Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A Dinoka di Ope Diatla”

“A Dinoka di Ope Diatla”

Bontle Jwa Popo ya ga Jehofa

“A Dinoka di Ope Diatla”

LEBELELA mmapa wa lefatshe, mme mo mafelong a mantsi o tla bona ditselana tse di matsoketsoke di kgabaganya dikgaolo di le dintsi. Ditselana tseno di kgabaganya dipoa, dikaka le mafelo a bojang. Di feta mo mekgatšheng, mo mangopeng le mo dikgweng. (Habakuke 3:9) Ditselana tse di mo mmapeng tseno ke dinoka tse re ka reng ke ditshika tse di dirang gore go nne le botshelo mo lefatsheng. Mesele eno ya metsi e supa botlhale le maatla a Mmopi wa lefatshe e bong Jehofa. Fa re ntse re di lebeletse, re nna le maikutlo a a tshwanang le a mopesalema yo o neng a opela jaana: “A dinoka di ope diatla; a dithaba tsotlhe di goe ka boipelo fa pele ga ga Jehofa.”—Pesalema 98:8, 9. *

Dinoka di amana thata le hisitori ya batho. Baebele e bua ka dinoka tse nnè tse dikgolo tse di neng di elela go tswa mo nokeng e e neng e tswa mo Edene di bo di kgaogana. (Genesise 2:10-14) Mangwe a mafelo a bogologolo a a ileng a tlhabologa ke a a neng a le kwa mekgatšheng e e ungwang thata ya noka ya Tigris le noka ya Euferatese kwa Botlhaba Bogare. Noka ya Hwang kwa China, ya Ganges le Indus kwa borwa jwa Asia le Noka ya Nile kwa Egepeto, ke tsone di ileng tsa dira gore go nne le tlhabologo mo mafelong ao.

Ga go gakgamatse go bo gantsi batho ba gakgamadiwa ke maatla a dinoka tseno, bogolo le bontle jwa tsone. Noka ya Nile e elela bokgakala jwa sekgala sa dikilometara di le 6 670. Noka e kgolo go di gaisa tsotlhe ke ya Amazon e e kwa Amerika Borwa. Le fa dinoka tse dingwe di ka tswa di le dikgolo thata, tse dingwe tsone di dintle, jaaka noka e nnye thata ya Tone ya kwa Japane e e elelang ka lobelo lo logolo.

Ke eng se se dirang gore noka e elele? Ka bokhutshwane, ke maatlakgogedi. Maatlakgogedi ke one a a gogang metsi go tswa kwa godimo gore a ye kwa tlase. Ka dinako tse dingwe go felela ka gore go nne le diphororo tse di nang le modumo o mogolo. Fa Baebele e tlhalosa maatla le bontle jwa tsone e bolela jaana: “Dinoka di tsholeditse, wena Jehofa, dinoka di tsholeditse modumo wa tsone; dinoka di nna di tsholetsa modumo wa tsone wa go kgaphasela.”—Pesalema 93:3.

Jehofa o ne a botsa monna yo o boifang Modimo Jobe jaana: “Ke mang yo o romelang merwalela ya pula?” (Jobe 38:25, Contemporary English Version) Ee, metsi ano otlhe a tswa kae? Karabo ya seno e akaretsa thulaganyo e e raraaneng e e bidiwang modikologo wa metsi. Metsi a lefatshe a nna a ntse a dikologa a tsamaisiwa ke maatla a letsatsi le maatlakgogedi. Fa metsi a sena go fetoga mouwane, a tlhatlogela kwa loaping. Kgabagare, a a tsidifala e bo e nna maru. Fa nako e ntse e tsamaya, mouwane ono o boela mo lefatsheng e le kapoko kgotsa pula. Bontsi jwa metsi a bolokiwa mo mawatleng, mo makadibeng, mo dinokeng, mo dikgapetleng tsa aese, mo mafelong a a tsididi a a nnang a na le dikgapetla le kafa tlase ga lefatshe.

Baebele e bolela jaana malebana le modikologo o o gakgamatsang ono: “Melatswana yotlhe e e phothoselang ya mariga e ya kwa lewatleng, mme lewatle ka bolone ga le a tlala. Lefelo le melatswana e e phothoselang ya mariga e yang kwa go lone, e boela kwa go lone gore e tle e tswe teng.” (Moreri 1:7) Ke Jehofa fela, Modimo yo o nang le botlhale jo bo se nang selekanyo le yo o re tlhokomelang ka lorato, yo o ka dirang gore go nne le modikologo o o ntseng jalo. Thulaganyo eno e e dirilweng ka botlhale e re bolelela eng ka mofuta wa motho yo Modimo a leng ene? Ke Modimo yo o botlhale thata e bile o lorato.—Pesalema 104:13-15, 24, 25; Diane 3:19, 20.

Go sa kgathalesege gore dinoka di bogolo jo bo kana kang le gore palo ya tsone e kana kang, go fitlhelwa metsi a mannye thata a a phepa mo go tsone. Le fa go ntse jalo, a botlhokwa mo botshelong. Buka ya Water e bolela jaana: “Fa batho ba sa kgone go bona metsi e bile ba sa kgone go a laola ka selekanyo se se rileng gore a ba thuse mo dilong tse di tlwaelegileng le tse di raraaneng thata tsa botshelo, ba ka se kgone go tshela. Dilo tse batho ba ileng ba di dira gore ba kgone go bona metsi le go a laola ke tsone tse di thusitseng thata mo tlhabologong.”

Mo dingwageng di le diketekete tse di fetileng, dinoka di thusitse batho ka metsi a ba ka a nwang go inyorolola le go nosetsa ditshingwana tsa bone ka one. Mmu o o nonneng o o fa thoko ga dinoka tse dintsi o siametse go lema dijalo. Ela tlhoko gore kgopolo eno e tlhalosiwa jang mo tshegofatsong e Jehofa a neng a e naya batlhanka ba gagwe: “A bo megope ya gago e le mentle jang ne, wena Jakobe, metlaagana ya gago, wena Iseraele! E anametse kgakala jaaka mekgatšha e e phothoselang, jaaka ditshingwana tse di fa nokeng. Jaaka dimela tsa mokgwapha tse Jehofa a di jadileng, jaaka masedara a a fa metsing.” (Dipalo 24:5, 6) Dinoka di tlamela le diphologolo tse o di bonang fano tse di jaaka dipidipidi le bophokoje. Tota e bile, fa re tswelela re ithuta ka dinoka, re ikutlwa re tlhotlheletsega le go feta go leboga Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bona 2004 Calendar of Jehovah’s Witnesses, May/June.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Diphororo tsa Iguaçú, mo molelwaneng o o fa gare ga Argentina le Brazil, ke nngwe ya diphororo tse dikgolo thata go di gaisa tsotlhe. Di bophara jwa dikilometara tse di fetang di le tharo go tswa letlhakoreng le lengwe go ya go le lengwe. E re ka di le mo lefelong le go sa agiwang sepe mo go lone la sekgwa sa boboatsatsi, di na le diphororo tse dingwe tse dinnye di ka nna 300. Metsi a e ka nnang dikubita tsa dimetara di le 10 000 a phothosela kwa tlase motsotswana mongwe le mongwe fa e le paka ya dipula.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Noka ya Tone kwa Japane