tse bontsi jwa tsone e neng e le ditshwantsho tse di dirilweng kwa Roma go tswa mo ditshwantshong tsa ntlhantlha tse di gabilweng mo majeng tsa kwa Gerika. E re ka go ya ka dikgopolo tse Bagerika ba neng ba na le tsone ka nako eo, go itekanela mo mmeleng go ne go tsamaisana le go itekanela sentle mo boitshwarong e bile go ne go tsewa e le selo sa batho ba maemo a a kwa godimo fela, mongwe le mongwe o ne a eletsa go nna le mmele ono o o agegileng sentle wa batshameki ba ba fentseng. Baroma ba ne ba leba ditshwantsho tse di gabilweng e le dilo tse di betlilweng ka botswerere jo bogolo, tse bontsi jwa tsone di neng di dirisediwa go kgabisa ditediamo, dibata tse go tlhapelwang mo go tsone, matlo a bahumi le matlo a segosi.

Baroma ba ne ba rata metshameko eno e e setlhogo, ka jalo, mo metshamekong yotlhe ya Segerika e e neng e tshamekelwa kwa Roma, wa mabole le wa go sokasokana e ne e tseelwa kwa godimo thata. Baroma ba ne ba sa tseye metshameko eno e le kgaisano fa gare ga batho ba babedi ba ba nang le bokgoni jo bo tshwanang ba ba batlang go bona gore ke mang yo o nonofileng go gaisa yo mongwe, go na le moo ba ne ba e tsaya e le boitlosobodutu fela. Ba ne ba sa tlhole ba leba metshameko ka kgopolo ya kwa tshimologong ya gore batlhabani le batshameki ba maemo a a kwa godimo ba tshwanetse go nna le seabe mo go yone e le karolo ya thuto ya bone. Go na le moo, Baroma ba ne ba sa tlhole ba leba metshameko ya Segerika e le e e botlhokwa go le kalo, mme ba ne ba e leba e le tsela fela ya go ikatisa pele ga go tlhapa kgotsa e le metshameko e e bogelwang e e tshamekiwang ke batho ba maemo a a kwa tlase, e e tshwanang le metshameko ya batlhabani ba ba tlhabanang mo bobogelong.

Bakeresete le Metshameko Eno

E re ka metshameko eno e ne e le ya bodumedi, go ne go na le lebaka le le utlwalang la go bo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa nne le seabe mo go yone, ka gonne “tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medingwana?” (2 Bakorintha 6:14, 16) Go tweng ka metshameko gompieno?

Gone ke boammaaruri gore metshameko ya segompieno ga e tlotlomatse medimo ya boheitane. Le fa go ntse jalo, a ga go boammaaruri gore mo metshamekong mengwe go bontshiwa tlhoafalo e e tshwanang le e e bontshiwang mo bodumeding, e e tshwanang le e batho ba bogologolo ba neng ba na le yone? Mo godimo ga moo, mo dingwageng tsa bosheng jaana dipego di ile tsa bontsha gore, e le gore batshameki ba fenye, bangwe ba ile ba dirisa diokobatsi tse di tokafatsang bokgoni jwa bone jwa go gaisana tse gape di ka tsenyang botsogo le botshelo jwa bone mo kotsing.

Dilo tse motho a kgonang go di fitlhelela ka mmele ga se tsone tse di botlhokwa jalo mo Bakereseteng. Dinonofo tsa semoya tsa “motho wa sephiri wa pelo” ke tsone tse di dirang gore motho a nne montle mo matlhong a Modimo. (1 Petere 3:3, 4) Re a itse gore ga se gore batho botlhe ba ba nnang le seabe mo metshamekong gompieno ba na le moya o o feteletseng wa kgaisano, mme ba le bantsi ba na le one. A go itsalanya le batho ba ba ntseng jalo go tla re thusa go tsaya tsia kgothatso ya Dikwalo ya gore ‘re se ka ra dira sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme re nne le mogopolo o o ikokobeditseng?’ Kgotsa a e seng gore botsalano jo bo ntseng jalo bo tla felela ka “bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano”?—Bafilipi 2:3; Bagalatia 5:19-21.

Metshameko e mentsi ya segompieno e batho ba tshwaranang mo go yone e tletse thubakanyo. Le fa e le mang yo o kgatlhwang ke metshameko e e ntseng jalo o tla bo a dira sentle fa a ka gakologelwa mafoko a a mo go Pesalema 11:5: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”

Fa go ikatisa go dirwa ka tekatekano, e ka nna selo se se itumedisang, mme moaposetoloi Paulo o ne a re “go ithapisa mmele go tswela mosola go le gonnye.” (1 Timotheo 4:7-10) Le fa go ntse jalo, fa Paulo a ne a bua ka metshameko ya Segerika, o ne a e umaka fela go bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng gore Bakeresete ba nne le dinonofo tse di jaaka boikgapo le boitshoko. Mokgele wa konokono o Paulo a neng a leka go o fitlhelela e ne e le wa go amogela “serwalo” se se tswang kwa Modimong sa botshelo jo bo sa khutleng. (1 Bakorintha 9:24-27; 1 Timotheo 6:12) Ka go dira jalo, o ne a re tlhomela sekao.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Nike ke lefoko la Segerika le le rayang “phenyo.”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Ramabole Morago ga Ntwa

Setshwantsho seno sa boronse sa lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E. se se tshwantshitsweng fano, se bontsha ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa kgaisano ya mabole ya bogologolo e mo go yone, go ya ka makasine wa dipontsho tsa Roma, “go lwa ga ramabole . . . mo dintweng tse di lapisang tse mo go tsone ‘lebadi le neng le ntshediwa lebadi le lengwe,’ go ne go tsewa e le sesupo sa gore motho o lole sentle thata.” Tlhaloso e tswelele jaana: “Mabadi a a bakilweng mo ntweng e e sa tswang go lowa a oketsa fela mabadi a ntwa ya nako e e fetileng.”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Lobelo lwa dikara e ne e le nngwe ya dikgaisano tsa maemo a a kwa godimo thata mo nakong ya bogologolo

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Bataki ba bogologolo ba ne ba bona mo megopolong ya bone kafa Nike, modimo wa mosadi wa phenyo yo o nang le diphuka, a rwesang mofenyi serwalo ka teng