Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Maemo a Gago a Laola Botshelo Jwa Gago?

A Maemo a Gago a Laola Botshelo Jwa Gago?

A Maemo a Gago a Laola Botshelo Jwa Gago?

MAEMO a a ngomolang pelo le mathata a tlwaelegile mo ‘dinakong tseno tsa mathata.’ (2 Timotheo 3:1) Mathata mangwe e ka nna a nakwana fela mme kgabagare a tla nyelela. A mangwe a nna a le teng ka lobaka lwa dikgwedi kgotsa dingwaga. Ka ntlha ya seo, ba le bantsi ba ikutlwa jaaka mopesalema Dafide, yo o neng a ikuela jaana mo go Jehofa: “Matshwenyego a pelo ya me a ntsifetse; nketshe mo dipitlaganong tsa me tsweetswee.”—Pesalema 25:17.

A o mekamekana le mathata a a boima? Fa e le gore go ntse jalo, Baebele e ka go thusa le go go kgothatsa. A re sekasekeng matshelo a batlhanka ba babedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba ileng ba atlega mo go itshokeleng mathata: Josefa le Dafide. Fa re sekaseka kafa ba ileng ba lebana le mathata ka teng, re ka kgona go ithuta dithuto tse di mosola tse di tla re thusang gore le rona re itshokele mathata a a tshwanang gompieno.

Go Lebana le Mathata a a Masisi

Fa Josefa a na le dingwaga di le 17, o ne a nna le mathata a a masisi mo lelapeng la gaabo. Bomogoloe ba ne ba lemoga gore Jakobe, rraabone, “o ne a rata [Josefa] go feta bomorwarraagwe botlhe.” Ka jalo, “ba simolola go mo tlhoa, mme ba ne ba sa kgone go bua le ene ka kagiso.” (Genesise 37:4) Re ka akanya fela kafa seno se neng sa dira gore Josefa a tlhobaele le go ngomoga pelo ka gone. Kgabagare, letlhoo la bomogoloe Josefa le ne la gola thata jaana mo e leng gore ba ne ba mo rekisa go nna lekgoba.—Genesise 37:26-33.

Fa Josefa e ntse e le lekgoba kwa Egepeto, o ne a tshwanelwa ke go lwantsha maiteko a mosadi wa mong wa gagwe a go mo raela gore a kopanele mo boitsholong jo bo sa siamang le ene. E re ka a ile a galefisiwa ke go bo a ile a ganwa, o ne a latofatsa Josefa ka maaka a gore o ne a leka go mmetelela. O ne a tsenngwa “mo ntlong ya kgolegelo” mo “ba [neng] ba bogisa dinao tsa gagwe ka mehiri, moya wa gagwe wa tsena mo ditshiping.” (Genesise 39:7-20; Pesalema 105:17, 18) A bo eno e tshwanetse ya bo e ne e le teko e e boima jang ne! Mo e ka nnang dingwaga di le 13, Josefa o ne a le lekgoba kgotsa legolegwa ka ntlha ya tshiamololo e ba bangwe ba neng ba mo e direla, go akaretsa le ba lelapa la gaabo.—Genesise 37:2; 41:46.

Dafide wa Iseraele wa bogologolo le ene o ne a lebana le diteko fa a ne a sa le mosha. O feditse dingwaga di le dintsi a tshwanelwa ke go tshela jaaka motshabi, ka go bo Kgosi Saulo a ne a mo tsoma jaaka phologolo. Botshelo jwa ga Dafide bo ne bo nna bo le mo kotsing ka dinako tsotlhe. Ka lekgetlho lengwe, o ne a ya kwa go moperesiti Ahimeleke go ya go kopa dijo. (1 Samuele 21:1-7) Fa Saulo a utlwa gore Ahimeleke o ne a thusitse Dafide, o ne a laela gore Ahimeleke a bolawe mmogo le baperesiti botlhe le ba malapa a bone. (1 Samuele 22:12-19) A o ka kgona go akanya kafa Dafide a tshwanetseng a bo a ile a tlalelwa ka teng ka ntlha ya go bo a bakile masetlapelo ano a sa ikaelela?

Akanya ka dingwaga di le dintsi tsa mathata tse Josefa le Dafide ba ileng ba tshwanelwa ke go di itshokela. Fa re sekaseka tsela e ba ileng ba tsibogela maemo a bone a a thata ka yone, re ka kgona go ithuta dithuto tse di molemo. A re sekasekeng ditsela tse tharo tse re ka etsang banna bano ka tsone.

Tlogela go Nna ka Sekgopi le go Galefa

Sa ntlha, banna bano ba ne ba gana go itetla gore ba nne ba le bogale le go kgopisega. Fa Josefa a ne a sa ntse a le kwa kgolegelong, go ne go ka direga motlhofo fela gore a akanye thata ka tsela e e sa tshwanelang e bomogoloe ba mo okileng ka yone, gongwe e bile a akanya kafa a ka ipusolosetsang ka teng fa a ka ba bona gape. Re itse jang gore Josefa o ne a lwantsha kgopolo e e senyang eo? Akanya kafa a ileng a itshwara ka teng fa a ne a nna le tshono ya go ipusolosetsa mo go bomogoloe ba ba neng ba tlile go reka dijo tsa ditlhaka kwa Egepeto. Pego ya re: “[Josefa] a ba fularela mme a simolola go lela. . . . Morago ga moo Josefa a ntsha taolo, mme [batlhanka ba gagwe] ba tlatsa dielo tsa [bomogoloe] ka dijo tsa ditlhaka. Gape, ba ne ba tshwanetse go busetsa madi a banna bano mo kgetsing ya mongwe le mongwe wa bone le go ba naya mefago ya loeto.” Moragonyana, fa Josefa a ne a roma bomogoloe gore ba tlise rraabone Egepeto, o ne a ba kgothatsa ka mafoko ano: “Lo se ka lwa galefelana mo tseleng.” Josefa o ne a bontsha ka mafoko le ka ditiro gore ga a ka a letla kutlobotlhoko le go kgopisega gore di senye botshelo jwa gagwe.—Genesise 42:24, 25; 45:24.

Ka mo go tshwanang, Dafide ga a ka a itetla go nna le sekgopi le Kgosi Saulo. Ka makgetlho a le mabedi, Dafide o ne a na le tshono ya go bolaya Saulo. Le fa go ntse jalo, fa banna ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa gore a mmolaye, Dafide o ne a re: “Go ka se direge ka nna, kafa ponong ya ga Jehofa, gore ke dire morena wa me selo se se ntseng jaana, motlodiwa wa ga Jehofa, ka go mo ntshetsa seatla, gonne ke motlodiwa wa ga Jehofa.” Dafide o ne a tlogelela kgang eno mo go Jehofa, mme a raya banna ba gagwe a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, Jehofa ka boene o tla mo itaya; kgotsa letsatsi la gagwe le tla tla mme o tla swa, kgotsa o tla fologela kwa tlhabanong, mme ruri o tla nyelediwa.” Moragonyana Dafide o ile a bo a tlhama pina ya khutsafalo a hutsafalela loso lwa ga Saulo le la morwawe Saulo, e bong Jonathane. Jaaka Josefa, Dafide ga a ka a itetla go fenngwa ke boikutlo jwa go kgopisega.—1 Samuele 24:3-6; 26:7-13; 2 Samuele 1:17-27.

A re nna re na le sekgopi le go nna re utlwile botlhoko fa tshiamololo nngwe e re e diretsweng e re utlwisa botlhoko? Go motlhofo gore seno se direge. Fa re letla gore maikutlo a rona a re laole, a ka feleletsa a re utlwisitse botlhoko thata go na le kafa tshiamololo ka boyone e re utlwisitseng botlhoko ka teng. (Baefeso 4:26, 27) Le fa re ka se kgone go laola se ba bangwe ba se dirang, re ka kgona go laola tsela e rona re itshwarang ka yone. Go motlhofo thata go tlogela go kgopisega le go utlwa botlhoko fa re dumela gore Jehofa o tla baakanya dilo ka nako ya gagwe e a e beileng.—Baroma 12:17-19.

Dirisa Boemo jo o Leng mo go Jone ka Tsela e e Molemo

Thuto ya bobedi e re ka e ithutang ke go dira gore maemo a rona a se ka a re kgoreletsa. Re ka nna ra akanya thata ka dilo tse re sa kgoneng go di dira mme re lebale ka dilo tse re kgonang go di dira. Boammaaruri ke gore, maemo a rona a simolola go re laola. Seno se ka bo se ile sa diragalela Josefa. Mo boemong jwa moo, o ne a tlhopha go dira gore seemo sa gagwe se mo solegele molemo. Fa Josefa e ne e sa ntse e le lekgoba, o ne a “bona kamogelo mo matlhong a [mong wa gagwe] a ba a nna a mo direla ka metlha, mo a neng a mo tlhoma gore a okamele ntlo ya gagwe.” Josefa o ne a dira jalo le ka nako ya fa a ne a le kwa kgolegelong. Ka ntlha ya tshegofatso ya ga Jehofa le tlhagafalo ya ga Josefa, “modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo a tsenya magolegwa otlhe a a neng a le mo ntlong ya kgolegelo mo seatleng sa ga Josefa; mme sengwe le sengwe se magolegwa a neng a se dira moo e ne e le ene a dirang gore se dirwe.”—Genesise 39:4, 21-23.

Mo dingwageng tse Dafide e neng e le motshabi ka tsone, le ene o ne dira gore maemo a gagwe a mo solegele molemo. Fa ba ne ba nna kwa nageng kwa Parane, ene le banna ba gagwe ba ne ba sireletsa letsomane la ga Nabale mo setlhopheng sa dirukutlhi. Mongwe wa badisa ba ga Nabale o ne a re: “Ba ne ba nna lobota gore dikologa bosigo le motshegare.” (1 Samuele 25:16) Moragonyana, fa Dafide a ne a le kwa Sikelage, o ne a tlhasela metse e e neng e gapilwe ke baba ba Baiseraele kwa borwa, gore a sireletse melelwane ya Juda.— 1 Samuele 27:8; 1 Ditiro 12:20-22.

A re tlhoka go dira maiteko a a oketsegileng gore re dirise maemo a re leng mo go one ka tsela e e molemo? Le fa go ka tswa go le thata go dira jalo, re ka atlega. Fa moaposetoloi Paulo a akanya ka botshelo jwa gagwe, o ne a kwala jaana: “Ke ithutile go ritibala, mo maemong le fa e le afe a ke leng mo go one. . . . Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone.” Go tlile jang gore Paulo a lebe botshelo ka tsela eno? Ka go tswelela pele a ikaega ka Jehofa. O ne a dumela jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:11-13.

Letela Jehofa

Thuto ya boraro ke gore, mo boemong jwa gore re dirise ditsela tse e seng tsa Dikwalo go fetola maemo a rona, re tshwanetse go letela Jehofa. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.” (Jakobe 1:4) Re tshwanetse go letla boitshoko gore bo “feleletse tiro ya jone” ka go itshokela diteko go fitlha di fela re sa dirise ditsela dipe tse e seng tsa Dikwalo go di fedisa ka bonako. Fa re dira jalo, tumelo ya rona e tla lekwa e bo e itshekisiwa mme go tla bonala kafa e nonofileng ka teng. Josefa le Dafide ba ne ba na le boitshoko jo bo ntseng jalo. Ga ba a ka ba leka go batla ditsela tsa go bona tharabololo tse di neng di ka nna tsa kgopisa Jehofa. Go na le moo, ba ne ba leka go dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go dira gore ba dirise maemo a ba leng mo go one ka tsela e e molemo. Ba ne ba letela Jehofa, mme a bo ba ile ba amogela masego a mogolo jang ne ka ntlha ya go dira jalo! Jehofa o ne a ba dirisa ka bobedi jwa bone go golola le go etelela batho ba gagwe pele.—Genesise 41:39-41; 45:5; 2 Samuele 5:4, 5.

Le rona re ka nna ra lebana le maemo a a ka nnang a dira gore re raelesege go batla go rarabolola dilo ka tsela e e seng ya Dikwalo. Ka sekai, a o kgobegile marapo ka go bo o ise o bone molekane yo o tshwanelang wa lenyalo? Fa e le gore go ntse jalo, tila thaelo epe ya go sa utlwe taelo ya ga Jehofa ya go nyala “mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39) A o na le mathata mo lenyalong la gago? Go na le gore o itetle go tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe o o rotloetsang go kgaogana le tlhalo, dirisana le molekane wa gago gore lo rarabolole mathata a lo nang le one. (Malaki 2:16; Baefeso 5:21-33) A o palelwa ke go tlhokomela ba lelapa la gago ka ntlha ya seemo sa gago sa itsholelo? Go letela Jehofa go akaretsa go tila ditsela tse di belaetsang le tse di seng kafa molaong tsa go leka go bona madi. (Pesalema 37:25; Bahebera 13:18) Ee, rotlhe re tshwanetse go dira ka natla go dirisa maemo a re leng mo go one ka tsela e e molemo le go dira maiteko a go dira gore Jehofa a re segofatse. Fa re ntse re dira jalo, a re ititeye sehuba gore re tla letela Jehofa gore a re neye tharabololo e e tshwanetseng.—Mika 7:7.

Jehofa o Tla go Tshegetsa

Go tlhatlhanya kafa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba jaaka Josefa le Dafide ba ileng ba atlega ka teng fa ba ne ba swabisiwa le fa ba ne ba lebane le maemo a a thata go ka re solegela molemo. Le fa gone dikgang tsa bone di ile tsa tlhalosiwa mo ditsebeng di se kae fela tsa Baebele, diteko tsa bone di ile tsa tsaya dingwaga di le dintsi. Ipotse jaana: ‘Batlhanka bano ba Modimo ba ile ba dirang gore ba amogele maemo a bone? Ba ne ba dirang gore ba nne ba itumetse? Ba ne ba tshwanelwa ke go tlhagolela dinonofo dife?’

Le rona re ka solegelwa molemo fa re akanya ka boitshoko jwa batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno. (1 Petere 5:9) Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di na le dikgang tse dintsi tsa botshelo ngwaga mongwe le mongwe. A o bala le go tlhatlhanya ka dikai tsa Bakeresete ba ba ikanyegang bano? Mo godimo ga moo, mo diphuthegong tsa rona go na le batho ba ka boikanyegi ba itshokelang maemo a a sa itumediseng. A o kopanela le bone ka metlha le go ithuta mo go bone mo dipokanong tsa phuthego?—Bahebera 10:24, 25.

Fa o lebane le maemo a a boima, tlhomamisega gore Jehofa o a go kgathalela e bile o tla go tshegetsa. (1 Petere 5:6-10) Leka ka natla gore o se ka wa dira gore maemo a o leng mo go one a laole botshelo jwa gago. Latela sekai sa ga Josefa, Dafide le ba bangwe ka go tlogela go nna ka sekgopi, ka go dirisa maemo a o leng mo go one ka tsela e e molemo le ka go letela Jehofa gore a go neye tharabololo e e tshwanetseng. Mo atamele ka go rapela le go nna le seabe mo ditirong tsa semoya. Ka tsela eno, le wena o tla bona gore o ka kgona go itumela le fa o lebane le mathata.—Pesalema 34:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Josefa o ne a dira ka natla gore a dirise boemo jo a neng a le mo go jone ka tsela e e molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dafide o ne a letela Jehofa go rarabolola mathata a gagwe