Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

E re ka moya o o boitshepo wa Modimo e se motho, re ka o hutsafatsa jang?

E ne e le moaposetoloi Paulo yo o neng a kwala jaana: “Lo se ka lwa hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo.” (Baefeso 4:30) Bangwe ba tsaya mafoko ano e le a a bontshang gore moya o o boitshepo ke motho. Le fa go ntse jalo, dikgatiso tsa “molebedi yo o boikanyego” gantsi di ile tsa ntsha bosupi jwa Dikwalo le jwa hisitori gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa lebe moya o o boitshepo e le motho kana modimo o o lekanang le Mogodimodimo e le karolo ya se batho ba se bitsang Tharonngwe. * (Luke 12:42) Ka jalo Paulo o ne a sa reye gore moya o o boitshepo wa Modimo ke motho.

Moya o o boitshepo wa Modimo ke maatla a gagwe a a dirang a a sa bonaleng. (Genesise 1:2) Jesu o ne a tla kolobetsa ka “moya o o boitshepo,” fela jaaka Johane a ne a kolobetsa ka metsi. (Luke 3:16) Ka Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba ba ka nnang 120 ba ne ba “tlala moya o o boitshepo”—e seng motho. (Ditiro 1:5, 8; 2:4, 33) Batho bao ba ba neng ba tloditswe ba ne ba amogela tsholofetso ya go ya legodimong, mme moya wa Modimo o ne wa ba kaela go tshela botshelo jwa boikanyegi. (Baroma 8:14-17; 2 Bakorintha 1:22) Moya o ne o dira gore ba nne le maungo a bomodimo mme o ne o ba thusa go tila “ditiro tsa nama” tsa boleo tse di neng di ka felela ka gore Modimo a se ka a ba amogela.—Bagalatia 5:19-25.

Fa re le batlhanka ba Modimo ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, ga re a tlodiwa ka moya o o boitshepo. Le fa go ntse jalo, re ka nna le moya wa Modimo o o lekanang fela le wa ba ba nang le tsholofelo ya go ya legodimong. Ka jalo, le rona re ka hutsafatsa moya. Mme re ka dira seno jang?

Fa re ne re ka itlhokomolosa kaelo ya Dikwalo e e kwadilweng ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo, re ka nna le mekgwa e e ka felelang ka gore re leofele moya ka boomo, re se ka ra amogelwa ke Jehofa, mme kgabagare re senngwe. (Mathaio 12:31, 32) Gone jaanong re ka nna ra bo re sa dire maleo a a masisi, mme gone re ka nna ra bo re simolola go tsamaya mo tseleng e e phoso, tsela e kgabagare e ka dirang gore re dire dilo tse di kgatlhanong le kaelo ya moya. Fa re dira jalo, re tla bo re hutsafatsa moya o o boitshepo.

Mme gone, re ka tila jang go hutsafatsa moya wa Modimo? Gone re tshwanetse go laola megopolo le ditiro tsa rona. Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Baefeso, mo go kgaolo ya bo4, o ne a bua ka go tila go tlwaela go bua maaka, bogale, botshwakga le puo e e sa tshwanelang. Fa re ile ra “apara botho jo bosha,” mme re bo re sa ntse re itetla go boela kwa mekgweng e e maswe, seo e ne e tla bo e le go dirang? Re tla bo re le kgatlhanong le kaelo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya, e leng Baebele. Ka go dira jalo, re tla bo re hutsafatsa moya o o boitshepo.

Mo go Baefeso kgaolo 5, re bala kafa Paulo a re gakololang ka teng go tila go nna le keletso e e sa siamang ya kgokafalo. Gape moaposetoloi yono o kgothaletsa badumedi mmogo le ene go tila boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong le nyao e e ferosang sebete. Fa re sa batle go hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo, re tshwanetse go gopola tlhagiso eno fa re tlhopha boitlosobodutu. Ga re a tshwanela go kgatlhegela dilo tseno ka go bua ka tsone, re bala ka tsone le go di lebelela mo thelebisheneng kana gongwe go sele.

Gone mme, re ka hutsafatsa moya ka ditsela tse dingwe. Moya wa ga Jehofa o dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong, mme go tweng fa re anamisa tshele e e sa siamang kana re itira makoko mo phuthegong? A re tla bo re sa dire se se kgatlhanong le kaelo ya moya gore re nne le kutlwano? Boammaaruri ke gore, re tla bo re hutsafatsa moya o o boitshepo, jaaka batho ba ba neng ba baka dikgaogano mo phuthegong ya Korintha. (1 Bakorintha 1:10; 3:1-4, 16, 17) Gape re tla bo re hutsafatsa moya fa re nyatsa ka boomo banna ba ba tlhomilweng ka moya mo phuthegong.—Ditiro 20:28; Jude 8.

Ka jalo, go botlhale gore re sekaseke mekgwa ya rona le ditiro tsa rona go ya ka se re itseng gore ke kaelo ya moya o o boitshepo jaaka go kwadilwe mo Baebeleng le jaaka go bontshiwa mo phuthegong ya Bokeresete. Gape, a re “rapeleng ka moya o o boitshepo,” re ineele gore o re tlhotlheletse le gore ka metlha re dire go dumalana le se se buiwang mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo. (Jude 20) E kete re ka ititaya sehuba gore le ka motlha re se ka ra hutsafatsa moya mme ka metlha re kaelwe ke one, ka go dira jalo re galaletsa leina le le boitshepo la ga Jehofa.

Jesu Keresete o ne a bapisa go palelwa ga monna yo o humileng go tsena mo Bogosing le kamela e e lekang go tsena mo letshobeng la nnale. A Jesu o ne a bua ka kamela ya mmatota le nnale e e rokang ya mmatota?

Mafoko ano a a tshwana thata mo makgetlong a le mabedi mo go a le mararo mo a umakilweng gone mo Dikwalong. Go ya ka pego ya ga Mathaio, Jesu o ne a re: “Go motlhofo gore kamela e tsene ka letshoba la nnale go na le gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa Modimo.” (Mathaio 19:24) Ka tsela e e tshwanang, Mareko 10:25 e balega jaana: “Go motlhofo gore kamela e phololele ka letshoba la nnale go na le gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa Modimo.”

Dibuka dingwe tsa ditshupiso di akantsha gore “letshoba la nnale” e ne e le kgoro e nnye mo go nngwe ya dikgoro tse dikgolo tsa Jerusalema. Fa kgoro e kgolo e ne e tswetswe bosigo, e nnye e ne e ka bulwa. Go dumelwa gore kamela e ne e ka feta mo go yone. A seno ke se Jesu a neng a akantshe ka sone?

Go bonala go sa nna jalo. Go bonala Jesu a ne a bua ka nnale ya go roka. E re ka go fitlhetswe dinnale tsa bogologolo tse di dirilweng ka lerapo le ka tshipi mo lefelong leo, di tshwanetse tsa bo di ne di dirisiwa thata mo malapeng ka nako eo. Luke 18:25 e tlosa pelaelo epe e e leng gone mo mafokong a Jesu a neng a a bua, ka gonne ya re: “Tota e bile, go motlhofo gore kamela e tsene ka letshoba la nnale e e rokang go na le gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa Modimo.”

Bakwadi ba ba farologaneng ba dibuka tse di tlhalosang mafoko ba dumalana le tsela e Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranolang seo ka gone ka gore “nnale e e rokang.” Lefoko la Segerika le le ranolang ‘nnale’ mo go Mathaio 19:24 le Mareko 10:25 (rha·phisʹ) le tsewa mo lediring le le rayang “roka.” Mme lefoko la Segerika le le fitlhelwang mo go Luke 18:25 (be·loʹne) le dirisiwa go kaya nnale ya mmatota ya go ara. Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words ya re: “Go bonala tlhaloso ya gore ‘letshoba la nnale’ ke kgoro e nnye e le ya segompieno; ga go na bosupi jwa gore e ne e dirisiwa jalo mo nakong ya bogologolo. Maikaelelo a Morena ka mafoko ano ke go bontsha selo se motho a ka se kgoneng go se dira mme ga go na lebaka la go tlhofofatsa seno ka go tsaya gore nnale e raya sengwe se sele go na le go raya sedirisiwa se se tlwaelegileng fela.”—1981, Bolumo 3, tsebe 106.

Bangwe ba akantsha gore mo ditemaneng tseno lefoko “kamela” le tshwanetse go ranolwa e le “mogala.” Mafoko a Segerika a a rayang mogala (kaʹmi·los) le kamela (kaʹme·los) a a tshwana. Le fa go ntse jalo, mo go Mathaio 19:24 go tlhaga lefoko la Segerika le le rayang “kamela” go na le gore go tlhage le le rayang “mogala” mo mekwalong ya seatla ya bogologolo ya Segerika ya Efangele ya ga Mathaio (ya Sinaitic, ya Vatican No. 1209 le ya Alexandrine). Go begwa gore kwa tshimologong, Mathaio o ne a kwala Efangele ya gagwe ka Sehebera mme go ka direga gore ene ka boene o ne a e ranolela mo Segerikeng. O ne a itse sentle gore Jesu o ne a rayang ka jalo o ne a dirisa lefoko le le tshwanelang.

Ka jalo, Jesu o ne a bua ka nnale e e rokang ya mmatota le kamela ya mmatota. O ne a di dirisa go gatelela kafa go sa kgonegeng go dira sengwe. A mme Jesu o ne a raya gore ga go motho ope yo o humileng yo o ka tsamayang a tsena mo Bogosing? Nnyaa, ka go bo mafoko a ga Jesu a ne a sa tshwanela go tsewa fela jaaka a ntse. O ne a dirisa pheteletso go tlhalosa gore fela jaaka kamela ya mmatota e sa kgone go tsena mo letshobeng la mmatota la nnale e e rokang, ga go kgonege gore motho yo o humileng a tsene mo Bogosing fa a tswelela go ngaparela khumo ya gagwe mme Jehofa a sa tle pele mo botshelong jwa gagwe.—Luke 13:24; 1 Timotheo 6:17-19.

Jesu o ne a bua mafoko ano morago fela fa mmusi mongwe yo mosha yo o humileng a sena go gana tshiamelo e kgolo ya go nna molatedi wa ga Jesu. (Luke 18:18-24) Motho yo o humileng yo o ratang dithoto tsa gagwe thata go feta dilo tsa semoya a ka se solofele go bona botshelo jo bo sa khutleng mo thulaganyong ya Bogosi. Le fa go ntse jalo, bangwe ba batho ba ba humileng ba ne ba nna barutwa ba ga Jesu. (Mathaio 27:57; Luke 19:2, 9) Ka jalo, motho yo o humileng yo o amegileng ka dilo tse a di tlhokang mo semoyeng le yo o batlang thuso ya Modimo a ka bolokwa ke Modimo.—Mathaio 5:3; 19:16-26.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bona boroutšhara jwa A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.