Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsofe—Maloko a a Botlhokwa mo Gare ga Bakaulengwe ba Bakeresete

Batsofe—Maloko a a Botlhokwa mo Gare ga Bakaulengwe ba Bakeresete

Batsofe—Maloko a a Botlhokwa mo Gare ga Bakaulengwe ba Bakeresete

“Ba ba jadilweng mo ntlong ya ga Jehofa . . . ba tla tlhagisa dithunya. Ba tla nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng.”—PESALEMA 92:13, 14.

1. Batho ba le bantsi ba leba jang batho ba ba godileng?

JEHOFA o rata batlhanka botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang, le ba ba setseng ba godile thata. Le fa go ntse jalo, go ya ka phopholetso nngwe e e neng ya dirwa ke puso, batho ba ba godileng ba ba ka nnang halofo ya milione ba a sotlwa kgotsa ba a tlhokomologiwa ngwaga le ngwaga kwa United States. Dipego tse di tshwanang le eno tse di tswang kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe di bontsha gore go sotlwa ga batho ba ba godileng ke bothata jo bo fitlhelwang mo lefatsheng lotlhe. Mokgatlho mongwe wa re seno se bakwa ke go bo “batho ba le bantsi ba na le maikutlo a gore . . . batho ba ba godileng ga ba tlhole ba na le mosola ope, ga ba tlhole ba kgona go dira sepe e bile ba ikaegile thata ka batho ba bangwe.”

2. (a) Jehofa o leba jang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba setseng ba godile? (b) Pesalema 92:12-15 e ba tlhalosa ka tsela efe e e kgothatsang?

2 Jehofa Modimo o rata batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba setseng ba godile. O tlhoma mogopolo wa gagwe mo ‘mothong yo re leng ene mo teng’—e leng bomoya jwa rona—e seng mo makoeng a rona a mmele. (2 Bakorintha 4:16) Lefoko la gagwe Baebele le na le mafoko ano a a kgothatsang: “Mosiami o tla tlhagisa dithunya jaaka setlhare sa mokolane se dira; o tla gola a nna motona jaaka mosedara kwa Lebanona. Ba ba jadilweng mo ntlong ya ga Jehofa, mo malwapeng a Modimo wa rona, ba tla tlhagisa dithunya. Ba tla nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng, ba tla tswelela pele ba nonne e bile ba le banana, gore ba bolele fa Jehofa a thokgame.” (Pesalema 92:12-15) Go tlotla ka ditemana tseno go tla re thusa go bona dikarolo dingwe tse lona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng lo leng mosola thata mo go tsone mo bakaulengweng ba lona ba Bakeresete.

“Ba Tlhogonolofala mo Botlhogoputsweng”

3. (a) Ke ka ntlha yang fa basiami ba tshwantshiwa le ditlhare tsa mokolane? (b) Batho ba ba godileng ba ka ‘tlhogonolofala jang mo botlhogoputsweng’?

3 Mopesalema o tshwantsha basiami le ditlhare tsa mokolane tse di “jadilweng mo ntlong ya ga Jehofa.” Ba “nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng.” Thanolo e nngwe yone e balega jaana: “Ba sa ntse ba ungwa mo botsofeng jwa bone.” (Tanakh) A ga o akanye gore eno ke ntlha e e kgothatsang? Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, go ne go tlwaelegile go bona ditlhare tse dintle tsa mokolane tse di goletseng kwa godimo mo malwapeng a batho ba dinaga tsa Botlhaba. Mo godimo ga gore di ne di thusa go kgabisa lefelo le di neng di le mo go lone, ditlhare tsa mokolane di ne di ratwa thata ka ntlha ya gore di ne di ungwa maungo a le mantsi mme dingwe tsa tsone di ne di tswelela di ungwa ka lobaka lo lo fetang dingwaga di le lekgolo. * Ka tsela e e tshwanang, le wena o ka ‘tswelela o ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo’ fa o nna o itsetsepetse mo kobamelong ya boammaaruri.—Bakolosa 1:10.

4, 5. (a) Bakeresete ba tshwanetse go ungwa leungo lefe le le botlhokwa? (b) Umaka dikai tse di tswang mo Dikwalong tsa batho ba ba neng ba setse ba godile mme ba ungwa “leungo la dipounama.”

4 Jehofa o lebeletse gore Bakeresete ba ungwe “leungo la dipounama”—e leng mafoko a go mmaka le go bolelela ba bangwe ka maikaelelo a gagwe. (Bahebera 13:15) A go lebeletswe se se tshwanang le mo go wena jaaka motho yo o setseng a godile? Ee, go ntse jalo.

5 Baebele e na le dikai tsa batho ba ba godileng ba ka bopelokgale ba neng ba neela bosupi ka leina la ga Jehofa le ka maikaelelo a gagwe. Moshe o ne a setse a fetile “dingwaga di le masome a supa” fa Jehofa a ne a mo roma gore e nne moporofeti le moemedi wa gagwe. (Pesalema 90:10; Ekesodo 4:10-17) Dingwaga tsa bogodi ga di a ka tsa thibela Daniele go nna pelokgale go neela bosupi ka bolaodi jwa ga Jehofa. Go bonala Daniele a ne a le mo dingwageng tsa bo90 fa Beleshasare a ne a mmitsa gore a tle go tlhalosa mokwalo o o neng o le mo loboteng o go neng go sa itsiwe bokao jwa one. (Daniele, kgaolo 5) Mme go tweng ka moaposetoloi Johane yo o neng a tsofetse? Go ela kwa bokhutlong jwa tirelo ya gagwe e e tsereng lobaka lo loleele, o ne a iphitlhela a tsentswe mo kgolegelong mo setlhaketlhakeng sa Patamose “ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 1:9) Ga go pelaelo gore o gakologelwa batho ba bangwe ba ba umakiwang mo Baebeleng ba ba neng ba ungwa “leungo la dipounama” ka nako ya fa ba ne ba setse ba godile.—1 Samuele 8:1, 10; 12:2; 1 Dikgosi 13:11; 14:4, 5; Luke 1:7, 67-79; 2:22-32.

6. Jehofa o dirisa “bannabagolo” jang gore ba porofete mo metlheng eno ya bofelo?

6 Moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana a nopola mafoko a moporofeti wa Mohebera e bong Joele: “Modimo a re: ‘Mme mo metlheng ya bofelo ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe [go akaretsa le “bannabagolo”], . . . mme ba tla porofeta.’” (Ditiro 2:17, 18; Joele 2:28) Tumalanong le mafoko ano, mo metlheng eno ya bofelo, Jehofa o dirisa batho ba ba setseng ba godile ba setlhopha sa batlodiwa le sa ba “dinku tse dingwe” gore ba bolelele ba bangwe ka maikaelelo a gagwe. (Johane 10:16) Bangwe ba bone ba feditse masomesome a dingwaga ba ungwa maungo a Bogosi.

7. Tlhalosa gore batho ba ba setseng ba godile ba tswelela jang go ungwa maungo a Bogosi le fa ba na le makoa mo mmeleng.

7 Akanya ka Sonia, yo o nnileng mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng ka 1941. Le fa a ile a lwala lobaka lo loleele, o ne a tshwara dithuto tsa Baebele mo legaeng la gagwe ka metlha. Sonia o tlhalosa jaana: “Go rera dikgang tse di molemo ke karolo ya botshelo jwa me. Totatota, ke botshelo jwa me. Ga ke batle go tlogela tiro eno.” Bosheng jaana, Sonia le mogolowe e bong Olive, ba ne ba tlotla le Janet yo o neng a lwala, yo ba neng ba kopana le ene a le mo phaposing e go letelwang ngaka mo go yone kwa bookelong, ba mmolelela ka molaetsa wa tsholofelo o o tswang mo Baebeleng. Mmaagwe Janet, yo o ineetseng thata mo kerekeng ya Katoliki, o ne a kgatlhwa thata ke go bona tsela e e lorato e ba neng ba kgatlhegela morwadie ka yone mo e leng gore o ne a amogela thuto ya legae ya Baebele mme gone jaanong jaana o dira kgatelopele e ntle thata. A le wena o ka dirisa ditshono tse di ntseng jalo ka tsela e e molemo tse di go bulegelang gore o ungwe maungo a Bogosi?

8. Kalebe yo o neng a setse a tsofetse o ne a bontsha jang gore o ikanya Jehofa, mme Bakeresete ba ba godileng ba ka etsa jang sekao sa gagwe?

8 Le fa Bakeresete ba ba godileng ba na le makoa mo mmeleng ka ntlha ya dingwaga tsa bone tsa bogodi, ba gatela pele ka bopelokgale mo tirong ya go rera ka Bogosi mme ka go dira jalo ba latela sekao sa Moiseraele yo o ikanyegang e bong Kalebe yo o neng a tsamaya le Moshe mo gare ga naga dingwaga di le masome a manè. Kalebe o ne a na le dingwaga di le 79 fa a ne a kgabaganya Noka ya Joredane a tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. O ka bo a ile a tlhopha go nna fa fatshe, a tlhabe kgobe ka mmutlwa fa a sena go nna a lwa dingwaga di le thataro mo mophatong wa masole a Iseraele a a neng a ntse a fenya. Mme go na le moo, ka bopelokgale o ne a kopa tiro e e thata ya go gapa “metse e megolo e e sireletsegileng” e e mo kgaolong e e dithaba ya Juda, e leng lefelo le mo go lone go neng go nna Baanake, banna ba bagolo ka tsela e e sa tlwaelegang. Ka thuso ya ga Jehofa, Kalebe o ile a “ba gapela thuo, fela jaaka Jehofa a solofeditse.” (Joshua 14:9-14; 15:13, 14) Fa o ntse o tswelela o ungwa maungo a Bogosi mo dingwageng tsa gago tsa bogodi, tlhomamisega gore Jehofa o na le wena fela jaaka a ne a na le Kalebe. Mme fa o nna o ntse o ikanyega, o tla dira gore le wena o tsene mo lefatsheng le lesha le a le solofeditseng.—Isaia 40:29-31; 2 Petere 3:13.

“Ba Tla Tswelela Pele ba Nonne e Bile ba le Banana”

9, 10. Bakeresete ba ba godileng ba dira jang gore ba nne ba ntse ba itekanetse mo tumelong le go nna ba tlhagafetse semoyeng? (Bona lebokoso le le mo tsebeng 13.)

9 Mopesalema o ne a opela jaana ka go ungwa ga batlhanka ba ga Jehofa ba ba setseng ba godile: “Mosiami o tla tlhagisa dithunya jaaka setlhare sa mokolane se dira; o tla gola a nna motona jaaka mosedara kwa Lebanona. Ba tla nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng, ba tla tswelela pele ba nonne e bile ba le banana.”—Pesalema 92:12, 14.

10 O ka dira jang gore o nne o ntse o tlhagafetse semoyeng le fa o setse o le mo dingwageng tsa gago tsa bogodi? Selo se se dirang gore setlhare sa mokolane se fetse ngwaga otlhe se ntse se le sentle ke fa se nna se na le metsi a mantsi a a phepa ka dinako tsotlhe. Ka tsela e e tshwanang, le wena o ka inonotsha ka go nwa metsi a boammaaruri jwa Baebele ka go ithuta Lefoko la Modimo le ka go kopanela le phuthego ya gagwe. (Pesalema 1:1-3; Jeremia 17:7, 8) Go tlhagafala ga gago semoyeng go dira gore o solegele badumedi ka wena molemo fela thata. Ela tlhoko kafa go neng go ntse jalo ka gone ka Jehoiada, e bong Moperesiti yo Mogolo yo o neng a setse a godile.

11, 12. (a) Jehoiada o ne a nna le seabe sefe se se botlhokwa mo hisitoring ya bogosi jwa Juda? (b) Jehoiada o ne a dirisa jang tlhotlheletso e a neng a na le yone gore a tshegetse kobamelo ya boammaaruri?

11 Go bonala Jehoiada a ne a na le dingwaga tse di fetang lekgolo fa Kgosigadi Athalia yo o ikgodisang a ne a gapa Juda ka go bolaya ditlogolo tsa gagwe. Jehoiada yo o godileng o ne a tlile go dirang ka seo? Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba fetsa dingwaga di le thataro ba fitlhile Jehoashe mo tempeleng, e leng moruaboswa a le mongwe fela wa bogosi yo o neng a setse. Mme morago ga moo, go sa lebelelwa, Jehoiada o ne a tlhoma Jehoashe yo o neng a na le dingwaga di le supa go nna kgosi mme a dira gore Athalia a bolawe.—2 Ditiragalo 22:10–12; 23:1-3, 15, 21.

12 E re ka Jehoiada e ne e le motlhokomedi wa kgosi, o ne a dirisa tlhotlheletso e a neng a na le yone go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri. O ne “a dira kgolagano fa gare ga gagwe le batho botlhe le kgosi gore ba ne ba tla tswelela e le batho ba ga Jehofa.” Jehoiada o ne a laela gore batho ba senye ntlo ya ga Baale modimo wa maaka ba bo ba tlose dibeso, ditshwantsho le boperesiti jwa yone. Gape, Jehoiada o ne a okametse tiro e e neng e dirwa ke Jehoashe ya go tsosolosa ditiro tse di neng di dirwa mo tempeleng le tiro ya go e baakanya e e neng e tshwanetse go dirwa ka bonako. “Jehoashe a tswelela a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa malatsi otlhe a gagwe a Jehoiada moperesiti a neng a mo ruta.” (2 Ditiragalo 23:11, 16-19; 24:11-14; 2 Dikgosi 12:2) E ne ya re fa Jehoiada a swa a le dingwaga di le 130, a direlwa phitlho e e tlotlegang thata ya go fitlhwa le dikgosi ka gonne “o ne a dirile molemo mo Iseraele le mo Modimong wa boammaaruri le mo ntlong ya Gagwe.”—2 Ditiragalo 24:15, 16.

13. Bakeresete ba ba godileng ba ka dira jang ‘molemo mo Modimong wa boammaaruri le mo ntlong ya gagwe’?

13 Gongwe go sa itekanelang sentle mo mmeleng le maemo a mangwe di dira gore o se ka wa kgona go dira se o batlang go se dira gore o tshegetse kobamelo ya boammaaruri. Le fa e le gore gone go ntse jalo, o sa ntse o ka kgona go ‘dira molemo mo Modimong wa boammaaruri le mo ntlong ya gagwe.’ O ka bontsha go tlhoafalela ntlo ya ga Jehofa ya semoya ka go nna teng kwa dipokanong le go nna le seabe mo go tsone le ka go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo fa o kgona go dira jalo. Go iketleeletsa ga gago go amogela kgakololo e e tswang mo Baebeleng le go tshegetsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le go tshegetsa phuthego ka boikanyegi, go tla nonotsha bakaulengwe ba gago ba Bakeresete. (Mathaio 24:45-47) Gape, o ka kgona go tlhotlheletsa badumedi ka wena “mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” (Bahebera 10:24, 25; Filemone 8, 9) O tla solegela ba bangwe molemo fa o dira tumalanong le kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “A banna ba ba tsofetseng ba nne tekatekano mo mekgweng, ba dire dilo ka masisi, ba itekanele sentle mo mogopolong, ba itekanele [“ba tlhagafale,” An American Translation] mo tumelong, mo loratong, mo boitshokong. Ka tsela e e tshwanang a basadi ba ba tsofetseng ba nne le poifo ya bomodimo mo boitshwarong, e se ba ba senyang batho maina, le gone ba sa dirwa batlhanka ke beine e ntsi, e le ba ba rutang se se molemo.”—Tito 2:2-4.

14. Bakaulengwe ba ba feditseng dingwaga di le dintsi e le balebedi ba Bakeresete ba ka dirang go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri?

14 A o feditse dingwaga di le dintsi o le mogolwane mo phuthegong? Mongwe yo o feditseng dingwaga di le dintsi e le mogolwane o gakolola ka go re, “o se ka wa nna pelotshetlha go dirisa botlhale jo o bo bapetseng fa dingwaga di ntse di kgabaganya. Naya ba bangwe maikarabelo, mme o rute ba bangwe ba ba eletsang go ithuta . . . Leka go bona bokgoni jo ba bangwe ba nang le jone. Ba thuse go dirisa le go godisa bokgoni joo. Ba thapisetse nako e e tlang.” (Duteronome 3:27, 28) Go kgatlhegela ga gago ka mmatota tiro e e ntseng e gola ya Bogosi go tla felela ka masego a le mantsi mo gare ga bakaulengwe ba rona ba Bakeresete.

‘Bolela Gore Jehofa o Thokgame’

15. Bakeresete ba ba godileng ba ‘bolela jang gore Jehofa o thokgame’?

15 Batlhanka ba ba setseng ba godile ba Modimo ba diragatsa maikarabelo a bone ka boitumelo a go ‘bolela gore Jehofa o thokgame.’ Fa e le gore o Mokeresete yo o setseng a godile, mafoko a gago le ditiro tsa gago di ka bontsha ba bangwe gore ‘Jehofa ke Lefika la gago, le go se nang tshiamololo mo go lone.’ (Pesalema 92:15) Setlhare sa mokolane se neela bosupi se didimetse ka dinonofo tse di molemolemo tsa Mmopi wa sone. Mme wena, Jehofa o go neile tshiamelo ya go neela bosupi ka ene mo go ba gone jaanong ba amogelang kobamelo ya boammaaruri. (Duteronome 32:7; Pesalema 71:17, 18; Joele 1:2, 3) Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa?

16. Ke sekao sefe se se mo Baebeleng se se bontshang botlhokwa jwa go ‘bolela gore Jehofa o thokgame’?

16 Fa moeteledipele wa Baiseraele e bong Joshua a ne a “tsofetse e bile a na le malatsi a le mantsi thata” o ne a ‘bitsa Iseraele yotlhe, banna ba yone ba bagolwane le ditlhogo tsa yone le baatlhodi ba yone le badiredi ba yone’ mme a ba gakolola ka ditiro tse di siameng tsa Modimo. O ne a re: “Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela.” (Joshua 23:1, 2, 14) Go ne ga feta nakonyana setšhaba seno se ititeile sehuba gore se tla nna se ikanyega ka ntlha ya mafoko ano. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Joshua a sena go swa, ‘ga tsoga kokomana e nngwe . . . e e neng e sa itse Jehofa, le fa e le yone tiro e a e diretseng Iseraele. Bana ba Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ba direla Bobaale.’—Baatlhodi 2:8-11.

17. Jehofa o ile a dirisana jang le batho ba gagwe mo motlheng ono wa rona?

17 Go thokgama ga phuthego ya motlha wa gompieno ya Bakeresete ga go a ikaega ka gore batlhanka ba Modimo ba ba setseng ba godile ba neele bosupi ka molomo. Le fa go ntse jalo, tumelo ya rona mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe e a nonofa fa re utlwa ka dipego tsa “tiro e kgolo” e a e diretseng batho ba gagwe mo metlheng eno ya bofelo. (Baatlhodi 2:7; 2 Petere 1:16-19) Fa e le gore o feditse dingwaga di le dintsi o kopanela le phuthego ya ga Jehofa, gongwe o gakologelwa nako ya fa go ne go sa ntse go na le baboledi ba le mokawanyana fela ba Bogosi mo kgaolong ya gaeno kgotsa mo nageng ya gaeno le fa tiro ya go rera e ne e ganediwa thata. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne wa bona Jehofa a tlosa dikgoreletsi dingwe a bo a ‘akofisa’ kgolo ya Bogosi. (Isaia 54:17; 60:22) O bone kafa dithuto tsa Baebele di neng tsa tlhalosiwa ka tsela e ntšha ka gone le kafa dilo di neng tsa tokafadiwa ka gone mo phuthegong e e bonalang ya Modimo. (Diane 4:18; Isaia 60:17) A o batla go kgothatsa ba bangwe ka go ba bolelela ka dilo tse di molemo tse Jehofa a go diretseng tsone? Ruri seo se tla kgothatsa bakaulengwe ba gago ba Bakeresete le go ba nonotsha fela thata!

18. (a) Bontsha gore ‘go bolelela ba bangwe gore Jehofa o thokgame’ go ka nna le melemo efe e e nnetseng ruri. (b) Wena, Jehofa o go diretse ditiro dife tse di molemo?

18 Go tweng ka dinako tsa fa o ne o bona tsela e e lorato e Jehofa a neng a go tlhokomela ka yone le go go kaela mo botshelong? (Pesalema 37:25; Mathaio 6:33; 1 Petere 5:7) Kgaitsadi mongwe yo o godileng yo o bidiwang Martha o ne a tle a kgothatse ba bangwe ka go ba raya a re: “Go sa kgathalesege gore go diregang, le ka motlha o se ka wa latlha Jehofa. O tla go tshegetsa.” Kgakololo eno e ne ya kgothatsa Tolmina fela thata, mongwe wa batho ba Martha a neng a ithuta Baebele le bone yo o neng a kolobediwa mo masimologong a dingwaga tsa bo1960. Tolmina o gakologelwa jaana: “Fa monna wa me a sena go tlhokafala, ke ne ke kgobegile marapo tota, mme mafoko ao a ne a dira gore ke ititeye sehuba gore ga nkitla ke foswa ke pokano epe. Eleruri, Jehofa o ne a nnonotsha gore ke gatele pele.” Mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng, Tolmina le ene o ne a nna a naya batho ba le bantsi ba a ithutang Baebele le bone yone kgakololo eo. Eleruri, o ka kgona go dira tiro e e molemo thata ya go aga badumedi ka wena mo tumelong ka go ba kgothatsa le go tlotla le bone ka ditiro tse di molemo tsa ga Jehofa.

Jehofa o Rata Batho ba ba Setseng ba Godile ba ba Ikanyegang

19, 20. (a) Jehofa o leba jang se se dirwang ke batlhanka ba gagwe ba ba setseng ba godile? (b) Go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Batho ba lefatshe ba ba senang tebogo gompieno jaana ga ba na nako le batho ba ba setseng ba godile. (2 Timotheo 3:1, 2) Fa ba gakologelwa, gantsi e a bo e le ka ntlha ya dilo tse ba neng ba di fitlhelela mo nakong e e fetileng—go gakologelwa se ba neng ba le sone, e seng se ba leng sone gone jaanong. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele ya re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo ba direla.” (Bahebera 6:10) Ke boammaaruri gore Jehofa Modimo o gakologelwa tiro ya gago e o e dirileng ka boikanyegi mo nakong e e fetileng. Mme gape o anaanela se o tswelelang o se dira mo tirelong ya gagwe. Ee, o leba batho ba ba ikanyegang ba ba setseng ba godile jaaka ba ba ungwang, ba ba itekanetseng sentle semoyeng e bile e le Bakeresete ba ba tlhagafetseng—e leng bosupi jo bo bonalang sentle jwa maatla a gagwe.—Bafilipi 4:13.

20 A o leba Bakeresete ba ba setseng ba godile mo phuthegong ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone? Fa e le gore o dira jalo, o tla tlhotlheletsega go ba rata. (1 Johane 3:18) Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka ditsela dingwe tse di mosola tse re ka ba bontshang lorato lo lo ntseng jalo ka tsone ka go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Ngata nngwe le nngwe ya maungo a mokolane e ka tswa e na le maungo a le sekete e bile e ka nna boima jwa dikilogerama di le robedi kgotsa go feta. Mokwadi mongwe o fopholetsa gore “pele ga setlhare sengwe le sengwe [sa mokolane] se swa, se tla bo se duetse mong wa sone ka go mo ugwela ditone di le pedi kgotsa di le tharo tsa maungo a mokolane.”

O ka Araba Jang?

• Batho ba ba godileng ba “ungwa” jang?

• Ke ka ntlha yang fa go tlhagafala semoyeng ga Bakeresete ba ba godileng e le selo se se botlhokwa jaana?

• Batho ba ba godileng ba ka ‘bolela jang gore Jehofa o thokgame’?

• Ke ka ntlha yang fa Jehofa a rata batlhanka ba gagwe ba ba setseng ba godile?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Kafa ba Nnileng ba Itekanetse Sentle mo Tumelong ka Gone

Ke eng se se thusitseng batho ba ba feditseng lobaka lo loleele e le Bakeresete gore ba nne ba itekanetse sentle mo tumelong e bile ba tlhagafetse semoyeng? Bangwe ba ile ba araba jaana:

“Go bala ditemana tse di buang ka kamano e re nang le yone le Jehofa go botlhokwa. Se ke se dirang gantsi fa go le maitseboa, ke go bua Pesalema 23 le 91 ka tlhogo.”—Olive, yo o kolobeditsweng ka 1930.

“Ke go dirile mokgele wa me gore ke nne teng mo puong nngwe le nngwe ya kolobetso le go e reetsa ka kelotlhoko, jaaka e kete go tla bo go kolobediwa nna. Go nna ke akantse ka boineelo jwa me go nthusa gore ke nne ke ntse ke ikanyega.”—Harry, yo o kolobeditsweng ka 1946.

“Go botlhokwa gore re rapele letsatsi le letsatsi—re kope Jehofa gore a re thuse, a re sireletse a bo a re segofatse, ‘re mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa rona.’” (Diane 3:5, 6)—Antônio, yo o kolobeditsweng ka 1951.

“Go reetsa maitemogelo a ba ba feditseng dingwaga di le dintsi ba direla Jehofa ka boikanyegi go dira gore ke ititeye sehuba gore ke tla nna ke ntse ke ikanyega mo go ene.”—Joan, yo o kolobeditsweng ka 1954.

“Go botlhokwa gore motho a se ka a ikgogomosa. Re na le se re nang le sone ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. Go leba dilo ka tsela eno go dira gore re nne re lebile kwa motsweding o o tshwanetseng o re bonang dijo tse re di tlhokang tsa semoya mo go one gore re kgone go itshoka go fitlha kwa bokhutlong.”—Arlene, yo o kolobeditsweng ka 1954.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Batho ba ba godileng ba ungwa maungo a a molemo a Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Go tlhagafala semoyeng ga batho ba ba godileng go tswela ba bangwe molemo