Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Re Tshwanetse go Direla ba Bangwe Molemo Kana re Tile Fela go ba Direla Bosula?

A Re Tshwanetse go Direla ba Bangwe Molemo Kana re Tile Fela go ba Direla Bosula?

A Re Tshwanetse go Direla ba Bangwe Molemo Kana re Tile Fela go ba Direla Bosula?

“OSE ka wa direla batho ba bangwe dilo tse o sa batleng ba di dira mo go wena.” Go bolelwa fa mafoko ano a builwe ke morutisi le rafilosofi wa Mo-China yo o itsegeng thata e bong Confucius. Gompieno, dingwaga tse di ka nnang 2 500 moragonyana, ba le bantsi ba dumela gore go tlhokega fela gore motho a se ka a direla ba bangwe bosula gore a kaiwe e le motho yo o siameng.

Gone ke boammaaruri, molaomotheo ono wa Bo-Confucius o na le molemo mongwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele yone e senola ntlha e nngwe malebana le tsela e batho ba tshwanetseng go itshwara ka yone le go dirisana le ba bangwe ka yone. Mo godimo ga go bua fela ka boleo jwa go dira se se bosula, Baebele e bua gape ka boleo jwa go se dire sepe. Morutwa wa Mokeresete e bong Jakobe o ne a kwala jaana: “Fa mongwe a itse go dira se se siameng mme le fa go ntse jalo a sa se dire, ke boleo mo go ene.” (Jakobe 4:17) Go na le gore Jesu Keresete a laele Bakeresete fela gore ba se ka ba dira bosula, o ne a ba gakolola jaana: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 7:12.

Maikaelelo a Modimo kwa tshimologong e ne e le gore batho ba tshware ba bangwe ka tsela e le bone ba ka ratang gore ba bangwe ba ba tshware ka yone. O ne a tlhoma sekao se se molemo thata sa go amega ka ba bangwe ka tsela e a bopileng batho ka yone: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.” (Genesise 1:27) Seno se raya gore Modimo o ne a bopa batho ka lorato ba na le segakolodi, se e leng gore fa se thapisitswe sentle, se tla ba kaela gore ba tshware ba bangwe ka tsela e le bone ba ka ratang go tshwarwa ka yone.

Gompieno batho ba le bantsi ba bogisiwa ke batho ba ba pelotshetlha le ba ba bogagapa. Ka jalo, ga go tlhokege fela gore re se ka ra direla ba bangwe bosula le go ba utlwisa botlhoko, mme go na le moo, re tshwanetse go ba direla molemo le go ba thusa. Ka ntlha ya seno, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya matsapa go thusa ba bangwe go ithuta ka tsholofelo e e itumedisang e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. Fa ba etela baagelani ba bone go ba bolelela dikgang tse di molemo tsa Baebele, ba dira jalo ka moya wa lorato, ba direla ba bangwe se le bone ba tla ratang gore ba ba direle sone.