Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nonotshanang

Nonotshanang

Nonotshanang

“Bano ba nnile thuso e e nnonotshang.”—Bakolosa 4:11.

1, 2. Ke eng fa ditsala tsa ga Paulo di ne di mo etela kwa kgolegelong le mororo ba ne ba ka tsena mo kotsing?

GO KA nna kotsi go nna tsala ya motho yo o tswaletsweng mo kgolegelong—tota le fa tsala ya gago e tswaletswe e se molato. Baokamedi ba kgolegelo ba ka go belaela, ba go tlhoma matlho ka dinako tsotlhe go tlhomamisa gore ga o dire molato ope. Ka gone, go tlhoka motho bopelokgale go nna a ikgolaganya le tsala ya gagwe le go e etela kwa kgolegelong.

2 Le fa go ntse jalo, ke sone se ditsala dingwe tsa ga moaposetoloi Paulo di ileng tsa se dira dingwaga tse 1 900 tse di fetileng. Ba ne ba se ka ba okaoka go etela Paulo fa a ne a le kwa kgolegelong go mo gomotsa le go mo kgothatsa le go mo nonotsha semoyeng. Ditsala tseno tse di ikanyegang e ne e le bomang? Mme re ka ithuta eng mo bopelokgaleng jwa bone, boikanyegi le botsala jwa bone?—Diane 17:17.

‘Thuso e e Nonotshang’

3, 4. (a) Ke bomang ba e neng e le ditsala tse tlhano tsa ga Paulo mme ba ne ba nna eng mo go ene? (b) ‘Thuso e e nonotshang’ ke eng?

3 A re boele morago mo e ka nnang ka ngwaga wa 60 C.E. Moaposetoloi Paulo o mo kgolegelong kwa Roma ka ntlha ya go pegwa molato wa maaka wa gore ke motsuolodi. (Ditiro 24:5; 25:11, 12) Paulo o umaka ka tlhamalalo Bakeresete ba le batlhano ba ba ileng ba mo ema nokeng: Tikiko, mothusi wa gagwe yo o neng a tswa kwa kgaolong ya Asia e bile e le “motlhankammogo mo Moreneng”; Onesimo, ‘mokaulengwe yo o ikanyegang le yo o rategang’ yo o tswang kwa Kolosa; Arisetareko, monna wa kwa Makedonia yo o tswang kwa Thesalonika le yo nako nngwe a ileng a nna “motshwarwammogo” le Paulo; Mareko, yo e leng mokwadi wa Efangele e e bidiwang ka leina la gagwe e bile e le ntsalae mopati wa ga Paulo mo maetong a borongwa e bong Barenabase; le Juseto, mongwe wa badirimmogo le moaposetoloi mo tirong ya “bogosi jwa Modimo.” Paulo o bua jaana ka botlhano jono: “Bone bano ba nnile thuso e e nnonotshang.”—Bakolosa 4:7-11.

4 Paulo o ile a bua mafoko mangwe a botlhokwa malebana le thuso e ditsala tseno tse di ikanyegang di ileng tsa mo naya yone. O ne a dirisa lefoko la Segerika (pa·re·go·riʹa) le le ranolwang e le ‘thuso e e nonotshang,’ le mo Baebeleng le fitlhelwang fela mo temaneng eno. Lefoko leno le na le bokao jo bontsi mme le ne le dirisiwa thata mo go tsa kalafi. * Le ka ranolwa e le ‘go nametsa, go okobatsa, go gomotsa kana go fodisa.’ Paulo o ne a tlhoka go nonotshiwa ka tsela e e ntseng jalo, mme banna bao ba batlhano ba ne ba dira fela jalo.

Lebaka La go Bo Paulo A ne A Tlhoka ‘Thuso e e Nonotshang’

5. Le fa Paulo e ne e le moaposetoloi, ke eng se a neng a se tlhoka, mme ke eng se rotlhe re se tlhokang nako le nako?

5 Batho bangwe ba ka gakgamadiwa ke kgang ya gore Paulo, yo e neng e le moaposetoloi, o ne a tlhoka go nonotshiwa. Le fa go ntse jalo, o ne a go tlhoka. Ke boammaaruri gore Paulo o ne a na le tumelo e e nonofileng, e bile o ile a itshokela go bogisiwa setlhogo, ‘dititeo tse di feteletseng,’ ‘go nna gaufi le go swa gantsi’ le dipogo tse dingwe. (2 Bakorintha 11:23-27) Le fa go ntse jalo, le ene e ne e le motho yo o sa itekanelang, mme batho botlhe ba ba sa itekanelang ba tlhoka go kgothadiwa ka dinako dingwe le gore tumelo ya bone e nonotshiwe ka thuso ya batho ba bangwe. Go ne go ntse jalo le ka Jesu tota. Mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo moengele o ne a bonala kwa go ene kwa Gethesemane mme “a mo nonotsha.”—Luke 22:43.

6, 7. (a) Kwa Roma, ke bomang ba ba neng ba swabisa Paulo, mme ke bomang ba ba neng ba mo kgothatsa? (b) Ke dilo dife tse bakaulengwe ba Bakeresete ba ga Paulo ba ileng ba mo thusa ka tsone kwa Roma, ka go dira jalo ba itshupa e le ‘thuso e e mo nonotshang’?

6 Paulo le ene o ne a tlhoka go nonotshiwa. Fa a ne a goroga kwa Roma e le legolegwa, o ne a se ka a amogelwa sentle ke batho ba lotso lwa gaabo. Gantsi Bajuda bano ba ne ba sa rate molaetsa wa Bogosi. Fa banna ba bagolo ba Bajuda ba etela Paulo kwa lefelong le a neng a tshwaretswe kwa go lone, pego ya Ditiro ya re: “Bangwe ba simolola go dumela dilo tse di buiwang; ba bangwe ba ne ba se ka ba dumela. Jalo, ka gonne ba ne ba sa dumalane, ba tsamaya.” (Ditiro 28:17, 24, 25) A bo go se anaanele bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa ga bone go tshwanetse ga bo go ile ga hutsafatsa Paulo jang! Tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka kgang eno e ne ya bonala mo lekwalong le a neng a le kwalela phuthego ya Roma dingwaga di le mmalwa pelenyana: “Ke na le khutsafalo e kgolo le botlhoko jo bo sa kgaotseng mo pelong ya me. Gonne ke ne ke ka eletsa gore nna ka bonna ke bo ke lomolotswe mo go Keresete jaaka yo o hutsitsweng mo boemong jwa bomorwarre [Bajuda], e bong ba losika lwa me kafa nameng.” (Baroma 9:2, 3) Le fa go ntse jalo, fa a le kwa Roma o ne a fitlhela go sa ntse go na le ditsala tsa boammaaruri tse bopelokgale le lorato lwa bone di neng tsa mo kgothatsa thata. E ne e le bakaulengwe ba gagwe ba mmatota ba semoya.

7 Bakaulengwe bao ba batlhano ba ile ba nna jang thuso e e mo nonotshang? Ba ne ba se ka ba letla gore go nna mo kgolegelong ga ga Paulo go ba tlhabise ditlhong. Go na le moo, ba ne ba ithaopela go thusa Paulo, ba mo direla ditiro tse a neng a sa kgone go di dira ka ntlha ya go tswalelwa. Ka sekai, ba ne ba nna barongwa ba ga Paulo le go mo isetsa makwalo le ditaelo go ya kwa diphuthegong tse di farologaneng; ba ne ba leretse Paulo dipego tse di kgothatsang tsa bakaulengwe kwa Roma le kwa mafelong a mangwe. Go ka direga gore ba ne ba mo tlela dilo tse a di tlhokang tse di jaaka diaparo tsa mariga, memeno le dilo tsa go kwala. (Baefeso 6:21, 22; 2 Timotheo 4:11-13) Ditiro tseo tsotlhe tse di molemo di ne di nonotsha le go kgothatsa moaposetoloi yono yo o neng a golegilwe e le gore le ene a nne ‘thuso e e nonotshang’ ba bangwe, go akaretsa le diphuthego tsotlhe.—Baroma 1:11, 12.

Tsela ya go Nna ‘Thuso e e Nonotshang’

8. Ke thuto efe e re ka ithutang yone go tswa mo sekaong sa ga Paulo sa go dumela ka boikokobetso gore o tlhoka ‘thuso e e mo nonotshang’?

8 Re ka ithuta eng mo pegong eno ya ga Paulo le badiri ka ene ba batlhano? A re sekaseke thuto nngwe e re ka ithutang yone: Go tlhoka motho bopelokgale le go intsha setlhabelo go thusa batho ba bangwe ba ba leng mo pitlaganong. Mo godimo ga moo, go re tlhoka boikokobetso go lemoga gore re ka nna ra tlhoka thuso ka dinako tsa mathata. Ga se fela gore Paulo o ile a dumela gore o tlhoka thuso mme gape o ile a anaanela thuso eo le go akgola batho ba ba neng ba mo e naya. O ne a se ka a tsaya go amogela thuso ya batho ba bangwe e le sesupo sa gore o bokoa kana a go tsaya e le selo se se tlhabisang ditlhong, mme le rona re tshwanetse go dira jalo. Fa re ka nna le maikutlo a gore re ka se tlhoke thuso e e re nonotshang, seo se tla bo se bolela gore re itsaya re le ditshedi tse di nang le maatla a a fetang a batho. Se lebale gore, sekao sa ga Jesu se bontsha gore tota le motho yo o itekanetseng ka dinako tse dingwe a ka tlhoka go kopa thuso ya batho ba bangwe.—Bahebera 5:7.

9, 10. Ke molemo ofe o o ka nnang gone fa motho a bontsha go dumela gore o tlhoka thuso, mme seo se ka tlhotlheletsa ba bangwe jang mo lelapeng le mo phuthegong?

9 Go ka nna le matswela a a molemo fa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba amogela gore ba na le mo ba tlhaelang teng le gore ba ikaegile ka thuso ya ba bangwe. (Jakobe 3:2) Seo se nonotsha kamano gareng ga ba ba nang le taolo le ba ba ikobelang taolo eo, e leng se se dirang gore go nne le puisano e e molemo le e e botsalano. Boikokobetso jwa batho ba ba iketleeleditseng go amogela thuso ke thuto e e molemo mo bathong ba bangwe ba ba leng mo seemong se se tshwanang. Go bontsha gore ba ba eteletseng pele le bone ke batho ba ba sa itekanelang le gore ba a atamelesega.—Moreri 7:20.

10 Ka sekai, bana ba ka go fitlhela go le motlhofo go amogela thuso ya batsadi ba bone go lebana le mathata le dithaelo fa ba itse gore batsadi ba bone le bone ba ile ba lebana le dikgwetlho tse di tshwanang fa ba ne ba sa le bana. (Bakolosa 3:21) Seo se ka dira gore go nne le puisano e e molemo gareng ga batsadi le bana. Batsadi ba ka thusa bana ka tsela e e molemo go bona tharabololo ya Dikwalo mme bana ba ka e amogela ka boitumelo. (Baefeso 6:4) Maloko a phuthego le one a ka amogela thuso ya bagolwane ka boitumelo fa ba lemoga gore bagolwane le bone ba lebana le mathata, dipoifo le ditlhobaelo tse le bone ba lebanang le tsone. (Baroma 12:3; 1 Petere 5:3) Gape, go ka nna le puisano e e molemo, ga kgothatsanwa ka Dikwalo le go nonotshana tumelo. Se lebale, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba tlhoka go nonotshiwa go feta le fa e le leng pele.—2 Timotheo 3:1.

11. Ke eng fa batho ba le bantsi jaana gompieno ba tlhoka ‘thuso e e nonotshang’?

11 Le fa re ka tswa re nna kae, re le bomang, kana re ka tswa re le bogolo bo kae, rotlhe fela re tla lebana le dingalo tsa botshelo ka nako nngwe. Ke kafa lefatshe le leng ka teng gompieno. (Tshenolo 12:12) Maemo a a ntseng jalo a a ngomolang pelo a leka bogolo jwa tumelo ya rona. Re ka lebana le diteko kwa tirong, kwa sekolong, mo lelapeng kana mo phuthegong. Re ka ngomolwa pelo ke bolwetse jo bo masisi kana sengwe se se botlhoko se se re diragaletseng mo nakong e e fetileng. A bo go nametsa pelo jang fa molekane wa lenyalo, mogolwane kana tsala e re kgothatsa ka mafoko le ka ditiro! Ee, kgothatso eo e tshwana le leokwane le le tlodiwang go okobatsa botlhoko jwa ntho! Ka gone, fa o lemoga gore mongwe wa bakaulengwe ba gago o ngomogile pelo, nna thuso e e mo nonotshang. Kana fa bothata bongwe jo bo masisi bo go imetsa, kopa thuso mo go mongwe yo o godileng semoyeng.—Jakobe 5:14, 15.

Kafa Phuthego e ka Thusang ka Teng

12. Ke eng se mongwe le mongwe wa rona mo phuthegong a ka se dirang go nonotsha bakaulengwe ba gagwe?

12 Botlhe mo phuthegong, go akaretsa le basha, ba ka dira sengwe go nonotsha ba bangwe. Ka sekai, fa o nna gone ka metlha kwa dipokanong le mo bodireding jwa tshimo, seno se dira go le gontsi go nonotsha tumelo ya ba bangwe. (Bahebera 10:24, 25) Go nna o tlhagafetse o sa kgaotse mo tirelong e e boitshepo ke bosupi jwa go ikanya Jehofa e bile go bontsha gore o ipoloka o thantse semoyeng le mororo o ka tswa o lebana le maemo a a thata. (Baefeso 6:18) Tlhoafalo e e ntseng jalo e ka nonotsha ba bangwe.—Jakobe 2:18.

13. Ke eng fa bangwe ba ka tsidifala semoyeng, mme go ka dirwa eng go ba thusa?

13 Ka dinako tse dingwe, mathata a botshelo kana mathata a mangwe a ka dira gore bangwe ba se ka ba tlhola ba tlhagafetse mo bodireding jwa tshimo. (Mareko 4:18, 19) Batho ba ba tsidifetseng semoyeng ba ka nna ba se ka ba tla dipokanong. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore ba sa ntse ba rata Modimo mo dipelong tsa bone. Go ka dirwa eng go nonotsha tumelo ya bone? Bagolwane ba ka ithaopela go ba thusa ka go ba etela. (Ditiro 20:35) Ba bangwe mo phuthegong le bone ba ka kopiwa go thusa. Maeto a a ntseng jalo a a dirwang ka lorato e ka nna sone selo se se tlhokegang go tsosolosa batho ba ba koafetseng mo tumelong.

14, 15. Paulo o neela kgakololo efe malebana le go nonotsha ba bangwe? Neela sekai sa phuthego nngwe e e neng ya dirisa kgakololo eno.

14 Baebele e re gakolola gore re ‘bue ka tsela e e gomotsang meya e e tshwenyegileng maikutlo, le go tshegetsa ba ba bokoa.’ (1 Bathesalonika 5:14) Gongwe ‘meya eo e e tshwenyegileng maikutlo’ e ka ikutlwa e sa tlhole e na le bopelokgale le go ikutlwa ba sa kgone go lebana ka katlego le dikgoreletsi kwantle ga gore mongwe a ba thuse. A o ka ithaopela go ba thusa ka tsela e e ntseng jalo? Mafoko a a reng, “tshegetsang ba ba bokoa” a ile a ranolwa e le “go tshetlela” kana go “ngangatlela” ba ba bokoa. Jehofa o anaanela dinku tsa gagwe tsotlhe e bile o a di rata. Ga a tseye batho ba gagwe ba se botlhokwa e bile ga a eletse go ba bona ba katogela kgakala le ene. A o ka thusa phuthego go “ngangatlela” batho ba ba bokoa go fitlha ba boa ba nonofa gape?—Bahebera 2:1.

15 Mogolwane mongwe o ne a etela banyalani bangwe ba ba nang le dingwaga di le thataro ba tsidifetse. Mogolwane yono a re: “Bopelonomi le lorato tse phuthego yotlhe e neng ya ba bontsha tsone di ne tsa ba ama thata jaana mo ba neng ba tlhotlheletsega go boela mo phuthegong.” Kgaitsadi yono yo o kileng a bo a tsidifetse o ne a ikutlwa jang ka go etelwa ke maloko a phuthego? Jaanong a re: “Selo se se re thusitseng go boa re tlhagafala gape ke gore bakaulengwe ba ba neng ba re etela le bokgaitsadi ba ba neng ba tla le bone le ka motlha ba ne ba sa bontshe maikutlo a go re atlhola kana go re tshwayatshwaya diphoso. Go na le moo, ba ne ba tlhaloganya e bile ba re kgothatsa ka Dikwalo.”

16. Ke mang yo ka metlha a iketleeleditseng go thusa batho ba ba tlhokang go nonotshiwa?

16 Ee, Mokeresete yo o tlhoafetseng o itumelela go nna thuso e e nonotshang ba bangwe. Mme fa maemo a botshelo jwa rona a ntse a fetoga, le rona ka borona re ka nna ra nonotshiwa ke bakaulengwe ba rona. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhaloganya gore ga se ka metlha bakaulengwe ba rona ba ka kgonang go re thusa. Mme gone, go na le Motswedi o le mongwe wa nonofo o o leng gone ka metlha, ene yo ka metlha a iketleeleditseng go re thusa—Jehofa Modimo.—Pesalema 27:10.

Jehofa—Motswedi o Mogolo wa Nonofo

17, 18. Jehofa o ne a nonotsha Morwawe, Jesu Keresete ka ditsela dife?

17 Fa Jesu a ne a kokotetswe mo thupeng ya tlhokofatso, o ne a tlhaeletsa jaana: “Rara, ke neela moya wa me mo diatleng tsa gago.” (Luke 23:46) Morago ga moo o ne a swa. Diura di se kae pele ga moo, o ne a tshwarwa mme ditsala tsa gagwe tse dikgolo di ne tsa mo latlha ka ntlha ya poifo. (Mathaio 26:56) Jesu o ne a sala a le nosi ka Motswedi o le mongwe fela wa nonofo—Rraagwe wa selegodimo. Le fa go ntse jalo, tsela e a neng a ikanya Jehofa ka yone e ne ya se ka ya nna ya lefela. Boikanyegi jwa ga Jesu mo go Rraagwe bo ne jwa duelwa ka gore Jehofa ka boene a mo eme nokeng ka boikanyegi.—Pesalema 18:25; Bahebera 7:26.

18 Mo bodireding jotlhe jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, Jehofa o ne a tlamela Morwawe ka dilo tse a neng a di tlhoka gore a nne a ikanyega go fitlha losong. Ka sekai, morago fela ga go kolobediwa ga ga Jesu, mo go neng go tshwaya tshimologo ya bodiredi jwa gagwe, o ne a utlwa lentswe la ga Rraagwe le bontsha fa a mo amogela le go mo tlhomamisetsa gore o a mo rata. Fa Jesu a ne a tlhoka go engwa nokeng, Jehofa o ne a romela baengele go ya go mo nonotsha. Fa Jesu a ne a lebane le teko e kgolo go di feta tsotlhe mo botshelong jwa gagwe jwa mo lefatsheng, Jehofa o ne a sekegela tsebe mekokotlelo le dikopo tsa gagwe. Ga go pelaelo gore dilo tseno tsotlhe e ne e le dilo tse di nonotshang Jesu.—Mareko 1:11, 13; Luke 22:43.

19, 20. Re ka tlhomamisega jang gore Jehofa o tla re nonotsha ka nako ya fa re tlhoka thuso?

19 Le rona Jehofa o batla go nna Motswedi o mogolo wa nonofo ya rona. (2 Ditiragalo 16:9) Motswedi wa boammaaruri wa maatla a a boitshegang le nonofo e kgolo a ka re nonotsha ka nako ya fa re tlhoka thuso. (Isaia 40:26) Dintwa, khumanego, malwetse, loso kana bosaitekanelang jwa rona di ka re ngomola pelo fela thata. Fa mathata a botshelo a bonala a re fekeetsa jaaka e kete ke ‘mmaba yo o nonofileng,’ Jehofa a ka re nonotsha le go re naya maatla. (Pesalema 18:17; Ekesodo 15:2) O na le sengwe se se maatla se a re thusang ka sone—moya wa gagwe o o boitshepo. Jehofa ka moya wa gagwe a ka “naya yo o lapileng maatla” gore a ‘tlhatlogele kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu.’—Isaia 40:29, 31.

20 Moya wa Modimo ke maatla a magolo go feta otlhe mo lobopong. Paulo o ile a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” Ee, Rraarona yo o lorato wa selegodimo a ka re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore re kgone go itshokela mathata otlhe a a utlwisang botlhoko go fitlha a dira “dilo tsotlhe disha” mo Paradaiseng ya gagwe e a e solofeditseng e e leng gaufi thata jaana.—Bafilipi 4:13; 2 Bakorintha 4:7; Tshenolo 21:4, 5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Vine’s Complete Expository Dictionary of Old and New Testament Words, ya ga W. E. Vine, ya re: “Lediri la lefoko [pa·re·go·riʹa] le kaya molemo o o okobatsang.”

A o A Gakologelwa?

• Bakaulengwe ba kwa Roma ba ne ba itshupa jang e le ‘thuso e e nonotshang’ Paulo?

• Re ka nna ‘thuso e e nonotshang’ ba bangwe ka ditsela dife mo phuthegong?

• Jehofa ke Motswedi o mogolo wa nonofo ka tsela efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bakaulengwe ba ne ba nna ‘thuso e e nonotshang’ Paulo ka go mo ema nokeng ka boikanyegi, ba mo kgothatsa le go mo direla dilo dingwe

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Bagolwane ba etelela pele mo go nonotsheng letsomane