Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna Pelokgale Jaaka Jeremia

Nna Pelokgale Jaaka Jeremia

Nna Pelokgale Jaaka Jeremia

“Solofela mo go Jehofa; nna pelokgale mme o letle pelo ya gago e nonofe. Ee, solofela mo go Jehofa.”—PESALEMA 27:14.

1. Ke masego afe a magolo a Basupi ba ga Jehofa ba itumelelang one?

BASUPI BA GA JEHOFA ba nna mo paradaiseng ya semoya. (Isaia 11:6-9) Mo lefatsheng leno le le tletseng mathata, ba itumelela go tshela le Bakeresete ka bone mo tikologong ya semoya e e sa tshwaneng le epe, ba le mo kagisong le Jehofa Modimo e bile ba tshedisana ka kagiso bone ka bobone. (Pesalema 29:11; Isaia 54:13) Mme paradaise eno ya bone ya semoya e golela pele. Batho botlhe ba ba ‘dirang thato ya Modimo ka moya otlhe’ ba tsenya letsogo mo go e atoloseng. (Baefeso 6:6) Jang? Ka go tshela tumalanong le melaometheo ya Baebele le ka go ruta batho ba bangwe gore le bone ba dire jalo, ka go dira jalo ba ba laletsa gore le bone ba tle go itumelela masego a magolo a ba a bonang mo paradaiseng eno.—Mathaio 28:19, 20; Johane 15:8.

2, 3. Ke dilo dife tse Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanelwang ke go di itshokela?

2 Le fa go ntse jalo, go tshela ga rona mo paradaiseng ya semoya ga go bolele gore re ka se ka ra lebana le diteko. Re sa ntse re sa itekanela e bile re sa ntse re amiwa botlhoko ke malwetse, botsofe, mme kgabagare le loso. Mo godimo ga moo, re bona go diragadiwa ga dipolelelopele tse di ka ga ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Dintwa, bokebekwa, malwetse, ditlala le mathata a mangwe a mantsi a ama batho botlhe, mme le Basupi ba ga Jehofa a a ba ama.—Mareko 13:3-10; Luke 21:10, 11.

3 Kwantle ga dilo tseno tsotlhe, re itse sentle gore le fa gone re sireletsegile mo paradaiseng ya semoya re sa ntse re lebana le kganetso e e setlhogo. Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile. Gakologelwang lefoko le ke le lo reileng ka re, motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Johane 15:18-21) Go ntse jalo le gompieno. Batho ba le bantsi ba sa ntse ba sa tlhaloganye kobamelo ya rona. Bangwe ba a re nyatsa le go re ja ditshego kana le e leng go re ila, fela jaaka Jesu a boletse. (Mathaio 10:22) Gantsi go dirisiwa metswedi ya dikgang go anamisa maaka ka rona le go re senya leina. (Pesalema 109:1-3) Ee, rotlhe re lebana le maemo a a gwetlhang, mme bangwe ba rona ba ka nna ba simolola go kgobega marapo. Ke eng se se ka re thusang go itshoka?

4. Re ka bona kae thuso ya go itshoka?

4 Jehofa o tla re thusa. Mopesalema o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Masetlapelo a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.” (Pesalema 34:19; 1 Bakorintha 10:13) Bontsi jwa rona re ka dumalana le kgang ya gore fa re tshepa Jehofa ka pelo yotlhe, o re naya nonofo e e re thusang go itshokela mathata. Lorato lo re mo ratang ka lone le boipelo jo re bo beetsweng pele, di tla re thusa go fenya poifo le go kgobega marapo. (Bahebera 12:2) Ka gone, re nna re itshokile le fa re lebana le mathata.

Lefoko la Modimo Le ne La Nonotsha Jeremia

5, 6. (a) Ke dikai dife tse re nang le tsone tsa baobamedi ba boammaaruri ba ba neng ba kgona go itshoka? (b) Jeremia o ile a itshwara jang fa a ne a bilediwa go nna moporofeti?

5 Mo hisitoring yotlhe, batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba nna le boipelo le mororo ba ne ba lebana le maemo a a boima. Bangwe ba bone ba ne ba tshela mo dinakong tsa katlholo fa Jehofa a ne a bontsha kgalefo ya gagwe mo bathong ba ba sa ikanyegeng. Bangwe ba baobamedi bao ba ba ikanyegang e ne e le Jeremia le batho ba se kae ba motlha wa gagwe le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Dikai tseo tsa bone di kwadilwe mo Baebeleng gore di re kgothatse mme re ka ithuta go le gontsi mo go tsone. (Baroma 15:4) Ka sekai, akanya ka Jeremia.

6 Jeremia o ne a bilediwa tiro ya go nna moporofeti kwa Juda a sa ntse a le mmotlana. Eno e ne e se tiro e e motlhofo. Batho ba le bantsi ba ne ba obamela medimo ya maaka. Le mororo Josia, yo e neng e le kgosi fa Jeremia a simolola bodiredi jwa gagwe a ne a ikanyega, dikgosi tsotlhe tse di neng tsa busa morago ga gagwe di ne di sa ikanyege, le bontsi jwa batho ba ba neng ba na le maikarabelo a go ruta batho—baporofeti le baperesiti—ba ne ba sa kgomarele boammaaruri. (Jeremia 1:1, 2; 6:13; 23:11) Jeremia o ne a ikutlwa jang fa Jehofa a mmiletsa go nna moporofeti? O ne a welwa ke poifo! (Jeremia 1:8, 17) Jeremia o ne a gakologelwa kafa a neng a tsiboga ka teng la ntlha: “Ke ne ka re: ‘Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.’”—Jeremia 1:6.

7. Batho ba ne ba tsibogela molaetsa wa ga Jeremia jang, mme ene o ne a tsibogela seo jang?

7 Bontsi jwa batho ba Jeremia a neng a bua le bone ba ne ba sa tseye molaetsa wa gagwe tsia, mme gantsi ba ne ba mo ganetsa setlhogo. Nako nngwe Pashure, yo e neng e le moporofeti, o ne a mo itaya a ba a dira le gore a tsenngwe mo disaneng. Jeremia o ne a tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka teng ka nako eo: “Ke ne ka re: ‘Ga ke na go [umaka Jehofa], e bile ga ke na go tlhola ke bua mo leineng la gagwe.’” Gongwe le wena nako nngwe o kile wa ikutlwa jalo—o batla go latlhela seditse. Ela tlhoko se se neng sa thusa Jeremia go itshoka. O ne a re: “Mo pelong ya me [lefoko la Modimo kana molaetsa o ne wa] nna jaaka molelo o o tukang o tswaletswe mo marapong a me; ke ne ka lapa go o tshola, mme ke ne ke sa kgone go o itshokela.” (Jeremia 20:9) A le wena lefoko la Modimo le ntse jalo mo go wena?

Bathusi ba ga Jeremia

8, 9. (a) Moporofeti Urija o ile a bontsha go nna le bokoa bofe, mme go ne ga felela ka eng? (b) Ke eng fa Baruke a ile a kgobega marapo mme o ne a thusiwa jang?

8 Jeremia o ne a se nosi mo tirong ya gagwe ya go porofeta. O ne a na le bathusi mme seo se tshwanetse sa bo se ne se mo kgothatsa thata. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe bathusi ba gagwe ba ne ba sa dire dilo ka botlhale. Ka sekai, Urija yo le ene e neng e le moporofeti o ne a tshwaregile ka tiro ya go bolela molaetsa wa tlhagiso kgatlhanong le Jerusalema le Judea “tumalanong le mafoko otlhe a ga Jeremia.” Le fa go ntse jalo, fa Kgosi Jehoiakime a ne a laela gore Urija a bolawe, poifo e ne ya dira gore moporofeti yono a tshabele kwa Egepeto. Seo se ne sa se ka sa mo namola. Banna ba kgosi ba ne ba mo sala morago, ba mo tshwara, me ba mmusetsa kwa Jerusalema, koo a neng a fitlha a bolawa teng. A bo seo se tshwanetse sa bo se ile sa tshosa Jeremia jang ne!—Jeremia 26:20-23.

9 Mothusi yo mongwe wa ga Jeremia e ne e le Baruke, mokwaledi wa gagwe. Baruke e ne e le mopati yo o molemo wa ga Jeremia, le fa go ntse jalo, nako nngwe le ene o ne a se ka a leba dilo ka tsela ya semoya. O ne a simolola go ngongorega, a re: “A bo go latlhega nna, gonne Jehofa o okeditse botlhoko jwa me ka khutsafalo! Ke lapile ka ntlha ya go fegelwa ga me, mme ga ke a bona lefelo lepe la boikhutso.” Baruke o ne a simolola go se tlhole a anaanela dilo tsa semoya ka ntlha ya go kgobega marapo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ka bopelonomi o ne a naya Baruke kgakololo e e molemo, mme o ne a baakanya dilo. Go tswa foo o ne a tlhomamisediwa gore o tla falola fa Jerusalema e senngwa. (Jeremia 45:1-5) A bo Jeremia a tshwanetse a bo a ile a kgothala jang fa Baruke a boa a nonofa semoyeng!

Jehofa O ne A Thusa Moporofeti wa Gagwe

10. Ke ditsholofetso dife tse Jehofa a neng a di solofetsa Jeremia tse di neng di supa gore o tla mo thusa?

10 Selo sa botlhokwa ke gore, Jehofa o ne a se ka a latlha Jeremia. O ne a tlhaloganya kafa moporofeti yono wa gagwe a neng a ikutlwa ka teng mme a mo nonotsha le go mo naya thuso e a e tlhokang. Ka sekai, fa Jeremia a ne a simolola bodiredi jwa gagwe fa a ne a inyatsa gore ga a tshwanelege, Jehofa o ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa ka ntlha ya difatlhego tsa bone, gonne ‘Ke na le wena go go golola,’ go bua Jehofa.” Go tswa foo Jehofa o ne a raya moporofeti yono wa gagwe jaana fa a sena go mo naya tshedimosetso e e ka ga kabelo ya gagwe: “Ruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba na go go fenya, gonne ‘Ke na le wena,’ go bua Jehofa, ‘go go golola.’” (Jeremia 1:8, 19) A tsholofetso e e gomotsang ruri! Mme Jehofa o ne a dira fela jaaka a solofeditse.

11. Re itse jang gore Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla thusa Jeremia?

11 Ka gone, morago ga gore Jeremia a golegwe mo disaneng le go jewa ditshego, o ne a bua jaana a tlhatswegile pelo: “Jehofa o ne a na le nna jaaka yo o thata yo o boifisang. Ke ka lone lebaka le ba ba mpogisang ba tla kgotšwang mme ba sa fenye. Eleruri ba tla tlhabisiwa ditlhong thata.” (Jeremia 20:11) Mo dingwageng tse di neng tsa latela fa ba ne ba leka go bolaya Jeremia, Jehofa o ne a tswelela a na le ene, mme fela jaaka Baruke, Jeremia o ne a falola go senngwa ga Jerusalema a sa tlhole a le mo kgolegelong, fa babogisi ba gagwe le batho ba ba neng ba itlhokomolosa ditlhagiso tsa gagwe bone ba ile ba bolawa kana ba isiwa botshwarwa kwa Babelona.

12. Re tshwanetse go nna re gakologelwa eng le fa gone re na le dilo tse di re kgobang marapo?

12 Fela jaaka Jeremia, gompieno Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba itshokela mathata a a boima. Jaaka fa go tlhalositswe pelenyana, mangwe a one a bakwa ke bosaitekanelang jwa rona, a mangwe ke tlhakatlhakano e lefatshe le iphitlhelang le le mo go yone, a mangwe one a bakwa ke batho ba ba leng kgatlhanong le tiro ya rona. Mathata ano a ka kgoba motho marapo. Jaaka Jeremia, re ka nna ra simolola go tlelwa ke kakanyo ya go phuaganya bodiredi jwa rona. Mme gone, re ka lebelela gore re tla nna re kgobega marapo gangwe le gape. Go kgobega marapo go re naya tshono ya go supa gore re rata Jehofa go le kana kang. Ka gone, a re ititeyeng sehuba gore ga re na go letla go kgobega marapo go re dira gore re phuaganye tirelo ya ga Jehofa jaaka go dirile Urija. Go na le moo, a re etseng sekao sa ga Jeremia mme re tshepe Jehofa ka botlalo gore o tla re thusa.

Tsela ya go Fenya go Kgobega Marapo

13. Re ka etsa jang sekao sa ga Jeremia le Dafide?

13 Jeremia o ne a buisana le Jehofa Modimo ka metlha, a mmolelela kafa a ikutlwang ka teng le go mo kopa gore a mo nonotshe. Ke sekao se se molemo se re ka se etsang. Dafide wa bogologolo, yo o neng a ikanya Motswedi o o tshwanang wa nonofo, o ne a kwala jaana: “A ko o sekegele mafoko a me tsebe, tlhe Jehofa; a ko o tlhaloganye go fegelwa ga me. A ko o tlhwaele tsebe lentswe la go goa ga me ke kopa thuso, tlhe Kgosi ya me le Modimo wa me, ka gonne ke rapela wena.” (Pesalema 5:1, 2) Pego e e tlhotlheleditsweng ya ga Dafide e supa gore gangwe le gape Jehofa o ne a araba dithapelo tsa ga Dafide fa a kopa thuso. (Pesalema 18:1, 2; 21:1-5) Le rona fa mathata a re imetsa kana a lebega a boitshega, go re gomotsa tota fa re retologela kwa go Jehofa ka thapelo mme re mo tshololela se se mo pelong ya rona. (Bafilipi 4:6, 7; 1 Bathesalonika 5:16-18) Jehofa ga a gane go re reetsa. Go na le moo, o re tlhomamisetsa gore ‘o a re kgathalela.’ (1 Petere 5:6, 7) Le fa go ntse jalo, ga go utlwale gore re rapele Jehofa mme go tswa foo re bo re sa reetse se a re laelang sone.

14. Mafoko a ga Jehofa a ne a ama Jeremia jang?

14 Jehofa o bua le rona jang? Akanya gape ka Jeremia. Jehofa o ne a bua le Jeremia ka tlhamalalo ka gonne e ne e le moporofeti. Jeremia o tlhalosa kafa lefoko la Modimo le neng la mo ama pelo ka teng: “Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ke ne ka a ja; lefoko la gago mo go nna le nna go itumela le go ipela ga pelo ya me; gonne leina la gago le bidiwa mo go nna, wena Jehofa Modimo wa masomosomo.” (Jeremia 15:16) Ee, Jeremia o ne a itumelela gore leina la Modimo le ne le bidiwa mo go ene, mme moporofeti yono o ne a tsaya lefoko la Modimo le le botlhokwa thata. Ka gone, fela jaaka moaposetoloi Paulo, Jeremia o ne a tlhagafaletse go bolela molaetsa o a neng a o neetswe.—Baroma 1:15, 16.

15. Re ka nwetsa mafoko a ga Jehofa jang mo dipelong tsa rona, mme ke dilo dife tse di ka re tlhotlheletsang gore re se ka ra didimala fela?

15 Jehofa ga a bue le ope wa rona ka tlhamalalo gompieno. Le fa go ntse jalo, re kwaletswe mafoko a Modimo mo Baebeleng. Ka gone, fa re tsaya thuto ya rona ya Baebele masisi mme re tlhatlhanya thata ka se re ithutang sone, le rona mafoko a Modimo a tla nna “go itumela le go ipela” ga pelo ya rona. Mme re ka itumelela gore re tsamaya ka leina la ga Jehofa fa re ya go bolelela batho ba bangwe mafoko ao. A le ka motlha re se ka ra lebala gore ga go na batho bape ba bangwe mo lefatsheng ba ba bolelang leina la ga Jehofa. Ke Basupi ba gagwe fela ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo jo bo tlhomilweng le go ruta batho ba ba pelonolo go nna barutwa ba ga Jesu Keresete. (Mathaio 28:19, 20) A bo re le lesego jang ne! Fa re akanya ka tshiamelo e kgolo e Jehofa a re abetseng yone ka lorato re ikutlwa re patelesega go se didimale.

A re Ele Tlhoko ba re Itsalanyang le Bone

16, 17. Jeremia o ne a leba botsala jang, mme re ka mo etsa jang?

16 Jeremia o umaka selo se sengwe gape se se neng sa mo thusa go nna pelokgale. A re: “Ga ke a nna mo setlhopheng se se atamalaneng thata sa ba ba dirang metlae mme ka simolola go itumela. Ka ntlha ya seatla sa gago ke ntse ke le nosi, gonne o ntladitse ka katlholo.” (Jeremia 15:17) Jeremia o ne a tlhopha go nna a le nosi go na le gore a itsalanye le batho ba ba bosula. Le rona gompieno re leba dilo jalo. Le ka motlha ga re lebale tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo ya gore “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo,” tota le mekgwa e e molemo e re sa bolong go nna le yone ka dingwaga di le dintsi.—1 Bakorintha 15:33.

17 Go itsalanya le batho ba ba bosula go ka dira gore re letle moya wa lefatshe go kgotlela mogopolo wa rona. (1 Bakorintha 2:12; Baefeso 2:2; Jakobe 4:4) Ka gone, a re thapiseng maatla a rona a go akanya go lemoga botsala jo bo ka nnang kotsi mme re bo tile gotlhelele. (Bahebera 5:14) Fa Paulo a ka bo a sa ntse a tshela mo lefatsheng gompieno, o akanya gore o ne a tla reng ka Mokeresete yo o lebelelang difilimi tsa boitsholo jo bo maswe le tsa thubakanyo kana metshameko ya thubakanyo? O ne a tla reng ka mokaulengwe yo o itsalanyang le batho ba a sa ba itseng gotlhelele mo Internet? O ne a tla akanya eng ka Mokeresete yo o fetsang diura di le dintsi a tshameka metshameko ya dibidio kana a lebile thelebishene mme a se na thulaganyo e e molemo ya go ithuta?—2 Bakorintha 6:14b; Baefeso 5:3-5, 15, 16.

Tswelela O le Mo Paradaiseng ya Semoya

18. Ke eng se se ka re thusang go nna re nonofile semoyeng?

18 Re anaanela paradaise ya rona ya semoya fela thata. Ga go na sepe se se ka tshwanang le yone mo lefatsheng gompieno. Tota le batho ba e seng badumedi ba bua ka tsela e Bakeresete ba ratanang ka yone, ba akanyetsanang ka yone le e ba leng pelonomi ka yone. (Baefeso 4:31, 32) Le fa go ntse jalo, re sa ntse re tshwanelwa ke go lwa le maikutlo a go kgobega marapo go feta le fa e le leng pele. Botsala jo bo molemo, thapelo le go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta di ka re thusa go nna re nonofile semoyeng. Di tla re thusa go iketleeletsa go lebana le teko epe fela re tshepile Jehofa ka botlalo.—2 Bakorintha 4:7, 8.

19, 20. (a) Ke eng se se ka re thusang go itshoka? (b) Setlhogo se se latelang se tla bo se bua ka tlhamalalo le bomang, mme se tla kgatlha le bomang gape?

19 Le ka motlha ga re a tshwanela go letla batho ba ba ilang molaetsa wa rona wa Baebele go re tsenya letshogo le go dira gore re koafale tumelo. Fela jaaka baba ba ba neng ba bogisa Jeremia, batho ba ba lwang le rona, ba lwa le Modimo. Ba ka se ka ba atlega. Jehofa, yo o nonofileng thata go feta baganetsi ba rona, a re: “Solofela mo go Jehofa; nna pelokgale mme o letle pelo ya gago e nonofe. Ee, solofela mo go Jehofa.” (Pesalema 27:14) A ka tsholofelo e e nonofileng mo go Jehofa re ititeyeng sehuba gore re se lese go dira se se molemo. Jaaka Jeremia le Baruke, a re nneng le tsholofelo ya gore re tla roba fa re sa lape.—Bagalatia 6:9.

20 Bakeresete ba le bantsi ba tshwanelwa ke go lwa le maikutlo a a sa kgaotseng a go kgobega marapo. Le fa go ntse jalo, basha ba lebana le dikgwetlho tse di kgethegileng. Mme le bone ba na le ditshono tse di molemo. Setlhogo se se latelang se tla bo se bua ka tlhamalalo le basha ba rona. Se tla kgatlha le batsadi le bagolo botlhe ba ba ineetseng ba ba leng mo phuthegong, ba le bone ba ka kgonang go thusa basha mo phuthegong ka go ba kgothatsa ka mafoko le ka sekao.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re ka lebelela maemo a a kgobang marapo, mme re ka bona thuso kwa go mang?

• Jeremia o ne a kgona jang go fenya maikutlo a go kgobega marapo le mororo a ne a na le kabelo e e boima?

• Ke eng se se ka dirang gore dipelo tsa rona di ‘itumele le go ipela’ tota le fa re lebana le mathata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Jeremia o ne a akanya gore o sa ntse a le monnye thata le gore ga a na maitemogelo go ka nna moporofeti

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Tota le fa Jeremia a ne a bogisiwa o ne a itse gore Jehofa o ne a na le ene “jaaka yo o thata yo o boifisang”