Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Etsa Tumelo ya ga Aborahame le Sara!

O ka Etsa Tumelo ya ga Aborahame le Sara!

O ka Etsa Tumelo ya ga Aborahame le Sara!

O BIDIWA “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.” (Baroma 4:11) Mosadi wa gagwe yo o rategang le ene o ne a na le nonofo eo. (Bahebera 11:11) Batho ba go buiwang ka bone fano ke Aborahame yo e neng e le tlhogo ya lotso e e boifang Modimo le mosadi wa gagwe yo o ineetseng mo Modimong e bong Sara. Ke ka ntlha yang fa e ne e le dikai tse di molemo jaana tsa go bontsha tumelo? Dingwe tsa diteko tse ba neng ba di itshokela ke dife? Mme kgang ya bone ya botshelo e ka re solegela molemo jang?

Aborahame o ne a bontsha tumelo fa Modimo a ne a mo laela gore a tlogele legae la gagwe. Jehofa o ne a mo raya a re: “Tswa mo nageng ya gaeno le mo go ba losika lwa gago le mo ntlong ya ga rraago o ye kwa nageng e ke tla e go bontshang.” (Genesise 12:1) Tlhogo eno ya lotso e e ikanyegang e ne ya ikobela taelo eno, ka gonne re bolelelwa jaana: “Ka tumelo Aborahame, e rile a bidiwa, a utlwa ka go tswa a ya mo lefelong le a neng a laoletswe go le amogela e le boswa; mme o ne a tswa, le mororo a ne a sa itse kwa a yang gone.” (Bahebera 11:8) Ela tlhoko gore go fuduga goo go ne go akaretsa eng.

Aborahame o ne a nna kwa Ure, kwa lefelong le gone jaanong e leng karolo ya borwa jwa Iraq. Ure e ne e le lefelo le le itsholetseng kwa Mesopotamia le le neng le gwebisana le dinaga tsa Kgogometso ya Peresia gongwe gape le Mokgatšha wa Indus. Motlotlegi Leonard Woolley, yo o neng a okametse tiro ya go ribolola kwa Ure, o bolela gore mo motlheng wa ga Aborahame, matlo a le mantsi a ne a agilwe ka ditena, a na le mabota a a poleiseterilweng e bile a pentilwe ka kalaka. Ka sekai, ntlo ya moagi mongwe yo o humileng e ne e le ya matlhatlaganyane a mabedi e bile e na le lelwapa lo lo fa gare ga yone le le adilweng ditena fa fatshe. Babereki le baeng ba ne ba nna mo boalong jo bo kwa tlase jwa ntlo. Mo boalong jwa ntlha go ne go na le mathudi a logong a a dikologileng lobota, a a nang le dikgoro tse di tsenang mo teng ga diphaposi tsa ba lelapa. E re ka matlo ano a ne a na le diphaposi di le 10 go ya go di le 20, Woolley a re: “A ne a le magolo sentle mme beng ba one ba ne ba tshela botshelo jo bo monate le jo bo iketlileng, mme kwa Botlhaba botshelo jono bo ne bo tsewa e le jwa manobonobo.” E ne e le “matlo a maemo a a kwa godimo thata a batho ba ba tlhabologileng mme e le a botshelo jwa metsesetoropo jo bo tlhabologileng thata.” Fa e le gore Aborahame le Sara ba ne ba tlogela ntlo e e ntseng jalo ka boikaelelo jwa go ya go nna mo ditenteng, ba ile ba itima dilo tse dintsi gore ba ikobele Jehofa.

Sa ntlha, Aborahame o ne a fudugela le lelapa la gagwe kwa Harana, motse o o leng kwa bokone jwa Mesopotamia mme morago ga moo ba ya kwa Kanana. E ne e le sekgala sa dikilometara di le 1 600—sekgala se seleele tota go ka tsamaiwa ke banyalani ba ba setseng ba tsofetse! Fa ba tswa kwa Harana, Aborahame o ne a le dingwaga di le 75 mme Sara a le 65.—Genesise 12:4.

Sara a ka tswa a ile a ikutlwa jang fa Aborahame a mmolelela gore ba tlile go tswa kwa Ure? Go tlogela ntlo e e manobonobo, a fudugela kwa nageng e ba sa e itseng e go neng go ka direga gore batho ba teng ba se ka ba ba amogela le go dumela go ya go tshela botshelo jwa maemo a a kwa tlase go ka tswa go ile ga mo tshwenya fela thata. Le fa go ntse jalo, Sara o ne a ikokobeditse, a tsaya Aborahame e le “morena” wa gagwe. (1 Petere 3:5, 6) Bakanoki bangwe ba tsaya gore go bontsha ga ga Sara “tlotlo mo monneng wa gagwe le go itshwara ka tsela e e bontshang tlotlo jalo,” go bontsha gore e ne e le “selo se a neng a se dira ka dinako tsotlhe.” Mo godimo ga moo, Sara o ne a ikanya Jehofa. Go ikokobetsa ga gagwe le tumelo ya gagwe ke sekao se sentle mo basading ba ba nyetsweng ba Bakeresete.

Gone ke boammaaruri gore ga re kopiwe gore re tlogele matlo a rona gore re nne kutlo mo Modimong, le fa gone bareri bangwe ba nako e e tletseng ba ile ba tlogela nagagae ya bone gore ba ye go rera dikgang tse di molemo kwa nageng e nngwe. Go sa kgathalesege gore re direla Modimo re le kwa kae, fa fela re dira gore dilo tsa semoya e nne tsone tse di tlang pele mo botshelong jwa rona, o tla re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang.—Mathaio 6:25-33.

Sara le Aborahame ga ba a ka ba ikwatlhaela tshwetso e ba neng ba e dira. Moaposetoloi Paulo a re: “Fa e le gore ba ne ba nna ba gakologelwa lefelo le ba neng ba dule mo go lone, ba ka bo ba ile ba nna le sebaka sa go boa.” Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba boa. E re ka ba ne ba tlhomamisegile gore Jehofa “o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo,” ba ne ba dumela ditsholofetso tsa gagwe. Le rona re tshwanetse go bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa gagwe fa e le gore re batla go tswelela pele re direla Jehofa ka moya otlhe.—Bahebera 11:6, 15, 16.

Dikhumo Tsa Semoya le Tsa Mmatota

Fa Aborahame a sena go fitlha kwa Kanana, Modimo o ne a mo raya a re: “Ke tlile go naya losika lwa gago lefatshe leno.” Aborahame o ne a tsibogela seo ka go agela Jehofa sebeso le go “bitsa leina la ga Jehofa.” (Genesise 12:7, 8) Jehofa o ne a humisa Aborahame mme ba ba neng ba le mo bothibelelong jwa gagwe ba ne ba le bantsi thata. E re ka a kile a phutha banna ba le 318 ba ba thapisitsweng, batlhanka ba ba tsholetsweng mo ntlong ya gagwe, go akantshiwa gore “batho botlhe ba ba neng ba tsamaya le ene ba tshwanetse ba bo ba ile ba feta sekete.” Ka mabaka a a sa itseweng, batho ba ne ba mo tsaya e le “kgosana ya Modimo.”—Genesise 13:2; 14:14; 23:6.

Aborahame o ne a etelela pele mo kobamelong, a ruta ba ntlo ya gagwe gore ba “boloke tsela ya ga Jehofa ya go dira tshiamo le katlholo.” (Genesise 18:19) Ditlhogo tsa malapa tsa segompieno tsa Bakeresete di ka kgothadiwa ke sekao sa ga Aborahame yo e neng e le motho yo o neng a atlega go ruta ba ntlo ya gagwe gore ba ikaege ka Jehofa le gore ba dire tshiamo. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo lelata la ga Sara la Moegepeto e bong Hagare, motlhanka yo mogolo wa tlhogo ya lotso le morwawe Aborahame e bong Isake ba ne ba ikaegile ka Jehofa Modimo.—Genesise 16:5, 13; 24:10-14; 25:21.

Aborahame o Dira Kagiso

Dilo tse di diragetseng mo botshelong jwa ga Aborahame di bontsha gore e ne e le motho yo o boifang Modimo. Go na le go tlogela badisa ba gagwe le ba ga Lote gore ba tswelele ba omana, Aborahame o ne a akantsha gore batho botlhe ba gagwe ba kgaogane le ba ga Lote, mme a kopa Lote yo mmotlana gore a tlhophe naga e a e batlang. Aborahame e ne e le motho yo o ratang go dira kagiso.—Genesise 13:5-13.

Fa go ka direga gore re tlhophe fa gare ga go gatelela se ditshwanelo tsa rona e leng sone kgotsa gore re ineele e le fela gore re boloke kagiso, re ka nna ra ela tlhoko gore Jehofa ga a ka a letla Aborahame gore a boge ka ntlha ya go akanyetsa Lote. Go farologana le seo, Modimo morago ga moo o ne a solofetsa Aborahame le losika lwa gagwe lefatshe lotlhe le Aborahame a tla le bonang gongwe le gongwe kwa a yang gone. (Genesise 13:14-17) Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba kagiso, e re ka ba tla bidiwa; bomorwa Modimo.”—Mathaio 5:9.

Moruaboswa wa ga Aborahame E ne E Tla Nna Mang?

Le fa go ne go solofeditswe losika, Sara o ne a nna a ntse a le moopa. Aborahame o ne a bua le Modimo ka kgang eno. A motlhanka wa gagwe Eliasare o ne a tla rua sengwe le sengwe se a nang le sone? Nnyaa, ka gonne Jehofa o ne a mo raya a re: “Monna yono ga a kitla a go tlhatlhama go nna moruaboswa, mme yo o tla tswang mo teng ga gago o tla go tlhatlhama go nna moruaboswa.”—Genesise 15:1-4.

Go ntse go le jalo, ba ne ba nna ba se na ngwana, mme Sara yo o neng a na le dingwaga di le 75 o ne a felelwa ke tsholofelo ya gore o tla tsamaya a ima. Ka jalo, o ne a raya Aborahame a re: “Jehofa o ntswetse gore ke se ka ka tshola bana. Tsweetswee, robala le lelata la me. Gongwe nka bona bana ka ene.” Aborahame o ne a tsaya Hagare gore e nne mosadi wa gagwe wa bobedi, a robala le ene mme a ima. Fa Hagare a lemoga gore o imile, a simolola go nyatsa mohumagadi wa gagwe. Sara o ne a ngongorega botlhoko ka seno mo go Aborahame mme a tlhabisa Hagare ditlhong, mo a neng a tshaba.—Genesise 16:1-6.

Aborahame le Sara ba ne ba dira se ba neng ba akanya gore se siame, ba dirisa tsela e e neng e tsamaisana le se se neng se dirwa mo motlheng wa bone. Le fa go ntse jalo, e ne e se tsela e Jehofa a neng a tla tlhagisa losika lwa ga Aborahame ka yone. Ditlwaelo tsa batho ba setšhaba sa ga rona di ka nna tsa re beela melao mengwe malebana se re tshwanetseng go se dira le se re sa tshwanelang go se dira mo maemong a a rileng, mme seno ga se reye gore Jehofa o dumalana le gone. Tsela e ene a lebang boemo jwa rona ka yone e ka tswa e farologane thata le e rona re bo lebang ka yone. Ka jalo, re tshwanetse go batla kaelo ya Modimo, re mo rapela gore a re bontshe tsela e a batlang re dira dilo ka yone.—Pesalema 25:4, 5; 143:8, 10.

Ga go “Sengwe Se se Ka Palelang Jehofa”

Kgabagare, Hagare o ne a tsholela Aborahame morwa yo o bidiwang Ishemaele. Le fa go ntse jalo, e ne e se ene Losika lo lo solofeditsweng. Sara ka boene o ne a tshwanetse go tshola moruaboswa yoo, le fa a ne a setse a tsofetse.—Genesise 17:15, 16.

Fa Modimo a tlhalosa gore Sara o tla tsholela monna wa gagwe morwa, “Aborahame a wa ka sefatlhego mme a simolola go tshega a ba a re mo pelong ya gagwe: ‘A monna yo o dingwaga di le lekgolo o tla tsholelwa ngwana, mme a Sara, ee, a mosadi yo o dingwaga di masome a le robongwe o tla belega?’” (Genesise 17:17) Fa moengele mongwe a boeletsa molaetsa oo Sara a ntse a reeditse, go ne ga dira gore a “tshegele kafa teng.” Mme ga go “sengwe se se ka palelang Jehofa.” Re ka tshepa gore a ka dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira.—Genesise 18:12-14.

E ne e le “ka tumelo Sara le ene ka boene [a neng a] amogela maatla a go ithwala peo, le eleng fa a ne a fetile dingwaga tse di lekanyeditsweng, e re ka a ne a tsaya yo o neng a mo solofeditse a ikanyega.” (Bahebera 11:11) Fa nako e ntse e tsamaya, Sara o ne a tshola Isake, yo leina la gagwe le rayang “Setshego.”

Go Ikanya Ditsholofetso Tsa Modimo ka Botlalo

Jehofa o ne a tlhalosa Isake e le ene moruaboswa yo o sa bolong go letelwa. (Genesise 21:12) Ka jalo, Aborahame o tshwanetse a bo a ile a tshoga fa Modimo a ne a mo kopa gore a ntshe morwawe setlhabelo. Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a na le mabaka a a utlwalang a go ikanya Modimo ka botlalo. A Jehofa o ne a se kitla a kgona go tsosa Isake mo baswing? (Bahebera 11:17-19) A Modimo ga a ka a bontsha maatla a gagwe ka go tsosolosa maatla a go tshola a ga Aborahame le Sara ka kgakgamatso gore ba tshole Isake? E re ka a ne a tlhatswegile pelo ka botlalo gore Modimo o tla kgona go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe, Aborahame o ne a iketleeleditse go reetsa. Gone ke boammaaruri gore o ne a thibelwa go bolaya morwawe. (Genesise 22:1-14) Le fa go ntse jalo, se Aborahame a se dirileng fano se re thusa go tlhaloganya gore go ne go le boima jang mo go Jehofa Modimo gore a ‘ntshe Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.’—Johane 3:16; Mathaio 20:28.

E re ka Aborahame a ne a dumela mo Modimong, o ne a itse gore moruaboswa wa ditsholofetso tsa ga Jehofa a ka se ka a nyala motho yo o mo kobamelong ya maaka yo o mo lefatsheng la Kanana. Motsadi yo o boifang Modimo o ne a tla dumela jang gore ngwana wa gagwe a nyale motho yo o sa direleng Jehofa? Ka jalo, Aborahame o ne a ya go batlela Isake mosadi yo o tshwanelang mo go ba losika lwa gagwe kwa Mesopotamia e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 800. Modimo o ne a segofatsa maiteko ao ka go supa gore Rebeka ke ene mosadi yo a mo tlhophileng go nna mosadi wa ga Isake le mmèmogologolwane wa ga Mesia. Ee, Jehofa, “o ne a segofaditse Aborahame mo go sengwe le sengwe.”—Genesise 24:1-67; Mathaio 1:1, 2.

Go Segofadiwa ga Ditšhaba Tsotlhe

Aborahame le Sara ba ile ba tlhoma sekao se se molemo sa go itshokela diteko le go bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo. Go diragadiwa ga ditsholofetso tse di ntseng jalo go ama ditebelelo tse di nnetseng ruri tse batho ba nang le tsone, ka gonne Jehofa o ne a tlhomamisetsa Aborahame jaana: “Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.”—Genesise 22:18.

Gone mme, Aborahame le Sara ba ne ba sa itekanela fela jaaka rona. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa ba tlhaloganya sentle gore thato ya Modimo e ne e le eng ka bone, ba ne ba reetsa—go sa kgathalesege gore go ne go tla ba tlhoka eng. Ka jalo, Aborahame o gakologelwa e le “tsala ya ga Jehofa” mme Sara e le ‘mosadi yo o boitshepo yo o neng a solofetse mo Modimong.’ (Jakobe 2:23; 1 Petere 3:5) Fa re ka leka go etsa tumelo ya ga Aborahame le Sara, le rona re ka nna le kamano e e gaufi jalo le Modimo. Le rona re ka solegelwa molemo ke ditsholofetso tse di botlhokwa tse Jehofa a di solofeditseng Aborahame.—Genesise 17:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ka ntlha ya tumelo ya bone, Jehofa o ne a segofatsa Aborahame le Sara ka morwa mo botsofeng jwa bone

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Sekao sa ga Aborahame se re thusa go bona gore Jehofa o ne a ikutlwa jang fa a ne a letla Morwawe yo o tsetsweng a le esi gore a swe